LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 5/15 ts. 24-25
  • Basupi ba ga Jehofa Go Dikologa Lefatshe—Thailand

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basupi ba ga Jehofa Go Dikologa Lefatshe—Thailand
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batshabi Ba Utlwa Mafoko A A Molemo
  • Bidio E Tsosa Kgatlhego
  • Go Thusa “Baagi ba Baeng” Gore ba ‘Direle Jehofa ka go Ipela’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Tharabololo ke Eng?
    Tsogang!—1996
  • Dipalo Tse di Oketsegang Tsa Batshabi
    Tsogang!—1996
  • Lefatshe le Mongwe le Mongwe a Tla Amogelwang mo go Lone
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 5/15 ts. 24-25

Basupi ba ga Jehofa Go Dikologa Lefatshe—Thailand

“LEFATSHE la bagololesegi.” Seo ke tlhaloso ya leina Thailand. Baagi ba teng ba ba bonolo, ba ba dirang ka natla ba ba fetang 57 000 000 ba na le megopolo e e farologaneng ya bodumedi. Lefa gone go tletse tumelo ya Sebuda, dikereke tsa Labokeresete le tsone di teng mo nageng eno ya borwabotlhaba jwa Asia. Batho bano botlhe ba tlhoka go utlwa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 24:14.a

Batshabi Ba Utlwa Mafoko A A Molemo

Mo dikampeng tse di gasameng le dithaba tsa Thailand mo molelwaneng wa Myanmar, boammaaruri jwa Bibela bo ntse bo itsetsepela mo batshabing ba Ba-Karen ba ba fetang 10 000. Maloko a lelapa lengwe la Ba-Karen le le nnang mo lefelong leo ke Basupi ba ga Jehofa. Ba ntse ba anamisa mafoko a a molemo mo batshabing. Tiro ya bone e simologile jang?

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng lekawana lengwe le ne la kgaotsa dikamano tsa lone le Kereke ya Anglican mme la nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. E re ka ba losika lwa gagwe ba ne ba tlhotlhelediwa ke moruti wa bone, ba ne ba nna kgatlhanong le ene. Lefa go ntse jalo, o ne a itshoka ka bopelotelele, mme kganetso ya ba lelapa la gagwe e ne ya nna ya ngotlega. Baruti ba Kereke ya Anglican ba ne ba fitlha matlhabisaditlhong a bone go fitlha ba lelekwa mo tirong ya bone mo e ka nnang dingwaga di le pedi tse di fetileng ka ntlha ya boitshwaro jo bo maswe. E re ka ka nako eo kereke e ne e sena modisa, ba lelapa le ba losika lwa Mosupi yoo ba ne ba akabetse e bile ba kgobegile marapo. Ba le 11 mo go bone ba ne ba tlogela kereke mme ba kopa Basupi gore ba ithute Bibela le bone.

Thuto eno e ne ya tswelela pele sentle, batshabi ba bangwe le bone ba tsaya karolo. Boammaaruri bo ne jwa anama ka bonako, mme seno sa felela ka gore go kolobediwe Basupi ba basha ba le 17 mo nokeng e e neng e elela go ralala kampa eo ya batshabi. A bo e ne ya nna selo se se itumedisang jang ne go bona mmèmogolo wa dingwaga di le 88 a kolobediwa le bone!

Bidio E Tsosa Kgatlhego

Go bonala fa koketsego e tla nna kgolo mo batshabing. Go ne ga tla batho ba le 57 kwa moletlong wa Segopotso ka 1993. Ka nako ya fa molebedi wa potologo a ne a ba etetse ka May mo go one ngwaga oo, go ne ga tla batho ba le 67 ba tlile go reetsa nngwe ya dipuo tsa gagwe. Mme ba ba ka nnang 250 ba ne ba kokoana go tla go bona bidio ya Mokgatlho wa Watchtower ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name.

Mosadi wa moruti mongwe wa kereke ya Baptist kwa kampeng ya batshabi o ne a nna gone kwa puong ya phatlalatsa ya Bibela ya Basupi mme o ne a kwala dintlha tsa Bibela tse go neng go buiwa ka tsone. O ne a bolelela monna wa gagwe ka fa a neng a sa kgotsofadiwe ka gone ke dithero tsa kereke ya bone tse a neng a aga a di utlwa di boaboeletsa selo se le sengwe. O ne a seka a dumelana le ene, a re fa a ne a ka ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, maloko a mangwe otlhe a kereke a ne a tla mo latela. Fa a ne a ya gape kwa dipokanong, monna wa gagwe o ne a mo leleka ka thipa mme a tshuba dibuka tse a neng a kwaletse dintlha mo go tsone le dibuka tsa Bibela. Go sa kgathalesege seno, fa bidio e ne e bontshiwa, o ne a tla gape. Morago ga foo mosadi yono o ne a bolelela monna wa gagwe se a neng a se bone. O ne a setse a fetotse maikutlo mme a re o batla go bona bidio e e neng e bontshiwa mme a utlwa botlhoko go bo a ne a tshubile dintlha tse a di kwadileng le dibuka tsa gagwe tsa Bibela.

Ee go ntse fela jalo, batho ba utlwa mafoko a a molemo kwa Thailand. Ka jalo ba bona kgololesego ya semoya mo “lefatsheng la bagololesegi.”—Yohane 8:32.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona 1994 Calendar of Jehovah’s Witnesses.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

DIPALO TSA NAGA EO Ngwaga wa Tirelo wa 1993

TLHORA YA BA BA NENG BA NEELA BOSUPI: 1 434

KAROLELANO: Mosupi a le 1 mo bathong ba le 40 299

BA BA NNILENG TENG KWA SEGOPOTSONG: 3 342

PALOGARE YA BABOLEDI BA E LENG BABULATSELA: 232

PALOGARE YA DITHUTO TSA BIBELA: 1 489

PALO YA BA BA KOLOBEDITSWENG: 92

PALO YA DIPHUTHEGO: 39

OFISI YA LEKALA: BANGKOK

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Baboledi ba Bogosi ba rera mafoko a a molemo ka tlhagafalo

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ofisi ya ntlha ya lekala, 1947

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Lelapa la Bethele le eme fa pele ga ofisi e ntšha ya lekala kwa Bangkok, e e neng ya neelwa ka February 8, 1992

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela