LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 4/15 ts. 26-30
  • Jehofa O Ne A Re Tlhokomela Fa Re Ne Re Thibetswe—Karolo 1

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Ne A Re Tlhokomela Fa Re Ne Re Thibetswe—Karolo 1
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mathata A A Simologa
  • Tiro ya Rona E A Thibelwa
  • Go Tshwara Dipokano Fa Re Thibetswe
  • Kabelo ya Me E Kgolo ya Ntlha
  • Ikanye Jehofa
  • Go Tlhokomelwa Ke Jehofa ka Namana
  • Jehofa O Ne A Re Tlhokomela Fa Re Ne Re Thibetswe—Karolo 2
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Jehofa O Ne A Re Tlhokomela Fa Re Ne Re Thibetswe—Karolo 3
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ke Rotloeditswe ke Boikanyego Jwa Lelapa la Gaetsho mo Modimong
    Tsogang!—1998
  • Basupi ba ga Jehofa ba kwa Yuropa Botlhaba
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 4/15 ts. 26-30

Jehofa O Ne A Re Tlhokomela Fa Re Ne Re Thibetswe—Karolo 1

Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ipotsa ka masomesome a dingwaga kaga bakaulengwe ba bone ba ba mo dinageng tseo ditiro tsa Bokeresete di thibetsweng mo go tsone. Re itumelela go lo kwalela setlhogo sa ntlha sa tse tharo tseo di senolang se se neng sa diragala. Tseno ke dipego tsa Bakeresete ba ba ikanyegang tsa seo se ba diragaletseng ka namana mo go seo ka nako eo se neng se itsiwe jaaka Jeremane Botlhaba.

KE NE KE le legolegwa la ntwa la Mojeremane ka 1944, ke dira mo kokelong kwa Kampeng ya Cumnock, gaufi le Ayr, kwa Scotland. Ke ne ke letlwa go tswela kwa ntle ga kampa, le mororo ke ne ke thibelwa go kopana le batho ba mo lefelong leo. Fa ke ntse ke itsamaela Sontaga nngwe, ke ne ka kopana le monna yo a neng a leka ka tlhoafalo go ntlhalosetsa dilo tse di tswang mo Bibeleng. Morago ga foo re ne re tlhola re tsamaya mmogo.

Fa nako e ntse e tsamaya o ne a ntaletsa gore ke tle kwa pokanong nngwe mo ntlong nngwe. Seno se ne se le kotsi mo go ene, ereka ke ne ke le leloko la morafe o o neng o tsewa jaaka baba. Ka nako eo ke ne ke sa lemoge gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa—go lebega le pokano eno e ne e le ya se sengwe sa ditlhopha tsa bone tse dinnye tse di ithutang Bibela. Le mororo ke ne ke sa tlhaloganye dilo tse dintsi, ke gakologelwa sentle ngwana yo monnye yo a neng a apere seaparo se sesweu se seleele a na le tau le kwanyana. Setshwantsho seno sa lefatshe le lesha, jaaka se tlhalosiwa mo bukeng ya Bibela ya Isaia se ne sa nkgatlha thata.

Ke ne ka gololwa mo kampeng ya kgolegelo ka December 1947. Ke ne ka boela kwa gae kwa Jeremane mme ka nyala Margit yo ke neng ke sale ke mo itse pele ga ntwa. Re ne ra aga kwa Zittau, gaufi thata le molelwane wa Poland le Czechoslovakia. Mo malatsing a sekae fela, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a kokota mo mojakong wa rona. “Fa e le gore setlhopha seno ke sone se ke neng ka kopana le sone kwa Scotland,” ke ne ka bolelela mosadi wa me jalo, “he re tshwanetse ra ikopanya le bone.” Re ne ra ya kwa pokanong ya ntlha le Basupi mo go yone beke eo.

Re ne ra ithuta ka bonako fela go tswa mo Bibeleng gore re tshwanetse ra tla kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha re bo re nne le seabe mo tirong ya go rera. Ebile tota, seo Basupi ba neng ba se ruta go tswa mo Bibeleng e ne ya nna selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona ka bonako fela. Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka simolola go tsamaisa thuto ya Bibela ya setlhopha. Morago ka February 1950, balebedi bangwe ba babedi ba ba etang ba Bakeresete ba ne ba botsa jaana: “A ga lo batle go kolobediwa?” Nna le Margit re ne ra tshwantshetsa boineelo jwa rona mo Modimong ka go kolobediwa mo go yone thapama eo.

Mathata A A Simologa

Zittau e ne e le mo kgaolong ya Jeremane e e laolwang ke Soviet, mme maiteko a go tshwenya Basupi ba ga Jehofa a ne a sa bolo go simolola ka 1949. Go ne ga bonwa lefelo le go ka tshwarelwang kopano e nnye kwa Bautzen morago ga go tshwara bothata tota. Morago ga foo, ka nako ya selemo, diterena tse di kgethegileng tse di neng di ya kwa kopanong ya kgaolo e kgolwane kwa Berlin di ne tsa thibelwa fela ka tshoganetso. Lefa go ntse jalo, diketekete di ne tsa ya.

Dipokano tsa phuthego le tsone di ne tsa kgorelediwa. Batho ba ba neng ba tshwenya ba ne ba tlela fela go tla go goa le go letsa melodi. Ka nako nngwe re ne ra batla re patelesega go kgaosetsa puo ya molebedi yo o etang. Boradikgang ba ne ba re bitsa baperofeti ba ba bolelang tshenyego. Ditlhogo tsa dipampiri tsa dikgang di ne tsa bolela le eleng gore re ne re phuthegetse mo godimo ga dithaba re emetse gore re tsewe ke maru. Dipampiri di ne tsa tsopola basetsana bangwe ba ba neng ba bolela gore Basupi ba ne ba leka go dira boitsholo jo bo sa siamang le bone. Tlhaloso ya gore bao ba ‘ineelang mo go Jehofa ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng’ e ne ya sokamisiwa go bolela gore ba ba neng ba ka tlhakanela dikobo le Basupi ba ne ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng.

Moragonyana re ne ra pegwa molato wa gore re bontwadumela. Seo re neng re se bolela ka ntwa ya Modimo ya Hara-Magedona se ne se sokamisiwa gore se kaye gore re ne re kgothaletsa gore go dirwe dibetsa tse dintsi tsa ntwa le gore go lowe. Abo seo se ne se le phoso jang ne! Lefa go ntse jalo, ka August 1950, ka nako ya fa ke ne ke goroga go tla go bereka bosigo kwa pampiring ya dikgang koo ke neng ke dira teng jaaka mogatisi, ke ne ka emisiwa kwa kgorong. “O kobilwe,” go ne ga bolela jalo modisakgoro, yoo a neng a patilwe ke lepodisi. “Lona batho ke lona lo rata ntwa.”

Fa ke tsena kwa gae, Margit o ne a itumela. “Ga o tlhole o tla dira bosigo,” o ne a bolela jalo. Ga re a ka ra tshwenyega. Ke ne ka bona tiro e nngwe ka bonako. Re ne ra ikanya Modimo gore o tla re tlamela, mme o ne a dira fela jalo.

Tiro ya Rona E A Thibelwa

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo German Democratic Republic e ne ya thibelwa ka August 31, 1950. Go ne ga golegwa batho ba bantsi. Basupi ba ne ba sekisiwa, bangwe ba atlholelwa go nna mo kgolegelong botshelo jotlhe. Makomonisi a ne a tsenya mo kgolegelong bangwe ba le babedi ba ba tswang kwa Zittau ba ba neng ba sa bolo go bogisiwa mo dikampeng tsa pogisetso tsa Ba-Nazi.

Molebedi wa phuthego ya rona o ne a tsenngwa mo kgolegelong mmogo le mosadi wa gagwe. Bao ba neng ba ba golega ba ne ba tlogela bana ba bone ba babedi ba bannye mo ntlong gore ba iponele gore ba tswa jang. Borrabonemogolo ba ne ba tsaya bana bano, mme gompieno basetsana bano ka bobedi jwa bone ba tlhaga tota mo go boleleleng ba bangwe kaga Bogosi jwa Modimo.

Batho ba ba neng ba rongwa go tswa kwa diphuthegong tse di kwa Jeremane Botlhaba ba ne ba ya kwa Berlin ba bo ba tla ka dibuka go tswa kwa mafelong mangwe mo karolong e e neng e gololesegile eno e e kwa bophirima. Bontsi jwa batho bano ba ba neng ba rongwa ba ba pelokgale ba ne ba tshwarwa, ba sekisiwa, le go atlholelwa go nna mo kgolegelong.

Batlhankedi bangwe ba ne ba tla moso mongwe go tla go phuruphutsha legae la rona. Re ne re ntse re lebeletse gore ba tla tla, ka jalo ke ne ke tsentse direkoto tsotlhe tse ke neng ke di tshola tsa phuthego mo setaleng sa rona sa dikgomo, fa thoko ga sentlhaga sa mofuthwane. Ditshenekegi tseno di ne di se ka di ntshwenya, mme lefa go ntse jalo ka nako ya fa banna bano ba ne ba simolola go phuruphutsha lefelo leo, ba ne ba dikaganyediwa ke leru la mefuthwane ka ponyo ya leitlho. Banna botlhe ba ne ba sia go iphalotsa!

Jehofa o ne a re baakanyeditse go thibelwa gono ka dikopano tse di neng tsa tshwarwa ka 1949. Thulaganyo eo e ne e re rotloeditse gore re oketse kafa re ithutang ka teng ka namana, re ye dipokanong, le go dira tiro ya rona ya go rera, mmogo le go ikaega ka ba bangwe gore ba re tshegetse le go re kgothatsa. Seno eleruri se ne sa re thusa gore re nne re ntse re ikanyega. Ka gone, le eleng lefa batho ba ne ba tlhola ba re tshwaya diphoso le go re kgala, re ne re sa letle gore seno se re tshwenye.

Go Tshwara Dipokano Fa Re Thibetswe

Fa go sena go itsisiwe gore re thibetswe, ke ne ka kopana le Basupi ba bangwe ba babedi go tlotla gore re tla tsweledisa jang dipokano tsa rona tsa phuthego. Go ne go le kotsi tota go ya kwa go tsone, ereka fa o ne o tshwarwa o le teng koo o ne o ka atlholelwa go nna kwa kgolegelong. Re ne ra etela Basupi ba ba mo lefelong la rona. Bangwe ba ne ba tshwenyegile thata, mme go ne go kgothatsa tota go bona gore mongwe le mongwe o ne a bona go le botlhokwa go nna teng kwa dipokanong.

Monna mongwe yo o kgatlhegang yo a neng a na le setale sa dikgomo o ne a re re ka tshwarela dipokano mo go sone. Le mororo se ne se le kwa masimong, mme botlhe ba kgona go se bona, setale seno se ne se na le lebati ka kwa morago le le neng le lebagane le tsela e e neng e fitlhilwe ke sekgwanyana. Ka jalo re ne re sa bonwe fa re tla le fa re boa. Re ne ra tshwarela dipokano tsa rona mo marigeng ao otlhe mo setaleng seo re tshubile dikerese, go na le batho ba ba ka nnang 20. Re ne re kopana beke le beke go tla go ithuta makasine wa Tora ya Tebelo le go tshwara Pokano ya Tirelo. Thulaganyo e ne ya fetolwa go tshwanela maemo a rona, se se neng se otlelela gore re tshwanetse go ipoloka re tshela semoyeng. Re ne ra itumela thata fa ka bonako fela monna yo o kgatlhegang yono e nna mokaulengwe wa rona yo mosha mo boammaaruring.

Dikatlholo tsa kgotlatshekelo di ne tsa simolola go nna motlhofo mo bogareng jwa bo 1950, mme bakaulengwe ba bangwe ba ne ba gololwa mo kgolegelong. Ba bantsi ba ne ba romelwa kwa Jeremane Bophirima. Fa e le ka nna, dilo di ne tsa fetoga kafa ke neng ke sa lebelela ka teng morago ga ketelo ya mokaulengwe yo o neng a tswa kwa Jeremane Bophirima.

Kabelo ya Me E Kgolo ya Ntlha

Mokaulengwe yono o ne a ipitsa Hans. Fa re sena go nna re tlotla, o ne a nkopa gore ke etele kwa atereseng nngwe kwa Berlin. Fa ke sena go bona lefoko le le neng le dira jaaka leina mo tlelokong ya lebati, ke ne ka lalediwa go tsena. Batho bangwe ba babedi ba ne ba nna le nna fa fatshe mme ra tlotla monate fela re akaretsa sele le sele. Morago go ne ga tla seo ba neng ba se batla: “Fa o ne o ka newa kabelo e e kgethegileng, a o ne o ka e amogela?”

“Ee,” ke ne ka araba jalo.

“Go siame,” ba ne ba bolela jalo, “ke sone fela se re neng re batla go se itse. Boela gae mme o tsamaye sentle.”

Mo dibekeng tse tharo morago ga foo ke ne ka bolelelwa gore ke boele gape kwa Berlin mme ke ne ka iphitlhela ke le mo kamoreng eo gape. Bakaulengwe ba ne ba nnaya mmapa wa kgaolo ya Zittau ba bo ba bolela se ba neng ba se mpileditse. “Ga re kgone go golagana le Basupi ba ba mo lefelong leno. A o ka dira gore re kgone go golagana le bone gape?”

“Eleruri ke tla dira jalo,” ke ne ka araba jalo ka bonako. Lefelo leno le ne le le letona, le le dikilometara di le 100 ka boleele, go tloga kwa Riesa go ya kwa Zittau, le bophara jwa dikilometara di le 50. Mme se ke neng ke na naso fela e ne e le baesekele. Fa ke sena go kopana le Basupi ka bongwe, mongwe le mongwe wa bone o ne a tsenngwa mo phuthegong nngwe e e neng e romela moemedi kwa Berlin go ya go tsaya dibuka le ditaolo. Mokgwa ono o ne o thusa go thibela go baya diphuthego tse dingwe mo kotsing fa balaodi ba bogisa phuthego epe fela e nngwe.

Ikanye Jehofa

Le mororo re ne re bogisiwa ka gonne re ne re ikobela ditaolo tse di mo Bibeleng, ga re ise le ka motlha re bo re lese go tsamaya ka ntlo le ntlo ka molaetsa wa rona wa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Ditihō 20:20) Re ne re etela kwa diatereseng tseo di neng di akantshiwa ke batho ba re neng re setse re ba itse, mme re ne re nna le maitemogelo a a itumedisang tota. Ka dinako tse dingwe, diphoso tse re neng re di dira di ne di felela ka masego, jaaka go bonala mo go eno e e latelang.

Nna le mosadi wa me re ne re filwe aterese nngwe gore re etele kwa go yone, mme re ne ra etela kwa ntlong e e phoso. Fa mojako o bulwa, re ne ra bona diaparo tsa sepodisi fa go kgogediwang diaparo teng. Sefatlhego sa ga Margit se ne sa setlhafala; pelo ya me e ne ya itaya. Re ka nna ra ya kgolegelong. Re ne re tshwanetse go rapela ka bonako.

“Lo bomang?” monna yono o ne a botsa jalo ka bokhutshwane. Re ne ra nna re ntse re ritibetse.

“Ke tlhomamisa gore nkile ka go bona,” Margit o ne a bolela, “mme ga ke kgone go gakologelwa gore kwa kae. Ee, o lepodisi. Ke tshwanetse ka bo ke go bone o le mo tirong.”

Seno se ne sa mo ritibatsa, mme o ne a botsa jaana ka botsalano. “A lo ba ga Jehofa?”

“Ee,” ke ne ka tsenelela, “re bone, mme o tshwanetse wa dumela gore re nnile pelokgale tota gore re kgone go kokota mo mojakong wa gago. Re go kgatlhegela tota.”

O ne a re laletsa go tsena mo ntlong ya gagwe. Re ne ra mo etela ka makgetlo a mantsi ra bo ra simolola thuto ya Bibela. Fa nako e ntse e tsamaya monna yono o ne a nna mokaulengwe wa rona wa Mokeresete. Abo boitemogelo jono bo ne jwa nonotsha kafa re ikanyang Jehofa ka teng jang ne!

Bokgaitsadi gantsi ba ne ba dira jaaka barongwa, mme go ne go batla gore ba ikanye Jehofa tota. Go ne ga diragala jalo ka nako ya fa Margit a ne a ile kwa Berlin go ya go tsaya dibuka. Di ne di le dintsi go feta jaaka go ne go lebeletswe. Go ne ga dirisiwa mogala o o pegang dilwana go bofa sutukeisi eno e e neng e tletse thata. Dilo di ne tsa tsamaya sentle go fitlha Margit a pagama terena. Motlhankedi mongwe wa kwa molelwaneng o ne a tsena.

“Eno ke ya ga mang, le gone e na le eng?” o ne a botsa jalo, a supa sutukeisi.

“Ke diaparo tsa me,” Margit o ne a araba.

Ereka a ne a belaela o ne a mo laela gore a e bule. Margit o ne a simolola go ntsha mogala o o pegang diaparo o o neng o bofile sutukeisi ka bonya a dira ka boomo fela, a hunolola mafuto ka bongwe ka bongwe. Ereka tiro ya motlhankedi yono wa kwa molelwaneng e ne e batla gore a tsamaye le terena eno sekgala se se rileng fela a bo a fologa a pagama terena e nngwe go boela kwa morago, o ne a simolola go fela pelo. Kgabagare o ne a ineela go setse mafuto a le mararo fela. “Tloga fa, o tseye diaparo tsa gago!” o ne a mo omanya jalo.

Go Tlhokomelwa Ke Jehofa ka Namana

Gantsi ke ne ke sa kgone go robala diura tse di fetang tse nnè bosigo, ereka ke ne ke dira ditiro tsa phuthego fa go le lefifi. Batlhankedi bangwe ba ne ba tla go kokota mo kgorong ya rona moso mongwe fa ke sena go dira tiro eno. Ba ne ba tlile go phuruphutsha. Go ne go le thari thata gore re ka fitlha sepe.

Batlhankedi ba ne ba senya moso otlhe ba phuruphutsha lefelo leno lotlhe, ba sekaseka le ntlwana ya boitiketso tota go bona gore a ga go a fitlhiwa sepe mo go yone. Ga go ope wa bone yo a neng a akanya go tlhola mo baking ya me e e neng e kaletse mo koteng e e kgogetsang dibaki. Ke ne ke tsentse dipampiri mo dipateng tsa yone tse dintsintsi. Dipata tseno di ne di budulugile di tletse tsone dilo tse batlhankedi ba neng ba di batla, mme ba ne ba tsamaya ba iphotlhere.

Ke ne ke le kwa Berlin ka nako nngwe ka August 1961. E ne ya nna lekgetlo la me la bofelo go ya go tsaya dibuka pele go agiwa Lebota la Berlin. Seteishane sa terena sa kwa Berlin se ne se tlhanasela ka batho fa ke ne ke ipaakanyetsa go boela kwa Zittau. Terena e ne ya tsena, mme mongwe le mongwe o ne a sianela kwa go pagamelwang teng go ya go pagama. Ereka ke ne ka tsena mo boidiiding jono, ke ne ka iphitlhela ke le mo karolong e e senang ope ya terena. Fa ke sena go pagama fela motlhokomedi o ne a lotlela mabati a le kwa ntle. Ke ne ka sala ke le esi mo karolong e nngwe ya terena, fa bapagami ba bangwe ba ne ba kgaramelediwa mo karolong e nngwe ya terena.

Re ne ra leba kwa Zittau. Ke ne ka nna ke le esi ka lobakanyana. Terena e ne ya ema, mme mabati a karolo e ke neng ke le mo go yone a ne a bulega. Go ne ga tsena bontsintsi jwa masole a Ba-Soviet. E ne ya nna gone ke lemogang gore ke ne ke tsene mo karolong e e neng e boloketswe masole a Soviet. Ke ne ka eletsa ekete lefatshe le ka fatoga ka tsena. Lefa go ntse jalo, go ne go lebega masole a sa bone sepe se se phoso.

Re ne ra tswelela ka loeto go ya kwa Zittau, koo mabati a karolo ya rona a neng a bulega, mme masole a ne a tswela kwa ntle. Ba ne ba simolola go phuruphutsha bapagami botlhe mo seteishaneng. Ba ne ba tlogela nna fela. Bontsi jwa masole bo ne bo ntumedisa ka tsela ya sesole, bo akanya gore ke motlhankedi mongwe yo mogolo.

E ne ya nna moragonyana thata fa re ne re lemoga gore dibuka tseno di ne di le botlhokwa jang, ka go bo tsela ya rona e ne ya kgaupediwa ka lobakanyana fa go ne go agiwa Lebota la Berlin. Lefa go ntse jalo, dibuka tseo di ne di lekane go re thusa ka dikgwedi di le mmalwa. Fa go santse go ntse jalo, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa kafa re neng re tla tswelela re ikgolaganya ka teng le bone.

Kgang ya Lebota la Berlin ka 1961 e ne ya re leretse diphetogo mo Jeremane Botlhaba. Mme jaaka a tlhola a dira ka metlha, Jehofa o ne a setse a etile ditiragalo pele. O ne a tswelela go re tlhokomela fa re ntse re thibetswe.—Jaaka e boletswe ke Hermann Laube.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Re ne ra itumelela go nna mo kopanong e nnye kwa Bautzen

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela