Jehofa O Ne A Re Tlhokomela Fa Re Ne Re Thibetswe—Karolo 2
KA Ntwa ya Lefatshe II, kgokedi ya lebanta la me la diaparo tsa sesole tsa Se-Nazi e ne e na le ditlhaka tse di reng “Modimo O Na le Rona.” Mo go nna seno e ne e le sekai fela sa gore dikereke di ne di tsene thata mo ntweng le mo go tshololeng madi. Seno se ne se mpherosa sebete. Ka jalo ka nako ya fa Basupi ba babedi ba ga Jehofa ba ne ba tlotla le nna kwa Limbach-Oberfrohna, kwa Jeremane Botlhaba, ke ne ke ila bodumedi tota mme ke ne ke setse ke fetogile molatolamodimo le molweladiphetogo.
“O se ka wa akanya gore ke tla nna Mokeresete,” ke ne ka bolelela Mosupi yo a neng a nketetse jalo. Mme mabaka a ba neng ba a ntsha a ne a ntlhatswa pelo gore Modimo o teng. Ereka ke ne ke batla go itse, ke ne ka reka Bibela mme fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka simolola go e ithuta le bone. E ne e le ka dikgakologo tsa 1953, ka nako ya fa tiro ya Basupi e ne e setse e na le dingwaga tse di ka nnang tharo e ntse e thibetswe ke Makomonise kwa Jeremane Botlhaba.
The Watchtower ya August 15, 1953, e ne ya tlhalosa boemo jwa Basupi ba ga Jehofa jwa nako eo e bolela jaana: “Le mororo ba nna ba beetswe ditlhodi ebile ba tshosediwa, le mororo ba sa kgone go etelana ba sa tlhomamisa pele gore ga go na ope yo a ba setseng morago, le mororo fa ba fitlhelwa ba tshotse dikgatiso tsa Watchtower ba latlhelwa dingwaga di le pedi kana di le tharo mo kgolegelong fela ka ntlha ya go ‘anamisa dikgatiso tse go tweng di tlhotlheletsa bosula,’ mme le mororo makgolokgolo a bakaulengwe ba ba godileng, bao ba neng ba eteletse pele, ba le mo kgolegelong, batlhanka ba ga Jehofa ba ba kwa Jeremane Botlhaba ba tsweletse pele ka go rera.”
Ka 1955 nna le mosadi wa me ebong Regina, re ne ra ya kwa kopanong ya merafe yotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Nuremberg, kwa Jeremane Bophirima, mme re ne ra kolobediwa mo ngwageng e e latelang kwa Berlin Bophirima. Gone mme e ne e le pele ga fa go agiwa Lebota la Berlin ka 1961, leo le neng le kgaoganya Jeremane Botlhaba le Berlin Bophirima. Mme lefa go ntse jalo go ikanyega ga me mo go Jehofa Modimo go ne ga lekwa le eleng pele ke kolobediwa.
Go Amogela Boikarabelo
Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e re neng re kopanela le yone kwa tshimologong kwa Limbach-Oberfrohna e ne e tlhoka mongwe yo a neng a ka ya go tsaya dikgatiso tsa Bibela kwa Berlin Bophirima. Re ne re na le kgwebonyana e nnye le bana ba babedi ba babotlana, mme lefa go ntse jalo go direla Jehofa e ne e le selo se segolo mo botshelong jwa rona. Re ne ra fetola koloi ya rona foo le foo mme seo se ne se re kgonisa go fitlha dibuka di le 60 mo go yone. Go nna morongwa go ne go le kotsi tota, mme go ne ga nthuta gore ke ikanye Jehofa.
Go ne go se motlhofo go kgabaganya ka koloi go tswa kwa Berlin Botlhaba o fetela kafa kgaolong e e kafa Bophirima, mme ke tlhola ke ipotsa gore re ne re kgona jang. Fa re setse re le mo kgaolong e e sa thibelwang, re ne re tsaya dibuka re bo re di fitlha mo koloing pele re tshela molelwane re boela kwa morago kwa Jeremane Botlhaba.
Ka nako nngwe, e ne ya re fela fa re sena go fetsa go fitlha dibuka motho mongwe yo re sa mo itseng a tswa mo kagong nngwe e e nang le matlo a mantsi. “Lona foo,” o ne a tlhaeletsa jalo. Ke ne ka ema pelo. A o ne a ntse a re lebile? “Lo tla tshwanela ke go ya kwa gongwe mo nakong e e latelang. Koloi e e nang le radio ya mapodisi a Jeremane Botlhaba e ema go tikela fela fale, mme ba ka nna ba lo tshwara.” Ke ne ka kgwa moya. Re ne ra feta sentle fela kwa molelwaneng, mme ka bonè jwa rona re ne ra opela tsela yotlhe go fitlha kwa gae.
Go Ipaakanyetsa go Kgaogana
Ka bo 1950 bakaulengwe ba ba kwa Jeremane Botlhaba ba ne ba ikaegile thata ka ba ba kwa Bophirima go ba naya dibuka le go ba kaela. Mme ka 1960 go ne ga fetolwa dilo ka tsela e e neng ya thusa Mosupi mongwe le mongwe yo o kwa Jeremane Botlhaba gore a nne a atamalane thata le Basupi ba bangwe ba lefelo le a neng a nna mo go lone. Mme ka June 1961 tlelase ya ntlha ya Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi sa bagolwane e ne ya tshwarelwa kwa Berlin. Ke ne ka ya kwa dithutong tseno tsa ntlha tse di neng di tsaya dibeke di le nne. Go ne go ise go fete le dibeke di le thataro fa re ne re kgaoganngwa ka tshoganetso fela le ba ba kwa Bophirima ka nako ya fa go ne go agiwa Lebota la Berlin. Jaanong tiro ya rona e ne e sa tsamaisiwe ka sephiri fela gape re ne re kgaogantswe le ba bangwe.
Bangwe ba ne ba boifa gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa Jeremane Botlhaba e ne e tla fokotsega e bo e ema. Lefa go ntse jalo, diphetogo tse di neng di setse di na le lobaka lo lo kafa tlase ga ngwaga di ntse di dirilwe mo phuthegong di ne tsa re thusa go nna re ntse re utlwana ebile re nonofile semoyeng. Mo godimo ga moo, katiso e bagolwane ba ba neng ba ya kwa tlelaseng ya ntlha ya Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi ba neng ba e amogetse e ne ya ba thusa gore ba katise bagolwane ba bangwe. Ka jalo Jehofa o ne a re thusitse go ipaakanyetsa go kgaogana gono ga rona le ba bangwe, le eleng fela jaaka a ne a re thusitse go ipaakanyetsa go thibelwa ka 1950 ka dikopano tsa kgaolo tsa 1949.
Ereka re ne re kgaogantswe le ba ba kwa Bophirima, go ne go phepafetse sentle fela gore re ne re tshwanetse go dira matsapa a go tshola phuthego eno e ntse e gatela pele. Re ne ra kwalela bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ba kwa Berlin Bophirima mme ra akantsha gore re kopane le bone mo tseleng e kgolo e e yang kwa Botlhaba e batsamai ba ba tswang kwa Bophirima ba neng ba kgona go tsamaya ka yone. Re ne ra dira ekete koloi ya rona e ne e senyegile fa re fitlha fa lefelong le re neng re dumalane ka lone. Metsotso e sekae fela morago ga foo bakaulengwe ba rona ba ne ba tla, ba re tsholetse dikgatiso tsa Bibela. Se se itumedisang ke gore ba ne ba tla le buka ya me ya Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi, dintlha tse ke neng ke di kwadile, le Bibela e ke neng ke e tlogetse kwa Berlin gore ke se ka ka tlhagelwa ke kotsi epe. Abo ke ne ka itumela jang ne fa ke ne ke di amogela gape! Ke ne ke sa itse gore ke tlile go tlhoka dilo tseno jang mo dingwageng di le mmalwa tse di latelang.
Sekolo sa Sephiri
Morago ga malatsi a sekae re ne ra laelwa gore re rulaganyetse go tshwara ditlelase tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi mo dikarolong tsotlhe tsa Jeremane Botlhaba. Go ne ga tlhophiwa bakatisi ba le bane go akaretsa le nna. Mme lefa go ntse jalo ke ne ke bona go katisa bagolwane tiro ya rona e ntse e thibetswe e le selo se se ka se kang sa kgonega. Ke ne ka swetsa ka gore re tshware ditlelase tseno re dira jaaka ekete re kampile fela re le mo malatsing a boikhutso gore re se ka ra lemogiwa gore re dira eng.
Tlelase e nngwe le e nngwe e ne e na le baithuti ba le bane nna ke le mokatisi, mmogo le mokaulengwe wa borataro yo e neng e le moapei. Basadi ba rona le bana ba ne ba le teng. Ka jalo ka kakaretso fela re ne re nna batho ba le 15 go ya go ba le 20. Go ne go lebega re ka se ka ra kgona go dirisa mafelo a a tlwaelegileng a go kampa ka jalo nna le lelapa la me re ne ra tloga go ya go batla mafelo a a tshwanetseng.
Nako nngwe e ne ya re fa re ntse re tsamaya re raletse motse mongwe, re ne ra bona tselanyana nngwe e e neng e ya kwa sekgwanyaneng sa ditlhare se se kgakala le tsela e kgolo. E ne e lebega e siame ka jalo ke ne ka ya go bona ramotse. “Re batla lefelo le re ka nnang dibeke di le mmalwa re kampile le malapa a mangwe a sekae,” ke ne ka tlhalosa jalo. “Re batla go nna re le rosi gore bana ba rona ba kgone go tshameka sentle. A re ka dirisa sekgwanyana se se kwa sele?” O ne a dumela, mme re ne ra dira dithulaganyo.
Kwa lefelong leo, re ne ra aga ditente le go baya tereilara ya me gore di dire khutlonne e o neng o ka se bone mo teng fa o le ka kwa ntle. Re ne re ithutela mo teng ga tereilara. Re ne re tsena mo go yone re ithuta tota ka diura di le 8 ka letsatsi ka malatsi a le 14. Mo teng ga lefelo le le dikaganyeditsweng leno go ne go na le ditulo le tafole, di beilwe sentle gore fa go ne go ka nna le baeng ba ba sa lebelelwang. Mme ba ne ba tla! Ka dinako tse di ntseng jalo re ne re itumelela thata tsela e bamalapa a rona ba neng ba re tshegetsa ka yone ka lorato.
Fa re ntse re ithuta, bamalapa a rona ba ne ba disa. Ka nako nngwe, ramotse, yoo gape e neng e le mokwaledi wa Lekoko la Bokomonise, o ne a bonwa a tla ka tsela a lebile kwa ditlhareng tseno. Modisa o ne a tobetsa talama e e neng e golagantswe ka mogala le bele mo tereilareng. Re ne ra tswa ka bonako ra nna mo mannong a a neng a setse a baakantswe go dikologa tafole ra bo re simolola go tshameka dikarata. Go ne go na le botlolo ya bojalwa bongwe jo bo bogale go dira gore go tshwanele. Ramotse o ne a re etela a bo a boela gae a sa lemoga sepe gore go ne go ntse go diragala eng.
Ditlelase tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi di ne tsa tshwarwa go ralala naga yotlhe go tloga ka dikgakologo tsa 1962 go fitlha kwa bokhutlong jwa 1965. Katiso e e neng e nonotsha thata eno e e neng e bonwa koo, e ne e akaretsa tshedimosetso ya kafa re neng re tla dira ka teng mo maemong a re neng re le mo go one kwa Jeremane Botlhaba, mme e ne e baakanyetsa bagolwane gore ba tle ba okamele tiro ya go rera. Bagolwane ba ne ba sa dirise fela malatsi a bone a boikhutso go tla kwa ditlelaseng tseno mme gape ba ne ba ka nna ba tshwarwa.
Melemo ya Sekolo
Babusi ba ne ba ntse ba etse tlhoko tiro ya rona, mme kwa bokhutlong jwa 1965, fa mo e batlileng e nna bagolwane botlhe ba sena go ya kwa sekolong, ba ne ba leka go bolaela ruri tiro ya mokgatlho wa rona. Ba ne ba tsenya Basupi ba le 15 bao ba neng ba akanya gore ke bone ba eteletseng tiro pele mo kgolegelong. E ne e le selo se ba neng ba se ipaakanyeditse tota, se se neng sa dirwa go ralala naga yotlhe. Batho ba bantsi gape ba ne ba akanya gore Basupi ba tla emisa go dira. Mme Jehofa o ne a re thusa go fetoga le boemo jono mme ra tswelela ka tiro ya rona fela jaaka pele.
Seo se neng se dira gore seno se kgonege e ne e le katiso e bagolwane ba neng ba e bone kwa Sekolong sa Bodihedi sa Bogosi le tsela e ba neng ba ikanyana ka yone e e neng e nonotshitswe ke fa ba ne ba kopane kwa ditlelaseng. Ka jalo, phuthego e ne ya itshupa fa e le pelokgale. Abo go ne go le botlhokwa jang ne go bo re ne re latetse ditaolo tsa phuthego ka boikobo!—Isaia 48:17.
Go ne ga bonala mo dikgweding tse di latelang gore tsela e puso e neng ya gagamatsa ka yone e ne e sa ama tiro ya rona thata. Morago ga lobakanyana re ne ra kgona go tsweledisa pele ditlelase tsa rona tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi gape. Babusi ba ne ba tshwanela go fetola tsela e ba dirang dilo ka yone fela fa ba lemoga gore re ne re kgona go emelana le maemo. Jehofa o ne a fentse eleruri!
Go Nna Tlhaga mo Bodiheding
Ka nako eo go ne go nna le batho ba le batlhano fela mo Thutong ya Buka ya Phuthego. Mongwe le mongwe wa rona o ne a amogela dikgatiso tsa rona tsa Bibela ka thulaganyo eno ya thuto ya buka, mme tiro ya go rera e ne e laolwa go tswa mo ditlhopheng tse dinnye tseno tsa thuto. Jehofa o ne a ntshegofatsa le Regina ka batho ba ba batlang go ithuta Bibela go tloga fela kwa tshimologong.
Tirelo ya ka ntlo le ntlo e ne ya fetolwa ka tsela nngwe go re sireletsa gore re se ka ra bonwa mme ra tshwarwa. Re ne re kgona go etela kwa atereseng e nngwe, re bo re tlola matlo a le mmalwa pele re kokota mo mojakong o mongwe. Mosadi mongwe kwa ntlong nngwe o ne a ntaletsa le Regina gore re tsene. Re ne re ntse re tlotla ka setlhogo sengwe go tswa mo Dikwalong fa morwawe a tsena mo kamoreng. O ne a bua fela a tlhamaletse.
“A lo kile lwa o bona one Modimo oo wa lona?” o ne a botsa jalo. “Itseng fela gore, nna ke dumela se ke se bonang fela. Dilo tse dingwe tsotlhe ke malele fela.”
“Ga ke dumele,” ke ne ka araba jalo. “A o kile wa bona tlhaloganyo ya gago? Sengwe le sengwe se o se dirang se supa gore o na le yone.”
Nna le Regina re ne ra mo naya dikai tsa dilo tse dingwe gape tse re dumelang gore di teng ntswa re sa di bone, jaaka motlakase. Lekawana leno le ne la reetsa ka kelotlhoko, mme go ne ga simololwa thuto ya Bibela le ene le mmaagwe. Ba ne ba nna Basupi ka bobedi jwa bone. Ebile tota, batho ba le 14 bao nna le mosadi wa me re neng ra ithuta le bone ba ne ba nna Basupi. Bontlhanngwe jwa palo eo re ne ra kopana le jone fa re ntse re tsamaya ka ntlo le ntlo, mme bontlhanngwe jo bongwe re ne ra kopana le jone fa re ne re dira bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.
Fela fa thuto ya Bibela e ne e simolola go tshwarwa ka metlha le fa re ne re setse re tsaya gore motho yono o a ikanyega, re ne re mo laletsa gore a tle kwa dipokanong. Lefa go ntse jalo, selo se segolo se re neng re se akanyetsa ke gore a motho yo mosha yono ga a kitla a baya batho ba Modimo mo kotsing. Ka gone, re ne re laletsa motho yo o ithutang Bibela gore a tle kwa dipokanong tsa rona morago ga ngwaga kana go feta mme ka dinako tse dingwe lobaka lo ne lo nna loleele. Ke gakologelwa monna mongwe yo a neng a na le maemo a a kwa godimo; o ne a tlwaelane thata le baofisiri ba ba kwa godimo ba Lekoko la Bokomonise. O ne a ithuta Bibela ka dingwaga di le robong pele a letlwa go tla kwa dipokanong! Monna yono ke mokaulengwe wa rona wa Mokeresete gompieno.
Babusi ba Santse ba Re Batla
Re ne re sa tlhole re tshwarwa ka bontsi morago ga 1965, mme lefa go ntse jalo re ne re sa tlogelwa fela. Babusi ba ne ba santse ba re tlhomile leitlho. Ke ne ka simolola go tsenelela thata mo go direng ditiro tsa phuthego, ka jalo baofisiri ba ne ba ntlhoma leitlho thata. Ba ne ba ntsaya ba ya go mpotsa dipotso ka makgetlo a le mantsinyana, ba nkisa kwa seteishaneng sa mapodisi mme ba mpotsolotsa. “Ga o tlhole o tla gololesega jaanong,” ba ne ba a tle ba rialo. “O ya kwa kgolegelong.” Mme e ne e re kwa bofelong ba bo ba ntlogela.
Ke ne ka etelwa ke baofisiri ba le babedi ka 1972 mme ba ne ba akgola mokgatlho wa rona ba sa lemoge. Ba ne ba ntse ba reeditse Thuto ya phuthego ya Tora ya Tebelo. “Re fitlhetse setlhogo seno se kgopisa tota,” ba ne ba bolela jalo ba ngongorega. Go ne go lebega ba tshwenyegile gore ba bangwe ba ne ba ka nna ba akanya jang kaga dikgopolo tsa Bokomonise fa ba ne ba ka bala setlhogo se se neng se ithutiwa. “Lefa go ntse jalo,” ba ne ba bolela, “Tora ya Tebelo e balwa ke batho ba le dimilione tse tlhano kana tse thataro, ebile e balwa le kwa dinageng tse di tlhabologileng. Ga se sekgemetšhanyana sa pampitshana fela.” Ke ne ka akanya jaana, ‘Lo opile kgomo lonaka!’
Re ne re setse re feditse dingwaga di le 22 re ntse re thibetswe ka 1972, mme Jehofa o ne a ntse a re kaela ka lorato le ka botlhale. Re ile ra nna ra latela ditaolo tsa gagwe ka kelotlhoko, mme go ne go santse go tla feta dingwaga tse dingwe gape di le 18 pele Basupi ba kwa Jeremane Botlhaba ba newa tetla semmuso. Abo jaanong re lebogela ditsela tse re gololesegileng ka tsone jang ne tse jaanong re di itumelelang mo kobamelong ya Modimo wa rona, Jehofa!—Jaaka e boletswe ke Helmut Martin.