Jehofa O Gopola Ba Ba Lwalang le Ba Ba Tsofetseng
E KA nna selo se se boima tota fa motho a tshwanelwa ke go itshokela ‘motlha wa bosula.’ (Pesalema 37:18, 19) Motlha o o ntseng jalo o ka tla ka go tsofala le makoa a a tsamaelanang le gone. Ba bangwe bone ba tsena mo motlheng oo ka go iphitlhela ba tshwerwe ke malwetsi a a masisi le a a tsayang lobaka lo loleele. Ba ka ikutlwa ekete malwetsi ao a ba amoga botshelo jwa bone, ekete a fekeetsa tlhaloganyo ya bone le dilo tse ba di dirang.
Lefa go ntse jalo, go nametsa pelo go itse gore Jehofa o tlhokomela batlhanka botlhe ba gagwe. O itumedisiwa ke go bona batlhanka ba gagwe ba ba mo direlang ka boineelo ba tswelela pele ka go supa boikanyegi le botlhale go sa kgathalesege botsofe, bolwetsi le dilo tse dingwe tse di sa itumediseng. (2 Ditihalō 16:9a; Diane 27:11) Kgosi Dafide o re tlhomamisetsa jaana: “Yehofa o gauhi le botlhe ba ba mmitsañ, . . . le gōna o tla utlwa picō ea bōnè.” Ee, o a bona gore ba mo bothateng; o ba nonotsha ka moya wa gagwe. ‘Mme o tla ba boloka.’ O a ba gopola e bile o ba thusa go itshoka. (Pesalema 145:18, 19) Mme go tweng ka rona? A le rona, jaaka Jehofa, re gopola ba ba lwalang le ba ba tsofetseng?
Makoa a a bakwang ke malwetsi kana botsofe ke dilo tse batho ba rakanang le tsone mo tsamaisong eno ya jaanong. Ke dilo tse re tshwanelwang ke go di itshokela go fitlha Jehofa a diragatsa maikaelelo a gagwe ka lefatshe le motho. Gompieno batho ba le bantsi ba tshela go fitlha ba tsofala fela thata, mme ka jalo batho ba le bantsi ba tlwaelane le makoa a gone. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba iphitlhela ba tshwerwe ke malwetsi a a tshosetsang matshelo a bone kana ba tlhagetswe ke dikotsi kgotsa malwetsi a a golafatsang ba santse ba le bannye. Malwetsi le botsofe di tla nna e ntse e le dikgwetlho tse dikgolo go fitlha lefatshe leno le legologolo le senngwa.
Abo re anaanela balwetsi le batsofe ba rona jang ne ba ba tswelelang pele go re tlhomela sekao se se molemo sa “boichōkō le bopelotelele”! Ee, “re tle re re, go segō ba ba kileñ ba nna ba ichōka.” (Yakobe 5:10, 11) Bontsi jwa batsofe ba rona ba gone jaanong jaana ba sa tlholeng ba na le maatla ba nnile le seabe ka masomesome a dingwaga mo go ruteng, mo go thapiseng le mo go ageng bao gone jaanong ba eteletseng pele mo phuthegong. E bile gape bontsi jwa ba ba tsofetseng bo itumelela go bona bana ba bone ba nna le seabe mo bodiheding jwa nako e e tletseng.—Pesalema 71:17, 18; 3 Yohane 4.
Ka tsela e e tshwanang, re anaanela bangwe ba rona ba ba lwalang thata mme go ntse go le jalo, go sa kgathalesege go boga ga bone, ba ntse ba kgona go re kgothatsa ka boikanyegi jwa bone. Fa ba itshupa ba na le tsholofelo e e sa reketleng seno se nonotsha tumelo e bile se a re kgothatsa. Kagiso ya bone ya mogopolo le go kgotsofala ga bone go senola gore ba na le tumelo e ruri re ka e etsang.
Go garola pelo gore e re ka tshoganyetso fela motho a iphitlhele a tshwerwe ke kankere, go swa mohama kana maemo mangwe a a fetolang botshelo jwa gagwe gotlhelele. Gape, ke selo se se boima mo batsading go bona fela bana ba bone ba lwala kana ba boga morago ga go tlhagelwa ke kotsi. Ke eng se ba bangwe ba ka se dirang go thusa? Motlha ope fela o o ntseng jalo wa bosula ke teko mo bakaulengweng botlhe ba Bakeresete. Ke yone nako ya go supa gore ‘tsala e e ratang motho ke morwa rra motho yo o tsaletsweng motlha wa pitlagano.’ (Diane 17:17) Ka gale ga se botlhe ba ba lwalang le ba ba tsofetseng ba ba ka batlang gore ba ka thusiwa ka namana ke leloko lengwe le lengwe la phuthego. Mme lefa go ntse jalo Jehofa ka moya wa gagwe o dira gore ba le bantsi ba tlhotlheletsege go ba thusa ka ditsela tse di farologaneng. Mme bagolwane ba ka ela dilo tlhoko gore go seka ga nna le yo o tlhaediwang matlho.—Bona Ekesodo 18:17, 18.
Leka go Tlhaloganya
Fa o leka go thusa mongwe, go botlhokwa thata gore o nne le tsela e e molemo ya puisano le ene, mme seno se tlhoka nako, bopelotelele, le go akanyetsa. Fa o thusa, ka tlwaelo fela o eletsa go ‘nonotsha ka mafoko’; lefa go ntse jalo reetsa ka kelotlhoko pele ga o bua sengwe kana o dira sengwe, e seng jalo o tla iphitlhela o le ‘mogomotsi yo o lapisang fela.’—Yobe 16:2, 5.
Ka dinako tse dingwe go ka nna thata ka ba ba lwalang le batsofe go fitlha go bolaisiwa pelo ke dilo ga bone. Ba le bantsi ba bone ba ile ba nna le tsholofelo ya go ipona ba falola sepitla se segolo, mme jaanong ba iphitlhela ba pitlagantswe ke nako ba sa itse gore a ba tla tsamaya ba fenya. E bile maemo ano a bone a a ba lapisa le go ba tlhobaetsa. Ga go bonolo gore motho a ka boloka tumelo ya gagwe e tshela e bile e nonofile, segolo jang fa a sa tlhole a kgona go dira keletso ya pelo ya gagwe ka go nna le seabe se se tletseng mo bodiheding jwa Bokeresete. Mogolwane mongwe wa Mokeresete o ne a etela kgaitsadi yo o godileng; mme fa a ne a rapela, o ne a kopa Jehofa gore a re itshwarele melato ya rona. Morago ga thapelo o ne a lemoga gore kgaitsadi o ne a lela. O ne a tlhalosa gore o ikutlwa a tlhoka boitshwarelo jwa ga Jehofa jo bo kgethegileng ka ntlha ya go bo a sa tlhole a kgona go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Ee, fa motho a ikutlwa a sena bokgoni e bile a tlhaela, lefa gantsi go sena lebaka le le utlwalang la gone, go ka utlwisa pelo ya gagwe botlhoko.
Ela tlhoko gore go tlhobaela le letsapa di ka dira gore motho a amege tlhaloganyo. Ka ntlha ya bokoa jwa botsofe kana kgatelelo ya bolwetsi jo bo koafatsang, motho a ka ikutlwa a latlhilwe ke Jehofa, gongwe a bua gore: “Tota ke dirileng? Ga twe molato wa me ke eng?” Se lebale mafoko a Diane 12:25 a a reng: “Boimèlèsègō mo peduñ ea motho bo tlo bo e inamise: me lehoko ye le molemō le e ipedise.” Leka go dirisa mafoko a a molemo a a ka gomotsang. Jaaka Jobe, bagodi ba ba mo ditlhabing ba ka nna ba bo ba bolela fa go le botoka gore ba swe. Seno ga se a tshwanela go go garola pelo; leka go tlhaloganya. Dingongorego tse di ntseng jalo ga se bosupi jwa gore ga ba na tumelo kana gore ga ba na tshepo. Jobe o ne a rapelela gore a ‘fitlhwe mo bobipong,’ go ntse go le jalo mafoko a a ileng a a bua morago ga ao a supa tumelo ya gagwe e e nonofileng ya gore e ne e tla re moragonyana Jehofa a mo tsose. Tumelo e e nonofileng e kgontsha motho go itshokela dinako tsa tlalelo le go tshwenyega mo maikutlong mme a bo a nna a ntse a atamelane le Jehofa.—Yobe 14:13-15.
Go Tlotla ba ba Lwalang le ba ba Tsofetseng
Go botlhokwa thata gore re supe tlotlo, le seriti mo go ba ba lwalang le ba ba tsofetseng. (Baroma 12:10) O seka wa fela pelo fa o bona ba sa tlhole ba dira dilo ka bofefo kgotsa ba sa tlhole ba dira go le gontsi jaaka pele. O seka wa itlhaganelela go itlhakatlhakanya le dilo tsa bone. Lefa gone re ka tswa re na le maikaelelo a mantle jang, fa re itshwara ka tsela e e supang go batla go ba etelela pele kana go ba laola, seno kwantle ga pelaelo se ka dira gore ba seka ba itshepa. Mo tlhalosong nngwe ya megopolo ya tsa kalafi e e neng ya phasaladiwa ka 1988, modiradipatlisiso mongwe yo o bidiwang Jette Ingerslev, o ne a tlhalosa se setlhopha sengwe sa batho ba dingwaga tse 85 se se tsayang e le selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa bone: “Ba ile ba tlhalosa dilo tse tharo tse ba di tsayang e le tsone di di gogang kwa pele: go nna le balosika; go nna le botsogo jo bo molemo; sa bofelo mme le sone e le sa botlhokwatlhokwa, ke go kgona go itirela ditshwetso ka bobone.” Ela tlhoko gore bomorwa tlhogo ya lotso Jakobe ga ba a ka ba supa go nyatsa maikutlo a gagwe lefa a ne a setse a tsofetse; ba ile ba dira kafa a neng a eletsa ka gone.—Genesise 47:29, 30; 48:17-20.
Batho ba ba lwalang le bone ba tshwanetse ba tshwarwa ka seriti. Mogolwane mongwe o ne a sa tlhole a kgona go bua, go bala le go kwala ka ntlha ya phoso e ba neng ba e dira ka nako ya fa ba ne ba mo ara. Seno e ne e le tatlhegelo e e seng kana ka sepe, mme lefa go ntse jalo bagolwane ka ene ba ne ba swetsa ka gore ba tla dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go dira gore a seka a ikutlwa a sa tlhole a na le mosola. Gone jaanong ba mmalela makwalo otlhe a a kwaletsweng phuthego e bile ba mo kopanyeletsa mo dithulaganyong tse di amang phuthego ya bone. Fa ba le mo pokanong ya bagolwane ba leka thata go utlwa maikutlo a gagwe ka se go buiwang ka sone. Ba mo itsise gore ba santse ba mo leba e le mogolwane jaaka bone le gore ba anaanela go nna gone ga gagwe fela thata. Rotlhe mo phuthegong ya Bokeresete, re ka dira maiteko a gore motho ope fela yo o lwalang kana yo o tsofetseng a seka a ikutlwa a ‘latlhilwe’ kana a tlogetswe.—Pesalema 71:9.
Thuso gore ba Nne ba Nonofile Semoyeng
Rotlhe re tlhoka dijo tsa semoya gore tumelo ya rona e nne e tshela e bile e nonofile. Ke sone seo re kgothalediwang go bala Bibela le dikgatiso tsa Bibela letsatsi le letsatsi le go nna le seabe ka matlhagatlhaga mo dipokanong tsa Bokeresete le mo ditirong tsa go rera. Gantsi ba ba lwalang le ba ba tsofetseng ba tlhoka go thusiwa gore ba kgone go fitlhelela seno, mme go botlhokwa gore re ba thuse fela ka se se tlhokwang ke batho ba seemo sa bone. Se se itumedisang ke gore, bontsi jwa bone ba santse ba kgona go nna gone kwa dipokanong fa ba ka thusiwa ka sepalamo go ya teng le ka dilo dingwe fa ba le kwa Holong ya Bogosi. Go nna gone ga bone jalo kwa dipokanong go kgothatsa phuthego tota. Boitshoko jwa bone bo a rotloetsa e bile bo nonotsha tumelo.
Gantsi batho ba ba lwalang le ba ba tsofetseng le bone ba ka nna le seabe se segolo mo bodiheding jwa Bokeresete. Re ka pega bangwe ba bone mo koloing ya rona gore ba tsamaye le setlhopha sa rona fa re ya go neela bosupi, mme kwantle ga pelaelo ba ka ikutlwa ba lapologetswe fa ba ka bua mo matlong a sekae. Fa seno se sa tlhole se kgonega, ba ka ipelela go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo mo bathong ba ba kopanang le bone. Kgaitsadi mongwe yo o neng a tshwerwe ke kankere o ne a dira tshwetso ya gore o tla dirisa nakonyana epe fela e e setseng ya botshelo jwa gagwe go dira maiteko a a kgethegileng go tsweletsa dikgang tse di molemo pele. Botlhe ba ne ba kgothadiwa ke go rera ga gagwe ka bopelokgale. O ne a ba a dira dithulaganyo tsa phitlho ya gagwe ka tsela e e neng e tla dira gore balosika lwa gagwe ba ba sa dumelang, badirimmogo le ene le baagisani ba kgone go neelwa bosupi ka tsela e e molemo. O ne a dira gore malatsi a gagwe a bofelo e nne a a sa lebalesegeng ka go ititaya sehuba gore o tla bolela tumelo ya gagwe le se a se solofetseng mme ka gone, maemo a gagwe a a sa itumediseng a ne a “[dihalela] bocwèlèlō pele yoa Mahoko a a Molemō bogolo.”—Bafilipi 1:12-14.
Go molemo gore re thuse ba ba lwalang le ba ba tsofetseng gore ba nne ba ntse ba nonofile semoyeng. Malapa mangwe a ka ba laletsa go nna le bone mo dinakong tsa one tsa go ijesa monate, kgotsa ka dinako tse dingwe a ka dira gore a tshwarele dithuto dingwe tsa one tsa lelapa kwa legaeng la mongwe wa ba ba sa kgoneng go ya gope. Mmè mongwe o ne a aga a lere bana ba gagwe ba ba botlana kwa legaeng la kgaitsadi mongwe yo o godileng gore ba ke ba bale Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela mmogo le ene. Seno se ne sa itumedisa kgaitsadi yono yo o godileng, mme le bana ba ne ba itumelela tsela eo a neng a ba kgatlhegela ka yone.
Lefa go ntse jalo, go ka nna le dinako dingwe tse motho yo o sa itekanelang a sa tshwanelwang ke go tshwenngwa thata ka tsone, mme go ka nna molemo thata gore o ne o tla ka sewelo fela go tla go mmalela sengwe a go reeditse. Mme gone, se lebale gore fa mmele wa motho o le bokoa thata mo a ka se kgoneng go tlotla, motho yo o ntseng jalo a ka nna a tswa a santse a tlhoka e bile a eletsa gore a etelwe ka dilo tsa semoya. Re ka rapela le ba ba ntseng jalo, re ba balela sengwe, kana go ba lotlegela maitemogelo mangwe; mme re tshwanetse go ela tlhoko gore re seka ra dula lobaka lo loleele thata go fitlha re ba lapisa.
Go na le mofuta mongwe wa tirelo e e boitshepo o bontsi jwa batho ba ba lwalang le ba ba tsofetseng ba santseng ba ka kgona go o dira: go rapelela batho ba bangwe. Barutwa ba pele ba ne ba gatelela botlhokwa jo bogolo jwa mofuta ono wa bodihedi. Ka nako nngwe ba ne ba aroganya tiro mo phuthegong ka tsela e e neng e ka kgontsha baaposetoloi go tlhoma mogopolo mo go rapeleng. Go buiwa ka Epaferase yo o ikanyegang go twe o ne a ‘tlhoafetse ka metlha yotlhe go umaka batho ba bangwe mo merapelong ya gagwe.’ (Bakolosa 4:12; Ditihō 6:4) Thapelo e e ntseng jalo e botlhokwatlhokwa e bile e mosola.—Luke 2:36-38; Yakobe 5:16.
Jehofa o gopola ba ba lwalang le ba ba tsofetseng mme o a ba tlhokomela mo motlheng wa bosula. Ka tshwanelo o lebeletse gore le rona re bone gore re ka dirang go ba thusa le go ba ema nokeng. Tsela e re supang ka yone gore re amega ka bone e bontsha gore re ititeile dihuba gore re tla nna re ntse re thokgame. Mme re itumelela go gopola mafoko ano a ga Kgosi Dafide a a reng: “Yehofa o itse malatsi a baitekanedi: boshwa yoa bōnè bo tla nna ka bosakhutlèñ.”—Pesalema 37:18.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Go Ba Naya Thuso Ka Botlhale
DITSALA le balosika lwa ba ba lwalang le ba ba tsofetseng ba tshwanetse go nna le kitso ya konokono mme e le e e tshwanetseng ya gore ba ka ba tlhokomela jang. Se segolo go feta, ba ka ba kgothatsa gore ba nne le maikutlo a a molemo ka botshelo, ba ba dire gore ba ikutlwe ba ratwa le go anaanelwa, le go dira gore ba ikutlwe e le batho ba botlhokwa. Ka jalo, ba tla nna ba ntse ba ipelela go direla Jehofa mo botshelong jwa bone go sa kgathalesege makoa le ditlhabi tsa bone. Go ile ga lemotshega gore Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba tshela go fitlha ba tsofala thata. Kwantle ga pelaelo selo se segolo se se dirang gore go nne jalo ke kgatlhego ya mmatota e ba nang le yone mo tsholofelong ya se se ba letetseng kwa pele, seemo sa tlhaloganyo ya bone e e berekang sentle le go nna ga bone le seabe ka mo ba ka kgonang ka teng mo ditirong tse di amanang le Bogosi. Sekao se se phepafetseng sa seno ke sa moswi Frederick W. Franz, yo e neng e le mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, yo o ileng a tlhokafala kwa ntle ga mathata ape a le mo ngwageng wa gagwe wa bo100 morago ga gore a ipelele botshelo jo bo kgotsofatsang.—Bapisa 1 Ditihalō 29:28.
Ka gale fela, go ba tlhokomela ka dilo tsa konokono tsa letsatsi le letsatsi go ka ba thusa fela thata: go nna phepa, go ja dijo tse di tshwanetseng, go nwa diedi tse di lekaneng le letswai le le lekaneng, go itshidila mmele ka selekanyo, go hema moya o o phepa, go sidilwa ka bonolo le go tlotla le bone ka tsela e e kgothatsang. Go ja dijo tse di tshwanetseng go ka dira gore kutlo ya bone, pono ya bone, tsela e tlhaloganyo ya bone e dirang ka yone, tsela e ba ikutlwang ka yone mo mmeleng le tsela e mebele ya bone e tlhabantshanang le malwetsi ka yone di tokafale. Mo bathong ba ba tsofetseng go ja dijo tse di tshwanetseng go ka dira pharologano gareng ga go nna le botsogo jo bo molemo le go nna le bokoa jwa tlhaloganyo jo bo bakwang ke botsofe. O ka nna wa tlhoka gore o tlhophe mofuta mongwe o o ba tshwanetseng wa go itshidila mmele. Kgaitsadi mongwe yo o neng a tlhola a tla go balela kgaitsadi yo mongwe yo o tsofetseng e bile a setse a foufala o ne a simolola loeto lwa gagwe lwa beke le beke le go le digela ka go tantsha go sekae le ene ba dikologa phaposi ya gagwe. Ka gale ba nna ba baakantse setshamekadikhasete le mmino o ba o tlhophileng, mme boobabedi ba ipelela “itshidilo” eno ya bone.
Mo dinageng di le dintsi, mekgatlho e e thusang ka seno e ka naya motho thuso e e molemo le e e dirang le go mo naya tshedimosetso le kgakololo ya kafa a ka dirang ka teng mo maemong mangwe le kafa a ka lepalepanang le one ka teng. (Ke boammaaruri gore Mokeresete o tshwanetse gore ka metlha a ele tlhoko gore a seka a iphitlhela a wetse mo dilong tse di ka mo faposang mo go se totatota e leng bodihedi jwa rona jwa Bokeresete.) Ka dinako tse dingwe ba ka thusa ka dilo tse di jaaka go hirisa bolao jo bo kgonang go isiwa kwa godimo le kwa tlase, dilo tse motho a ka itshegetsang ka tsone, dithobane tse a ka ikokotlelang ka tsone, setulo sa maotwana, dithusakutlo, jalo le jalo. Ereka jaana bagodi ba le bantsi ba ikutlwa gore ga ba tlhoke dilo tseno kana gore ga go thuse sepe go dirisa dilo tseno tsa sesha, gantsi balosika ba tla tshwanelwa ke go ba naya kgakololo e e ka ba thusang kana le eleng gore ba ba pepetletse go di dirisa. Mohubu wa lebati la phaposi ya botlhapelo o o berekang sentle o ka ipedisa motho go na le ngatana ya dithunya.
Go tlhokomela motho yo o tsofetseng go ka ngamola motho tlhogo, segolo jang fa a simolola go koafala tlhaloganyo ka ntlha ya botsofe. Gantsi go koafala tlhaloganyo go tla go sa itemose. Motho a ka leka go go kganela ka go dira gore molwetsi wa gone a seka a nna fela a sa dire sepe. Motho yo o koafalang tlhaloganyo ka ntlha ya botsofe a ka nna a iphitlhela fela a tenwa ke motho yo a kileng a ne a mo rata thata. Balosika ba tshwanetse go tlhaloganya gore motho yo o tsofalang a ka nna a bo a lebala sengwe le sengwe se se amanang le boammaaruri—ditlamorago tse di sa itumediseng tsa go koafala mmele mme eseng bosupi jwa gore ga a tlhole a na le tumelo.
Fa molwetsi a le kwa bookelong kana a le kwa legaeng la tlhokomelo ya ba ba bokoa go botlhokwa gore batho ba ikgolaganye sentle le batlhankedi ba teng e le gore badiredi ba teng ba itse gore ba dire eng malebana le malatsi a matsalo, Keresemose, kana malatsi a mangwe a boikhutso a lefatshe. Fa e le gore go tlhokega gore motho a ariwe, balosika ba ka ba tlhalosetsa le go ba fa bosupi jwa gore molwetsi o ne a ikutlwa jang kaga go tshelwa madi.