Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
A rraagwe Johane Mokolobetsi ebong Sakaria o ne a dirilwe susu ebile a dirilwe semumu, jaaka go lebega ekete Luke 1:62 e bontsha jalo?
Bangwe ba ile ba dira tshwetso ya gore Sakaria gape o ne a nna susu. Re bala jaana mo pegong ya Bibela: “Me ba bo ba re ba mo [ngwana] raea leina, ba re, Sakarie, yaka leina ya ga rragwè. Me mmagwè a ba hetola, a re, Nya, ga goa nna yalo; o tla bidiwa Yohane. Me ba mo raea, ba re, Ga go na opè oa losika loa gago eo o bidiwañ ka leina yeuō. Me ba gwètlha rragwè, go itse kaha o ratañ a bidiwa ka gōna. Me a lōpa sematla se se kwalèlañ, me a kwala, a re, Leina ya gagwè ke Yohane.”—Luke 1:59-63.
Lefa go ntse jalo, ga go sepe mo pegong eno seo se bolelang ka tlhamalalo gore Sakaria o ne a sa kgone go utlwa ka lobaka lo lo rileng lwa nako.
E ne erile pelenyana moengele Gabariele a bo a itsisitse Sakaria gore go ne go tla tsholwa ngwana yo o neng a tla bidiwa Johane. Sakaria yo o tsofetseng o ne a fitlhela seno se le thata go se dumela. Moengele o ne a araba ka go re: “Bōna, u tla nna semumu, u retelèlwe ke go bua, go tlo go tsamaeè letsatsi le tlè, ye dilō tse di tla dihalañ ka yeōna; ka u sa dumele mahoko a me.” (Luke 1:13, 18-20) Moengele o ne a re go bua ga ga Sakaria go ne go tla amega, eseng go utlwa ga gagwe.
Pego e tswelela pele ka go re: “Me ea re a cwa, a retelèlwa ke go bua nabō; me ba lemoga ha a bonye pōnatshègèlō mo tempeleñ; me a nna a ba gwètlha, me a hèla a nntse semumu hèla.” (Luke 1:22) Lefoko la Segerika le fano le ranotsweng go nna “semumu” le naya kgopolo ya go sa kgone go bua, go utlwa, kana go sa kgone go di dira ka bobedi jwa tsone. (Luke 7:22) Jaanong Sakaria ene? Ebu, a o ko o ele tlhoko seo se diragetseng fa a ne a fodisiwa. “Me molomo oa gagwè oa mumuloga ka bonakō, le loleme loa gagwè loa hunologa, me a bua, a baka Modimo.” (Luke 1:64) Seno se dira gore go akanngwe gore Sakaria o ne a sa kgone go bua fela.
Ke ka ntlha yang he, fa ba bangwe ba ile ba botsa Sakaria ‘gore o batla ngwana a bidiwa mang ba mo gwetlha’? Baranodi bangwe ebile ba le ranola jaaka “ka puo ya diatla” kana “ba dirisa puo ya diatla.”
Sakaria, yo o neng a nna semumu go tloga fela fa moengele a sena go mo itsise, gantsi o ne a patelesega go bua ka go itshikinya mmele, mofuta mongwe wa puo ya diatla. Ka sekai, o ne a ‘nna a gwetlha’ bao ba neng ba le mo tempeleng. (Luke 1:21, 22) O tshwanetse a bo a ile a dirisa puo ya diatla kana go itshikinya mmele fa a ne a kopa sematla moragonyana ga foo. (Luke 1:63) Ka jalo, go ka direga gore bao ba neng ba nna le ene ka nako ya fa a le semumu ba ne ba tlwaela go bua ka diatla.
Lefa go ntse jalo, go na le tlhaloso e e ka tswang e le yone ya nnete kaga go gwetlha go go umakiwang mo go Luke 1:62. Elisabethe o ne a sa tswa go ntsha mafatlha a gagwe kaga leina la ga morwawe. Ka jalo, ba ka nna ba bo ba sa ka ba mo ganetsa, mme ba tsaya kgato e e latelang ebile e le yone e e tshwanetseng gore ba e tseye ya go utlwa tshwetso ya monna wa gagwe. Ba ne ba ka dira seo ka go tshikinya tlhogo fela kana ka go itshikinya mmele. Lebaka la go bo ba sa kwalela Sakaria potso gore a e bale le ka nna la bo la supa gore o ne a utlwile mafoko a mosadi wa gagwe. Ka jalo, go tshikinya tlhogo fela kana go tshikinya mmele ka tsela e e tshwanang le eo mo go ene go ne go ka raya go re, ‘Ebu, rotlhe (go akaretsa le wena, Sakaria) re utlwile gore mmaagwe o akantsha eng, mme tshwetso ya gago ya makgaolakgang ke efe kaga leina la ngwana?’
Mme e ne ya re moragonyana fela ga foo ga direga kgakgamatso e nngwe gape, eo e neng ya fetolela boemo go nna jaaka pele. “Me molomo oa gagwè oa mumuloga ka bonakō, le loleme loa gagwè loa hunologa, me a bua.” (Luke 1:64) Go ne go sa tlhokege gore go umakiwe go utlwa ga gagwe fa e le gore go ne go sa amega.