LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 1/1 ts. 28-31
  • Ke Ne Ka Bona Khumo ya Boleng Jo Bo kwa Godimo Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ne Ka Bona Khumo ya Boleng Jo Bo kwa Godimo Thata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo Jwa Lelapa La Gaetsho
  • Go Bona Khumo ya Mmatota
  • Maeto a go Rera Mmogo le Rre
  • Go Lebana le Diteko Tse Di Farologaneng
  • Bodihedi kwa Adelaide
  • Thuto ya Botshelo Jotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ke Nosi Mme ga Ke Ise Ke Tsamaye ke Latlhiwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Tsamaya mo Dikgatong Tsa Batsadi ba Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 1/1 ts. 28-31

Ke Ne Ka Bona Khumo ya Boleng Jo Bo kwa Godimo Thata

JAAKA E BOLETSWE KE FLORENCE WIDDOWSON

Fa letsatsi le ela go phirima, re ne ra swetsa ka gore re thibelele gaufi le letshanatswai. Ga se lefelo le le siameng gore basadi ba babedi ba ka thibelela mo go lone, mme lefa go ntse jalo, re ne ra akanya gore go tla siama fa re dira jalo bosigo bo le bongwe fela. Fa ke ntse ke tlhoma tente, Marjorie o ne a re apeela dijo tsa maitseboa.

KE NE ke sa tswa go fetsa go kokotela lomapo lwa bofelo lwa tente fa ke bona sengwe se tsikhinyega gaufi le thito e ntsho ya setlhare. “A o bone thito ele e tsikhinyega?” ka goeletsa Marjorie.

“Nnyaa,” a araba jalo, a akabetse go sekaenyana.

“Mme gone, e ne e tshikinyega tota,” ka tlhaeletsa jalo. “Mphe ketlele!”

Ke ne ka tsaya ketlele le selepe se ke neng ka se akga mo legetleng, mme ka ya kwa letshanatswaing. Fa ke setse ke lebagane le thito, go ne ga tlhaga monna mongwe kafa morago ga sone!

“A metsi a a mo letshanatswaing leno a ka nowa?” ka kgona go ntsha mafoko ao ke kokwaetsa.

“Nnyaa, ga a siama,” a araba jalo ka lentswe le le kima, “mme fa o batla metsi a go nwa nka go a tlela.”

Ke ne ka gana seo ka bonako, mme ke ne ka wela makgwafo fa a retologa a tsamaya. Ke ne ka itlhaganelela go boela morago ke tshogile mme ka fitlha ka bolelela Marjorie gore go diragetseng. Re ne ra rutlolola tente ka bonako, ra phutha dilwana mme ra tsamaya. Moragonyana ga foo re ne ra utlwa gore monna yoo o ne a sa tswa go gololwa kwa kgolegelong.

Le mororo batho ba ba batlang dikhumo gantsi ba ne ba tle ba thibelele gone foo mo meepong ya gauta kwa Australia ka bo1937, rona re ne re batla mofuta o o farologaneng wa dikhumo. Re ne re batla batho ba ba leng tlhwatlhwakgolo mo Modimong.

Botshelo Jwa Lelapa La Gaetsho

Dingwaga tse di lekgolo tse di fetileng, rre e ne e le mothudi wa ditshipi mo motsaneng o monnye o o bidiwang Porepunkah mo nageng ya Victoria. Ke ne ke tsholetswe koo ka 1895, mme ke godile le bonkgonne ba le bane re nna gaufi le Noka ya Ovens, fa dikgatong tsa Thaba ya Buffalo. Batsadi ba me e ne e le maloko a Kereke ya Union a a neng a nna teng ka metlha kwa kerekeng, mme nna ke ne ke tsena sekolo sa Sontaga, se rre e neng e le mookamedi wa sone.

Ka 1909, ka nako ya setsuatsue se segolo pelo ya ga Mmè e ne ya ema mme a swela mo matsogong a ga rre. Morago ga foo, mo masimologong a 1914, mongwe wa bonkgonne o ne a tswa mo gae, mme morago ga diura di sekae moragonyana ga foo, o ne a busediwa gae—a sule. O ne a ipolaile. Re ne ra hutsafadiwa le go gaisa ke thuto ya kereke ya gore o ne a ya diheleng, ka go bo go ne go bolelwa fa go ipolaya e le boleo jo bo sa itshwarelweng.

Moragonyana mo go one ngwaga oo Ntwa ya Lefatshe ya I e ne ya tlhagoga, mme bonkgonne ba babedi ba ne ba ikwadisa go ya go direla kwa moseja. Dikgang tse di tshosang tsa tshololo ya madi le pogo, di ne tsa re tlhotlheletsa rona makgarebe a le marataro mmogo le rre gore re simolole go ithuta buka ya Bibela ya Yohane.

Go Bona Khumo ya Mmatota

Ellen Hudson o ne a na le kopi ya buka ya The Time Is at Hand, e e neng e kwadilwe ke Charles Taze Russell. Tlhoafalo ya gagwe ka yone e ne ya re tlhotlheletsa rotlhe mo setlhopheng. Fa a lemoga gore buka eno ke nngwe fela ya dibolumo tse thataro tse di latelanang tse di nang le setlhogo se se reng Studies in the Scriptures, o ne a kwalela Lekgotla la Merafe Yotlhe la Baithuti Ba Bibela kwa Melbourne mme a kopa sete yotlhe ya dibuka tseo. Re ne ra dumalana mo setlhopheng sa rona gore re tla dirisa bolumo ya ntlha ya The Divine Plan of the Ages, mo dithutong tsa rona tsa beke le beke.

Akanya fela ka moo nna le Rre re ileng ra itumela ka gone fa re lemoga gore ga go na dihele tse di tukang. Re ne re sa tlhole re boifa gore nkgonne o tla nnela ruri mo molelong wa dihele. Re ne ra ithuta boammaaruri jwa gore baswi ga ba utlwe sepe, fela jaaka e kete ba robetse, mme ga ba tshele golo gongwe moo ba tlhokofadiwang gone. (Moreri 9:5, 10; Yohane 11:11-14) Bangwe mo setlhopheng sa rona sa thuto ya Bibela ba ne ba swetsa ka gore ba tla ya go rerela baagisani kaga boammaaruri jo re neng re bo ithuta. Re ne re tsamaya ka dinao go ya mo matlong a a gaufi, mme re dirisa dibaesekele le kara ya maotwana a mabedi e e gogwang ke pitse go ya kwa bathong ba ba nnang kwa magaeng.

Lekgetlo la ntlha fa ke ya go neela bosupi ka ntlo le ntlo e ne e le ka Letsatsi la Peomarumofatshe, ka November 11, 1918. Ba le bararo mo setlhopheng sa thuto ya rona ba ne ba tsamaya sekgala sa dikilometara di le 80 go ya kwa motseng wa Wangaratta go ya go anamisa pampitshana ya Peoples Pulpit. Dingwaga di sekae morago ga foo, fa ke ne ke ntse ke le kwa kabelong ya me ya go rera kwa go lengwe la mafelo a a kwa thoko, go ne ga diragala se se umakilweng kwa tshimologong.

Ka 1919, ke ne ka ya kwa kopanong ya Baithuti ba Bibela kwa Melbourne. Fa ke le koo ka April 22, 1919, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. Moletlo ono wa semoya o ne wa dira gore ke anaanele khumo ya semoya ya Bogosi jwa legodimo mmogo le phuthego ya ga Jehofa ya selefatshe thata.—Mathaio 13:44.

Ga ke a ka ka boela gae morago ga kopano mme ke ne ka dumela go tsamaya le Jane Nicholson yo e neng e le moreri wa nako e e tletseng, go ya go rera sebaka sa kgwedi. Kabelo ya rona e ne e le go ya go dira kwa dipolaseng le kwa mafelong a go ruilweng dikgomo mo go one gaufi le Noka ya King. Dingwaga di sekaenyana fela pele ga foo lefelo le le tletseng dithaba leno le ne la dirisediwa go dira filime ya The Man From Snowy River.

Ka 1921 re ne ra amogela buka e e molemo thata ya go ithuta Bibela ya The Harp of God. Fa Rre a ne a simolola go e dirisa mo dithutong tsa tlelase ya gagwe ya sekolo sa Sontaga, batsadi ba bantsi ba ne ba nna kgatlhanong le seo mme ba mo kopa gore a tlogele go tlhola a ruta. O ne a dira jalo ka bonako. Moragonyana re ne ra amogela bukana ya Hell, e e neng e na le setlhogo se se kgatlhang sa dipotso tseno, “Dihele Ke Eng? Go Na Le Bomang Teng? A Ba Ka Kgona go Tswa Koo?” Rre o ne a itumelela thata bosupi jo bo phepafetseng jwa Bibela jo bo neelwang mo bukeng eno malebana le kgang eno mo e leng gore ka bonako fela o ne a simolola go anamisa dikopi tsa yone ka ntlo le ntlo. O ne a tsamaisa makgolokgolo a tsone mo motsaneng wa rona le kwa magaeng a a gaufi.

Maeto a go Rera Mmogo le Rre

Kgabagare, Rre o ne a reka koloi gore re tle re kgone go ya kwa bathong ba ba kwa mafelong a mangwe ka molaetsa wa Bogosi. E re ka e ne e le mothudi wa ditshipi, o ne a tlwaetse dipitse thata, ka jalo e ne ya nna nna ke kgweetsang koloi. Pele re ne re a tle re robale kwa dihoteleng. Morago ga nakwana re ne ra bona seno se tura mme ra simolola go tsamaya re thibelela kwa nageng.

Rre o ne a baakanya setulo sa kwa pele sa koloi gore se rapalale fa fatshe gore ke tle ke kgone go robala mo koloing. Re ne ra tlhomela Rre tente e nnye gore a robale mo go yone. Morago ga go thibelela kwa nageng dibeke di sekae, re ne ra boela kwa Porepunkah, koo Ntate a ileng a bula lebenkele la gagwe la go thula ditshipi gape. Re ne re gakgamala ka metlha go bona bareki ba bantsi ba duela melato ya bone gore re tle re kgone go ka duelela ditshenyegelo tsa loeto lwa rona lo lo latelang lwa go rera.

Batho ba bantsi ba ba neng ba leba dilo sentle ba ne ba arabela sentle fa re ntse re ba etela mme kgabagare ba amogela dithuto tsa magae tsa Bibela. Mo lefelong le setlhophanyana sa rona se se tswang kwa Porepunkah se simolotseng go direla kwa go lone go setse go na le diphuthego tse supa tse di nang le Diholo tsa tsone tsa Bogosi. Tota gone, ke mang yo o ka nyatsang “motlha oa dilō tse di pōtlana”?—Sekaria 4:10.

Ka 1931, nna le Rre re ne ra tsamaya mo e ka nnang dikilometara di le 300 mo ditseleng tse di maswe go ya pokanong e e kgethegileng koo re neng ra amogela leina le lesha la “Basupi ba ga Jehofa.” Ka bobedi jwa rona re ne ra itumelela leina leno le le sa tshwaneng le lepe le le tswang mo Dikwalong. (Isaia 43:10-12) Le ne le re tlhalosa botoka go gaisa leina la “Baithuti ba Bibela Ba Meraferafe,” le le neng le sa re tlhaole sentle le re neng re itsiwe ka lone go fitlha ka nako eo.

Letsatsi lengwe fa ke ntse ke neela bosupi kwa motseng wa Bethanga, ke ne ka kopana le moruti wa Church of England. O ne a galefa thata mme a simolola go tsamaya gotlhe mo re tsamaisitseng dibuka gone, a batla gore batho ba mo fe dibuka tsa bone. Morago ga foo o ne a fisa dibuka phatlalatsa mo gare ga motse. Mme lonyatso lwa gagwe lo ile lwa utlwisa ene ka boene botlhoko.

Morago ga gore ke itsise ofise ya lekala ya Mokgatlho ka se se diragetseng, go ne ga gatisiwa lekwalo la boikuelo le le neng le tla balwa ke setšhaba le le neng le nyatsa se moruti yono a neng a se dirile. Mo godimo ga moo go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore Basupi ba ba tletseng mo dikoloing ba anamise lekwalo leo mo kgaolong eo yotlhe. Moragonyana ga moo, fa nna le Rre re boa re etela motse oo gape, re ne ra tsamaisa dibuka tse dintsi go gaisa pele. Batho ba motse ba ne ba batla go itse gore dibuka tse di “thibetsweng” tseno di na le eng!

Motho wa ntlha yo o neng a amogela boammaaruri jwa Bibela kwa bokonebotlhaba jwa Victoria yo re neng re mo reretse, e ne e le Milton Gibb. Ka nako ya fa re ntse re mo etela o ne a ithuta ka botlalo dikgatiso tsotlhe tsa Mokgatlho tse re neng re di mo tlogelela. Ka lekgetlo lengwe fa re boetse kwa go ene, o ne a re gakgamatsa ka go bolela jaana: “Ke mongwe wa barutwa ba lona jaanong.”

Le mororo tshwetso ya gagwe e ne e intumedisa, ke ne ka mo tlhalosetsa jaana: “Nnyaa, Milton. O ka se ka wa nna mongwe wa barutwa ba me.”

“Fa go le jalo he, ke mongwe wa barutwa ba ga Rutherford [yo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo].”

Ke ne ka boa ke akgela jaana gape: “Nnyaa, le e seng mongwe wa barutwa ba ga Rutherford, mme ke solofela gore o mongwe wa barutwa ba ga Keresete.”

Milton Gibb o ne a itshupa e le mongwe wa dikhumo tse di tlhwatlhwakgolo yo ke ileng ka dirisa dingwaga di le dintsi ke ntse ke mmatla. Ene le barwa ba gagwe ba babedi ke bagolwane ba Bakeresete, mme maloko a mangwe a lelapa la gagwe a kgothetse mo phuthegong.

Go Lebana le Diteko Tse Di Farologaneng

Le mororo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa kwa Australia ka January 1941, re ne ra tswelela pele re rera, re dirisa Bibela fela. Morago ga moo, tiro ya me ya bobulatsela, kana bodihedi jwa nako e e tletseng e ne ya kgorelediwa fa ke ne ke bilediwa gae go ya go tlhokomela rre yo o neng a lwala thata. Moragonyana ga moo, le nna ke ne ka lwala mme go ne ga tlhokega gore ke ariwe. Go ne ga tsaya nako gore ke fole, mme lefa go ntse jalo, ke ne ka bona tsholofetso ya Modimo e e bolelang jaana e le boammaaruri: “Ga nketla ke gu tlhōkahalèla gopè, le gōna ga nketla ke gu latlha gopè.” (Bahebera 13:5) Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ne a nkgomotsa jaana: “Flo, gakologelwa gore, le ka motlha o ka se ka wa nna o le esi. Mme wena le Jehofa lo dira mophato o mogolo.”

Morago ga moo, go ne ga latela bolwetsi jwa bofelo jwa ga rre jwa dibeke di le 13. Ka July 26, 1946, o ne a tlhokafala. O ne a tshetse botshelo jo bo itumetseng, mme o ne a na le tsholofelo ya selegodimo. (Bafilipi 3:14) Ka jalo, fa ke le dingwaga di le 51, morago ga gore ke nne le Rre mo e ka nnang dingwaga tsa me tsa bosha tsotlhe, ke ne ke setse ke le nosi. Ke ne ka kopana le yo e neng e tla nna monna wa me wa isagwe. Re ne ra nyalana ka 1947 mme ra simolola go bula tsela mmogo. Boitumelo jono ga bo a ka jwa nna lobaka lo loleele, ka gore o ne a itewa ke setorouko ka 1953 mme a nna segole.

Seno se ne sa ama thata tsela e monna wa me a neng a bua ka yone, mme go ne ga nna thata tota go tlotla le ene. Eo ne e le yone karolo e e boima thata ya go mo oka. Go ne go lapisa tlhaloganyo thata go leka go tlhaloganya se a neng a leka go se bua. Le mororo re ne re nna kwa lefelong le le kwa thoko koo go neng go sena phuthego e e gaufi gone, Jehofa ga a ka a re latlha mo dingwageng tse di thata tseo. Ke ne ka nna ke le mo nakong ka tshedimosetso ya phuthego, mmogo le dijo tsa semoya tse di neng di tla ka metlha ka dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Ka December 29, 1957, monna wa me yo o rategang o ne a tlhokafala.

Bodihedi kwa Adelaide

Ke ne ke setse ke le esi gape. Ke tla dira eng? A ke ne ke tla amogelwa gape jaaka modihedi wa nako e e tletseng morago ga gore ke bo ke ile ka kgaotsa dingwaga tse di ka nnang tlhano? Ke ne ka amogelwa, mme ka rekisa ntlo ya me ka ba ka simolola tiro ya bobulatsela sesha kwa Adelaide, motsemošate wa Australia Borwa. Go ne go tlhokega babulatsela koo ka nako eo, mme ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Phuthegong ya Prospect.

E re ka ke ne ke boifa go kgweetsa mo gare ga pharakano ya dikoloi mo motseng, ke ne ka rekisa koloi ya me mme ka simolola go dirisa baesekele gape. Ke ne ka e dirisa go fitlha ke nna dingwaga tse 86, mme ka simolola go itsege jaaka “mosadinyana wa baesekele e tala” mo lefelong leo. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka simolola go boifa thata fa ke le gare ga dikoloi; go ne go bonala e kete lootwana le le kwa pele la baesekele ya me le nnela go kgwetlha. Selo se se neng sa dira gore ke tlogele gotlhelele go tlhola ke tsamaya ka baesekele e ne le fa ke ne ke wela mo legoreng nako nngwe go le motshegare. ‘Go fedile,’ ke ne ka ipolelela jalo, mme ka boa ke tsamaya ka dinao gape.

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, fa ke ntse ke le kwa kopanong ya kgaolo, maoto a me a ne a simolola go koafala, mme ka ntlha ya seo, ke ne ka ariwa malokololo a dinoka gabedi. Ke ne ke kgona go tsamaya sentle morago ga karo go fitlha ke digwa ke ntšha e tonatona. Ke ne ka tshwanela gore ke alafiwe gape ka ntlha ya seno, mme go tloga ka nako eo ke ne ka tshwanelwa ke gore ke tsamaye ka thobane. Mogopolo wa me o santse o dira sentle. Go ntse fela jaaka tsala nngwe e kile ya bolela ya re: “Go bonala mmele wa gago o o ntseng o tsofala o sa kgone go lepalepana le mogopolo wa gago o o santseng o le mosha.”

Mo dingwageng tse di ntseng di feta, ke ne ka bona diphuthego kwa Adelaide di gola, di oketsega, di bile di kgaogana. Mme ka 1983, fa ke ne ke le dingwaga di le 88, ke ne ka tloga kwa Adelaide mme ka ya go nna le lelapa lengwe kwa Kyabram kwa go nngwe ya dinaga tsa Victoria, koo ke ntseng teng dingwaga di le lesome ke itumetse. Ke santse ke kgona go tswela bodiheding jwa tshimo; ditsala mo phuthegong di nkisa ka koloi kwa bathong bao ba tsayang dimakasine ka metlha mo go nna. Batho bano ba tla ka bopelontle kwa koloing gore ke tle ke bue le bone.

Fa ke lebelela kwa morago mo dingwageng tse di fetang 98 tse ke di tshetseng, ke gopola ka boitumelo batho ba ba ikanyegang le ba ba thokgameng bao ba ileng ba baka Jehofa mmogo le nna, segolobogolo ntate yo o rategang. Go bonala ke tshetse nako e telele go feta batho botlhe ba ba ikanyegang ba e neng e le balekane ba me mo bodireding jwa bobulatsela. Abo ke tla itumela jang ne fa ke kopana gape le bao le bone ba nang le tsholofelo ya go bona mokgele wa go tshela mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo, a bo e le khumo e e tlhwatlhwakgolo ruri!

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke kolobeditswe ka April 22, 1919

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Jaaka ke ntse ke atamela dingwaga tse 100 ke santse ke itumelela go direla Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela