Basupi ba ga Jehofa mo Lefatsheng Lotlhe—Repaboliki ya Philippines
DITLHAKETLHAKE tse 7 083 tse di mo mafelong a tletseng matlapa tsa boboatsatsi tse di bopang Repaboliki ya Philippines ke karolo e e kwa godimo e e nang le dithaba tse dintsi.a Mme baagi ba le 62 000 000 ba kwa Philippines ba rata go bua ka mo e ka nnang kgang nngwe le nngwe fela. Go nna botsalano gono ga bone go ile ga bula tshimo e e ungwang thata e go ka neelwang bosupi ka Bogosi mo go yone.
Go Neela Bosupi kwa Sekolong
Mo setlhaketlhakeng sa Masbate, moithuti mongwe yo mosha wa sekolo se segolwane o ne a neela morutabana mmogo le tlelase ya gagwe bosupi ka nako ya tlhatlhobo e e kwalwang ya dikarabo tsa maaka kana boammaaruri. O tlhalosa jaana:
“Polelo e ne e re, ‘Fa Modimo o nthata, a ka se ka a dira gore ke nne le mathata kana a dira gore ke boge.’ Fa morutabana wa me a tlhatlhoba dipampiri tsa rona tsa tlhatlhobo, o ne a fitlhela gore botlhe ba arabile ka gore boammaaruri kwantle ga me. Morutabana o ne a ntetla gore ke tlhalosetse tlelase gore ke ka ntlha yang fa ke rile maaka. Ke ne ka bolela gore le mororo Modimo o letla gore re boge le gore re lekiwe ga se ene yo o re bakelang mathata. Ke ne ka tlhalosetsa tlelase mafoko a a mo go 1 Yohane 4:8, a a reng ‘Modimo o lorato,’ ke dirisa Bibela ya me e ke tsamayang ka yone ka metlha kwa sekolong. Fa ke sena go tlhalosa, morutabana o ne a tlhatswegile pelo, mme a kokota mo desekeng ya gagwe a bolela jaana: ‘Marilou o nepile.’ E ne e le nna fela ke arabileng potso eno sentle mme ka bona maduo a a kwa godimo go gaisa botlhe.”
Molaetsa wa Bogosi O Gongwe le Gongwe
Fa mmulatsela mongwe wa ka metlha (moreri wa nako e tletseng wa mafoko a a molemo) a ntse a le mo bodiheding jwa ntlo le ntlo mo karolong e nngwe ya Philippines, o ne a kopana le mmè mongwe yo o nang le bana ba bararo ba babotlana. Mosadi yoo o ne a kgatlhegela molaetsa wa Bogosi thata, mme seno se ne sa dira gore go nne motlhofo go simolola thuto ya Bibela le ene. Le mororo monna wa gagwe a ne a sa rate gore a ithute Bibela, segolobogolo le Basupi ba ga Jehofa, thuto e ne ya nna ya tswelela pele.
Monna yono o ne a fudusetsa lelapa la gagwe kwa motsemogolong o mongwe, a akanya gore se se tla dira gore mosadi wa gagwe a se ka a tlhola a kopana le Basupi. Lefa go ntse jalo, ga go a ka ga tsaya lobaka gore ba boe ba bone mosadi yono gape mme ba tswelela pele gape ka thuto ya Bibela. Seno se ne sa galefisa monna wa gagwe thata. O ne a ya tirong a ntse a galefile jalo, mme a bolelela motho mongwe yo a neng a tlisitse koloi gore a e baakanye ka moo a neng a ikutlwa ka teng. Monna yono o ne a sa itse gore motho yono e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Mosupi yoo o ne a tlhalosa gore fa mosadi wa gagwe a tswelela pele a ithuta Bibela go tla solegela lelapa lotlhe molemo. O tla simolola go dirisa melaometheo ya Bibela gone mo gae. O bile a akantsha gore monna ene ka boene o tla solegelwa molemo fa a ka ithuta ka Bogosi jwa Modimo.
Go ne ga diragalang morago ga motlotlo ono? Mosadi wa monna yono o ne a nna le kgololesego e e oketsegileng ya go ithuta Bibela, mme a swetsa go busetsa lelapa la gagwe gape kwa ntlong ya bone ya pele. Mosadi o ne a gatela pele semoyeng koo mo e leng gore o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang wa Bogosi. Monna wa gagwe le ene o ne a dumela go ithuta Bibela, mme lelapa lotlhe le ne la simolola go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona 1994 Calendar of Jehovah’s Witnesses.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
DIPALO TSA NAGA EO
Ngwaga wa Tirelo wa 1993
TLHORA YA BA BA NENG BA NEELA BOSUPI: 116 576
KAROLELANO: Mosupi a le 1 mo bathong ba le 549
BA BA NNILENG TENG KWA SEGOPOTSONG: 357 388
PALOGARE YA BABOLEDI BA E LENG BABULATSELA: 22 705
PALOGARE YA DITHUTO TSA BIBELA: 94 370
PALO YA BA BA KOLOBEDITSWENG: 7 559
PALO YA DIPHUTHEGO: 3 332
OFISI YA LEKALA: MANILA
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Go neela bosupi kwa marekelong go na le matswela a mantle
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watchtower kwa Manila