LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 6/1 ts. 15-20
  • Dirisa Kgololesego ya Gago ya Bokeresete ka Botlhale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirisa Kgololesego ya Gago ya Bokeresete ka Botlhale
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Ba Tloleditswe go Rera’
  • “Tlotlañ Kgosi”
  • ‘Ratang Bakaulengwe’
  • Tebego le Boitlosobodutu
  • Nna O Letetse Kgololesego ya Bana ba Modimo
  • Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Lo Se Ka lwa Dirisa Kgololesego E Lo E Filweng Ke Modimo ka Tsela E E Phoso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Direla Modimo wa Kgololesego e Bong Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Kgololesego e Baobamedi ba ga Jehofa ba Nang Nayo
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 6/1 ts. 15-20

Dirisa Kgololesego ya Gago ya Bokeresete ka Botlhale

“Lo nnè yaka ba ba gololesegileñ, me [mo kgololesegong] ea lona . . . lo nnè yaka batlhanka ba Modimo.”—1 PETERE 2:16.

1. Adame o ne a latlhegelwa ke kgololesego efe, mme Jehofa o tla busetsa setho mo kgololesegong efe?

FA BATSADI ba rona ba ntlha ba ne ba leofa kwa tshimong ya Edena, ba ne ba latlhela bana ba bone boswa jo bo galalelang—go gololesega mo boleong le mo boitsholong jo bo maswe. Seno se ne sa felela ka gore rotlhe re tsholwe re le makgoba a boitsholo jo bo maswe le loso. Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore Jehofa o ikaelela go busetsa batho ba ba ikanyegang gore ba gololesege gape ka tsela e e molemo. Gompieno, batho ba ba dipelo tse di siameng ba emetse “go senolwa ga bana ba Modimo,” go go tla dirang gore ba “[gololwe] mo botlhankeñ yoa go bōla, [mme ba isiwe] mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.”—Baroma 8:19-21.

‘Ba Tloleditswe go Rera’

2, 3. (a) “Bana ba Modimo” ke bomang? (b) Ba itumelela boemo bofe jo bo molemo, mme seo se lere boikarabelo bofe?

2 ‘Bana bano ba Modimo’ ke bomang? Ke bomonnaa Jesu ba ba tloditsweng ka moya bao ba tla busang le ene mo Bogosing jwa selegodimo. Ba ntlha mo go bone ba ne ba bonala mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Ba ne ba amogela boammaaruri jo bo gololang jo Jesu a neng a bo ruta, mme go tloga ka Pentekosete 33 C.E., ba ne ba bona ditshiamelo tse di galalelang tse Petere a neng a bua kaga tsone fa a ne a ba kwalela jaana: “Lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele.”—1 Petere 2:9a; Yohane 8:32.

3 Abo e le lesego le le molemo jang ne go nna loruo lo lo kgethegileng lwa Modimo! Mme masalela a metlha ya segompieno a barwa bano ba Modimo ba batlodiwa a na le boemo jo bo ntseng jalo jo bo segofaditsweng fa pele ga Modimo. Mme lefa go ntse jalo tshiamelo e e kwa godimo jalo e tla le maikarabelo a yone. Petere o ne a lebisitse go bongwe jwa maikarabelo ano fa a ne a tswelela pele ka go re: “Lo tlè lo bōnatsè go tlotlomala ga eo o lo biditseñ, a lo bitsa lo le mo lehihiñ a lo isa mo lesediñ ya gagwè ye le gakgamatsañ.”—1 Petere 2:9b.

4. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba diragatsa boikarabelo jo bo tlang ka ntlha ya kgololesego ya bone ya Bokeresete jang?

4 A Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba diragatsa boikarabelo jono jwa go bolela tlotlomalo ya Modimo? Ee. Isaia o ne a bolela jaana ka tsela ya boperofeti fa a ne a bua kaga batlodiwa segolo go tloga ka 1919: “Mōea oa ga Yehofa Modimo o mo go nna; ka gonne Yehofa o ntloleditse go rèrèla ba ba pelonōlō mahoko a a molemō: o nthomile gore ke hapè ba ba pelo di phatlogileñ, go bolèlèla bachwarwa kgololō, le ba ba golegilweñ, go re, ntlo ea kgolegèlō e budilwe; go bolèla ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa, le letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona.” (Isaia 61:1, 2) Gompieno masalela a a tloditsweng a bolelela ba bangwe mafoko a a molemo a kgololesego ka tlhagafalo, ka go rialo ba latela sekao sa ga Jesu, yo lokwalo lono lo neng lo lebisitse thatathata mo go ene.—Mathaio 4:23-25; Luke 4:14-21.

5, 6. (a) Go rera ka tlhagafalo ga Bakeresete ba ba tloditsweng go ile ga felela ka eng? (b) Ba boidiidi jo bogolo ba na le ditshiamelo dife le maikarabelo afe?

5 Ka ntlha ya go rera ga bone ka tlhagafalo, boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele bo ile jwa tlhagelela mo matlhong a lefatshe mo metlheng eno ya bofelo. Ba dule mo merafeng yotlhe go tla go kopanela le batlodiwa mo go direleng Jehofa, mme le bone boammaaruri bo ile jwa ba golola. (Sekaria 8:23; Yohane 10:16) Fela jaaka Aberahame, le bone ba bolelwa ba siame ka ntlha ya tumelo mme ba tsena mo kamanong e e gaufi le Jehofa Modimo. Mme jaaka Rahabe go siama ga bone go ba dira gore ba tshwanelegele go falola—bone ba tshwanelegela go falola Hara–Magedona. (Yakobe 2:23-25; Tshenolō 16:14, 16) Mme lefa go ntse jalo ditshiamelo tse di kwa godimo jalo gape di akaretsa boikarabelo jwa go bolelela ba bangwe kaga kgalalelo ya Modimo. Ke sone se Johane a neng a ba bona ba baka Jehofa phatlalatsa, “ba thèla loshalaba lo logolo ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.”—Tshenolō 7:9, 10, 14.

6 Ngwaga e e fetileng ba boidiidi jo bogolo, ba jaanong ba fetang dimilione tse nne, mmogo le setlhotshwana sa Bakeresete ba ba setseng ba batlodiwa, ba ne ba dirisa diura di ka tshwara bilione ba bolela dinonofo tse di tlhaolegileng thata tsa ga Jehofa. Eno e ne e le yone tsela e e molemomolemo go gaisa e ba neng ba ka kgona go dirisa kgololesego ya bone ya semoya ka yone.

“Tlotlañ Kgosi”

7, 8. Kgololesego ya Bokeresete e akaretsa boikarabelo bofe malebana le babusi ba lefatshe, mme mo kgannyeng eno, re tshwanetse ra tila go nna le boikutlo bofe jo bo phoso?

7 Kgololesego ya rona ya Bokeresete e akaretsa maikarabelo a mangwe. Petere o ne a bua kaga mangwe a one fa a ne a kwala jaana: “Tlotlañ batho botlhe. Ratañ bokauleñwe. Boihañ Modimo. Tlotlañ kgosi.” (1 Petere 2:17) Polelwana e e reng “tlotlañ kgosi” e kaya eng?

8 “Kgosi” e emela babusi ba lefatshe. Gompieno, moya wa go sa tlotle babusi o atile mo lefatsheng, mme o ka ama Bakeresete motlhofo fela. Mokeresete a ka nna a bo a ipotsa gore ke ka ntlha yang fa a tshwanetse go tlotla “kgosi,” ereka “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Ka ntlha ya mafoko ano, a ka nna a ikutlwa a gololesegile gore a tlole melao epe e e mo kgoreletsang a bo a se ka a ntsha lekgetho fa a ka kgona go dira jalo mme a sa tshwarwe. Mme lefa go ntse jalo seno se ne se tla bo se le kgatlhanong le taolo e e tlhamaletseng ya ga Jesu ya go ‘neela Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare.’ Ebile tota, e ne e tla bo e le go ‘ntsha kgololesego ya gagwe kobo ya go bipa boikepo.’—Mathaio 22:21; 1 Petere 2:16.

9. Mabaka a mabedi a a utlwalang a gore re utlwe babusi ba lefatshe ke afe?

9 Bakeresete ba tlamega go tlotla babusi le go ineela kafa tlase ga bone—lefa e ka tswa e se ka botlalo. (Ditihō 5:29) Ka ntlha yang? Mo go 1 Petere 2:14, 15, Petere o bolela mabaka a mararo fa a re babusi ba “romilwe ke [Modimo] go tla ba lehetsa badiha boshula, le go baka ba ba dihañ sentlè.” Go tshaba go otlhaiwa ke lebaka le le utlwalang la go utlwa babusi. Abo e ne e ka nna matlhabisa ditlhong jang ne fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a ka atlholwa kana a tlhatlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya go rumolana, go utswa, kana go dira bosula bongwe bo sele! Akanya fela kafa bangwe ba neng ba tla itumelela go dira gore mang le mang a itse kaga sengwe se se ntseng jalo ka gone! Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re ntse re dira gore re itsege re le baagi ba ba utlwang, re bakwa ke babusi ba ba lebang dilo ka tekatekano. Re ka nna ra neelwa kgololesego e e oketsegileng ya gore re dire tiro ya rona ya go rera mafoko a a molemo. Mo godimo ga moo, ‘re didimatsa go tlhoka go itse ga ba ba dieleele ka go dira sentle.’ (1 Petere 2:15b) Leno ke lebaka la bobedi leo ka lone re tshwanetseng go utlwa babusi.—Baroma 13:3.

10. Lebaka le le nonofileng go gaisa la gore re utlwe babusi ba lefatshe ke lefe?

10 Mme lefa go ntse jalo go na le lebaka le le nonofileng go feta leo. Babusi ba gone ka gonne ba letlwa ke Jehofa. Fela jaaka Petere a bolela, babusi ba bopolotiki ba “romilwe ke” Jehofa, le gone ke “go rata ga Modimo” gore Bakeresete ba ba ikobele. (1 Petere 2:15a) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Paulo o bolela jaana: “Babusi ba ba leñ gōna, ba beilwe ke Modimo.” Ka jalo, digakolodi tsa rona tse di thapisitsweng ka Bibela di re tlhotlheletsa gore re utlwe babusi. Fa re gana go ineela kafa tlase ga bone, re tla bo re “gana molaō oa Modimo.” (Baroma 13:1, 2, 5) Ke ofe mo gare ga rona yo o neng a ka gana thulaganyo ya Modimo ka boomo fela? Abo seo e ne e tla bo e le go sa dirise kgololesego ya Bokeresete sentle jang ne!

‘Ratang Bakaulengwe’

11, 12. (a) Kgololesego ya rona ya Bokeresete e akaretsa boikarabelo bofe malebana le badumedi ka rona? (b) Ke bomang bao segolobogolo ba tshwanetseng go elwa tlhoko ka lorato, mme ka ntlha yang?

11 Petere gape o ne a bolela gore Mokeresete o tshwanetse a “[rata] bokauleñwe.” (1 Petere 2:17) Jono le jone ke boikarabelo jo bongwe jo bo akarediwang mo kgololesegong ya Bokeresete. Bontsi jwa rona re mo phuthegong nngwe. Kwantle ga pelaelo rotlhe re karolo ya bokopano kana mokgatlho wa merafe yotlhe. Re dirisa kgololesego ya rona ka botlhale fa re bontsha batho bano gore re a ba rata.—Yohane 15:12, 13.

12 Moaposetoloi Paulo o ne a bua kaga setlhopha sengwe sa Bakeresete bao ba tlhokang lorato lwa rona ka mo go kgethegileng. O ne a re: “Utlwañ ba ba lo laolañ, me lo ba ineèlè: gonne ba disitse meōea ea lona, yaka ba ba tla ikarabèlañ; gore ba tlè ba dihè yalo ka boitumèlō, e señ ka bohutsana: gonne mo go ka bo go sena thushō mo go lona.” (Bahebera 13:17) Bagolwane ke bone bao ba etelelang pele mo phuthegong. Ke boammaaruri, banna bano ga ba a itekanela. Lefa go ntse jalo, Setlhopha Se Se Laolang se okamela go tlhomiwa ga bone. Ba etelela pele ka go tlhoma sekao ebile ba akanyetsa, le gone ba tlhomilwe gore ba dise meya ya rona. A kabelo e e boima! (Bahebera 13:7) Se se itumedisang ke gore, bontsi jwa diphuthego di na le moya o montle wa go dirisana mmogo, mme bagolwane ba itumelela go dira le tsone. Go nna bokete go feta fa batho ba sa batle go dirisana mmogo. Mogolwane o nna a ntse a dira tiro ya gagwe, mme jaaka Paulo a bolela, o e dira ka “bohutsana.” Kwantle ga pelaelo ga re batle go hutsafatsa bagolwane! Re batla gore ba ipelele tiro ya bone gore ba kgone go re agelela.

13. Dingwe tsa ditsela tseo ka tsone re ka dirisanang mmogo le bagolwane ke dife?

13 Dingwe tsa ditsela tseo ka tsone re ka dirisanang mmogo le bagolwane ke dife? Nngwe ya tsone ke go tlhokomela le go phepafatsa Holo ya Bogosi. E nngwe ke go dirisana mmogo mo tirong ya go etela ba ba lwalang le go thusa ba ba bokoa. Mo godimo ga moo, re ka leka go nna re nonofile semoyeng, gore re se ka ra fetoga mokgweleo. Karolo ya botlhokwa e re ka dirisanang mmogo mo go yone ke go boloka phuthego e le phepa mo boitsholong le semoyeng, re dira jalo ka tsela eo re itshwarang ka yone le ka go bega boleo bope jo bo masisi jo re itseng kaga jone.

14. Re tshwanetse ra nna tirisanommogo jang fa bagolwane ba tsere kgato ya go otlhaya mongwe?

14 Ka dinako tse dingwe, e le gore ba boloke phuthego e le phepa, bagolwane ba tshwanelwa ke go kgaola motho yo o dirileng phoso mme a sa ikwatlhae. (1 Bakorintha 5:1-5) Go dira jalo go sireletsa phuthego. Gape go ka nna ga thusa motho yo o dirileng phoso. Gantsi, kotlhao e e ntseng jalo e ile ya thusa motho yo o leofileng yoo gore a rarabologelwe. Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore yo o kgaotsweng ke tsala e e gaufi kana ke mongwe wa losika? A re re gongwe motho yono ke rraarona kana ke mmaarona kana ke morwa kgotsa morwadiarona. A lefa go ntse jalo re tlotla kgato e e tserweng ke bagolwane? Ke boammaaruri, go ka nna ga nna bokete. Abo e tla bo e se go dirisa kgololesego ya rona sentle jang ne fa re ganana le tshwetso ya bagolwane re bo re tswelela pele re dirisana mo dilong tsa semoya le yo o itshupileng a na le tlhotlheletso e e bosula mo phuthegong! (2 Yohane 10, 11) Batho ba ga Jehofa ka kakaretso ba tshwanetse go akgolelwa tsela eo ba dirisanang mmogo ka yone mo dilong tse di ntseng jalo. Ka jalo, phuthego ya ga Jehofa e nna e sa leswefadiwa mo lefatsheng leno le le leswe.—Yakobe 1:27.

15. Fa motho a dira boleo jo bo masisi, o tshwanetse go dira eng gone fela foo?

15 Go tweng fa rona re dira phoso e e masisi? Kgosi Dafide o ne a tlhalosa bao Jehofa a ba ratang fa a ne a re: “E mañ eo o tla tlhatlogèlañ mo thabaneñ ea ga Yehofa? Me mañ eo o tla èmañ mo heloñ ga gagwè ga boitshèpō? Ke eo o diatla dintlè, le pelo e e itshekileñ; eo o se kañ a choleletsa mōea oa gagwè kwa boithamakoñ, me a sa ikana ka go tsietsa.” (Pesalema 24:3, 4) Fa e le gore ka ntlha ya lebaka lengwe ga re tlhole re na le ‘diatla tse dintle le pelo e e itshekileng,’ re tshwanetse go tsaya kgato ka bofefo. Botshelo jwa rona jo bo sa khutleng bo mo kotsing.

16, 17. Ke ka ntlha yang fa mongwe yo o dirileng maleo a a masisi a sa tshwanela go leka go rarabolola kgang ka boene fela?

16 Bangwe ba ile ba raelesega gore ba fitlhe maleo a a masisi, gongwe ba ntsha mabaka a gore: ‘Ke boleletse Jehofa phoso ya me ebile ke ikwatlhaile. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go tsenya bagolwane mo kgannyeng eno?’ Motho yo o dirileng phoso a ka nna a bo a tlhabiwa ke ditlhong kana a tshaba gore bagolwane ba ka tsaya kgato nngwe. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse a gakologelwa gore le mororo Jehofa e le ene fela a ka re tlhapisang boleo jwa rona, O dirile gore bagolwane e nne bone ba ikarabelang gore phuthego e nne e itshekile. (Pesalema 51:2) Ba tlhometswe go fodisa, go dira “gore baitshepi ba itekanèdiwè.” (Baefesia 4:12) Go sa ye kwa go bone fa re tlhoka thuso ya semoya go tshwana le go sa ye go bona ngaka fa re lwala.

17 Bangwe bao ba lekang go fetsa kgang ba le bosi fela ba fitlhela gore dikgwedi kana dingwaga moragonyana, digakolodi tsa bone di santse di ba tshwenya fela thata. Se se maswe le go feta ke gore, ba bangwe bao ba fitlhang boleo jo bo masisi ba wela mo boleong lekgetlo la bobedi le eleng la boraro. Fa kgabagare bagolwane ba tla go itse ka kgang eo, e setse e le kgang ya go dira phoso seboaboane. Abo go ka nna botoka jang ne go latela kgakololo ya ga Jakobe! O ne a kwala jaana: “A moñwe mo go lona oa bobola? a a bitsè bagolwane ba phuthègō; me a ba rapèlè ha go èna, ba mo tlotsè loukwane mo ineñ ya Morèna.” (Yakobe 5:14) Ya kwa bagolwaneng o santse o na le nako ya go fola. Fa re diega lobaka lo loleele thata, re ka nna ra thatafala mo boleong bongwe.—Moreri 3:3; Isaia 32:1, 2.

Tebego le Boitlosobodutu

18, 19. Ke ka ntlha yang fa moruti mongwe a ne a akgela ka go bolela sentle kaga Basupi ba ga Jehofa?

18 Dingwaga di le tlhano tse di fetileng, moruti mongwe wa Katoliki kwa Italy o ne a kwala sentle kaga Basupi ba ga Jehofa mo makasineng mongwe wa baruti.a O ne a re: “Nna ka nosi, ke rata Basupi ba ga Jehofa; ke bua fela ke sa fitlhe. . . . Ba ke ba itseng ba itshwara sentle, ba bua ka tsela e e bonolo . . . [ebile] ba bua ka go rotloetsa tota. Re tla tlhaloganya leng gore boammaaruri bo tlhoka go buiwa ka tsela e e amogelwang? Gore bao ba itsiseng boammaaruri ga ba a tshwanela go dira jalo ba goga dinao, ba nkga leswe, ba le boatla, ba apere ka go latlhelela?”

19 Go ya ka mafoko ano, sengwe sa dilo tseo di neng di kgatlhile moruti yono e ne e le tsela eo Basupi ba neng ba apara le go itshwara ka yone. Go bonala sentle gore, bao a neng a kopana le bone ba ne ba reeditse kgakololo eo e neng e ntse e neelwa ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” mo dingwageng tse di ntseng di feta. (Mathaio 24:45) Bibela e bolela gore basadi ba tshwanetse go apara ka ‘bori le tekatekano.’ (1 Timotheo 2:9) Mo nakong eno e e tletseng bosula, kgakololo eo e botlhokwa gape le mo banneng. A ga go utlwale go bo baemedi ba Bogosi jwa Modimo ba tshwanetse go itshwara sentle mo bathong ba ba kwa ntle?

20. Ke ka ntlha yang fa Mokeresete a tshwanetse go ela tlhoko kapari ya gagwe ka metlha?

20 Bangwe ba ka nna ba dumela gore kwa dipokanong le mo tirelong ya tshimo, ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba apara jang, mme ba ka nna ba akanya gore melaometheo ya Bibela ga e dire ka dinako tse dingwe. Lefa go ntse jalo, a re a tle re kgaotse go nna baemedi ba Bogosi jwa Modimo? Ke boammaaruri, maemo a a farologana. Fa re thusa go aga Holo ya Bogosi, re tla apara ka tsela e e farologaneng le fa re ya pokanong kwa go yone Holo eo ya Bogosi. Fa re ikhuditse, re ka nna ra apara ka mokgwa wa go thuba kobo segole. Mme lefa go ntse jalo nako le nako fa e le gore re tla bonwa ke batho bangwe, kapari ya rona e tshwanetse gore ka metlha e bo e baakantswe sentle ebile e le bori.

21, 22. Re ile ra sirelediwa jang kgatlhanong le boitlosobodutu jo bo kotsi, mme re tshwanetse ra leba kgakololo jang mo dikgannyeng tse di ntseng jalo?

21 Karolo e nngwe eo e ileng ya elwa tlhoko thata ke boitlosobodutu. Batho—bogolo jang basha—ba tlhoka go itlosa bodutu. Go rulaganya gore lelapa le nne le nako ya boikhutso ga se boleo ebile ga se go senya nako. Le ene Jesu tota o ne a laletsa barutwa ba gagwe gore ba “itapolosè lobakanyana.” (Mareko 6:31) Mme lefa go ntse jalo o tlhokomele gore boitlosobodutu bo se ka jwa go kgotlela semoyeng. Re tshela mo lefatsheng leo mo go lone boitlosobodutu bo tlotlomatsang boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong, bothubaki jo bo maswe tota, dilo tse di tshosang, le tirisabadimo. (2 Timotheo 3:3; Tshenolō 22:15) Motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale o nna a etse tlhoka dikotsi tse di ntseng jalo mme ka metlha o re tlhagisa kgatlhanong le tsone. A o akanya gore dikgakololo tseno di kgoreletsa kgololesego ya gago? Kana a o itumelela go bo phuthego ya ga Jehofa e go kgathalela mo go kalo mo e leng gore e nna e go bontsha dikotsi tse di ntseng jalo?—Pesalema 19:7; 119:95.

22 Le ka motlha o se ka wa lebala gore le mororo kgololesego ya rona e tswa kwa go Jehofa, ke rona ba re ikarabelelang gore re e dirisa jang. Fa re itlhokomolosa kgakololo e e molemo re bo re dira ditshwetso tse di phoso, ga re kake ra pega motho ope o sele molato. Moaposetoloi Paulo o bolela jaana: “Moñwe le moñwe oa rona o tla ikarabèla Modimo.”—Baroma 14:12; Bahebera 4:13.

Nna O Letetse Kgololesego ya Bana ba Modimo

23. (a) Re na le masego afe gone jaanong malebana le kgololesego? (b) Re emetse masego afe ka tlhoafalo?

23 Eleruri re batho ba ba segofaditsweng. Re gololesegile mo bodumeding jwa maaka le mo tumelobotlhoding. Ka thuso ya setlhabelo sa thekololo, re ka atamela Jehofa ka segakolodi se se tlhapisitsweng, re gololesegile ka tsela ya semoya mo bokgobeng jwa boleo le loso. Mme mo bogautshwaneng “go senolwa ga bana ba Modimo” go tla tla. Ka Hara–Magedona, bomonnaa Jesu ba tla senolelwa batho ba le mo kgalalelong ya bone ya legodimo e le batho ba ba senyang baba ba ga Jehofa. (Baroma 8:19; 2 Bathesalonia 1:6-8; Tshenolō 2:26, 27) Go tswa foo, fa barwa bano ba Modimo ba sena go senolwa ba tla itshupa e le ba ba tlisang masego a a elelang go tswa mo setulong sa Modimo sa bogosi a tla mo sethong. (Tshenolō 22:1-5) Kgabagare, go senolwa gono ga barwa ba Modimo go tla felela ka gore batho ba ba ikanyegang ba segofadiwe ka go neelwa kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo. A o tlhoafaletse nako eo? He dirisa kgololesego ya gago ya Bokeresete ka botlhale. Nna motlhanka wa Modimo gone jaanong, mme o tla itumelela kgololesego eo e e molemo ka bosayengkae!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Moragonyana moruti yono o ne a boela morago ka mafoko ano a kakgolo, go bonala gore e ne e le ka ntlha ya go gatelelwa ke ba bangwe.

Lebokose la Poeletso

◻ Batlodiwa le ba dinku di sele ba ile ba galaletsa Jehofa jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go tlotla babusi ba lefatshe?

◻ Mokeresete o ka dirisana mmogo le bagolwane ka ditsela dife?

◻ Malebana le kapari, ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba farologane le batho ba le bantsi mo lefatsheng?

◻ Re tshwanetse go tila eng mabapi le boitlosobodutu?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Bagolwane segolobogolo ba tlhoka lorato lwa rona le gore re dirisane mmogo le bone

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Moaparo wa Mokeresete o tshwanetse gore o bo o rulagantswe sentle, o le bori, ebile o tshwanela tiragalo e a yang kwa go yone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela