LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 9/1 ts. 4-7
  • A Tshireletso ya Mmatota E Teng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tshireletso ya Mmatota E Teng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mofuta wa Kobamelo ya Disetwa
  • Serai sa Masaitseweng
  • Go Ikgolola mo Tumelabotlhoding
  • Go Bona Tshireletso ya Modimo
  • A Dipheko tsa Masego Di Ka Go Sireletsa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Lekeletsa Dilo Tse di Amanang le Masaitsiweng—Kotsi ya Gone ke Eng?
    Tsogang!—2002
  • Tota ke Mang yo o Tlhotlheletsang Ditiro Tsa Masaitseweng?
    Tsogang!—2011
  • Ke Eng se se Phoso ka Tirisabadimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 9/1 ts. 4-7

A Tshireletso ya Mmatota E Teng?

MOKWALADITLHAMO mongwe e bong Ralph Waldo Emerson, o kile a re: “Banna ba ba tswalegileng ba dumela mo masegong . . . Banna ba ba nonofileng ba dumela gore kgato nngwe le nngwe e latelwa ke ditlamorago tsa yone.” Ee, motho yo o dumelang mo maatleng a seselamose a mereo le dipheko tsa masego o ineelela gore botshelo jwa gagwe bo laolwe ke maatla a a sa bonweng. O gana dilo tse di utlwalang le tse di dirwang ka mabaka mme o ineela mo poifong e e senang tlhaloganyo ya tumelabotlhodi.

Lefa go ntse jalo, Bibela e ka golola motho mo poifong eo. E bontsha gore mereo le dipheko ga di na mosola e bile ga di na maatla. E bontsha seo jang? Ee, go ya ka The New Encyclopædia Britannica, “go akanngwa gore mereo e bona maatla go tswa mo dilong tse di amanang le [gareng ga dilo tse dingwe] maatla a tlholego.” Maatla ao e ka nna ‘meya ya baswi’ kana ‘maatla a masego.’ Mme lefa go ntse jalo Bibela e supa ka phepafalo gore baswi “ga ba itse sepè.” (Moreri 9:5) Ka gone, ga go na meya epe ya baswi e e ka thusang kana ya gobatsa batshedi; e bile ga go na maatla ape a a sa bonaleng a a jaaka a masego a a ka go direlang sengwe.

Mo metlheng ya Bibela, Modimo o ne o kgala batho ba ba neng ba mo tlogela, ba ba neng ba lebala thaba ya gagwe e e boitshepo, ‘ba ba baakanyetsang modimo wa Masego lomati lwa bojelo, le ba ba tshelelang modimo wa Ditaola bojalwa jwa mofine jo bo tswaisitsweng.’ Go na le gore batho bao ba ba ratang masego ba sireletsege, ba ne ba nyelediwa. “Ke tla lo neèlèla chaka,” Jehofa Modimo o ne a rialo.—Isaia 65:11, 12.

Morafe wa bogologolo wa Bababelona le one o ne o ikanya tshireletso ya maatla a masaitseweng ka go dira ditiro tsa boselamose. Mme lefa go ntse jalo, Babelona e ne ya welwa ke masetlapelo. “Ganelelang mo mereong ya lona le bontsi jwa ditoo tsa lona,” moperofeti Isaia o ne a gwetlha jalo. “Gongwe di tla lo thusa . . . Nyaa! ga lo na maatla go sa kgathalesege boferefere jwa lona.” (Isaia 47:12, 13, The New English Bible) E ne ya re moragonyana morafe oo wa nyelela gotlhelele. Go ikanya masaitseweng go ne ga itshupa e le ga lefela. Ka tsela e e tshwanang, mereo le dipheko tsa boselamose ga di kake tsa go thusa kana tsa go sireletsa ka gope.

Mofuta wa Kobamelo ya Disetwa

Go ntse go le jalo, batho ba bangwe ba ka nna ba bona go sena kotsi ya sepe mo go tsamayeng ba tshotse legakwa, tlhako ya mmutla, kana mmetale wa bodumedi. A dilo tseno ga se dikgokelo fela tsa mokgabo tse di sa reng sepe? E seng go ya ka Bibela. E bolela gore tota dilo tse di amanang le masaitseweng di kotsi.

Go dirisa mereo ke mofuta wa kobamelo ya disetwa—selo se Lefoko la Modimo le se kgalang ka phepafalo. (Ekesodo 20:4, 5) Ke boammaaruri gore motho a ka nna a se ka a akanya gore o obamela mereo ka tlhamalalo. Lefa go ntse jalo fa motho a na le yone fela a seo ga se supe go sisimoga le go sekamela mo go obameleng maatla a a sa bonweng a masaitsweng? E bile, a ga se boammaaruri gore gantsi dipheko tseno ka botsone di tlhokomelwa thata ka tsela ya go di obamela (e e jaaka go di suna)? Go ntse go le jalo, Bibela mo go 1 Yohane 5:21 e gakolola Bakeresete jaana: “Ikeheñ mo medimoñ ea disètwa.” A seno ga se akaretse dilo tse di tsewang e le dipheko kana mereo?

Serai sa Masaitseweng

Ka go dirisa mereo, batho ba le bantsi ba iphitlhela gape ba wetse mo seraing sa masaitseweng. Ke boammaaruri gore batho bangwe ba ka tsamaya ba tshotse legweka kana mosunkwane wa boselamose thatathata e le ka ntlha ya ngwao e seng ka go bo ba dumela gotlhelele mo go yone. Mme lefa go ntse jalo, fela jaaka go itira jaaka ekete o rata seaka go ka nna ga gogela mo go reng o tshwarwe ke AIDS, go itira jaaka ekete o rata masaitseweng le gone go ka nna ga lere ditlamorago tse di setlang pelo. Go ne go na le lebaka le le utlwalang la gore Modimo o thibele Baiseraele mo maselamoseng, mo boitseanapeng, le mo boleping. Bibela e tlhagisa jaana: “Leha e le mañ eo o dihañ dilō tse, o makgapha mo go Yehofa.”—Duteronome 18:10-14.

Ke ka ntlha yang fa a ne a baya thibelo e e gagametseng jalo? Ke ka gonne maatla a a sa bonaleng a a tlhotlheletsang ditlwaelo tseno ga se meya ya baswi kana maatla a masego mme ke Satane Diabolo le badimona ba gagwe.a Mme go dirisa mereo go amana ka tlhamalalo le kobamelo ya bodimona. Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words e re: “Mo boloing, go dirisiwa ga ditlhare, e ka tswa e le tse di botlhoswana kana tse di maatla, ka kakaretso go ne go dirwa mmogo le meano ya seselamose le go rapela maatla a masaitseweng ka thuso ya mefuta e e farologaneng ya dipheko, mereo, jalo le jalo.”

Ka gone, motho yo o nang le dipheko tsa masaitseweng o inaakanya le tirisabadimo. O itsenya mo kotsing ya go tlhotlhelediwa le go laolwa ke “modimo oa lehatshe yeno”—Satane Diabolo. (2 Bakorintha 4:4) Ka gone, go na le mabaka a a utlwalang a go bo Bibela e re laela gore re tile mekgwa yotlhe ya tirisabadimo.—Bagalatia 5:19-21.

Go Ikgolola mo Tumelabotlhoding

Lefa go ntse jalo, The World Book Encyclopedia e akgela jaana: “Go bonala tumelabotlhodi e tla tswelela e na le seabe mo botshelong fa fela batho ba santse ba tshabana e bile ba sa tlhomamisege ka isagwe.” Lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho ba le bantsi go ikgolola mo dilong tse di kotsi tsa tumelabotlhodi. Mosadi mongwe wa Afrika Borwa o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tshwenngwa ke meya e e bosula, e bile ntlo ya me e ne e tletse ka mere go ntshireletsa kgatlhanong le yone.” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo thusa go lemoga kotsi ya go tshamekela mo masaitseweng. O ne a arabela jang? “Ke ne ka simolola go latlha sengwe le sengwe se ke neng ke na le sone se se amanang le bodimona,” o bolela jalo. “Botsogo jwa me bo ne jwa tokafala. Ke ne ka neela botshelo jwa me mo go direleng Jehofa mme ka kolobediwa.” Jaanong o gololesegile mo tumelabotlhoding le mo tirisabadimong.

Akanya gape ka moepamere wa kwa Nigeria yo o neng a tswakanya tirisabadimo le dilo tsa gagwe tsa go fodisa. Gantsi o ne a tlhola a leleka Basupi ba ga Jehofa fa ba etela kwa legaeng la gagwe ka go ba tshosetsa le go ba hutsa. Nako nngwe o ne a ba a dira mesunkwane e e kgethegileng, a buabua meano ya seselamose mo go yone, a bo a tshela Mosupi mongwe ka yone mo sefatlhegong! O ne a goa ka go re: “Ga go kitla go feta malatsi a le supa o bo o sule!” Morago ga malatsi a le supa Mosupi yono o ne a boa gape, moepamere yono a betsega mo ntlong a ithaya a re o bone sepoko! Morago ga gore boselamose jwa gagwe bo itshupe bo sa thuse sepe, o ne a dumela go ithuta Bibela mme kgabagare ya nna Mosupi ene ka boene.

Le wena o ka kgona go ikgolola mo dikgoleng tsa poifo le tumelabotlhodi. Ke boammaaruri gore seno se ka nna sa se ka sa nna bonolo. Gongwe o goletse mo setsong se go dirisiwang mere le dipheko thata mo go sone. Bakeresete kwa Efeso wa bogologolo ba ne ba lebanwa ke kgwetlho e e tshwanang. Ba ne ba nna mo setsong se se neng se tlhotlhelediwa thata ke tirisabadimo. Ba ne ba dirang morago ga go ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo? Bibela e re: “Le bantsi ba bōnè ba ba dihañ ditihō tsa tseanyo, tse di horañ, ba kgobokanya dikwalō tsa bōnè, ba di hisa ka molelō ha pele ga batho botlhe: me ba bala madi a cōna, me ba hitlhèla a le dipondo di le makgolo a mashomè matlhano.”—Ditihō 19:19.

Go Bona Tshireletso ya Modimo

A ga o ne o sala o sa sireletsega fa o ka itlhotlhora dilo tsotlhe tse di amanang le masaitseweng? Go na le gore go nne jalo, “Modimo ke botshabèlo yoa rona le thata, thushō e e gauhi thata mo tlaleloñ.” (Pesalema 46:1) Tshireletso ya Modimo e tla lemotshega sentle fa a tla bo a nyeletsa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. ‘Jehofa o itse gore a ka golola jang batho ba ba nang le poifomodimo mo ditekong, mme basiamolodi o ba beela letsatsi la katlholo go ba nyeletsa.’—2 Petere 2:9; bapisa Pesalema 37:40.

Lefa go ntse jalo, ‘metlha le bowelo di diragalela batho botlhe.’ (Moreri 9:11) Modimo ga o solofetse Bakeresete gore ba tla tshela botshelo jwa “go sa welwe ke mahutsana” kana gore o tla ba sireletsa mo dikotsing tsotlhe tse di ka ba welang. Lefa go ntse jalo, o solofetsa go sireletsa bomoya jwa rona le kamano ya rona le ene. (Pesalema 91:1-9) Jang? Ntlha ke gore, o re naya melao le melaometheo e e ka re solegelang molemo le go re sireletsa mo tlhotlheletsong e e bosula ya ga Satane. (Isaia 48:17) Ka go nna le kitso kaga ditsela tsa ga Jehofa, ‘kgono ya go akanya e tla re disa, botlhale ka bojone bo tla re sireletsa’—ka sekai, bo re sireletsa mo ditirong tse di senang mosola kana tse di kotsi.—Diane 2:11.

Tsela e nngwe e Modimo o re sireletsang ka yone ke ka go re neela “bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō” ka dinako tsa teko. (2 Bakorintha 4:7) Mme fa go direga gore maemo a batle a fekeetsa Mokeresete, O letla “kagisho ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe” gore e dise pelo le dinonofo tsa gagwe tsa go akanya. (Bafilipi 4:7) Ee, Mokeresete o itlhometse sentle gore a kgone go “ganèla le maanō a a boherehere a ga Diabolo.”—Baefesia 6:11-13.

O ka bona jang tshireletso eo? Simolola ka go monya kitso ka ga Jehofa le ka ga Morwawe e bong Jesu Keresete. (Yohane 17:3) Basupi ba ga Jehofa ba ka dira go le gontsi go go thusa go dira jalo. Fa o ntse o tlhagolela kamano e e lorato le Jehofa, o tla simolola go bona tshireletso ya gagwe ya bopelonomi. Modimo o bolela jaana, jaaka fa re bala mo go Pesalema 91:14: “Ereka a tlhomile loratō loa gagwè mo go nna, ke gōna ka mouō ke tla mo gololañ: ke tla mmaea ha godimo, ka go bo a itsile leina ya me.”

Ruri fa o ka ikanyega mo Modimong, e tla re kgabagare a go segofatse ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le le tlang. Jehofa o netefatsa jaana tebang le ba ba tla bong ba tshela ka nako eo: “Me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.” (Mika 4:4) Bolwetsi le loso di tla bo di sa tlhole di le teng. (Tshenolō 21:4) Lefa go ntse jalo, tota le gone jaanong, o ka kgona go bona tshireletso ka tsela nngwe—fa o ka tlhagolela kamano e e atamalaneng le Jehofa. Jaaka mopesalema, o tla kgona go bua o re: “Thushō ea me e cwa kwa go Yehofa, eo o dihileñ legodimo le lehatshe.”—Pesalema 121:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Gore o bone tshedimosetso e e oketsegileng, bona boroutšhara ya Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Bakeresete ba Efeso ba ne ba nyeletsa sengwe le sengwe se se neng se amana le kobamelo ya masaitseweng

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Mo Bogosing jwa Modimo, poifo ga e kitla e tlhola e nna teng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela