A Ruriruri Bibela Ke Mpho E E Tswang mo Modimong?
“KE DUMELA gore Bibela ke mpho e e di gaisang tsotlhe e Modimo o kileng wa e naya motho.” Mafoko ao a ne a buiwa ke Abraham Lincoln, poresidente wa bo 16 wa United States.a Ga se ene fela yo a neng a anaanela buka eno ya bogologolo.
Modiredipuso mongwe wa Boritane wa lekgolo la bo 19 la dingwaga ebong William E. Gladstone o ne a bolela jaana: “Bibela e itsiwe ka gore E Nnile Teng ka Tsela E E Kgethegileng, ebile go na le sekgala se se ka se kang sa lekanngwa seo se leng fa gare ga yone le dibuka tse dingwe.” Modiredipuso wa Amerika mongwe gape wa lekgolo la bo 18 la dingwaga ebong Patrick Henry o ne a bolela ka tsela e e tshwanang jaana: “Boleng jwa Bibela bo lekana le jwa dibuka tsotlhe tse di kileng tsa gatisiwa.” Go lebega mmusi wa Mofora Napoléon Bonaparte a ne a kgatlhilwe ke Dikwalo fa a ne a akgela jaana: “Bibela ga se bukanyana fela, mme ke Setshedi Tota se se nang le maatla ao a fenyang ba ba se ganetsang.”
Batho ba bangwe Bibela e ile ya ba thusa tota le go ba gomotsa. Mojenerale wa American Confederate ebong Robert E. Lee o ne a bolela jaana: “Bibela ga e ise e ko e palelwe le ka motlha go nnaya lesedi le nonofo mo dilong tsotlhe tse ke sa di tlhaloganyeng le tse di ntshwenyang.” Poresidente wa U.S. John Quincy Adams o ne a bolela jaana gonne a ne a anaanela buka eno: “Ke ile ka itlwaetsa go bala Bibela yotlhe gangwe ngwaga le ngwaga ka dingwaga tse dintsi.”
Fa e le gore Mogodimodimo o file batho Bibela, go tshwanetse ga nna le bosupi jwa gore e tlhotlheleditswe. E tshwanetse ya feta dibuka tsotlhe. Mme Bibela e tshwanetse ya kgona go ikanngwa tota gore e nne motswedi wa nonofo le kaelo. Ka jalo he, go sala potso e e reng, A ruriruri Bibela ke mpho e e tswang mo Modimong? A jaanong re batleng karabo ya potso eno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ke boammaaruri gore go na le mpho e e fetang eo—Jesu Keresete.—Yohane 3:16.
[Ditshwantsho mo go tsebe 3]
William. E. Gladstone
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. National Archives photo
Abraham Lincoln
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. National Archives photo
Patrick Henry
[Motswedi wa Setshwantsho]
Harper’s U.S. History
Napoléon Bonaparte
[Motswedi wa Setshwantsho]
Drawn by E. Ronjat
John Quincy Adams
[Motswedi wa Setshwantsho]
Harper’s U.S. History
Robert E. Lee
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. National Archives photo