Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Afrika Borwa: Go ne ga kgakolwa Diholo tsa Bogosi tse tharo tse disha kwa Meloding (Virginia), Vosloorus, le Welkom Botlhaba. Holo ya kwa Vosloorus, mo East Rand, e ne ya agiwa fela mo mafelobekeng a July 27 le 28. Abo e ne e le phapaang e kgolo jang ne go bona makgolokgolo a baithaopi ba ba ratang kagiso ba ba tswang mo ditsong tsotlhe ba dira mmogo, lefa gone dikhuduego tse di maswe le go thuntshiwa di ntse di tsweletse mo mafelong a a gaufi a Katlehong le Thokoza!
Bahamas: Baboledi ba ba 1 294 ba ne ba itumelela go nna le palo ya batho ba le 3 149 ba ba neng ba nna gone mo Dikopanong tsa bone tsa “Thuto ya Bomodimo” le go bona ba le 38 ba kolobediwa.
Brazil: Ka July baboledi ba ne ba fitlhelela tlhora ya bonè ya batho ba le 348 634 ba ba neng ba bega mo ngwageng wa tirelo wa 1993.
Gabon: Ka July go ne ga bega baboledi ba le 1 332 mme seo e le tlhora ya bone ya botlhano mo ngwageng wa tirelo wa 1993. Baboledi bano ba ba matlhagatlhaga ba ne ba bega palogare ya diura di le 17,8, ba dira maeto a go boela a le 22 658, mme ba tsamaisa dithuto tsa Bibela tsa magae di le 4 280.