Khalendara ya Sejuda E Boammaaruri Go Le Kana Kang?
GO YA ka khalendara ya Sejuda, Labone, September 16, 1993, e ne e le letsatsi la moletlo wa Rosh Hashanah. Go ya ka ngwao, shofar, kana porompeta e e dirilweng ka lonaka lwa phelehu, e ne ya lediwa go itsise ka ngwaga o mosha o o tlang. Ngwaga oo ke wa 5754 (ka khalendara ya Sejuda), mme o simologile ka September 16, 1993, go ya go September 5, 1994.
Ka bonako fela, re lemoga gore go na le pharologanyo ya dingwaga di le 3 760 go ya ka tsela e Bajuda ba balang nako ka gone le go ya ka khalendara ya Bophirima, kana ya ga Gregory, e e dirisiwang gone jaanong. Ke ka ntlha yang fa go na le pharologanyo eno? Mme khalendara ya Sejuda e boammaaruri go le kana kang?
Go Tlhoma Tshimologo ya Yone
Tsamaiso epe fela ya go bala nako e tshwanetse ya nna le tshimologo kana tshupiso nngwe e e rileng. Ka sekai, Labokeresete e bala nako go tloga ka ngwaga o ba akanyang gore Jesu Keresete o tsetswe ka one. Matlha a go tloga ka nako eo go bolelwa gore a mo motlheng wa Bokeresete. Gantsi a bontshiwa ka ditlhaka tsa A.D., e leng anno Domini ka Selatine, tse di kayang gore “mo ngwageng wa Morena.” Matlha a pele ga nako eo a supiwa ka B.C., “Before Christ [Pele ga Keresete].”a Go ya ka ngwao ya Sechina le bone ka mo go tshwanang ba bala nako go tloga ka 2698 B.C.E., e leng nako e Huang-Ti wa ditlhamane fela a neng a simolola go busa ka yone, Mmusimogolo Yo Mosetlha. Ka gone, February 10, 1994, o ne a tshwaya go simologa ga ngwaga wa Sechina wa 4692 o o balwang go ya ka dikgwedi. Lefa go le jalo, re ka reng ka khalendara ya Sejuda?
The Jewish Encyclopedia e bolela jaana: “Mokgwa wa segompieno o o tlwaelegileng mo Bajudeng wa go kwala letlha la tiragalo nngwe ke go bolela palo ya dingwaga tse di fetileng fa e sa le go bopiwa lefatshe.” Tsamaiso eno, e e itsiweng ke Bajuda jaaka Motlha wa Popo, e ne ya dirisiwa thata mo e ka nnang lekgolo la borobong la dingwaga C.E. Ka gone, matlha a khalendara ya Sejuda gantsi a latelwa ke ditlhaka tsa A.M. Di emela anno mundi, e e leng khutshwafatso ya ab creatione mundi, e e rayang “go tloga ka popo ya lefatshe.” E re ka ngwaga o mosha e le A.M. 5754, go ya ka tsamaiso eno ya go bala nako, ba tsaya gore “popo ya lefatshe” e nnile dingwaga tse 5 753 tse di fetileng. A re boneng gore seo se tlhomilwe jang.
“Motlha wa Popo”
Encyclopaedia Judaica (1971) e tlhalosa jaana: “Go ya ka dipalo tse di farologaneng tsa borabi ‘Motlha wa Popo’ o simologile ka letlhabula la ngwaga mongwe o o fa gare ga dingwaga tsa 3762 le 3758 B.C.E. Lefa go ntse jalo, go tloga ka lekgolo la bo12 la dingwaga C.E., ba ne ba simolola go dumela gore ‘Motlha wa Popo’ o simologile ka 3761 B.C.E. (ya boammaaruri ke, Oct. 7 ya one ngwaga oo). Palo eno e theilwe ka nako e e tshwanang fa gare ga tatelano ya ditiragalo e e mo Bibeleng le tshedimosetso ya ditiragalo tsa nako tse di fitlhetsweng mo dibukeng tsa Sejuda tsa pele tse di kwadilweng morago ga go kwalwa ga Bibela.”
Tsamaiso ya go bala nako go tloga ka “popo ya lefatshe” e theilwe thata mo dithanolong tsa rekoto ya Bibela ya borabi. E re ka ba dumela gore lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone di bopilwe ka malatsi a le marataro a lengwe le lengwe la one le nang le diura di le 24 tse di tlwaelegileng, bakanoki ba borabi, mmogo le ba Labokeresete, ba akanya gore go bopiwa ga motho wa ntlha, e bong Adame, go nnile mo ngwageng o o tshwanang le fa go ne go bopiwa lefatshe. Lefa go ntse jalo, seno ga se boammaaruri.
Kgaolo ya ntlha ya Genesise e simolola ka go bolela jaana: “E rile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.” Go tswa foo e tswelela pele e tlhalosa gore Modimo o ne wa fetola lefatshe ‘le le tobekanyeng fela, go sa itsege sepe’ ka “malatsi” a le marataro a a latelanang gore e nne lefelo le le ka tshwanelang batho gore ba age mo go lone. (Genesise 1:1, 2) Go ka nna ga bo go fetile dimilionemilione tsa dingwaga go ntse go diriwa dilo tseno tse pedi. Mo godimo ga moo, malatsi a go bopa e ne e se nako ya diura tse 24 fela, jaaka e kete ditiro tsa Mmopi di ne di patelesega gore di dirwe mo nakong eo. Go bo re re “letsatsi” mo kgannyeng eno le ka feta diura tse 24 go supiwa ke Genesise 2:4, e e bolelang gore dinako tsotlhe tsa popo ke “letsatsi” le le lengwe fela. Go fetile diketekete tsa dingwaga morago ga letsatsi la ntlha la popo le la borataro, fa Adame a ne a bopiwa. Go baya nako ya gore Adame o bopilwe ka nako e e tshwanang le ya go bopiwa ga magodimo a re a bonang le lefatshe ga go tswe mo Dikwalong e bile ga go tswe mo saenseng. Lefa go ntse jalo, go lemogilwe jang gore “Motlha wa Popo” o simologile ka 3761 B.C.E.?
Motheo wa Tatelano ya Ditiragalo
Ka maswabi, bontsi jwa dibuka tsa Sejuda tse dipalo tseno di theilweng mo go tsone ga di sa tlhole di le teng. Se se setseng fela ke buka ya tatelano ya ditiragalo e lantlhantlha e neng e bidiwa Seder ʽOlam (Thulaganyo ya Lefatshe). E kwadilwe mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E. ke mokanoki mongwe wa Mo-Talmud e bong Yose ben Halafta. Buka eno (e moragonyana e neng ya bidiwa Seder ʽOlam Rabbah e le go e farologanya le buka ya ditiragalo tsa mo dingwageng tsa Bogare e e nang le setlhogo se se reng Seder ʽOlam Zuṭa) e bontsha tatelano ya ditiragalo tsa hisitori go simolola kwa go Adame go ya kwa lekgolong la bobedi la dingwaga C.E. fa Bajuda ba ne ba tsuologela Roma ba eteletswe pele ke Mesia yo e seng ene e bong Bar Kokhba. Mokwadi yono o bone jang tshedimosetso eo?
Lefa Yose ben Halafta a ne a leka go latela pego ya Bibela, fa temana e neng e sa dumelane le matlha a a leng gone, o ne a oketsa ka dithanolo tsa gagwe. “Mo mabakeng a le mantsi, . . . o ne a baya matlha go ya ka ngwao, go na le moo, a bo a tsenya dipolelwana le halakot [dingwao] tsa borabi ba ba latelanang mmogo le batho ba nako ya gagwe,” go bolela jalo The Jewish Encyclopedia. Ba bangwe ba ne ba bua ba menne diphatla fa ba ne ba tlhalosa ka ene. The Book of Jewish Knowledge e tlhomamisa jaana: “Ka gone, o ne a bala go tloga ka Motlha wa Popo a bo a tlhomela ditiragalo tse di farologaneng tsa Sejuda matlha a a itswelang mo tlhogong ya gagwe fela tse ba akanyang gore di diragetse mo nakong ya ga Adame, e leng motho wa ntlha, go ya go Alexander Yo Mogolo.” Mme dithanolo tseo le dinako tse di beilweng di ama boammaaruri jwa go latelana ga ditiragalo tsa Sejuda jang? A re boneng.
Dingwao le Dithanolo
Gore re dumelane le ngwao ya borabi, Yose ben Halafta o ne a lekanya gore tempele ya bobedi kwa Jerusalema e ne e na le dingwaga di le 420. Seno se ne se theilwe mo thanolong ya borabi e e neng e tlhalosa boperofeti jwa ga Daniele jwa “diweke di le mashomè a shupa,” kana dingwaga di le 490. (Daniele 9:24) Motlha ono o ne o lebisitse mo nakong e e fa gare ga go senngwa ga tempele ya ntlha le go senngwa ga tempele ya bobedi. Fa Yose ben Halafta a ne a ntsha dingwaga di le 70 tsa go ya botshwaro kwa Babelona, o ne a swetsa ka gore tempele ya bobedi e nnile teng ka dingwaga di le 420.
Lefa go ntse jalo, thanolo eno e na le bothata jo bogolo. Ngwaga wa go fenngwa ga Babelona (ka 539 B.C.E.) mmogo le ngwaga wa go senngwa ga tempele ya bobedi (ka 70 C.E.) ke matlha a a itsegeng a hisitori. Ka gone, nako ya tempele ya bobedi e tshwanetse go nna dingwaga di le 605 e seng dingwaga di le 420. Fa e le gore nako eno e tsaya dingwaga di le 420 fela, go raya gore tatelano ya ditiragalo tsa Sejuda e tlhaela ka dingwaga di le 185.
Boperofeti jwa ga Daniele ga bo bolele gore tempele ya kwa Jerusalema e tsere nako e e kana kang. Go na le moo, bo ne bo bolelela pele ka nako e Mesia a tla nnang gone ka yone. Boperofeti jono bo bontsha sentle gore “go cwa ga taolō ea go shahatsa le go aga Yerusalema go ea go hitlha mo go eo o tlodicweñ, eboñ kgōsana, e tla nna diweke di shupa: le diweke di mashomè marataro le bobedi.” (Daniele 9:25, 26) Lefa motheo wa tempele o ne wa tlhomiwa mo ngwageng wa bobedi fa Bajuda ba ne ba tswa botshwarwa ka (536 B.C.E.), “taolō” ya go aga motse wa Jerusalema e ne ya se ka ya tswelela pele go fitlha “ka ñwaga oa mashomè mabedi oa ga Aretaserese kgosi.” (Nehemia 2:1-8) Hisitori ya lefatshe e e boammaaruri e tlhomamisa gore 455 B.C.E. ke one ngwaga oo. Fa re bala “diweke” di le 69 go ya pele, kana dingwaga di le 483, di re fitlhisa go 29 C.E. Eo ke nako ya fa Mesia a nna gone, fa Jesu a ne a kolobediwa.b
Ntlha e nngwe e e ranotsweng ke borabi e e neng ya baka pharologanyo e kgolo mo go latelaneng ga ditiragalo tsa Sejuda ke nako ya go tsalwa ga ga Aberahame. Borabi ba ne ba oketsa dingwaga tsa dikokomana tse di latelanang tse di kwadilweng mo go Genesise 11:10-26 mme ba bo ba bontsha gore dingwaga di le 292 ke motlha wa go tloga ka Morwalela go ya kwa botsalong jwa ga Aberahame (Aberame). Lefa go ntse jalo, bothata bo tlhaga fa borabi ba ranola temana ya 26, e e bolelang jaana: “Tera a tshela dinyaga di le mashomè a shupa, me a tsala Aberame, Nahore, le Harane.” Go tswa mo go seno, ngwao ya Sejuda e bontsha gore Tera o ne a na le dingwaga di le 70 fa Aberame a ne a tsalwa. Lefa go ntse jalo, temana eno ga e phepafatse gore Tera o ne a nna rraagwe Aberahame a na le dingwaga di le 70. Go na le moo, e bolela fela gore o ne a nna rrabarwa ba bararo fa a sena go nna dingwaga di le 70.
Go bona dingwaga tse di tshwanetseng tsa ga Tera fa Aberahame a ne a tsalwa, re tlhoka fela go tswelela pele re bala mo polelong ya Bibela. Mo go Genesise 11:32–12:4, re ithuta gore fa Tera a swa, a le dingwaga di le 205, Aberahame le lelapa la gagwe ba ne ba tswa kwa Harane ka taelo ya ga Jehofa. Ka nako eo Aberahame o ne a na le dingwaga di le 75. Ka gone, Aberahame o tshwanetse a bo a ne a tsalwa fa Tera a na le dingwaga di le 130, e seng di le 70. Ka gone, go tloga ka nako ya Morwalela go ya go fitlha fa Aberahame a ne a tsalwa e ne e le dingwaga di le 352, e seng di le 292. Tatelano ya ditiragalo tsa Sejuda fano e fosa ka dingwaga di le 60.
Masalela a Dilo tsa Bogologolo tsa Bodumedi
Diphoso le dipharologanyo tse di ntseng jalo tse di mo go Seder ‘Olam Rabbah le mo dibukeng tse dingwe tsa tatelano ya ditiragalo tsa Talmud di ile tsa dira gore bakanoki ba Bajuda ba tlhajwe ke ditlhong le go buisana thata ka gone. Le mororo gantsi ba ile ba leka gore ba bapise tatelano eno ya ditiragalo le dintlha tse di itseweng tsa hisitori, ba ile ba se ka ba atlega mo go tsone tsotlhe. Ka ntlha yang? “Kgatlhego ya bone mo dithutong e ne e fetwa ke e ba neng ba na le yone mo bodumeding,” go bolela jalo Encyclopaedia Judaica. “Ba ne ba tshegetsa ngwao go sa kgathalesege eng, segolobogolo fa ba na le batho ba makoko a a ba ganetsang.” Mo boemong jwa gore ba tlogele tlhakatlhakanyo e e dirwang ke dingwao tsa bone, bakanoki ba bangwe ba Bajuda ba ne ba leka go kgala dipego tsa Bibela. Ba bangwe ba ne ba batla gore ditlhamane le dingwao tsa Sebabelona, Seegepeto, le Sehindu di ba eme nokeng.
Ka jalo, borahisitori ga ba sa tlhole ba leba “Motlha wa Popo” jaaka polelo e e ka ikanngwang malebana le kgang ya tatelano ya ditiragalo. Bakanoki ba sekaenyana ba Bajuda ba ne ba leka go e femela, mme tota le dibuka tsa tshupiso tsa semolao tse di jaaka The Jewish Encyclopedia le Encyclopaedia Judaica ga ba sa tlhole ba di ikanya tsotlhe fela. Ka gone, tsela ya Sejuda ya ngwao ya go bala nako go tloga ka popo ya lefatshe e ka se tsewe e le boammaaruri go ya ka tatelano ya ditiragalo tsa Bibela, e e senolang thulaganyo ya boperofeti jwa ga Jehofa Modimo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bosupi jwa Bibela le jwa hisitori bo supa fa Jesu Keresete a tsetswe ka ngwaga wa 2 B.C. Ka gone, gore ba bone gore bo boammaaruri, batho ba le bantsi ba rata go dirisa matshwao a C.E. (Common Era [Motlha O O Tlwaelegileng]) le B.C.E. (Before the Common Era [Pele ga Motlha O O Tlwaelegileng]), mme ke yone tsela e matlha a bontshitsweng ka yone mo dikgatisong tsa Mokgatlho wa Watch Tower.
b Go bona dintlha, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 614-16, 900-902, bona gape le “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”, Thuto ya bo3, serapa 18; e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., bona le Tora ya Tebelo October 1, 1992, tsebe 11, dirapa 8-11.