LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 6/15 ts. 28-30
  • Diocletian O Tlhasela Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Diocletian O Tlhasela Bokeresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boheitane Kgatlhanong le Bokeresete
  • Melao
  • Bokeresete jwa Lekgolo la Bone la Dingwaga
  • Baebele e a Tlhaselwa
    Tsogang!—2011
  • Mokgwa O Labokeresete A Nnileng Karolo ya Lefatshe Leno ka One
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ga Ba Akanye Le E Seng ka go Ineela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Bokeresete Jwa Bogologolo le Puso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 6/15 ts. 28-30

Diocletian O Tlhasela Bokeresete

KWA moletlong o o neng o diretswe modimo wa Roma ebong Terminus ka February 23, 303 C.E., oo o neng o tshwaretswe kwa Nicomedia kwa Asia Minor, motsemogolo o mosha wa mmusimogolo, e ne e le se mphete ke go fete monna mongwe le mongwe a batla go bolela kafa a ratang naga ya gagwe ka gone. Mme lefa go ntse jalo go ne go bonala gore setlhopha se segolo sa Bakeresete se ne se seyo.

Mmusimogolo Diocletian le mmusi yo o neng a le kafa tlase ga taolo ya gagwe ebong Galerius Caesar ba ne ba ema mo lefelong le ba kgonang go bona ba le mo go lone le le mo tlung ya bone ya segosi mme ba lebelela lefelo leo Bakeresete ba naga eo ba neng ba phuthegela kwa go lone. E ne ya re fa ba neelwa sesupo, masole le batlhankedi ba puso ba tsena mo kagong ya Bakeresete, ba tsaya dilwana tsa yone, mme ba fisa dikaelo tsa Bibela tseo ba neng ba di fitlhela mo go yone. La bofelo, ba ne ba thuba kago eo ya sala e le lorole fela.

Lobaka lwa pogiso loo lo neng lwa fa puso ya ga Diocletian leina le le maswe lo ne lwa simologa gone foo. Borahisitori ba lo bitsa “pogiso ya bofelo e kgolo go feta,” “pogiso e e setlhogo go gaisa tsotlhe,” le eleng “sengwe se se tshwanang fela le go nyeletsa leina la Bokeresete.” Go sekaseka dilo tse di dikologileng ditiragalo tseno tsa botlhokwa go senola tshedimosetso e kgolwane.

Boheitane Kgatlhanong le Bokeresete

Diocletian, yo o neng a tsholetswe kwa Dalmatia, karolo ya se e neng ya nna Yugoslavia, o ne a tlhatlosiwa maemo mo sesoleng sa Roma. Fa a sena go bolelwa gore ke mmusimogolo ka 284 C.E., o ne a itsege thata ka go dira diphetogo tsa bopolotiki fa a ne a tlhoma puso ya tetrarchy, puso e mo go yone batho ba le bane ba busang mmogo, gore e etelele mmusomogolo pele. Diocletian o ne a tlhoma Maximian, mongwe yo a neng a sa bolo go dira mmogo le ene mo bosoleng, gore a dire mmogo le ene jaaka mmusimogolo wa bobedi, Augustus wa bobedi, a ikarabela ka tsela e e kgethegileng mo karolong e e kafa bophirima ya mmusomogolo. Diocletian le Maximian ka bobedi jwa bone ba ne ba na le Kaesara yo o kafa tlase ga bone yo o neng a na le tshwanelo ya go busa morago ga bone. Constantius Chlorus o ne a direla jaaka Kaesara wa ga Maximian, fa Galerius wa kwa Thrace a ne a busa kafa tlase ga ga Diocletian.

Jaaka Diocletian, Galerius Caesar o ne a obamela medimo ya boheitane fela thata. Ereka a ne a batla go busa morago ga mmusimogolo, Galerius o ne a itira ekete o boifa botsuolodi jwa masole. O ne a sa rate kafa masole ao a neng a ipolela e le Bakeresete a neng a tswelela pele a tlhotlheletsa a mangwe ka gone. Kafa mmusimogolo a neng a leba dilo ka gone, ka go gana go nna le seabe mo kobamelong ya boheitane ba ne ba gwetlha tshwanelo ya gagwe ya go ba laola. Ka jalo Galerius o ne a kgothaletsa Diocletian gore a tseye dikgato go fedisa Bokeresete. Kgabagare, ka mariga a 302/303 C.E., mmusimogolo o ne a dumalana le boikutlo jwa ga Kaesara jwa go nna kgatlhanong le Bokeresete mme a dumela gore o tla ntsha batho bano mo sesoleng le mo ntlong ya segosi. Mme lefa go ntse jalo Diocletian o ne a sa batle tshololo ya madi, a boifa gore batho ba ba swelang Bokeresete ba ka tlhotlheletsa ba bangwe gore ba tsuologe ba sa gadime kwa morago.

Go ntse go le jalo, Diocletian ga a ka a kgotsofalela tsela eno ya go rarabolola bothata, mme a buisana le balaodi le baofisiri ba bosole, go akaretsa le Hierocles, mmusi wa kwa Bithynia. Motho yono yo o neng a tshegetsa Bogerika ka tlhagafalo o ne dumalana le gore Bakeresete botlhe ba tseelwe dikgato tse di setlhogo. Ereka Diocletian a ne a tshegetsa medimo ya setso ya Roma seno se ne sa dira gore a se ka a utlwana le Bokeresete. Go ya ka Diocletian and the Roman Recovery, e e kwadilweng ke Stephen Williams, go ne ga felela ka gore go nne le “ntwa e e matlho mahibidu fa gare ga medimo ya Roma le modimo wa Bakeresete.”

Melao

Diocletian o ne a ntsha melao e le mene ka go latelana gore a diragatse letsholo la gagwe la go bogisa. Ka letsatsi la fa go sena go tlhaselwa kwa Nicomedia, o ne a laola gore mafelo otlhe a Bakeresete ba kopanelang mo go one le dilwana tsa bone di senngwe a bo a laela gore dibuka tse di boitshepo di isiwe kwa babusing di bo di fisiwe. Bakeresete bao ba neng ba na le maemo mo Pusong ba ne ba tshwanetse go folosiwa mo maemong ao.

Fa go ne go runya molelo gabedi mo teng ga ntlo ya mmusimogolo, Bakeresete bao ba neng ba thapilwe koo ba ne ba pegiwa molato. Seno se ne sa dira gore go ntshiwe molao wa bobedi, oo o neng o laola gore bobishopo botlhe, le baruti, le batiakoni botlhe ba tshwarwe ba bo ba tsenngwe mo kgolegelong. Molao wa boraro o ne wa leka go dira gore banna bano e nne batenegi, o laola gore ba ntshetse medimo ya Roma setlhabelo, o letla gore fa go tlhokega ba utlwisiwe botlhoko. Molao wa bone o ne wa dira se se fetang seo mme wa dira gore go ipolela fela gore o Mokeresete e nne molato o o ka otlhaelwang ka loso.

Bosetlhogo joo bo neng jwa latela bo ne jwa dira gore go nne le setlhopha sa batho bao ba neng ba tewa leina la traditores (leo le kayang gore, “ba ba neng ba ineela”), baoki ba ba kgatlhanong le Modimo le Keresete bao ba neng ba leka go sireletsa matshelo a bone ka go isa dikaelo tsa bone tsa Dikwalo. Go ya ka rahisitori Will Durant, “diketekete tsa Bakeresete di ne tsa itatola . . . Mme lefa go ntse jalo bontsi jwa bao ba neng ba bogisiwa ba ne ba nna ba nonofile; mme fa ba bona kana ba utlwela kaga batho bao ba ileng ba ikanyega ka bopelokgale ba ntse ba utlwisiwa botlhoko, seno se ne sa nonotsha tumelo ya bao ba neng ba reketla mme sa dira gore diphuthego tse di ntseng di batliwa di nne le maloko a masha.” Bakeresete ba kwa Phrygia, Cappadocia, Mesopotamia, Phoenicia, Egepeto, le dikarolo tse dingwe tse dintsi tsa Mmusomogolo wa Roma ba ne ba swela tumelo ya bone.

Rahisitori wa Kereke ebong Eusebius wa Caesarea o ne a akanya gore go ne ga swa Bakeresete ba le diketekete ka nako ya pogiso. Kafa letlhakoreng le lengwe, Edward Gibbon, mokwadi wa The Decline and Fall of the Roman Empire, o bolela gore go sule batho ba palo e e kwa tlase ga dikete tse pedi. “Gibbon o belaela bontsi jwa dipego tseno, ereka di tswa mo Bakereseteng ba ba feteletsang dilo bao ba batlang go galaletsa baswelatumelo le go ruta ba ba ikanyegang,” go tlhalosa jalo mokwadi mongwe. “Kwantle ga pelaelo,” o a tswelela, “bakwadi ba feteletsa dilo fa e re go sule batho ba sekae ba bo ka motlhofo fela ba bolela gore go sule ‘matshwititshwiti,’ ba sa bontshe pharologanyo fa gare ga go swela tumelo ga batho ba sa kopiwa go dira jalo le ga batho ba ba rumotsweng ka tlhamalalo; le fa ba anela kafa dibatana tsa naga di neng di gagoloka dinokwane tsotlhe ka bogale ka gone mme di bo di kganelwa ke ‘maatla a e seng a tlholego’ gore di se ka tsa ama Bakeresete. Mme lefa go ntse jalo, lefa re ka tsaya gore dilo tse dingwe di ipuelwa fela, tse di salang di ntse di maswe fela thata.” Kwantle ga pelaelo ruri go ile ga nna le pogiso e e setlhogo go gaisa eo mo go yone batho ba neng ba utlwisiwa botlhoko ka go bapolwa mo ditshiping, go fisiwa, go itewa, le go tlapisiwa ka ditang tse di notang.

Bakwadi bangwe ba akanya gore Galerius ke ene a neng a tlisa pogiso, eseng Diocletian. “Ke sengwe se se botlhokwa fela thata mo boitsholong,” go bolela jalo Porofesa William Bright mo go The Age of the Fathers, “gore maiteko a magolo a puso ya lefatshe ya boheitane a go nyeletsa botshelo jwa Bogosi jo e seng jwa lefatshe leno go ka twe a dirilwe ke Diocletian, mo boemong jwa mosimolodi wa one tota ebong Galerius.” Lefa go ntse jalo, le gone mo pusong ya batho ba bane, Diocletian o ne a ntse a laola go feta ba bangwe, jaaka go bolela mokwadi Stephen Williams: “Ga go na pelaelo epe gore Diocletian o ne a na le taolo mo molaong mongwe le mongwe wa botlhokwa wa Mmusomogolo go fitlha ka 304, ebile o na le boikarabelo jo bogolo mo dipogisong go fitlha ka lone letlha leo.” Diocletian o ne a lwala mme ya re kgabagare a kgaotsa bolaodi jwa gagwe ka 305 C.E. Ka lobaka lo e ka nnang lwa dingwaga di le thataro morago ga foo, pogiso eo e ileng ya tswelela pele e ne ya bontsha kafa Galerius a neng a tlhoile dilo tsotlhe tse di amanang le Bokeresete ka gone.

Bokeresete jwa Lekgolo la Bone la Dingwaga

Ditiragalo tseno tse di setlhogo tsa kwa tshimologong ya lekgolo la bone la dingwaga di tlhomamisa seo se neng se boleletswe pele ke moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Petere, mmogo le ke bakwadi ba bangwe ba ba tlhotlheleditsweng ka moya. “Morwa tatlhègō” yo go neng go boleletswe pele kaga gagwe, setlhopha se se laolang sa baruti ba ba ipolelang gore ke Bakeresete, se ne se setse se itsetsepetse, jaaka melao ya ga Diocletian e bontsha, bogolosegolo wa bobedi. (2 Bathesalonia 2:3, 4; Ditihō 20:29, 30; 2 Petere 2:12) Ka lekgolo la bone la dingwaga ditiro tsa botenegi di ne di setse di le gongwe le gongwe. Batho ba le bantsintsi ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ne ba le mo bosoleng jwa Roma. A go ne go sena Bakeresete bape kwa morago koo bao ba neng ba tshegetsa “sekaō sa mahoko a a tshedileñ” seo ba neng ba se filwe ke baaposetoloi?—2 Timotheo 1:13.

Eusebius o bolela bangwe ba batho bao ba neng ba bogisiwa ka maina, le eleng go tlhalosa ka phepafalo kafa ba neng ba utlwisiwa botlhoko ka gone, ba boga, go fitlha ba swela tumelo ya bone. Gone jaanong re ka se ka ra itse gore a botlhe ba ba swetseng tumelo ba sule ba ntse ba tshegetsa boammaaruri jo bo senotsweng jo ba neng ba na le jone ka nako eo. Kwantle ga pelaelo bangwe ba bone ba ne ba utlwile tlhagiso ya ga Jesu ya gore ba tile makoko, boitsholo jo bo maswe, le go ineela ka tsela epe fela. (Tshenolō 2:15, 16, 20-23; 3:1-3) Go bonala sentle gore, bangwe ba ba ikanyegang bao ba neng ba falola ga ba a ka ba tlhagelela mo hisitoring. (Mathaio 13:24-30) Eleruri, maiteko a go kgaosetsa kobamelo e e dirwang phatlalatsa ya Bokeresete a ne a atlega mo eleng gore sefikantswe sa kwa Spain sa nako eo se tlotlomatsa Diocletian ka go bo a ne a ‘nyeleditse tumelobotlhodi ya ga Keresete.’ Lefa go ntse jalo, maiteko a go tsaya le go senya dikaelo tsa Dikwalo, ebong karolo ya konokono ya tlhaselo ya ga Diocletian mo Bokereseteng, ga a ka a kgona go nyeletsa Lefoko la Modimo gotlhelele.—1 Petere 1:25.

Ereka a ne a sa atlega mo go fediseng Bokeresete gotlhelele, Satane Diabolo, mmusi wa lefatshe, o ne a tswelela pele ka ditiro tsa gagwe tsa boferefere a dirisa Mmusimogolo Constantine, yo o neng a busa go tloga ka 306 go ya go 337 C.E. (Yohane 12:31; 16:11; Baefesia 6:11, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Constantine wa moheitane ga a ka a lwantsha Bakeresete. Go na le moo, o ne a bona go ka mo solegela molemo go kopanya ditumelo tsa boheitane le tsa Bokeresete go bopa bodumedi jo bosha jwa Naga.

Abo e le tlhagiso mo go rona rotlhe! Fa re lebana le dipogiso tse di setlhogo, go rata Jehofa ga rona go tla re thusa go tila go ineela e le fela gore re bone boikhutso jwa nakwana fela jwa senama. (1 Petere 5:9) Ka tsela e e tshwanang, ga re ketla re itetla gore re felelwe ke tlhagafalo ya rona ya Bokeresete fa go na le lobakanyana lwa kagiso. (Bahebera 2:1; 3:12, 13) Go utlwa melaometheo ya Bibela ka kelotlhoko go tla re thusa gore re nne re ikanyega mo go Jehofa, Modimo o o kgonang go golola batho ba gagwe.—Pesalema 18:25, 48.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]

Musei Capitolini, Roma

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela