LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 10/1 ts. 26-28
  • Molaomotheo kana Go Dira Se Batho Ba Se Ratang—O Kaelwa Ke Sefe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molaomotheo kana Go Dira Se Batho Ba Se Ratang—O Kaelwa Ke Sefe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Keletso ya go Batla go na Leloko la Setlhopha
  • Dikgatelelo Tsa Go Batla Go Tshwana le Ba Bangwe
  • Bontsi Jwa Batho Bo Ka Nna Phoso
  • Melaometheo ya Bibela E Botoka
  • Nako ya Fa Botlhe Ba Tla Bo Ba Dira Se Se Siameng
  • Basha ba Bakeresete—Nnang lo Nonofile mo Tumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Batho ba Bantsintsi
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • “Bona! Boidiidi jo Bogolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Gakologelwang Melao-Metheo ya Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 10/1 ts. 26-28

Molaomotheo kana Go Dira Se Batho Ba Se Ratang—O Kaelwa Ke Sefe?

FA Norihito a ne a santse a dira seema sa borataro o ne a nna le seabe mo metshamekong. A sa lebelela, o ne a lebanwa ke go dira tshwetso. Baithuti botlhe ba ne tshwanetse gore ba nne le seabe mo moletlong wa boratanaga. A o ne a tshwanetse go nna le seabe mmogo le baithuti ka ene mo tiragalong e e neng e bonala e tlwaelegile eno?

Norihito o ne a ithutile go tswa mo Bibeleng gore go phoso go kopanela mo kobamelong epe fela go modimo mongwe o sele kwantle ga Jehofa. (Ekesodo 20:4, 5; Mathaio 4:10) Mme gape o ne a itse gore Bakeresete ba tshwanetse gore ba nne ba itlhaotse mo mererong yotlhe ya dipolotiki tsa lefatshe. (Daniele 3:1-30; Yohane 17:16) Ka jalo lefa baithuti ka ene ba ne ba mo tlhotlheletsa gore a kopanele, ka bopelokgale mme a supa tlotlo o ne a ema a tiile mo tshwetsong ya gagwe. Wena o ne o ka bo o dirile eng fa o ne o le mo boemong jo bo tshwanang?

Keletso ya go Batla go na Leloko la Setlhopha

Dikwalo di bontsha gore Modimo o bopile batho gore ba nne botsalano, ba utlwane, mme ba itumelele go dira dilo mmogo. Ke ga tlholego go batla go nna le balekane ba gago, go amogelwa, go nna leloko la setlhopha sengwe. Maikutlo a a ntseng jalo a dira gore botshelo bo nne monate thata mme a dira gore go nne le kagiso le go utlwana fa re dirisana le ba bangwe.—Genesise 2:18; Pesalema 133:1; 1 Petere 3:8.

Keletso eno e re tshotsweng ka yone ya go batla go nna leloko la setlhopha sengwe e supiwa ke tsela e go tshwana le batho ba bangwe go gatelelwang ka teng ke dingwao dingwe le e leng gompieno. Ka sekai, bana ba Bajapane ba thapisiwa ba santse ba le bannye thata gore ba tlhokomele le go dumelana le dilo tse di batlwang ke bontsi jwa batho. Ngwao ya bone e ba ruta gore boikarabelo bongwe jo bogolo jo ba nang le jone ke go dumelana le setšhaba. “Bajapane ke bone ba ba ratang go dira mmogo jaaka setlhopha go na le batho ba Bophirima,” go bolela jalo Edwin Reischauer yo pele e neng e le moemedi wa U.S. kwa Japane e bile e le motho yo o nang le kgatlhego e kgolo ka mekgwa ya Bajapane. O ne a oketsa jaana: “Koo batho ba Bophirima bobotlana ba lekang go dira e kete ba batla boitaolo le go nna ba le nosi, Bajapane ba le bantsi ba nna ba kgotsofetse fela go apara ka go tshwana, go itshwara ka tsela e e tshwanang, go tshela ka tsela e e tshwanang, le e leng go akanya ka tsela e go tlwaelegileng ka yone mo setlhopheng sa bone.” Lefa go ntse jalo, ga se Bajapane fela ba ba eletsang go tshwana le ba bangwe. Ke selo se se leng teng mo lefatsheng lotlhe.

Dikgatelelo Tsa Go Batla Go Tshwana le Ba Bangwe

Le mororo e le selo se se itumedisang gore motho a dire gotlhe mo a go kgonang gore a utlwane le ba bangwe, go diphatsa go dumalana fela le selo ka go bo ba bangwe ba se rata. Ka ntlha yang? Ke ka go bo selo se batho ba se ratang se farologane le se Modimo o se amogelang. “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhase ga eo o boshula,” Bibela e re bolela jalo. (1 Yohane 5:19) Satane ka boferere o dirisa sengwe le sengwe se a ka kgonang go se dirisa—dilo tse di bonalang, boitsholo jwa maemo a a kwa tlase, bomorafe, go tlhaolana ga bodumedi, boratanaga, jalo le jalo—go tlhotlheletsa batho le go ba faposa mo Modimong. Mme tota, go dumela go dira dilo tse di ntseng jalo, go tla dira gore motho a nne kgatlhanong le Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe. Ke ka ntlha ya moo Bakeresete ba gakololwang jaana: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.”—Baroma 12:2.

Go tshela mo tsamaisong eno ya dilo go dira gore gangwe le gape Bakeresete ba lebane le kgatelelo ya go dumela go dira dilo tse di ratwang ke batho. Basha ke bone segolobogolo ba tlhaselwang bonolo ke seno. Keletso ya go batla go tshwana le go itshwara jaaka balekane ba bone ba sekolo e nonofile thata mo go bone. Ba tlhoka go nna le bopelokgale tota gore ba tle ba kgone go ka tlhalosetsa bankana ba bone gore ke ka ntlha yang fa ba sa nne le seabe mo dilong tse di rileng. Lefa go ntse jalo, go palelwa go ikemela go tla dira gore ba wela mo kotsing ya semoya.—Diane 24:1, 19, 20.

Batho ba ba godileng le bone ba lebana le dikgatelelo tse di ntseng jalo kwa tirong. Go ka nna ga lebelelwa gore ba nne le seabe mo ditirong dingwe tsa botsalano morago tiro kana ka malatsi a a rileng a boikhutso. Fa ba gana go ineela ba ka nna ba bonala jaaka batho ba ba ikgogonang e bile ba sa dirisane mmogo le ba bangwe, mme seno se dira gore maemo a nne boima kwa tirong. Batho ba bangwe ba ka nna ba ikutlwa ba patelesega go dira diura tse di telele ba dira morago ga nako e le fela ka go bo ba bangwe ba go dira e bile go lebeletswe gore le bone ba go dire. Go ineela mo dikgannyeng tse di ntseng jalo go tla ba gobatsa semoyeng mme e bile gape go tla ba thibela gore ba se ka ba fitlhelela maikarabelo a bone a mangwe.—1 Bakorintha 15:33; 1 Timotheo 6:6-8.

Dikgatelelo tsa go ineela go dira se se ratwang ke ba bangwe di teng lefa e se kwa sekolong kana kwa tirong. Mmè mongwe wa Mokeresete o ne a bolela gore mo lekgetlhong lengwe o ne a se ka a otlhaya ngwana wa gagwe, le mororo gone a ne a tlhoka go otlhaiwa tota, ka gore o ne a akanya gore bommamalapa ba bangwe ba ba neng ba le teng ba ne ba se kitla ba dumalana le seo.—Diane 29:15, 17.

Bontsi Jwa Batho Bo Ka Nna Phoso

Bibela e re neela kgakololo e e tlhamaletseng malebana le go dira se se dirwang ke bontsi jwa batho. Ka sekai, morafe wa Iseraele o ne wa bolelelwa jaana: “U se ka ua sala bontsi moragō mo go diheñ boshula; le gōna u se ka ua shupa kaga se se ganèlwañ ua sala bontsi moragō go haposa katlholō.” (Ekesodo 23:2; bapisa Baroma 6:16.) Kgakololo eno e ne e sa tshegediwe ka metlha. Ka lekgetlho lengwe, moragonyana fela fa ba sena go tloga kwa Egepeto, ka nako ya fa Moshe a ne a seyo, batho bangwe ba ne ba tlhotlheletsa Arone le batho gore ba dire namane ya gauta le go e obamela ka “modihō oa ga Yehofa.” Batho ba ne ba ja ba nwa mme ba ijesa monate ka go opela le go bina ba ntse ba ntshetsa namane eno ya gauta ditlhabelo. Ka ntlha ya ditiro tse di boikepo tseno le kobamelo ya medimo ya disetwa, go ne ga bolawa batlhotlheletsi ba ba ka nnang 3 000. Mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a hutsa ba bantsi ba batho ba bangwe ka ntlha ya gore ba ne ba latela bontsi jwa batho ba sa ikakanyetse.—Ekesodo 32:1-35.

Lekgetlho le lengwe leo mo go lone go latela bontsi jwa batho go neng ga nna le diphelelo tse di bosula e e ne e le ka lekgolo la ntlha la dingwaga malebana le loso lwa ga Jesu Keresete. Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke baeteledipele ba bodumedi ba ba lefufa, batho ba bantsi ba ne ba kopanela mo go goeletseng gore Jesu a bolawe. (Mareko 15:11) Fa Petere a ba lemotsha phoso e kgolo e ba e dirileng ka Pentekosete morago ga fa Jesu a sena go tsosiwa le go tlhatlogela kwa legodimong, ba bantsi ba ne ba “tlhabèga mo peduñ” mme ba lemoga gore ba dirile eng ka ntlha ya go latela bontsi jwa batho.—Ditihō 2:36, 37.

Melaometheo ya Bibela E Botoka

Jaaka fa dipego tseno di supa ka phepafalo, go dira se se ratwang ke batho kwantle ga go akanya go ka nna le diphelelo tse di masisi. A bo go le botoka jang ne go latela se Bibela e se bolelang mme re bo re dira gore melaometheo ya yone e nne yone e kaelang matshelo a rona! “Yaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lehatshe, yalo mekgwa ea me e kwa godimo bogolo go mekgwa ea lona, le megopolō ea me bogolo go megopolō ea lona,” Jehofa o bolela jalo. (Isaia 55:9) Mo dikgannyeng tsa boitsholo le go dirisana le batho—totatota, mo ditshwetsong tsotlhe tse di dirang mo botshelong—go ile ga bonala gangwe le gape gore go latela ditsela tsa ga Jehofa go botoka thata go na le go dira dilo tse di ratwang ke batho. Ke tsela ya go bona botshelo jo bo itumedisang go gaisa le jo bo molemo bogolo.

Ka sekai, akanya ka maitemogelo a ga Kazuya. Le mororo a ne a kile a ithuta Bibela ka sebaka sa nako e e rileng, o ne a tswelela pele a ntse a latela tsela ya go batla go tuma—a dira ka natla gore a hume le go atlega. Maiteko a gagwe a go batla ga itumedisa batho ba ba kwa godimo ga gagwe le go batla gore a ratwe ke badiri mmogo le ene go ne ga dira gore a nne a ye meletlong e mo go yone go nowang bojalwa go fitlha phakela mo mosong. O ne a nna sebeto, a le motho yo o tshwenyang, e bile a tena. Tsela eno ya gagwe ya go tshela ka go dira dilo ka go feteletsa e ne ya dira gore a itewe ke setorouko, se se neng sa dira gore a swe mohama. Fa a ntse a robetse kwa kokelong a ntse a fola, o ne a nna le nako ya gore a akanye ka dilo tse a di ithutileng mo Bibeleng le ka tsela e a tshelang ka yone. O ne a swetsa ka gore ke nako ya gore a dirise dilo tse a di ithutileng. O ne a tlogela boemo jwa gagwe jwa go nna motsamaisi mme a fetola le ditsala tsa gagwe. Mme gape o ne a dira maiteko a magolo a go apara botho jwa Bokeresete le go fetola pono ya gagwe ka dilo tse di bonalang. O ne a fetoga mo go se a neng a le sone pele, mme le botsogo jwa gagwe bo ne jwa nna botoka. Kgabagare, o ne a ineela mo go Jehofa mme a kolobediwa.

Gore motho a tle a kgone go ka latela tsela e e sa ratweng ke batho ba bangwe, motho o tshwanetse gore a bo a itse gore melaometheo ya gone e akaretsa eng mme o tshwanetse wa bo o dumela tota gore e siame. Se se neng sa diragalela Masaru se supa fa seno se le boammaaruri. Fa a ne a dira seema sa borataro kwa sekolong sa poraimari, baithuti mmogo le ene ba ne ba mo tlhopha gore a nne mongwe wa ba ba tla tlhophiwang go nna poresidente ya lekgotla la baithuti. Ka ditlhonnyana o gakologelwa fa a ne a palelwa ke go tlhalosetsa baithuti mmogo le ene gore ke eng fa a ne a se ka a kgona go amogela boemo jwa sepolotiki, ka go bo a ne a sa tlhaloganye ka botlalo gore melametheo ya Bibela e akaretsa eng. Go boifa batho go ne ga dira gore a se ka a ipolela gore ke Mokeresete. Se a neng a kgona fela go se dira e ne e le go tsenya tlhogo mme a ntse a boeletsa a re “Nka se kgone,” a ntse a lela.

Boitemogelo jo bo botlhoko jono bo ne jwa dira gore a batlisise gore ke eng fa Mokeresete a sa tshwanela go kopanela mo dilong tsa sepolotiki. (Bapisa Yohane 6:15.) Moragonyana, fa a ne a le kwa sekolong se segolwane, o ne a kopana le boemo jo bo tshwanang. Lefa go ntse jalo, mo lekgetlhong leno, o ne a ikemiseditse go tlhalosetsa morutabana wa gagwe ka boemo jwa gagwe. Morutabana wa gagwe o ne a amogela tlhaloso ya gagwe mmogo le baithuti bangwe mmogo le ene bao ba neng ba mmotsa ka dilo tse a di dumelang tse di thailweng mo Bibeleng.

Nako ya Fa Botlhe Ba Tla Bo Ba Dira Se Se Siameng

Mo lefatsheng le lesha le le tlang le le tla bong le busiwa ke Keresete, selo se batho ba ratang go se dira e tla bo e le selo se se siameng go se dira. Go fitlha nako eo e tla, re tla tshwanela gore re nne re itise kgatlhanong le tlhotlheletso ya go ineela go dira se batho ba ratang gore re se dire. Re ka kgothadiwa ke kgothatso ya ga Paulo e e reng: “Ereka re dikaganyedicwe ke boididi yo bo kalo kalo yoa bashupi, a le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo yo bo bohehō go re rareètsa, me a re sianeñ ka bopelotelele tshiano e re e beilweñ pele.”—Bahebera 12:1.

Fa o lebana le mathata le dikgwetlho, o tla dira jang? A o tla ineela ka ntlha ya go boifa batho mme o bo o ineela go dira se batho ba se ratang? Kana a o tla ya kwa Lefokong la Modimo eleng Bibela, mme o latela melaometheo ya yone? Fa o dira seno ga o kitla o solegelwa molemo fela mme gape o tla nna le tebelelo ya go nna gare ga ba “ba ruileñ dipolèlō tsa choloheco ka tumèlō le ka bopelotelele.”—Bahebera 6:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela