LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 12/15 ts. 30
  • A O A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Dipheko tsa Masego Di Ka Go Sireletsa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke Eng Fa O Tshwanetse go Dumela Fa O le Phoso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A Tshireletso ya Mmatota E Teng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • ‘Aparang Bopelotelele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 12/15 ts. 30

A O A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala ditokololo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go le jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

▫ Batho ba ba lwalang le ba ba godileng mo phuthegong ba ka thusiwa jang gompieno?

Mo phuthegong ya ntlha ya Bokeresete, go ne go dirilwe lenaane la batlholagadi ba ba neng ba tlhoka go thusiwa ka dilo tsa nama. (1 Timotheo 5:9, 10) Le gompieno ka tsela e e tshwanang, mo maemong mangwe bagolwane ba ka dira lenaane la batho ba ba lwalang le ba ba tsofetseng ba ba tlhokang go tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng. Lefa go ntse jalo, ga go a tshwanelwa gore e nne bagolwane fela ba ba dirang seno. Rotlhe mo phuthegong re tshwanetse go ela tlhoko dilo tse di ntseng jalo tse ba di tlhokang. (1 Timotheo 5:4-8)—8/15, ditsebe 28-9.

▫ A polelo ya Bibela ya gore Jona o ne a mediwa ke phologolo ya lewatle ga e boammaaruri?

Nnyaa, leruarua la sepeme kana shaka e kgolo e tshweu e ka kgona go metsa motho. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a tlhomamisa gore kgang ya ga Jona e boammaaruri. (Mathaio 12:39, 40)—8/15, tsebe 32.

▫ Ke dikotsi dife tse di tlisiwang ke mereo le dipheko tse di dirisiwang ka tsela ya tumelabotlhodi?

Go di dirisa totatota go dira gore batho ba se ka ba kgona go rarabolola le mathata a bone ka botlhale e bile di ba rotloetsa go leba masego e le one fela makgonatsotlhe. Gape di dira gore motho a nne le maikutlo a gore o sireletsegile mme go sa nna jalo. Se se botlhokwa le go feta, motho yo o dumelang mo maatleng a seselamose a mereo le dipheko tsa masego a ka neela badimona botshelo jwa gagwe gore ba bo laole.—9/1, tsebe 4.

▫ Ke dikarolo dife tse nne tse di ka thusang gore lenyalo le nnele ruri?

Tseno ke, go iketleetsa go reetsa, go kgona go ikopa maitshwarelo, go kgona go ema mongwe nokeng ka metlha fa a tshwenyegile maikutlo, le keletso ya go ama ka tsela e e supang lorato. (1 Bakorintha 13:4-8; Baefesia 5:33; Yakobe 1:19)—9/1, ditsebe 20.

▫ Jehofa o neela bao ba kopanang le diteko boitshoko ka tsela efe?

Jehofa o dira seno ka dikao tsa ba ba ileng ba itshoka tse di kwadilweng mo Lefokong la gagwe, Bibela. (Baroma 15:4) Fa re ntse re tlhatlhanya ka dilo tseno, di re kgothatsa gore re itshoke mme re ithuta go le gontsi gore re ka kgona jang go itshoka.—9/15, ditsebe 11-12.

▫ Poifomodimo ke eng?

Poifomodimo e raya go boifa Jehofa goo go re tlhotlheletsang go dira dilo tse di mo kgatlhang, lefa re lebane le diteko tse di bokete, gonne re rata Modimo ka pelo yotlhe.—9/15, tsebe 15.

▫ Re tshwanetse go leba jang kutlwelobotlhoko ya Modimo?

Ga re a tshwanela gore le ka motlha re tseye kutlwelobotlhoko e kgolo ya Modimo motlhofo. Re tshwanetse go tshwana le Paulo mme re bontshe kanaanelo ka go lwa ka thata kgatlhanong le makoa a rona. (1 Bakorintha 9:27) Ka tsela eno re tla supa gore, re ntse re na le keletso ya mmatota ya go dira se se molemo lefa gone re lebane le mathata.—10/1, tsebe 23.

▫ Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go bo Paulo a kwadile bopelotelele jaaka karolo ya ntlha mo go supeng lorato?

Go ile ga bolelwa gore Bakeresete ba ne ba ka se ka ba kgona go nna botsalano mo go ba bangwe fa ba ne ba se pelotelele, kana kwantle ga go itshokelana ka bopelotelele. Seno ke ka ntlha ya gore rotlhe ga re a itekanela, mme re leka ba bangwe ka ntlha ya go sa itekanelang ga rona le makoa a rona. Ka jalo, bopelotelele bo tlhokega thata gore bakaulengwe ba kgone go ratana.—10/15, tsebe 21.

▫ A Bakeresete ba pele ba ne ba dirisa leina la Modimo?

Bosupi bo bontsha gore ba ne ba le dirisa. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele Modimo jaana: “Leina ya gago a le itshepisiwè.” (Mathaio 6:9) E bile o ne a rapela jaana kwa bokhutlong jwa bodihedi jwa gagwe: “Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea.” (Yohane 17:6) Mo godimo ga moo, dikopi tsa pele tsa Septuagint di ne di na le leina la Modimo le kwadilwe ka mokgwa wa Tetragrammaton ya Sehebera.—11/1, tsebe 30.

▫ Ke dikao dife tsa Bibela tse di bontshang gore se re se dirang ka diphoso tsa rona se ka ama matshelo a rona?

Kgosi Saulo o ne a gana kgakololo ka botlhogoethata, mme a dira diphoso tse dintsi, mme seno sa felela ka gore a swe a latlhilwe ke Modimo. (1 Samuele 15:17-29) Kafa letlhakoreng je lengwe, le mororo Kgosi Dafide a ne a dirile diphoso, o ne a bontsha gore o ikwatlhaile ka go amogela dikgakololo mme a nna a ntse a ikanyega mo go Jehofa. Dikao tseno tsa Bibela di re bontsha gore fa re dumela gore re dirile diphoso re tla kgona go nna le kamano e e molemo le Modimo mme ka jalo re lebelele go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Pesalema 32:1-5)—11/15, ditsebe 29-30.

▫ Jehofa o thusa batho ba gagwe jang fa ba le mo tlalelong ka ntlha ya masetlapelo a dikotsi tsa tlholego kana ditiragalo dingwe?

Jehofa o a thusa, mme e seng ka go fetola se se dirilweng ke maatla a tlholego ka dikgakgamatso kana ka go dira sengwe se motho a ka se kang a kgona go se dira ka maatla a gagwe mme o dira jalo ka lorato lo e leng maatla mangwe a a rileng a batho ba sa a tlhaloganyeng. Ee, Jehofa ka boammaaruri o rata batho ba gagwe, mme o ba dirile gore ba ratane e leng sengwe se se maatla mo e leng gore se mo kgonisa go dira dilo tse di bonalang e kete ke dikgakgamatso mo go bone. (1 Yohane 4:10-12, 21)—12/1, tsebe 10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela