Dipotso tse di Tswang go Babadi
A batho ba ba ganang go nna Bakeresete ba boammaaruri jaanong ba bo ba swa pele sepitla se segolo se simologa ba tla tsosiwa mo baswing?
Go molemo fa rotlhe re ka ithiba gore re se ka ra atlhola ope, re lemoga gore kgabagare, tsela e Jehofa a tla atlholang ka yone ka Jesu Keresete ke yone e e botlhokwa. (Yohane 5:22; Ditihō 10:42; 2 Timotheo 4:1) Mme lefa go ntse jalo, Dikwalo di re naya tshedimosetso e e thusang e e arabang potso e e fa godimo.
Go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe ke karolo ya botlhokwa thata ya ‘sesupo sa gore Jesu o teng.’ Sesupo seno se sa le se bonala kwa tshimologong ya ngwagakgolo ono. Tiro ya go rera e dira gore batho ba merafe yotlhe ba kgaoganngwe mme seo se diragatsa setshwantsho sa ga Jesu sa “dinku” le “dipodi.” Fa tiro ya go rera le go kgaoganya e fela “sepitla se segolo” se tla nyeletsa tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo.—Mathaio 24:3, 21, 22; 25:31-46.
Jehofa, mmogo le Morwawe, ke bone ba tla atlholang gore batho ba ba ganang molaetsa wa Bogosi ba bo ba swa pele sepitla se segolo se tla, a ke dipodi. Jesu o ne a bolela gore dipodi di “tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ.” Ka gone, re ka swetsa ka gore ba Modimo o ba lebang jaaka dipodi ga ba kitla ba tsosiwa mo baswing. Ba bona katlholo e e tshwanang le ya ba ba “utlwañ thupa, eboñ tshenyègō e e sa khutleñ” ka nako ya sepitla se segolo.—2 Bathesalonia 1:9.
Mme go tweng ka ba ba ka nnang ba bo ba ile ba se ka ba utlwa molaetsa wa Bogosi ka mo go lekaneng gore ba bo ba kgonne go dira tshwetso ka botlhale gore ba tlhopha go emela boammaaruri kana go nna kgatlhanong le jone pele ba swa mo ‘metlheng eno ya bofelo’?—2 Timotheo 3:1.
Bontsi jwa ba ba swang fa tiro ya go rera e ntse e tsweletse pele ga sepitla se segolo go bonala gore ba tla tsosiwa mo baswing. Seno se supiwa ke se re se balang mo go Tshenolō 6:7, 8 e e buang kaga go siana ga bapagami ba dipitse ba tshwantshetso. Batho ba bantsi ba ne ba swa ka ntlha ya dintwa, go tlhaela ga dijo, le dikgogodi tsa malwetsi a a bolayang. Ereka “Hades” e le yone e e batlang ba ba bolailweng ke “Losho,” ba tla tsosiwa mo Pusong ya ga Keresete ya Mileniamo, Hades e tla ntsha baswi botlhe ba ba mo go yone. (Tshenolō 20:13) Bangwe ba bao ba tla tsosiwang ba ka tswa ba kile ba utlwa molaetsa wa Bogosi pele ga baa swa.
Abo re ka leboga jang ne go bo Jesu a se kile a tlogelela batho gore e nne bone ba swetsang gore ke mang yo e leng nku le gore ke mang yo e leng podi! Batho ba ba sa itekanelang ga se bone ba ka kgonang go lekanya sentle gore motho mongwe a ka tswa a ne a utlwa mafoko a a molemo ka makgetlo a makae gore a ka bo a a dumetse. A re ka kgona go itse gore pelo ya gagwe e ne e ntse jang kana gore a eleruri o ne a rata tshiamo? A re ka kgona go lekanya gore lelapa la gagwe, bodumedi jo a goletseng mo go jone, le dilo tse dingwe tse di tlhotlheletsang motho di ka bo di amile jang tsela e a ka bong a arabetse ka yone? Go phepafetse gore ga re kake. Lefa go ntse jalo, re ka tlhomamisa gore Jehofa Modimo le Jesu Kereste ba ka kgona go lekanya dilo tse di ntseng jalo mme ba atlhola ka tsela e e itekanetseng, e e lolameng, le e e siameng.—Duteronome 32:4; Isaia 11:1-5.
Ka gone, ga go tlhokege gore re nnele go fopholetsa gore ke bomang mo bathong ba ba suleng bosheng yo o ka nnang a tsosiwa kana yo o se kitlang a tsosiwa. Ga re a neelwa thata ya go dira seno. (Bapisa Luke 12:13, 14.) Go tla nna botlhale thata fa re ka leta tshwetso ya Baatlhodi ba ba siameng, Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Seno se tla dira gore megopolo ya rona jaaka batlhanka ba ga Jehofa e ritibale. Gape go tla re thusa gore re dire tiro e re e abetsweng go e dira—‘go dira batho ba merafe yotlhe barutwa le go ba ruta go tlhokomela dilo tsotlhe tse Jesu a di laotseng.’—Mathaio 28:19, 20.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Leicester sheep, Meyers