O Seka Wa Letla Ope Go Bodisa Mekgwa ya Gago E Mentle
“Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.”—1 BAKORINTHA 15:33.
1, 2. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a ikutlwa jang kaga Bakeresete ba kwa Korintha, mme ka ntlha yang? (b) Re tla tlhatlhoba kgakololo efe segolobogolo?
ABO lorato lwa motsadi e le boikutlo jo bo maatla jang ne! Lo tlhotlheletsa batsadi gore ba ithontshe dilo dingwe ka ntlha ya bana ba bone, gore ba ba rute le go ba gakolola. Moaposetoloi Paulo o ka tswa a ne a sena bana ba eleng ba gagwe ka tlholego, mme lefa go ntse jalo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha jaana: “Leha lo ka bo lo na le baruti ba le makgolo a makgolo mo go Keresete, leha go nntse yalo borra eno ga ba bantsi; gonne mo go Keresete Yesu ke nna ke lo tsetseñ ka Mahoko a a Molemō.”—1 Bakorintha 4:15.
2 Pelenyana, Paulo o ne a ile a tsaya mosepele go ya kwa Korintha, koo a neng a rerela Bajuda le Bagerika. O ne a thusa go tlhoma phuthego ya Korintha. Mo lokwalong lo longwe Paulo o ne a tshwantsha tlhokomelo ya gagwe le ya mmè yo o anyisang, mme lefa go ntse jalo mo Bakorintheng o ne a ntse jaaka rraabo. (1 Bathesalonia 2:7) Paulo o ne a gakolola bana ba gagwe ba semoya jaaka rrabana yo o lorato wa tlholego. O ka solegelwa molemo ke kgakololo ya gagwe go Bakeresete ba kwa Korintha e a neng a e neela jaaka rre fa a ne a re: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 15:33) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kwalela Bakorintha jalo? Re ka dirisa kgakololo eo jang?
Kgakololo ya Bone le Rona
3, 4. Re itse eng kaga Korintha wa lekgolo la ntlha la dingwaga le palo ya batho ba teng?
3 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, rathutafatshe wa Mogerika ebong Strabo o ne a kwala jaana: “Korintha e tlhalosiwa e ‘humile’ ka ntlha ya kgwebo ya yone, ka gonne e mo gare ga Isthmus ebile ke jone boemakepe jo bogolo mo go a mabedi, jo bongwe bo ya fela kwa Asia, mme jo bongwe bo ya kwa Italy; mme seo se ne se dira gore go nne motlhofo go ananya dilwana tse di rekisiwang tse di tswang kwa dinageng tseo ka bobedi.” Nako le nako morago ga dingwaga tse pedi Metshameko ya Isthmus e e itsegeng thata e ne e dira gore bontsintsi jwa batho bo thelesegele kwa Korintha.
4 Mme go ka bolelwang ka batho ba motse ono o e neng e le one lefelo la konokono la taolo ya puso mmogo le ya kobamelo ya go ikgotsofatsa mo nameng ya ga Aphrodite? Moporofesa T. S. Evans o ne a tlhalosa jaana: “Palo ya batho e [ne e] ka nna 400 000. E [ne e le] setšhaba sa batho ba setso se se kwa godimo, mme lefa go ntse jalo ba repisitse kafa boitsholong, tota ebile ba dira dilo tse di maswe. . . . Baagi ba Bagerika ba kwa Achaïa ba ne ba itsege ka go nna ba sa iketla malebana le dilo tsa thuto ebile ba nna ba eletsa ka tlhagafalo go utlwa dilo tse disha. . . . Boithati jwa bone bo ne bo ka nna jwa ba tlhotlheletsa motlhofo fela gore ba nne makoko.”
5. Bakaulengwe ba kwa Korintha ba ne ba lebane le kotsi efe?
5 Fa nako e ntse e ya, le yone phuthego tota e ne ya kgaokgaogana ka ntlha ya bangwe ba ba neng ba santse ba sekametse mo ponong ya boikgodiso. (1 Bakorintha 1:10-31; 3:2-9) Bothata jo bogolo e ne e le gore bangwe ba ne ba re: “Ga go na go coga ga bashwi.” (1 Bakorintha 15:12; 2 Timotheo 2:16-18) Go sa kgathalesege gore totatota tumelo ya bone (kana go tlhoka tumelo ga bone) e ne e le efe, Paulo o ne a tshwanetse gore a baakanye pono ya bone ka go ba fa bosupi jo bo phepafetseng jwa gore Keresete o ne a “cosicwe mo bashwiñ.” Ka jalo Bakeresete ba ne ba ka tshepa gore Modimo o ne a tla ba naya “phenyo ka Morèna oa rona Yesu Keresete.” (1 Bakorintha 15:20, 51-57) Fa o ka bo o ne o le teng ka nako eo, a o ne o tla nna mo kotsing?
6. Kgakololo ya ga Paulo e e mo go 1 Bakorintha 15:33 e ne e dira mo go bomang segolobogolo?
6 Fa a ntse a ba neela bosupi jo bo nonofileng jwa gore baswi ba tla tsosiwa, Paulo o ne a ba bolelela jaana: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” Ntlha ya konokono ya kgakololo eno e ne e ama ba ba neng ba kopanela le phuthego ba ba neng ba sa dumelane le thuto ya motheo ya tsogo. A ba ne ba sa tlhomamise fela ka ntlha nngwe e ba neng ba sa e tlhaloganye? (Bapisa Luke 24:38.) Nnyaa. Paulo o ne a kwala gore ‘bangwe ba lona ba re ga go na tsogo ya baswi,’ ka jalo ba ba neng ba akarediwa ba ne ba bontsha go sa dumelane, ba sekametse mo boteneging. Paulo o ne a bona sentle gore ba ne ba ka bodisa mekgwa le dikakanyo tse dintle tsa ba bangwe.—Ditihō 20:30; 2 Petere 2:1.
7. Re ka dirisa 1 Bakorintha 15:33 mo boemong bofe?
7 Re ka dirisa jang tlhagiso ya ga Paulo kaga go itsalanya le batho? O ne a sa reye gore re tshwanetse ra gana go thusa mongwe mo phuthegong yo o neng a palelwa ke go tlhaloganya temana nngwe ya Bibela kana thuto. Eleruri, Yude 22, 23 e re kgothaletsa gore re thuse ka boutlwelobotlhoko ba ba ntseng jalo ba ruri ba nang le dipelaelo tse di ntseng jalo. (Yakobe 5:19, 20) Lefa go ntse jalo, tota kgakololo ya ga Paulo e a e neetseng jaaka rrabana, e tshwanetse ya dira fa mongwe a nnela go ganetsa se re itseng e le boammaaruri jwa Bibela kana a nnela go bua ka tsela ya go belaela kana go ganetsa. Re tshwanetse ra itisa kgatlhanong le go ikopanya le motho yo o ntseng jalo. Gone ke boammaaruri, fa mongwe a setse a nna motenegi tota, badisa ba semoya ba ne ba tla tshwanelwa ke go tsaya kgato gore ba sireletse letsomane.—2 Timotheo 2:16-18; Tito 3:10, 11.
8. Re ka itshwara jang ka tsela e e botlhale fa mongwe a ganetsa thuto ya Bibela?
8 Gape re ka dirisa mafoko a ga Paulo ao a a buileng jaaka rrabana a a mo go 1 Bakorintha 15:33 fa re dirisana le batho ba ba kwa ntle ga phuthego ba ba rotloetsang dithuto tsa maaka. Re ka iphitlhela re ikopantse le bone jang? Go ne go ka direga fa re sa bone pharologanyo fa gare ga bao ba ka thusiwang gore ba ithute boammaaruri le bao ba tsosang kgang e le fela gore ba buelele thuto nngwe ya maaka. Ka sekai, mo tirong ya rona ya go neela bosupi, re ka nna ra kopana le motho yo o ganetsang ntlha nngwe mme gone a iketleeditse go tsweledisa motlotlo. (Ditihō 17:32-34) Seo ka bosone ga se a tshwanela go baka bothata, ka gonne re ka itumelela go tlhalosetsa mongwe le mongwe yo ka bopeloephepa a batlang go itse boammaaruri jwa Bibela, re bile re boela kwa go ene go ya go mo fa bosupi jo bo tla mo thusang go tlhaloganya. (1 Petere 3:15) Lefa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba bo ba sa kgatlhegele go itse boammaaruri jwa Bibela tota.
9. Re tshwanetse ra itshwara jang fa seo re se dumelang se ganediwa?
9 Batho ba le bantsi ba ka ngangisana diura tse dintsi, beke le beke, mme lefa go ntse jalo e se ka gonne ba batla boammaaruri. Se ba se batlang fela ke go koafatsa tumelo ya yo mongwe mme kafa letlhakoreng le lengwe ba bontsha se go tweng ke thutego ya bone ya Sehebera, Segerika, kana saense kaga thutotlhagelelo. Basupi bangwe fa ba kopana le bone, ba ile ba ikutlwa ba gwetlhiwa mme ba ile ba feleletsa ba senya nako e ntsi ba bua kaga tumelo nngwe e e phoso ya bodumedi, botlhajana bongwe jo bo phoso, kana phoso ya saense. Go a kgatlha go bona gore Jesu ga a ka a letla gore seo se mo diragalele, lefa a ka bo a ile a fenya ka puo baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba ithutile Sehebera le Segerika sentle. Fa Jesu a ne a gwetlhiwa, o ne a araba ka bokhutshwane go tswa foo a bo a lebisa tlhokomelo ya gagwe gape mo go ba ba ikokobeditseng, dinku tota.—Mathaio 22:41-46; 1 Bakorintha 1:23–2:2.
10. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ba nang le dikhomputara ebile ba kgona go bala le go kwala mo dimating tsa dikitsiso tsa eleketeroniki ba tshwanetse go nna kelotlhoko?
10 Dikhomputara tsa segompieno di ile tsa bula dibaka tse dingwe tsa go ikopanya le ba ba bosula. Difeme dingwe tsa kgwebo di dira gore batho ba ba ikgolagantseng le tsone ba kgone go dirisa khomputara le thelefounu go romela molaetsa kwa dimating tsa dikitsiso tsa eleketeroniki; ka jalo motho a ka tsenya molaetsa mo lomating lwa dikitsiso lo lo ka bonwang ke botlhe ba ba ikgolagantseng le feme eo. Seno se ile sa dira gore go nne le se go tweng ke go nganga ka eleketeroniki kaga dikgang tsa bodumedi. Mokeresete a ka tsena mo dikgannyeng tse di ntseng jalo mme a senya diura di le dintsi le mongwe yo o akanyang dilo tsa botenegi yo o ka nnang a bo a kgaotswe mo phuthegong. Kaelo e e mo go 2 Yohane 9-11 e gatelela kgakololo ya ga Paulo e a e neetseng jaaka rrabana ya go tila go ikopanya le ba ba bosula.a
Tila Gore O Se Ka Wa Tsietsega
11. Boemo jwa kgwebo jwa kwa Korintha bo ne bo fa motho sebaka sa eng?
11 Jaaka fa go setse go boletswe, Korintha e ne e le lefelo la kgwebo, le na le mabenkele a le mantsi le dikgwebo. (1 Bakorintha 10:25) Batho ba le bantsi ba ba neng ba tlile Metshamekong ya Isthmus ba ne ba nna mo ditenteng, mme ka nako eo dilwana di ne di rekisediwa mo metlobong e e kgonang go phuthiwa kana mo mekhukhung ya dimausu. (Bapisa Ditihō 18:1-3.) Seno se ne sa dira gore Paulo a kgone go bona tiro koo ya go dira ditente. Mme o ne a kgona go dirisa lefelo leo go gasa mafoko a a molemo. Moporofesa J. Murphy-O’Connor o kwala jaana: “A le mo lebenkeleng mo mmarakeng o o tlhanaselang ka batho . . . a lebagane le mmila o o tletseng batho, Paulo o ne a sa kgone go bua le badirikaene le bareki ba gagwe fela, mme gape le boidiidi jo bo neng bo le kwantle. Ka dinako tsa fa go sena batho ba bantsi thata o ne a ka ema mo kgorong a tshwara ka motlotlo ba a neng a akanya gore ba ne ba ka reetsa . . . Go thata go akanya gore botho jwa gagwe jo bo tlhotlheletsang jaana le tumelo ya gagwe e e nonofileng ga di a ka tsa dira gore ka bofefo a nne ‘motho yo o tlhomologileng’ mo tikologong eo, mme seno se ne se ka gogela batho ba ba batlang kitso kwa go ene, eseng batho fela ba ba senang tiro mme gape le ba tota ba neng ba batla tshedimosetso. . . . Basadi ba ba nyetsweng ba ba neng ba utlwaletse kaga gagwe, ba ne ba tle ba mo etele ba tsamaya le baetsana ba bone, ba itirile batho ba ba tlileng go reka. Ka dinako tsa mathata, fa badumedi ba ne ba tshosediwa ka pogiso kana go tshwenngwa fela, ba ne ba ya kwa go ene jaaka bareki. Madirelo ano gape a ne a dira gore a kgone go kopana le batlhankedi ba morafe.”
12, 13. Bakorintha wa ntlha 15:33 e ka dira jang ka tsela e e tshwanelang kwa tirong?
12 Lefa go ntse jalo, Paulo o ka nna a bo a ile a lemoga kotsi ya “go ikōpanya le ba ba boshula” mo lefelong le a dirang mo go lone. Le rona re tshwanetse ra e lemoga. Ke ga botlhokwa gore Paulo a bo a ile a umaka boikutlo jo batho bangwe ba neng ba na le jone: “A re yeñ, re nweñ, gonne re coga re shwa ka moshō.” (1 Bakorintha 15:32) E ne ya re morago fela ga foo a neela kgakololo ya gagwe jaaka rrabana a re: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” Lefelo le motho a berekang mo go lone le go senka go bona boitumelo di ka amana jang mme tsa baka kotsi?
13 Bakeresete ba batla go nna botsalano mo badiringkabone, mme maitemogelo a le mantsi a supa kafa seno se ka nnang le matswela ka gone mo go buleng tsela ya gore go neelwe bosupi. Lefa go ntse jalo, modirimmogo a ka tsaya botsalano jwa gago ka tsela e e phoso jaaka ekete o mo laletsa gore lo tsalane mme lo ijese monate mmogo. A ka nna a go laletsa ka tsela e e motlhofo fela go tla dijong tsa motshegare, kana gore lo eme mmogo ka nako e khutshwane morago ga tiro gore lo nwe bojalwanyana, kana gore lo ye boitlosobodutung bongwe mo mafelobekeng. Motho yono a ka nna a lebega a le pelontle ebile a lebega sentle, mme taletso eno e ka lebega e sena sepe se se kotsi. Lefa go ntse jalo, Paulo o re gakolola jaana: “Lo se ka loa tsietsèga.”
14. Bakeresete bangwe ba ile ba tsietsega jang ka ntlha ya batho ba ba tsalanang le bone?
14 Bakeresete bangwe ba ile ba tsietsega. Ba ile ka bonya ka bonya ba simolola go repisa malebana le boikutlo jwa bone kaga go tsalana le badirikabone. Gongwe go ile ga bakwa ke go rata motshameko o o tshwanang kana tiro nngwe e e dirwang go intsha bodutu. Kana motho o ka bona mongwe yo o seng Mokeresete yo a berekang le ene a le pelonomi ebile a akanyetsa ka tsela e e tlhomologileng, mme seo se dirile gore a senye nako e ntsi le ene, gongwe sa ba sa dira gore a rate go senya nako le ene go na le ba bangwe mo phuthegong. Go tswa foo botsalano joo bo ka felela ka gore motho a se ye pokanong e le nngwe fela fela. Go ka nna ga baka gore a boe bosigo maitseboa mangwe mme a palelwe ke go tshegetsa thulaganyo ya go nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo mo mosong. Go ka nna ga felela ka gore motho a lebelele baesekopo kana bidio ya mofuta o Mokeresete a neng a ka o gana. ‘Ebu, nna seo se ka se ke se ntiragalele,’ re ka nna ra akanya jalo. Mme lefa go ntse jalo bontsi jwa bao ba ileng ba tsietsega gongwe le bone ba simolotse ba rialo. Re tshwanetse ra ipotsa jaana, ‘Tota ke ititeile sehuba go le kana kang gore ke dirise kgakololo ya ga Paulo?’
15. Re tshwanetse ra nna le pono efe e e lekalekaneng malebana le baagisani ba rona?
15 Se re sa tswang go se tlhalosa malebana le lefelo le re berekang kwa go lone se a dira gape le mo kamanong ya rona le baagisani. Kwantle ga pelaelo, Bakeresete ba kwa Korintha wa bogologolo ba ne ba na le baagisani. Mo merafeng mengwe ke ga tlholego fela go tsalana thata le baagisani le go ba tshegetsa. Kwa metseng ya selegae baagisani ba ka nna ba ikaega mongwe ka yo mongwe ka ntlha ya go katologana le batho ba bangwe. Mo ditsong dingwe go na le dikamano tse di gaufiufi le masika, mme seo se dira gore batho ba lalediwe dijo nako le nako. Go phepafetse gore, jaaka Jesu a bontshitse, go botlhokwa gore go nne le tekatekano. (Luke 8:20, 21; Yohane 2:12) Fa re dirisana le baagisani le ba losika, a re santse re na le maikutlo a go tswelela re ntse re dirisana le bone fela jaaka re ne re ntse re dira pele ga re ise re nne Bakeresete? Go na le go dira jalo, a ga re a tshwanela gore jaanong re sekaseke ditirisano tsa rona le bone mme re nne re butse matlho go tlhomamisa gore re tla dirisana le bone go ya bokgakaleng bofe?
16. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 13:3, 4 a tshwanetse go tlhaloganngwa jang?
16 Jesu o kile a tshwantsha lefoko la Bogosi le ditlhaka tsa peo e e ileng ya “wèla ha tseleñ, me dinōnyane tsa tla tsa di sèla.” (Mathaio 13:3, 4, 19) Ka dinako tseo, mmu o o neng o le mo tseleng o ne o omelela fa batho ba ntse ba o gataka ka dinao. Go ntse jalo ka batho ba le bantsi. Ga ba na boikhutso mo botshelong ka gonne ba nna ba tshwaregile ka ntlha ya baagisani, ba losika, le ba bangwe ba ba nnang ba ba tlhoka nako le nako. Go ka nna ga twe seno se gataka mmu wa dipelo tsa bone, se dira gore go nne thata gore peo ya boammaaruri e mele mo go bone. Go kgwaralala mo go ntseng jalo go ka nna ga diragalela mongwe yo e setseng e le Mokeresete.
17. Go itsalanya le baagisani le batho ba bangwe go ka re ama jang?
17 Baagisani bangwe le ba losika ba lefatshe ba ka nna ba bo ba le botsalano tota ebile ba rata go thusa, lefa gone le ka motlha ba ise ba ko ba bontshe kgatlhego mo dilong tsa semoya kana go rata tshiamo. (Mareko 10:21, 22; 2 Bakorintha 6:14) Fa re nna Bakeresete ga go reye gore jaanong re tshwanetse ra se nne botsalano, ra se ka ra rata baagisani. Jesu o ne a re gakolola gore re bontshe kgatlhego ya mmatota mo go ba bangwe. (Luke 10:29-37) Mme lefa go ntse jalo kgakololo e nngwe ya ga Paulo ya gore re nne kelotlhoko ka bao re itsalanyang le bone le yone e tlhotlheleditswe fela jalo ebile e botlhokwa fela jalo. Fa re ntse re dirisa kgakololo ya ntlha, ga re a tshwanela gore re bo re lebala eno. Fa re sa nne re gopotse melaometheo eno ka bobedi, mekgwa ya rona e ka amega. Mekgwa ya gago e farologane jang le ya baagisani ba gago kana ba losika malebana le boikanyegi le go obamela molao wa ga Kaesare? Ka sekai, ba ka nna ba ikutlwa gore ka nako ya lekgetho, go siame fela gore ba se ka ba bega madi otlhe a ba a amogelang kana dipoelo tse ba di bonang mo kgwebong, ebile ba re go dira jalo go a tlhokega gore ba kgone go tswelela ba tshela. Ba ka nna ba leka go go kgona ka go go bolelela kafa ba ikutlwang ka gone ka nako ya fa lo itisitse go nwa ditlhatlego mmogo kana fa lo etelane ka nako e khutshwanyane. Seo se ka ama jang mekgwa ya gago ya go akanya le ya boikanyegi? (Mareko 12:17; Baroma 12:2) “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula go tlo go bodise mekgwa e mentlè.”
Le Mekgwa ya Bosha
18. Ke ka ntlha yang fa 1 Bakorintha 15:33 e dira gape le mo basheng?
18 Basha ke bone ba segolobogolo ba amiwang ke se ba se bonang le se ba se utlwang. A ga o ise o lemoge bana ba tsela e ba buang ka yone kana ba itshwarang ka yone e tshwanang thata le ya batsadi ba bone kana bomogoloabone kana bomonnaabone? Ka gone, ga re a tshwanela go gakgamala gore bana ba ka tlhotlhelediwa thata ke bao ba tshamekang le bone kana ba ba tsenang sekolo le bone. (Bapisa Mathaio 11:16, 17.) Fa e le gore morwao kana morwadio o tlwaelane le basha ba ba buang ka lonyatso kaga batsadi ba bone, ke ka ntlha yang fa o ka akanya gore seno ga se kitla se ama bana ba gago? Go ka nna jang fa e le gore ba tlhola ba utlwa basha ba bangwe ba rogana? Go ka nna jang fa balekane ba bone kwa sekolong kana mo lefelong le ba nnang mo go lone ba tserwe maikutlo ke mofuta o mosha wa ditlhako kana feshene ya mekgabo ya dibenya? A re tshwanetse ra akanya gore Bakeresete ba babotlana bano ga ba kitla ba amiwa ke tlhotlheletso e e ntseng jalo? A Paulo o ne a re 1 Bakorintha 15:33 e ama batho ba dingwaga tse di rileng fela?
19. Batsadi ba tshwanetse ba leka go dira gore bana ba bone ba nne le pono efe?
19 Fa o le motsadi, a o nna o gopotse kgakololo eo fa o beelana mabaka le bana ba gago le fa o dira ditshwetso tse di ba amang? Gongwe go ka thusa gore o bolele gore seno ga se reye gore basha botlhe ba ba dirisanang le bana ba gago mo tikologong e ba nnang mo go yone kana kwa sekolong ga ba a siama. Bangwe ba bone ba ka nna ba bo ba siame ebile ba itshwara sentle, fela jaaka bangwe ba baagisani ba gago, ba losika, le badiri ka wena. Leka go thusa bana ba gago gore ba bone seno le gore tota o lekalekanya dilo fa o dirisa kgakololo ya ga Paulo e e botlhale eo a e neetseng Bakorintha jaaka rrabana. Fa ba ntse ba lemoga kafa o lekalekanyang dilo ka gone, go ka ba thusa gore ba go etse.—Luke 6:40; 2 Timotheo 2:22.
20. Basha, lo lebane le kgwetlho efe?
20 Lona ba lo santseng lo le basha, lekang go bona gore lo ka dirisa jang kgakololo ya ga Paulo, lo ntse lo itse gore e botlhokwa go Mokeresete mongwe le mongwe, a le mosha kana a le mogolo. Seno se ka nna sa tlhoka boiteko jo bogolo, mme lefa go ntse jalo ke ka ntlha yang fa o sa iketleeletse go bo diragatsa? Lemoga gore ga se gore fela ka gonne o itsile basha bangwe go tswa bonyaneng seo se raya gore ga ba kake ba ama mekgwa ya gago, le go senya mekgwa e o e tlhagolelang jaaka mosha wa Mokeresete.—Diane 2:1, 10-15.
Dikgato Tse Di Tlhomameng Tsa go Sireletsa Mekgwa ya Rona
21. (a) Ke eng se re tlhokang go se dira malebana le go tsalana le batho? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisa gore go itsalanya le batho bangwe go ka nna kotsi?
21 Rotlhe re tlhoka go tsalana le batho bangwe. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse ra nna podimatseba go itse gore batho ba re itsalanyang le bone ba ka re ama, ka tsela e e siameng kana e e maswe. Go ile ga direga jalo ka Adame le ka mongwe le mongwe mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga fa esale ka yone nako eo. Ka sekai, Jehoshafate, kgosi e e siameng ya Juda, o ne a ratwa ke Jehofa ebile a segofadiwa ke ene. Mme lefa go ntse jalo fa a sena go letla morwawe gore a nyale morwadia Kgosi Ahabe wa Iseraele, Jehoshafate o ne a simolola go tsalana le Ahabe. Go itsalanya le batho bao ba ba bosula go ratile go baka gore Jehoshafate a swe. (2 Dikgosi 8:16-18; 2 Ditihalō 18:1-3, 29-31) Fa ditshwetso tsa rona re sa di dire ka tsela e e botlhale malebana le bao re tsalanang le bone, go ka nna kotsi fela jalo.
22. Re tshwanetse ra isa eng kwa tlhogong mme ka ntlha yang?
22 Ka gone, a re iseng kwa tlhogong kgakololo e Paulo a e neelang ka lorato mo go 1 Bakorintha 15:33. Ao ga se mafoko fela a re ka nnang ra bo re a utlwile gantsi mo re kgonang go a bua ka tlhogo. A bontsha lorato lo lo jaaka lwa rrabana lo Paulo a neng a rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba kwa Korintha ka lone, mmogo le rona. Mme kwantle ga pelaelo a na le kgakololo e Rraarona wa selegodimo a e neelang ka gonne a batla gore maiteko a rona a atlege.—1 Bakorintha 15:58.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Kotsi e nngwe gape ya dimati tse di ntseng jalo tsa dikitsiso ke gore batho ba raelesega go kopisetsa mo dikhomputareng tsa bone diporokeramo kana dikgatiso tse di sireleditsweng kafa molaong gore di se ka tsa kopisiwa mme ba dira jalo kwa ntle ga tetla ya beng kana bakwadi ba tsone, seo se tla bong se le kgatlhanong le melao ya lefatshe lotlhe ya ditshwanelo tsa go kopisa.—Baroma 13:1.
A O A Gakologelwa?
◻ Paulo o ne a kwala 1 Bakorintha 15:33 ka ntlha ya lebaka lefe le le tlhomologileng?
◻ Re ka dirisa kgakololo ya ga Paulo jang kwa re berekang teng?
◻ Re tshwanetse ra nna le pono efe e e lekalekaneng kaga baagisani?
◻ Ke ka ntlha yang fa 1 Bakorintha 15:33 e le kgakololo e e tshwanelang basha segolobogolo?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Paulo o ne a dirisa lefelo le a neng a bereka mo go lone gore a anamise mafoko a a molemo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Basha ba bangwe ba ka senya mekgwa ya gago ya Bokeresete