A Ruri Modimo O A Go Itse?
“Yehofa . . . u tlwaetse mekgwa ea me eotlhe hèla.”—PESALEMA 139:1, 3.
1. Boikutlo jwa gore ‘ba bangwe ga ba tlhaloganye’ matshwenyego, mathata, le dipogisego tse re lebanang le tsone bo aname go le kana kang?
AGO na le mongwe yo o tlhaloganyang matshwenyego, dipogisego, le mathata a gago? Go na le dimilionemilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe, ba bannye le ba bagolo, ba ba senang malapa kana balosika ba ba amegang ka se se ba diragalelang. Le eleng mo teng ga malapa tota, go na le basadi—ee, le banna—ba ba ikutlwang gore bao ba nyalaneng nabo ga ba tlhaloganye dilo tse di ba bogisang tse di ba hutsafatsang. Ka dinako tse dingwe, go tlalelwa go dira gore ba bue jaana ba supa go sa itumele: “Mme gone ga o tlhaloganye!” E bile go na le basha ba bantsi ba ba dirileng tshwetso ya gore le bone ga go na ope yo o ba tlhaloganyang. Lefa go ntse jalo, batho ba go tweng e ile ya re moragonyana ba itse se ba se tshelelang le bone ba gareng ga bao ba ileng ba eletsa e kete ba ka bo ba tlhaloganngwa botoka. Ke ka ntlha yang fa go ntse jaana?
2. Ke eng se se ka thusang baobamedi ba ga Jehofa go tshela ka tsela e e kgotsofatsang thata?
2 Ke ka gonne, lefa batho ba bangwe ba tlhaloganya maikutlo a bone ka botlalo kana ba sa a tlhaloganye, se ba se itseng fela ke gore Modimo o tlhaloganya se se ba diragalelang le gore, jaaka batlhanka ba gagwe, ga ba tlhoke go lebana le mathata a bone ba le nosi. (Pesalema 46:1) Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo, mmogo le thuso ya bagolwane ba Bakeresete ba ba kgonang go lemoga dilo di ba thusa gore ba kgone go leba ka kwa ga mathata a bone. Dikwalo di ba thusa go lemoga gore go botlhokwa thata gore ba dire ka boikanyegi mo matlhong a Modimo le gore ba ba mo ikanyang ba tla bona isagwe e e itumedisang le dilo tse a rulagantseng gore o tla di ba naya ka Jesu Keresete.—Diane 27:11; 2 Bakorintha 4:17, 18.
3, 4. (a) Go itse “ha Yehofa e le èna Modimo” le gore o ‘re dirile’ go ka re thusa jang gore re itumelele go mo direla? (b) Ke eng fa re tlhomamisa thata gore Jehofa o tla re tlhokomela ka lorato?
3 O ka nna wa bo o itse Pesalema 100:2 e e reng: “Dihèlañ Yehofa ka boipelō: tlañ ha pele ga sehatlhōgō sa gagwè ka go ōpèla.” Ke ba bakae bao ruri ba obamelang Jehofa ka tsela eno? Re newa mabaka a a nonofileng tota a gore re dire jalo mo temaneng ya 3, e e re gakololang jaana: “Itseñ ha Yehofa e le èna Modimo; ke èna eo o re dihileñ, me re ba gagwè; re batho ba gagwè, le dinku tsa bohulō yoa gagwè.” Temana ya Sehebera e mmitsa ʼElo·himʹ, ka jalo a supa gore o a galalela, o a tlotlega, e bile o moyamontle go gaisa botlhe. Ke ene fela Modimo wa boammaaruri. (Duteronome 4:39; 7:9; Yohane 17:3) Batlhanka ba one ba itse gore ke Modimo o o ntseng jang, ga ba itse fela dintlha tse ba di rutilweng ka ene mme ba mo itse ka dilo tse di ba diragalelang mme ba go supa ka go mo ikobela, go mo ikanya le go ineela mo go ene.—1 Ditihalō 28:9; Baroma 1:20.
4 Ga go na se Jehofa a sa kgoneng go se bona gonne ke Modimo o o tshelang, o o kgonang go bona le tsone dipelo tsa rona. O itse sengwe le sengwe se se diragalang mo matshelong a rona. O tlhaloganya dilo tse di bakang mathata a re kopanang le one mmogo le go tshwenyega thata mo tlhaloganyong le mo maikutlong goo go bakiwang ke dilo tseno. Jaaka Mmopi, o re itse botoka go feta jaaka re ikitse. Gape o itse gore a ka re thusa jang gore re itshokele maemo a rona e bile o itse gore a ka re golola jang ka bosakhutleng. O tla re thusa ka lorato—jaaka modisa yo o tsholang kwanyana mo sehubeng sa gagwe—jaaka re mo ikanya ka dipelo tsa rona tsotlhe. (Diane 3:5, 6; Isaia 40:10, 11) Re ka kgona go mo ikanya thata fa re ka ithuta Pesalema 139.
Yoo A Bonang Ditsela Tsotlhe tsa Rona
5. Go kaya eng gore Jehofa o a re ‘hukutsa,’ mme ke eng fa go itumedisa?
5 Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana a anaanela tota: “Yehofa, u mphukuditse, me u nkitsile.” (Pesalema 139:1) Dafide o ne a tshepa gore Jehofa o mo itse tota. Modimo o ne a sa lebe Dafide jaaka batho ba ka mo leba, a bona fela popego ya gagwe ya kafa ntle, a lebile fela gore o kgona go bua, kana gore o ne a itse go letsa harepa. (1 Samuele 16:7, 18) Jehofa o ne a ‘hukuditse’ botennye jwa ga Dafide mme o ne a dira jalo ka lorato a amegile ka bomoya jwa gagwe. Fa e le gore o mongwe wa batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa, o go itse sentle fela jaaka a ne a itse Dafide. A seo ga se dire gore o ikutlwe o mo leboga le go mmoifa?
6. Pesalema 139:2, 3 e bontsha jang gore Jehofa o itse sengwe le sengwe se re se dirang, le eleng se re se akanyang?
6 Jehofa o ne a bona ditiro tsotlhe tsa ga Dafide, e bile Dafide o ne a itse seo. “U itse go dula ga me le go nanoga ga me,” mopesalema o ne a kwala jalo. “U tlhaloganyetsa mogopolō oa me kwa kgakala. U hukutsa tselana ea me le go rapama ga me, me u tlwaetse mekgwa ea me eotlhe hèla.” (Pesalema 139:2, 3) Lebaka la gore Jehofa o kwa magodimong, o kgakala le lefatshe, ga le a ka la mo thibela go itse se Dafide a neng a se dira kana se a neng a se akanya. O ne a “tlhaloganyetsa,” kana a tlhatlhoba ka kelotlhoko, ditiro tsotlhe tsa ga Dafide, bosigo le motshegare, gore a di itse.
7. (a) Akgela ka dilo dingwe tse Modimo o di itseng ka matshelo a rona o ikaegile ka ditiragalo tsa botshelo jwa ga Dafide. (b) Go itse seno go tshwanetse ga re ama jang?
7 Jehofa o ne a itse gore fa Dafide a ne a santse a le mmotlana o ne a ithaopela go lwa le Goliathe wa seganka wa Mofilisitia gonne a ne a tlhotlhelediwa ke go bo a rata Modimo e bile a tshepa gore O na le maatla a go mo golola. (1 Samuele 17:32-37, 45-47) Moragonyana, fa letlhoo la batho le ne le dira gore pelo ya ga Dafide e utlwe botlhoko thata, le ka nako ya fa a ne a boga thata mo a neng a lela bosigo, o ne a gomodiwa ke go itse gore Jehofa o ne a utlwa mekokotlelo ya gagwe. (Pesalema 6:6, 9; 55:2-5, 22) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a itse sentle gore Dafide o ne a lala a sa robala pelo ya gagwe e tletse ka boitumelo a leboga Jehofa a tlhatlhanya ka ene. (Pesalema 63:6; bapisa Bafilipi 4:8, 9.) Jehofa o ne a itse gape gore maitsiboa mangwe Dafide o ne a leba mosadi wa moagisani wa gagwe a tlhapa, e bile o ne a bona se Dafide a neng a se dira, fa a ne a letla keletso e e bosula go hupetsa megopolo ya Modimo, lefa e ne e le ka lobakanyana lo lokhutshwane fela. (2 Samuele 11:2-4) Moragonyana, fa moperofeti Nathane a ne a romelwa go ya go bua le Dafide ka boleo jo bogolo jwa gagwe, Jehofa ga a ka a utlwa fela mafoko a a neng a tswa mo molomong wa ga Dafide mme gape o ne a lemoga gore a ne a tswa mo pelong e e tletseng boikwatlhao. (2 Samuele 12:1-14; Pesalema 51:1, 17) A seo ga se a tshwanela go dira gore re akanye ka masisi ka mafelo a re yang kwa go one, se re se dirang le se se leng mo dipelong tsa rona?
8. (a) ‘Mafoko a a mo lolemeng lwa rona’ a ama kafa Modimo o re lebang ka teng ka tsela efe? (b) Re ka tila jang bokoa jo re nang le jone mo go diriseng loleme? (Mathaio 15:18; Luke 6:45)
8 E re ka Modimo o itse sengwe le sengwe se re se dirang, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke go itse gore o itse kafa re dirisang tokololo epe ya mmele wa rona ka teng le eleng le e nnye jaaka loleme. Kgosi Dafide o ne a lemoga seno, a bo a kwala jaana: “Ga go na lehoko lepè mo lolemiñ loa me, ha e se go re, Yehofa o le itse yeotlhe hèla.” (Pesalema 139:4) Dafide o ne a itse sentle gore ba ba neng ba tla letliwa go nna baeng mo motlaaganeng wa ga Jehofa e ne e tla nna batho ba ba sa sebeng ba bangwe ba ba senya le ba ba neng ba sa itetle go tsamaisa dipuonyana tse di monate tsa tshebo tse di neng di tla senya mongwe yo ba mo itseng sentle. Batho ba ba neng ba tla ratiwa ke Jehofa e ne e tlile go nna ba ba buang boammaaruri le eleng mo dipelong tsa bone. (Pesalema 15:1-3; Diane 6:16-19) Ga go na ope mo go rona yo o kgonang go laola loleme lwa gagwe ka botlalo, mme Dafide ga a ka a re o bokoa mme a swetsa gore ga go na sepe se a ka se dirang go tokafatsa boemo jwa gagwe. Gape o ne a tsaya lobaka a tlhama dipina le go baka Jehofa ka go mo opelela dipesalema. O ne a bua ka kgololesego fela gore o tlhoka gore Modimo o mo thuse e bile o ne a rapelela seo. (Pesalema 19:12-14) A tsela e re dirisang loleme lwa rona ka yone le yone e tlhoka go rapelelwa?
9. (a) Tlhaloso e e mo go Pesalema 139:5 e bontsha jang gore Modimo o itse boemo jwa rona ka botlalo? (b) Seno se dira gore re tlhomamise eng?
9 Jehofa o re bona sentle le maemo a rona o a bona sentle. O re bona ka botlalo, go tswa matlhakoreng otlhe. Dafide o ne a kwala jaana a dirisa motsemogolo o o dikaganyeditsweng jaaka sekai: “U mpotile kwa moragō le kwa pele.” Mo go Dafide, Modimo o ne a sa mo dikaganyetsa e le mmaba mo go ene; go na le moo, e ne e le modisa yo o mo tlhokometseng. “U beile seatla sa gago mo go nna,” Dafide o ne a oketsa jalo, ka tsela eo a supa gore Modimo o laola le go sireletsa ba ba mo ratang ka dinako tsotlhe gore ba solegelwe molemo. “Kicō e e nntseñ yalo e nkgakgamatsa bobe; e kwa godimo, ga ke kake ka hitlha kwa go eōna,” Dafide o ne a bua jalo a dumela. (Pesalema 139:5, 6) Modimo o itse batlhanka ba gagwe ka botlalo, o ba itse tota, ka tsela e re sa kgoneng go e tlhaloganya ka botlalo. Mme se re se itseng se lekane gore re ka tshepa gore ruri Jehofa o a re tlhaloganya le gore tsela e a re thusang ka yone ke e e molemo go gaisa.—Isaia 48:17, 18.
Modimo O Ka Re Thusa Gongwe le Gongwe kwa Re Leng Teng
10. Ke boammaaruri bofe jo bo kgothatsang jo bo bolelwang ke tlhaloso e e mo go Pesalema 139:7-12?
10 Mopesalema o tswelela jaana a bolela ka tlhokomelo e e lorato ya ga Jehofa a bua ka yone go tswa mo letlhakoreng le lengwe gape: “Sebōnalō sa gago nka se tshabèla kwa kae?” O ne a sa eletse go tloga fa pele ga ga Jehofa; go na le moo, o ne a itse gore Jehofa o ne a tla itse gongwe le gongwe kwa a ka yang teng, mme o ne a ka kgona go mo thusa ka moya wa gagwe o o boitshepo. “Ha ke tlhatlogèla kwa legodimoñ,” o ne a tswelela jalo, “u bo u le gōna: ha ke ala phatè ea me mo Bobipoñ, bōna, u bo u le gōna hèla. Ha ke tsaea diphuka tsa ka moshō, ke ba ke aga kwa teñ teñ ga dikhutlō tsa lewatlè: Le gōna seatla sa gago se tla bo se nkgōga, le seatla sa gago se segolo se tla nchwara. Ha ke re, Rure lehihi le tla mpipa, le lesedi ye le ntikologileñ le tla nna bosigo: Ye e leñ lehihi ga le gu bipele sepè, me bosigo bo phatsima yaka motshegare; lehihi le lesedi ke mo go chwanañ hèla le lesedi mo go wèna.” (Pesalema 139:7-12) Ga go na gope kwa re ka yang teng, e bile ga go na maemo ape a re ka lebanang nao, a a ka dirang gore Jehofa a se ka a re bona kana koo moya wa gagwe o ka se kang wa fitlha teng gore a re thuse.
11, 12. (a) Le mororo Jona a ne a lebala seno ka nakwana, kgang ya ga Jona e supa jang gore Jehofa o kgona go bona e bile o kgona go thusa? (b) Boitemogelo jwa ga Jona bo tshwanetse jwa re thusa jang?
11 Moperofeti Jona o ne a lebala seo ka nako nngwe. Jehofa o ne a mo romile gore a ye go rerela batho ba Ninife. O ne a akanya gore ga a kake a kgona tiro eo. Gongwe go akanya ka go ya go dira kwa Ninife go ka tswa go ne ga tshosa Jona gonne Baasiria ba ne ba itsege ba le maswe thata. Ka jalo o ne a leka go iphitlha. Fa a le kwa boemakepeng jwa Jopa, o ne a pagama sekepe se se yang kwa Tareshisha (e gantsi go akanngwang gore e kwa Spain, e e bokgakala jo bo fetang dikilometara di le 3 500 kwa bophirima jwa Ninefe). Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a mmona fa a pagama sekepe le fa a ne a ya go robala kwa go bewang dithoto teng. Le gone Modimo o ne a itse koo Jona a neng a le teng fa a ne a latlhelwa kwa ntle ga sekepe moragonyana, e bile Jehofa o ne a utlwa Jona fa a ne a solofetsa a le mo teng ga mpa ya tlhapi e tona gore o ne a tla dira jaaka a solofeditse. Jona o ne a newa tshono ya go dira se a neng a se romilwe fa a sena go busediwa kwa nageng e e omileng.—Yona 1:3, 17; 2:1–3:4.
12 A bo go ka bo go ne ga nna botoka jang ne fa Jona a ka bo a ile a ikanya moya wa ga Jehofa go tloga fela kwa tshimogolong gore o tla mo thusa go dira se a se romilweng! Lefa go ntse jalo, moragonyana Jona o ne a kwala se se neng sa mo diragalela ka boikokobetso, mme seo se ile sa thusa ba bantsi go supa gore ba tshepa Jehofa, sone selo se se neng se lebega se le bokete mo go Jona.—Baroma 15:4.
13. (a) Ke ditiro dife tse Elija a neng a di dirile ka boikanyegi pele a tshaba Kgosigadi Jesebele? (b) Jehofa o ne a thusa Elija jang le eleng ka nako ya fa a ne a ya go iphitlha ka kwa ntle ga naga ya Iseraele?
13 Boitemogelo jwa ga Elija bo ne bo farologane ka tsela nngwe. O ne a ile a ikanyega a isa molaetsa wa ga Jehofa wa gore o ne a tlile go itaya Baiseraele ka komelelo ka ntlha ya maleo a bone. (1 Dikgosi 16:30-33; 17:1) O ne a ile a femela kobamelo ya boammaaruri kwa Thabeng ya Karemela fa go ne go na le kgang fa gare ga Jehofa le Baale. E bile o ne a ile a tswelela ka go bolaya baperofeti ba le 450 ba ga Baale kwa mokgatšheng wa Kishona. Mme fa Kgosigadi Jesebele a ne a ikana a galefile gore o tlile go bolaya Elija, Elija o ne a sia a tswa mo nageng. (1 Dikgosi 18:18-40; 19:1-4) A Jehofa o ne a mo thusa ka nako eo ya fa a ne a le mo mathateng? Ee, eleruri. Fa Elija a ne a ka pagama thaba e e kwa godimo, jaaka e kete o kwa legodimong; fa a ne a ka iphitlha mo legageng le le kafa tlase ga lefatshe, jaaka ekete o mo Sheol; fa a ne a ka tshabela kwa setlhaketlhakeng sengwe se se kwa kgakala ka lobelo lwa lesedi lwa moso fa le phatsimela lefatshe—letsogo la ga Jehofa le ne le tla fitlha gone koo le mo nonotshe le go mo kaela. (Bapisa Baroma 8:38, 39.) E bile Jehofa o ne a nonotsha Elija eseng fela ka go mo naya dijo mo loetong loo lwa gagwe mme gape ka go mmontsha gore maatla a Gagwe a a dira. Fa Elija a sena go nonotshiwa jalo o ne a dira tiro e nngwe gape e a neng a e rongwa ya seperofeti.—1 Dikgosi 19:5-18.
14. (a) Ke eng fa go tla bo go le phoso go swetsa ka go re Modimo o gotlhe? (b) Jehofa o ne a tshegetsa batlhanka ba gagwe ka lorato mo maemong afe mo metlheng eno ya segompieno? (c) Ke eng fa go ka twe Modimo o tla nna le rona le eleng lefa re ka ya kwa Sheol?
14 Boperofeti jo bo mo go Pesalema 139:7-12 ga bo kae gore Modimo o gotlhe, gore o teng ka namana mo mafelong otlhe ka dinako tsotlhe. Dikwalo di bolela ka phepafalo fela gore ga go a nna jalo. (Duteronome 26:15; Bahebera 9:24) Lefa go ntse jalo, batlhanka ba gagwe ga ba ke ba nna kgakala gore a ka ba thusa. Go ntse fela jalo ka bao ditiro tsa bone tsa puso ya Modimo di ba isitseng kwa mafelong a a kwa kgakala. Go ne go ntse fela jalo le ka Basupi ba ba ikanyegang kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Ba-Nazi ka Ntwa ya Lefatshe II, e bile go ne go ntse fela jalo le ka barongwa ba ba neng ba tswaletswe mo kgolegelong ba kgaogantswe le ba bangwe kwa China kwa bofelong jwa bo1950 le kwa tshimologong ya bo1960. Go ne go ntse fela jalo le ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba kwa nageng nngwe e e kwa Afrika Bogare ba ba neng ba tshwanela go nna ba sia mo metseng ya bone, le eleng go sia go tswa mo nageng eo. Fa go tlhokega, Jehofa o kgona go fitlha le mo go yone Sheol, lebitla le le tlwaelegileng, mme a ntshe ba ba ikanyegang mo go lone ka go ba tsosa mo baswing.—Yobe 14:13-15; Luke 20:37, 38.
Yo O Re Tlhaloganyang Eleruri
15. (a) Jehofa o sale a kgona go nna a re bona go tloga leng? (b) Selekanyo se Modimo o re itseng ka sone se supiwa jang ke go umakiwa ga diphilo ke mopesalema?
15 Mopesalema o ne a tlhotlhelediwa gore a re itsise ntlha ya gore Modimo o re itse le pele re tsholwa, a re: “U bopile diphilō tsa me: ua mpipa ke le mo sebopeloñ sa ga mmè. Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ: dia gakgamatsa, ditihō tsa gago: me go mo, mōea oa me oa go itse sentlè.” (Pesalema 139:13, 14) Dijini tsa ga rre tse di kopanang le tsa ga mmè ka nako ya fa re imiwa di logakana ka tsela e e amang selekanyo se re kgonang go dira dilo ka sone le se re kgonang go akanya ka sone. Modimo o tlhaloganya selekanyo seo se re kgonang go dira dilo ka sone. Pesalema eno e umaka diphilo, tse gantsi mo Dikwalong di dirisediwang go emela dinonofo tse di kwa teng tsa botho jwa rona.a (Pesalema 7:9; Yeremia 17:10) Jehofa o sale a itse dilo tseno ka rona pele re tsholwa. Gape ke ene yo a neng a tlhama mmele wa motho ka lorato gore sele e e nontshitsweng e e mo sebopelong sa ga mmè e dire ntlo e e sireletsang lee e le ‘bipa’ fa le ntse le gola.
16. (a) Pesalema 139:15, 16 e gatelela jang gore Modimo o kgona go bona kwa tengteng? (b) Ke eng fa seno se tshwanetse go re kgothatsa?
16 Mopesalema o oketsa jaana fa a gatelela gore Modimo o kgona go bona kwa tengteng: “Popègō ea me ga ea ka ea gu hitlhègèla, yale ka ke dihwa mo bosaitsiweñ, ka ke bopiwa ka maatlametlo kwa tlhatse tlhatse ga lehatshe [seno go lebega e le tsela ya poko e e rayang popelo ya ga mmè mme e umaka le go bopiwa ga ga Adame ka lorole]. Matlhō a gago a na a bōna go nna ga me ke e se ke bopege, me mo lokwaloñ loa gago go no go kwadilwe ditokololō cotlhe tsa me, tse di ne di nntse di [dikarolo tsa mmele] bopiwa ka letsatsi le letsatsi, le morōrō go no go e se go nne epè [karolo nngwe le nngwe ya mmele] ea cōna.” (Pesalema 139:15, 16) Ga go na pelaelo ka seno—lefa batho ba re tlhaloganya kana ba sa re tlhaloganye, Jehofa ene o a re tlhaloganya. Seno se tshwanetse sa re ama jang?
17. Re tlhotlheletsega go dira eng fa re bona ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo?
17 Mokwadi wa Pesalema 139 o ne a dumela gore ditiro tsa Modimo tse a neng a kwala ka tsone di ne di gakgamatsa. A o ikutlwa jalo le wena? Selo se sentlentle se dira gore motho a akanye ka tsela e e boteng kana a reetse ka kelotlhoko. O tshwanetse wa bo o ikutlwa ka tsela eo ka dilo tse o di bonang tse di bopilweng ke Jehofa. (Bapisa Pesalema 8:3, 4, 9.) A o a tle o akanye ka tsela eo le ka se a se dirileng ka go tlhoma Bogosi jwa ga Mesia, ka se a se dirang ka go dira gore mafoko a a molemo a rerwe mo lefatsheng lotlhe, le ka tsela e Lefoko la gagwe le fetolang botho jwa batho ka teng?—Bapisa 1 Petere 1:10-12.
18. Re tla ikutlwa jang fa re lemoga gore ditiro tsa Modimo di a boifisa?
18 A le wena o ikutlwa o boifa fa o akanya ditiro tsa Modimo, go go dirang gore o mmoife tota ka tshwanelo, ka tsela e e nonofileng, mo e bileng go ama botho jwa gago kana tsela e o tshelang ka yone? (Bapisa Pesalema 66:5.) Fa go ntse jalo, pelo ya gago e tshwanetse ya go tlhotlheletsa gore o galaletse Jehofa, o mmake, o bo o iphe sebaka sa go bolelela ba bangwe ka boikaelelo jwa gagwe le dilo tse dintle tse a tlileng go di direla ba ba mo ratang.—Pesalema 145:1-3.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., Bolumo 2, tsebe 150.
O Akgela Jang?
◻ Go itse “ha Yehofa e le èna Modimo” go re thusa jang gore re mo direle re itumetse?
◻ Re tshwanetse go tshela jang fa re itse gore Modimo o itse sengwe le sengwe se re se dirang?
◻ Ke eng fa go kgothatsa jaana go itse gore Modimo o re bona ka dinako tsotlhe?
◻ Ke eng fa Modimo o kgona go re tlhaloganya ka ditsela tse go senang motho ope yo o ka re tlhaloganyang ka tsone?
◻ Ke eng fa thuto e e tshwanang le eno e re dira gore re batle go baka Jehofa?