Jehofa O Ne A Re Tlhokomela Fa Re Ne Re Thibetswe—Karolo 3
E NE e le ka March 14, 1990. Ka letsatsi le le botlhokwa leo ke ne ke le teng fa motlhankedi yo mogolo wa puso kwa Lefapheng la Dikgang tsa Bodumedi kwa Berlin Botlhaba a ne a re naya lokwalo lo lo neng lo bolela boemo jwa Basupi ba ga Jehofa jwa semolao mo go seo ka nako eo se neng se bidiwa German Democratic Republic, kana Jeremane Botlhaba. Mo dilong tse di neng tsa diragala mo letsatsing leo, ke ne ka gakologelwa nako ya fa ke ne ke fetoga Mosupi mme ka akanya gape ka dinako tsa mathata tse re neng ra di itemogela.
Mo bogareng jwa bo-1950, ka nako ya fa Margarete, motho yo ke neng ke dira le ene yo e neng e le Mosupi a ne a simolola go mpolelela ka dilo tse a di dumelang tse di thailweng mo Bibeleng, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa fela thata kwa Jeremane Botlhaba. Ka bonako fela morago ga foo, o ne a tloga a ya go dira go sele, mme ke ne ka simolola go ithuta Bibela le Mosupi yo mongwe. Ke ne ka kolobediwa ka 1956, mme nna le Margarete re ne ra nyalana mo go one ngwaga oo. Re ne re kopanela le Phuthego ya Lichtenberg mo Berlin. E ne e na le baboledi ba Bogosi ba ka nna 60 ba ba nnang le seabe mo tirong ya go rera.
Batlhankedi ba puso ba ne ba ya kwa lelapeng la yoo a neng a re eteletse pele mo phuthegong ya rona fa ke na le dingwaga di le pedi fela ke kolobeditswe. Ba ne ba ikaeletse go mo tshwara, mme o ne a le kwa tirong kwa Berlin Bophirima. Lelapa la gagwe le ne la kgona go mo itsise gore a nne fela koo, mme le ne la mo latela kwa Bophirima dikgwedi moragonyana. Ke ne ka newa boikarabelo jo bo bokete tota mo phuthegong le mororo ke ne ke na le dingwaga di le 24 fela. Ke leboga Jehofa go bo a re naya botlhale le maatla a re a tlhokang go dira ditiro tse di ntseng jalo.—2 Bakorintha 4:7.
Go Aba Dijo tsa Semoya
Fa Lebota la Berlin le ne le agiwa ka August 1961, Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa Botlhaba ba ne ba kgaoganngwa le bakaulengwe ba bone ba ba kwa Bophirima ka ponyo ya leitlho. Go ne ga simolola jalo lobaka lo re neng re tlile go dira dikopi tsa dikgatiso tsa rona, la ntlha re dirisa motšhini o o tlanyang, mme morago metseletsele ya metšhini e e dirang dikopi. Go tloga ka 1963, ke ne ka fetsa dingwaga di le pedi ke aga lefelo le le fitlhegileng mo ntlong ya rona gore re gatisetse mo go lone. Fa ke sena go dira letsatsi lotlhe jaaka mmetli wa dithulusu, e ne e re bosigo ke bo ke dira dikopi tsa Tora ya Tebelo ke thusiwa ke bakaulengwe ba bangwe ba le mmalwa. Puso e ne e batla thata go itse ka tsela eno e re e rulagantseng ya go gatisa, mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a re thusa ka tsela e e leng gore dijo tsa rona, jaaka re ne re di bitsa, di ne di tla ka nako.
Re ne re tlhoka pampiri e ntsi gore re kgone go ntsha dikopi tse di lekaneng tsa dimakasine tsa rona, mme go ne go se motlhofo go e bona ka selekanyo seno. Fa re ka bo re ile ra reka pampiri e ntsi ka metlha, seno se ka bo se dirile gore puso e re lemoge. Ka gone re ile ra dira gore Basupi ka bongwe ba reke pampiri ka dilekanyo tse dinnye mme ba tle le yone kwa setlhopheng sa thuto ya Bibela. Go tloga koo e ne e tseelwa kwa re neng re gatisetsa dimakasine teng. Go tswa foo Basupi ba bangwe ba ne ba phasalatsa dimakasine tseno fa di sena go gatisiwa.
Ereka batlhankedi ba ne ba belaela gore ke ne ke na le seabe mo go gatisiweng ga dikgatiso, ba ne ba ntlhoma leitlho. Go ya kwa bokhutlong jwa 1965 ke ne ka lemoga gore ba ne ba ntshetse morago go feta ka tlwaelo mme ka lemoga gore ba ne ba rulaganya go dira sengwe. Ba ne ba tla ka tshoganetso moso mongwe.
Go Tswa ka Letshoba la Mogodu
Ke ne ke le mo tseleng ke lebile kwa tirong mo mosong oo wa mariga. Letsatsi le ne le ise le tlhabe, mme ke ne ke itshophere ka go ne go le tsididi thata. Fa ke ntse ke tsamaya, ke ne ka bona ditlhogo tse nnè kwa godimo ga ditlhatshana. Banna bano ba ne ba dikologa khona mme ba tsena mo tseleng e e lebang kwa go nna. Ke ne ka tshoga fa ke ne ke lemoga gore ke bantlhakedi ba puso. Ke ne ke tshwanetse go dira eng?
Semathana se sentsi se ne se kgaphetswe fa thoko go setse tselanyana fela e tshesane. Ke ne ka nna ka tsamaya. Ke ne ka tlhoma tlhogo fa fatshe mme ka tsamaya jalo ka bofefo matlho a me a lebile fela fa fatshe. Ke ne ka rapelela kwa tlase. Banna ba nna ba atamela. A ba ne ba bone gore ke nna? Fa re setse re tla fapaana mo tseleng e tshesane eno, ke ne ke sa kgone go dumela se se diragalang. Ke ne ka nna ka tsamaela ka bofefo tota. “Wena foo,” mongwe wa bone o ne a tlhaeletsa jalo, “ke ene. Ema!”
Ke ne ka siana thata kafa nka kgonang ka teng. Ke ne ka siana ka tikela ka khona, ka tlola terata ya moagelani mme ka tsena mo jarateng ya me kafa morago. Ke ne ka tsena ka bonako mo ntlong, ka bo ke lotlela lebati. “A mongwe le mongwe a tswe mo dikobong!” ke ne ka tlhaeletsa jalo ka kodu. “Ba tlile go ntshwara.”
Margarete o ne a tla kwa tlase ka bonako tota a bo a ema fa mojako. Ke ne ka tsena mo boalong jo bo kwa tlase jwa ntlo ka bonako mme ka kgotletsa setofo. Ke ne ka tsaya direkoto tsotlhe tsa phuthego tse ke neng ke di tshotse mme ka di latlhela mo dikgabong.
“Bula!” banna bale ba ne ba tlhaeletsa jalo. “Bula mojako! Ke nna mosekisi.”
Margarete o ne a nna fela fa a neng a eme teng fa ke ntse ke tshuba sengwe le sengwe gore se felele. Morago ke ne ka ya kwa go Margarete mme ka oba ka tlhogo gore a bule mojako. Banna bano ba ne ba thelesegela mo teng.
“O ne o siela eng?” ba ne ba botsa jalo.
Ka bonako fela ga tsena ba bangwe mme ba phuruphutsha ntlo yotlhe. Selo se ke neng ke tshwenyegile thata ka sone ke lefelo le le fitlhegileng leo le neng le na le motšhini wa rona wa go gatisa le dipampiri di ka nna 40 000. Mme mojako o o tsenelang kwa teng o o fitlhegileng ga o a ka wa bonwa. Le mororo re ne ra botsolodiwa ka diura tse dintsi, Jehofa o ne a nthusa gore ke nne ke ritibetse. Selo se se re diragaletseng seno se ne sa dira gore re atamalane thata le Rraarona yo o lorato ebile se ne sa re nonotsha gore re itshoke.
Mo Kgolegelong mme Ke Gololesegile
Kwa bokhutlong jwa bo 1960, ke ne ka laelwa gore ke ye go ipega gore ke tsene mo tirelong ya bosole. Ereka segakolodi sa me se ne se sa ntetle gore ke dire jalo, ke ne ka patelediwa go nna mo kgolegelong le mo kampeng ya batho ba ba berekisiwang ka go patelelwa ka dikgwedi tse supa. Go ne go na le Basupi ba le 15 mo kampeng eno ba ba tswang kwa Cottbus, kafa borwabotlhaba jwa Berlin. Rotlhe re ne re le koo gonne re ne re ipoloka re itlhaotse jaaka Bakeresete. (Isaia 2:2-4; Yohane 17:16) Re ne re dira diura tse ditelele tota ka letsatsi le tiro ya teng e ne e le bokete. Re ne re tsoga ka 4:15 a.m. re bo re ne re ntshiwa mo kampeng go ya go dira kwa seporong. Lefa go ntse jalo, re ne re bona ditshono tsa go bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa ga Jehofa re ntse re le mo kgolegelong jalo.
Ka sekai, re ne re na le batho bangwe ba babedi ba ba bolelelang pele isagwe kwa Cottbus. Letsatsi lengwe ke ne ka utlwa gore yo mmotlana mo go bone o ne a batla go bua le nna. Tota o ne a ka batla eng? O ne a mpulela mafatlha a gagwe. Mmaagwemogolo le ene o ne a kile a bo a bolelela isagwe pele, mme le ene o ne a nna le dinonofo tse di tshwanang fa a sena go bala dibuka tsa gagwe. Le mororo monna yono a ne a eletsa thata go ikgolola mo maatleng ano a a neng a mo laola, o ne a boifa se se tla mo diragalelang. O ne a lela tota. Mme lefa go ntse jalo seno se ne se nkama ka eng?
Fa re ntse re tlotla, o ne a tlhalosa gore o ne a sa kgone go bolelela pele isagwe fa a na le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore go na le meya e e maswe, kana badimona, ebile go na le e e molemo, kana baengele ba ba siameng. Ke ne ka gatelela botlhokwa jwa go senya dilo tsotlhe tse di amanang le go bolelela isagwe pele kana ditiro dipe fela tsa tirisabadimo ke dirisa sekai sa bao ba neng ba fetoga Bakeresete kwa Efeso wa bogologolo. (Ditihō 19:17-20) “Fa o sena go dira jalo o bo o ikgolaganya le Basupi,” ke ne ka mmolelela jalo. “Basupi ba teng gongwe le gongwe.”
Lekawana leno le ne la tswa mo kampeng eno malatsi a sekae moragonyana, mme ke ne ka se ka ka tlhola ke utlwela ka ene gape. Mme boitemogelo jo ke neng ka nna najo jwa monna yo o neng a boifa thata yono ebile a sa kgone go gomotsega yo a neng a eletsa go gololesega bo ne jwa dira gore ke rate Jehofa thata. Rona Basupi ba ba 15 ba ba tshwerweng ka ntlha ya tumelo ya rona, re ne re gololesegile ka tsela ya semoya. Lekawana lele le ne le golotswe mo kgolegelong, mme le ne le santse le golegilwe ke “modimo” oo o neng o mmoifisa thata. (2 Bakorintha 4:4) Abo rona Basupi re tshwanetse go itumelela kgololesego eno ya rona ya semoya jang ne!
Bana ba Rona Ba A Lekwa
Ga se bagolo fela ba ba neng ba tshwanetse go emela dilo tse di thailweng mo Bibeleng tse ba neng ba tlhwatswegile pelo ka tsone mme go ne go ntse jalo le ka batho ba babotlana. Ba ne ba gatelelwa gore ba ineele kwa sekolong le kwa tirong. Bana botlhe ba rona ba banè ba ne ba tshwanela go emela dilo tse ba di dumelang.
Go ne go tshwarwa moletlonyana wa go dumedisa folaga kwa sekolong Mmantaga mongwe le mongwe. Bana ba ne ba tsena mo jarateng, ba opela pina, mme ba ne ba dira tumediso e e neng e bidiwa ya Thälmann fa folaga e ne e emisiwa. Ernst Thälmann e ne e le Mokomanise wa Mojeremane yo a neng a bolailwe ke masole a Ba-Nazi a SS ka 1944. Morago ga ntwa ya lefatshe ya bobedi, Thälmann e ne ya nna mogaka kwa Jeremane Botlhaba. Nna le mosadi wa me re ne ra ruta bana ba rona gore ba eme fela ka tlotlo mo meletlong e e ntseng jalo mme ba se ka ba nna le seabe ka gonne re ne re tlhatswegile pelo go tswa mo Bibeleng gore tirelo e e boitshepo e tshwanetse ya direlwa Jehofa Modimo fela.
Bana ba sekolo ba ne ba rutiwa gape le dipina tsa Bokomanise. Nna le Margarete re ne ra ya kwa sekolong se bana ba rona ba neng ba tsena kwa go sone mme ra tlhalosa lebaka la go bo re sa opele dipina tse di ntseng jalo tsa bopolotiki. Lefa go ntse jalo, re ne ra bolela gore ba ne ba ka ithuta dipina tsa mofuta o mongwe. Ka gone bana ba rona ba ne ba kgona go ithuta go ema ba nonofile ebile ba farologane le bankane ba bone go tloga fela ba santse ba le babotlana.
Go ya kwa bokhutlong jwa bo 1970, mosetsana wa rona yo mogolo o ne a batla go dira mo ofising nngwe a ntse a ithutela tiro. Lefa go ntse jalo, moithuti mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go katisiwa jaaka lesole ka malatsi a le 14. Ereka segakolodi sa ga Renate se ne se sa mo letle go dira seno, o ne a ema a le pelokgale mme kgabagare o ne a gololwa gore a se ka a ya kwa katisong e e ntseng jalo.
Fa a ntse a ithuta jalo, Renate o ne a ya kwa tlelaseng nngwe e a neng a laelwa gore a ye go ithuta go dirisa sethunya. “Renate le wena o tsamaya le rona go ya go ithuta go thuntsha,” morutabana o ne a rialo. O ne a mo itlhokomolosa fela fa a gana. “Ga go tlhokege gore o thuntshe,” o ne a solofetsa jalo. “O ka re tshelela dinonyana fela.”
Re ne ra tšhotlha kgang eno mmogo jaaka lelapa mo maitseboeng ao. Re ne re akanya gore go ne go le phoso gore Renate a nne teng kwa ikatisong eo ya go thuntsha, le eleng lefa a ne a se kitla a nna le seabe ka tlhamalalo. Ereka a ne a nonotshitswe ke motlotlo ono le ke go rapela le rona, ga a ka a letla seno go mmoifisa. Abo seno se ne sa re kgothatsa jang ne go bona morwadiarona yo mmotlana a emela melaometheo e e siameng!
Go Oketsa Ditiro tsa Rona tsa go Rera Phatlalatsa
Fa tiro ya rona e ne e sa tlhole e ganediwa thata kwa bokhutlong jwa bo 1970, go ne ga romelwa dikgatiso tse dintsi tsa Bokeresete go tswa kwa Bophirima. Le mororo go ne go le kotsi go dira tiro eno, bakaulengwe ba ba pelokgale ba ne ba ithaopela go e dira. Re ne ra itumelela dikgatiso tse di oketsegileng tseno thata mmogo le maiteko a bao ba neng ba dira gore re di bone. Ka nako ya fa re ne re bogisiwa botlhoko ka dingwaga tsa ntlha tsa fa re sena go thibelwa, go ne go gwetlha tota go rera ka ntlo le ntlo. Ebile tota, go boifa go otlhaiwa go ne ga dira gore bangwe ba se ka ba e dira. Mme lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya tiro ya rona ya go rera phatlalatsa e ne ya oketsega ka tsela e e kgatlhang tota. Ka bo 1960 e ne e le 25 lekgolong ya baboledi ba Bogosi fela e e neng e nna le seabe ka metlha mo tirong ya ka ntlo le ntlo. Lefa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa bo 1980 palo ya bao ba neng ba nna le seabe ka metlha mo karolong eo ya bodihedi e ne e oketsegile e le 66 lekgolong! Ka nako eo puso e ne e sa tlhole e tlhokomela thata tiro ya go rera phatlalatsa.
Ka nako nngwe ke ne ke dira le mokaulengwe mongwe yo a neng a tlile le morwadie yo mmotlana mo bodiheding. Mosadimogolo mongwe yo re neng ra bua le ene o ne a kgatlhiwa ke go bo re na le mosetsanyana yono mme o ne a re laletsa gore re tsene mo ntlong. O ne a itumelela tsela e re neng re bua ka yone ka Dikwalo mme a dumela gore re mo etele gape. Moragonyana ke ne ka mo naya mosadi wa me, yoo a neng a simolola go ithuta Bibela le mosadi yono ka bonako fela. Le mororo a ne a setse a tsofetse ebile a sa itekanela sentle mo mmeleng, mosadi yono o ne a nna kgaitsadi wa rona mme o tswelela a ntse a le tlhaga mo tirelong ya ga Jehofa.
Diphetogo Tse Di Neng tsa Dirwa fa Kgololesego E Ntse E Atamela
Jehofa o ne a re baakanyetsa nako ya fa re tla bo re itumelela kgololesego e kgolwane. Go tshwantsha: Pele fela fa re gololesega, re ne ra gakololwa go fetola tsela e re neng re bitsana ka yone kwa dipokanong. Re ne re ntse re bitsana ka maina a rona a ntlha go itshireletsa. Ba le bantsi ba ba neng ba sa bolo go itsane ka dingwaga tse dintsi ba ne ba sa itse sefane sa modumedi ka bone. Lefa go ntse jalo, re ne ra kgothadiwa gore re bitsane ka difane re ipaakanyetsa go tla go amogela ba bantsi ba ba kgatlhegang kwa dipokanong tsa rona. Seno mo go ba bangwe se ne se lebega e le go tlhoka botho, mme bao ba neng ba dira kafa ba neng ba gakololwa ka teng ba ne ba kgona go fetoga bonolo fa re ne re gololwa.
Re ne ra kgothalediwa gape gore re simolole dipokano tsa rona ka pina. Ka tsela eno re ne ra tlwaelana le tsela e diphuthego tsa kwa mafelong a mangwe di neng di dira dilo ka yone. Phetogo e nngwe e ne e ama bogolo jwa ditlhopha tsa rona tsa thuto. Di ne tsa oketsega ka bonya ka bonya go tswa go batho ba bane go ya go ba le robedi ka 1950. Moragonyana di ne tsa okediwa go nna tsa ba le 10 mme kgabagare ba nna 12. Mo godimo ga moo, go ne go tlhotlhomisiwa pele gore a lefelo le phuthego nngwe le nngwe e neng e kopanela kwa go lone le ne le le gaufi le Basupi ba bantsi.
Ka dinako tse dingwe re ne re kgona go bona mosola wa phetogo nngwe e e rileng fa e sena go dirwa. Abo Jehofa a ile a itshupa nako le nako e le Rre yo o botlhale le yo o akanyetsang jang ne! O ne a re tlisa ka bonya ka bonya gore re dumalane le phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng, mme re ne re ikutlwa re dira re dumalana le phuthego ya gagwe ya selefatshe tota, mme re ne ra ikutlwa re ntse re nna karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa batho ba gagwe. Jehofa Modimo eleruri o ile a sireletsa batho ba gagwe ka lorato mo dingwageng tse di ka nnang 40 tse ba neng ba dira ka tsone ba thibetswe kwa Jeremane Botlhaba. Abo re itumelela jang ne boemo jwa rona jwa jaanong jwa semolao!
Gompieno go na le Basupi ba ga Jehofa le 22 000 kana go feta foo kwa lefelong leno leo pele le neng le bidiwa Jeremane Botlhaba. Ba ntse jaaka bosupi jwa gore Jehofa Modimo o kaela ka botlhale ebile o tlhokomela ka lorato. Tsela e a neng a re tshegetsa ka yone fa re ne re thibetswe e bontsha gore o kgona go fenya boemo bongwe le bongwe. Go sa kgathalesege gore go ka dirisiwa sebetsa sefe kgatlhanong le batho ba gagwe, ga se kake sa atlega. Jehofa o tlhokomela botlhe ba ba mo ikanyang sentle.(Isaia 54:17; Yeremia 17:7, 8)—Jaaka go boletse Horst Schleussner.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Horst le Margarete Schleussner kwa dikagong tsa Mokgatlho kwa Berlin Botlhaba