LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 3/15 ts. 8-9
  • Basupi ba ga Jehofa go Dikologa Lefatshe—Bahamas

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basupi ba ga Jehofa go Dikologa Lefatshe—Bahamas
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo E Ntšha E A Gwetlhiwa
  • Bafaladi Ba Utlwa Pina E Ntšha
  • Go Ipela le go Leboga Le fa Ke Utlwisitswe Botlhoko ke go Swelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • World Headquarters and Principal Offices of Jehovah’s Witnesses—in Pictures
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 3/15 ts. 8-9

Basupi ba ga Jehofa go Dikologa Lefatshe—Bahamas

DINAGA tsa kgolagano ya Bahamas—metsi a a tletseng ditlhaketlhake le ditlhaketlhakenyana di le 3 000—tse di itirileng sebaga sa letlapa la metsing dikilometara di ka nna 900 mo lewatleng le le talatala fa gare ga Florida le Cuba. Mo baaging ba tsone ba ba 267 000 go utlwala pina ya baboledi ba Bogosi. Pina ya bone ya pako e re gakolola mafoko a ga Isaia 42:10-12 a a reng: “Ōpèlèlañ Yehofa sehela se sesha, le pakō ea gagwè go cwa bokhutloñ yoa lehatshe; lona ba lo hologèlañ mo lewatleñ, le cotlhe tse di mo go yeōna; le ditlhake le banni ba cōna . . . A ba kuè ba le kwa godimo ga dithaba. A ba neè Jehofa kgalalèlō, ba bolèlè pakō ea gagwè mo ditlhakeñ.”

Tumelo E Ntšha E A Gwetlhiwa

Ka July 1992, mmulatsela mongwe wa ka metlha (moreri wa nako e e tletseng wa Bogosi) o ne a tsamaisetsa rakgwebo mongwe yo a mo tlwaetseng buka ya go ithuta Bibela ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Fa monna yono a sena go bala buka eno, o ne a re, ‘Ke tshwanetse gore ke tlhatlhobe bodumedi jono.’ Mo Disontageng tse pedi tse di neng tsa latela, o ne a ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Diholong tse pedi tse di farologaneng. Morago ga moo, go ne ga simololwa thuto ya Bibela le ene. Lefa go ntse jalo, dibeke tse thataro fela fa a sena go simolola go ithuta Bibela, go ne ga tsoga kgwetlho e e neng e tla leka tumelo ya gagwe e ntšha—go ketekiwa ga malatsi a botsalo.

Ba lelapa la rakgwebo yono ba ne ba rata meletlo e e ntseng jalo thata, mme lefa go ntse jalo, go rata ga gagwe Lefoko la Modimo go ne ga mo tlhotlheletsa gore a tswelele pele ka dithuto tsa gagwe tsa Bibela. Jaaka fa kitso ya gagwe ka boammaaruri jwa Dikwalo e ne e ntse e oketsega, o ne a simolola go tlhaloganya meletlo ya malatsi a botsalo mmogo le diholotei tsa selefatshe le tsela e Jehofa a di lebang ka yone.

Fa mosadi wa monna yono a ne a phutha ditsala go tla go keteka Letsatsi la Borre, o ne a gana go nna teng ka bonolo fela. Lefa go ntse jalo, mosadi wa gagwe o ne a akanya gore ga a tlhole a mo rata mme o tsaya bodumedi jwa gagwe bo le botlhokwa go feta ene le lelapa la gagwe. O ne a mo tlhalosetsa ka bonolo gore go dirisa se a se ithutang mo Bibeleng go mo thusa gore a fetoge monna le rre yo o botoka. Kgabagare, mosadi wa gagwe o ne a tlhaloganya lebaka la go bo a rata boammaaruri jwa Dikwalo mme o ne a dumela go ithuta Bibela. Gone jaanong o tshwarela lelapa la gagwe thuto ya Bibela. A bo a ne a itumela jang ne ngwaga e e fetileng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Thuto ya Bomodimo”! Mosadi wa gagwe le morwadie ba ne ba le teng mme ba ne ba bona fa a kolobediwa.

Bafaladi Ba Utlwa Pina E Ntšha

Diketekete tsa batho ba ba tswang kwa Haiti di nna le baagi ba Bahamas. Le bone ba tshwanetse gore ba utlwe pina e ntšha ya boammaaruri jwa Bogosi. Basupi ba Bahamas ba itumetse thata go bo go tlile banyalani ba Ba-Haiti ba kwa Amerika. Batho bano ba ne ba thusa go nonotsha ditlhopha tsa ba Ba-Haiti ba ba neng ba nna mo ditlhaketlhakeng tsa Grand Bahama le Abaco.

Go ne ga tshwarwa kopano ya ntlha ya kgaolo ya Se-Creole kwa Bahamas go tloga ka July 31 go fitlha ka August 1, 1993 go thusa Ba-Haiti ba ba kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi ka mo go oketsegileng. Batho ba ba neng ba nna teng ba ne ba le 214, mme go ne ga kolobediwa batho ba le bararo ba ba neng ba sa tswa go ineela. Ba-Haiti ba bantsi ba ba neng ba ithuta boammaaruri kwa Bahamas ba ne ba boela kwa ditlhaketlhakeng tse ba neng ba tswa kwa go tsone kana ba ne ba ya go nna felo gongwe gore ba tle ba kgone go opela le Basupi ba bangwe ba baka Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 8]

PEGO YA NAGA

Ngwaga wa Tirelo wa 1993a

TLHORA YA PALO YA BA BA NEELANG BOSUPI: 1 294

KABALANO: Mosupi a le 1 mo bathong ba le 197

PALO YA BA BA NENG BA LE TENG KWA SEGOPOTSONG: 3 794

PALOGARE YA BABOLEDI BA E LENG BABULATSELA: 186

PALOGARE YA DITHUTO TSA BIBELA: 1 715

PALO YA BA BA KOLOBEDITSWENG: 79

PALO YA DIPHUTHEGO: 22

OFISI YA LEKALA: NASSAU

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona 1994 Calendar of Jehovah’s Witnesses.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Holo ya Bogosi ya ntlha, le ofisi ya lekala mmogo le legae la barongwa

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Basupi ba bolela mafoko a a molemo ka tlhoafalo

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Milton G. Henschel le Nathan H. Knorr ba na le barongwa bangwe kwa Nassau dingwaga tse di ka nang 45 tse di fetileng

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ofisi e ntšha ya lekala e e neng ya kgakolwa ka February 8, 1992

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela