LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 9/1 ts. 3-4
  • A Dipheko tsa Masego Di Ka Go Sireletsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Dipheko tsa Masego Di Ka Go Sireletsa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batlana le Tshireletso
  • Bosenang Tlhomamo jwa Mereo
  • A Tshireletso ya Mmatota E Teng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A O A Gakologelwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Botlhodi—Ke ka Ntlha Yang fa bo Tswelela Pele Jaana?
    Tsogang!—1999
  • A Botshelo Jwa Gago bo Laolwa ke Tumelabotlhodi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 9/1 ts. 3-4

A Dipheko tsa Masego Di Ka Go Sireletsa?

LEGAKWA mo kgetsaneng ya monna wa kwa Brazil. Peni ya masego ya moatleletiki wa kwa Amerika. Sefapaano sa Moitshepi Brigid se se kgwageditsweng mo godimo ga bolao mo legaeng la lelapa lengwe kwa Ireland. Dimilione tsa batho di dirisa dilo tse di ntseng jalo e le dipheko kana mereo ya masego.a Ba dumela gore go nna le dipheko tseo go ka thibela dikotsi mme ga ba leretse masego.

Ka sekai, akanya ka Brazil. Go ya ka makasine o o bidiwang Veja, batho ba le bantsi ba kwa Brazil ba tsamaya ba tshotse “diphatsanyana tsa matlapa le majana a e batlileng e le a a tlhwatlhwakgolo, ao ba reng a na le maatla a go leretse mong wa one masego le maikatlapelo a a a tlhokang.” Ka ntlha ya go tshaba go tlhaetsa maatla a masaitseweng matlho, batho ba bangwe kwa nageng eo ba kgwagetsa meano kana ditemana tsa bodumedi mo dipoteng tsa magae a bone. Batho ba bangwe ba dirisa le eleng Bibela jaaka pheko ya bone e e boitshepo; ba e baya mo ditafoleng tsa bone, ka metlha e butswe mo go Pesalema 91.

Mo borwa jwa Afrika, mere kana melemo ya setso, e dirisiwa ka tsela e e tshwanang, e seng fela ka ntlha ya gore e kgona go fodisa, mme ka gonne batho ba batla gore e ba sireletse kgatlhanong le madimabe. Gantsi batho ba akanya gore malwetsi, loso, mathata a tsa madi, tota le go sa atlege mo go tsa marato di nna teng ka ntlha ya go loiwa ke baba kana ka ntlha ya go bo motho a sa itumedisa badimo. Gantsi mere eno e bonwa kwa moepamereng yo o nnang kwa magaeng, yo o tlhakanyang mesunkwane ya dimela, ditlhare, kana dirwe tsa diphologolo. Lefa go ntse jalo, selo se se gakgamatsang ke gore, mere eno ga e dirisiwe fela ke batho ba kwa magaeng; tlwaelo ya go e dirisa e aname thata mo ditoropong tsa Afrika Borwa. Borrakgwebo le baalogi ba diyunibesithi ke bangwe ba batho ba ba ikaegileng thata ka mere.

Go batlana le masego ke selo se se anameng thata le kwa dinageng tsa Yuropa. Buka ya Studies in Folklife Presented to Emyr Estyn Evans e re itsise jaana: “Ga go na motsana kana toropo epe kwa Ireland e o ka fitlhelang go sa kgwagediwa tlhako ya pitse mo dikgorong kana mo godimo ga dikgoro tsa matlo kana dikago dingwe tsa teng tse di kwa thoko.” Mme se se atileng le go gaisa kwa nageng eo, ke difapaano tse di logilweng ka ditlhatsana tsa rush tse o tla fitlhelang di leketla mo godimo ga malao le dikgoro gore di leretse batho masego. Baeladilotlhoko ba bolela gore, fa o lebile bontsi jwa batho ba Ireland fela, o ka akanya gore ga ba tseele ditiro tseo tsa tumelabotlhodi tlhogong thata. Go ntse go le jalo, ke ba sekae fela mo go bone ba ba di tlhokomologileng gotlhelele.

Go Batlana le Tshireletso

Ke eng se se gogelang batho gore ba ineele jalo mo dilong tseno tsa tumelabotlhodi? Go bonala di kaba phatlha ya konokono e batho ba nang le yone ya go batla go ikutlwa ba sireletsegile. Totatota, ke batho ba le kae ba ba ikutlwang ba sireletsegile mo magaeng a bone, re sa bue sepe ka fa ba tsamaya bosigo mo mebileng? Mo godimo ga moo, go na le go bolawa ke letsapa go go bakwang ke tiro ya go itshedisa le go tlhokomela bana. Ee, re tshela mo nakong e Bibela e e bitsang “nako ya mathata.” (2 Timotheo 3:1, The New English Bible) Ka jalo, go a utlwala gore batho ba bo ba na le keletso e e maatla ya go batla tshireletso.

Seno se ka nna jalo bogolo thata mo ditsong tse mekgwa e e farologaneng ya tirisabadimo le boselamose di tlwaelegileng thata mo go tsone. Go boifa meya e go tsewang gore ke ya baswi kana go boifa go loiwa ke baba, go ka nna ga dira gore motho a fitlhele go sena tsela e nngwe fa e se fela go batla tshireletso mo diphekong kana mo mereong. Go sa kgathalesege seo, The World Book Encyclopedia e akgela jaana: “Bontsi jwa batho bo na le poifo e e ba dirang gore ba ikutlwe ba sa sireletsega. Dilo tsa tumelabotlhodi di ba thusa go fenya poifo eo ka go dira gore ba ikutlwe ba sireletsegile. Di tlhomamisetsa batho gore ba tla bona se ba se batlang gonne ba tla tila mathata.”

Bosenang Tlhomamo jwa Mereo

Ke gone ka moo, batho go ralala lefatshe ba tsamayang ba rwele, ba tshotse e bile ba kgabisa ka dipheko le mereo tsa mefuta le dipopego tse di farologaneng. A mme gone go a utlwala go dumela gore dipheko tse di dirilweng ke motho di ka neela motho tshireletso ya mmatota? Dilo di le dintsi tse di dirisiwang thata jaaka dipheko ke dilo tse di tlhagiswang ka mekgobekgobe ke ba tsa kgwebo. A ga se boeleele le go tlhoka tlhaloganyo go dumela gore selo se se tlamagantsweng kwa feketering se ka nna le maatla a boselamose? Tota le mesunkwane e segolobogolo e dirwang ke moepamere wa kwa magaeng ke metswako fela ya dilo tse di sa reng sepe—medi, ditlhatshana, le tse dingwe. Go ka tla jang gore motswako o o ntseng jalo o nne le maatla a boselamose? Kwa ntle ga moo, a go na le lebaka lepe le le utlwalang la go dumela gore batho ba ba dirisang dipheko ba tshela lobaka lo loleele—kgotsa gore ke batho ba ba itumetseng thata—go feta batho ba ba sa di dirisiseng? A bone batho bano ba ba dirang dipheko ga ba ke ba tsenwa ke bolwetsi ba bo ba swa?

Go na le gore mereo eno le dipheko tse di dirisiwang ka tsela ya tumelabotlhodi di neele batho tshireletso ya mmatota le go dira gore ba ikutlwe ba kgona go laola matshelo a bone, totatota di dira gore ba se ka ba kgona go itebanya le mathata a bone ka botlhale e bile di ba rotloetsa go leba masego e le one fela makgonatsotlhe. Fa motho a ikanya maatla a mereo seo gape se ka dira gore a nne le maikutlo a a mo forang a gore o sireletsegile. Motho yo o mo maibing a tagi a ka iphaka gore ditshikare le dinonofo tsa gagwe di santse di dira ka botlalo, mme fa a ka leka go kgweetsa, go ka direga gore a ikgobatse kana a gobatse batho ba bangwe. Motho yo o bayang tsholofelo ya gagwe mo maatleng a mereo le ene a ka nna a ikgobatsa. Ka ntlha ya maikutlo a a tsietsang a gore o sireletsegile a ka nna a iphitlhela a ipeile mo kotsing ka boelelele kana a dirile ditshwetso tse di seng botlhale.

Fa motho a ikanya maatla a mereo, o ipaya mo dikotsing tse dingwe gape tse dimilione tsa batho ba ba e dirisang ba sa di lemogeng. Dikotsi tseno ke dife, mme a gone go na le tsela e e tshwanetseng e motho a ka kganelang go gobala ka yone? Setlhogo se se latelang se tla itebaganya le dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa “amulet” (moreo) e le “pheko (e e ntseng jaaka mokgabisa) e gantsi e kgwarintsweng ka ditlhaka kana matshwao a seselamose gore e sireletse motho yo o e rweleng kgatlhanong le masula (a a jaaka bolwetsi kgotsa boloi) kana gore e mo thuse.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela