Go Neela Bosupi mo “Merahiñ Eotlhe”
“Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—MATHAIO 24:14.
1. Ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:14 a tshwanetse a bo a ile a gakgamatsa balatedi ba gagwe?
ABO mafoko a ga Jesu a a fa godimo a tshwanetse a bo a ile a gakgamatsa barutwa ba gagwe ba Bajuda jang ne! Kgopolo fela ya gore Bajuda ba ba itshepisitsweng ba tlile go buisana le Baditšhaba ba ‘ba sa itshekang,’ e leng ‘batho ba ditšhaba di sele’ e ne e le selo se sesha mo Mojudeng, e bile se le makgapha.a Ee ruri, Mojuda yo o laolwang ke segakolodi o ne a ka se ka a tsena mo legaeng la Moditšhaba! Barutwa bao ba Bajuda ba ne ba na le mo gontsi thata go go ithuta ka ga Jesu, lorato lwa gagwe, le ka thomo ya gagwe. Mme ba ne ba na le mo gontsi go go ithuta mabapi le gore Jehofa ga se motlhaodi wa batho.—Ditihō 10:28, 34, 35, 45.
2. (a) Bodihedi jwa Basupi bo ile jwa dirwa go ya bokgakaleng bofe? (b) Ke mabaka afe a mararo a konokono a a dirileng gore Basupi ba gatele pele?
2 Basupi ba ga Jehofa ba rerile mafoko a a molemo mo ditšhabeng tsotlhe, go akaretsa le mo Baiseraeleng ba motlha wa segompieno, mme jaanong ba a bolela mo ditšhabeng di le dintsi go gaisa le e leng pele. Basupi ba ba fetang dimilione di le nne le halofo ba rera mo dinageng tse di ka nnang 230 mo ngwageng ono wa 1994. Ba tshwara dithuto tsa Bibela tsa magae di ka nna dimilione tse nne le halofo le batho ba ba kgatlhegang. Seno ba se dira fela go sa kgathalesege gore ba tlhoilwe ke batho lefatshe ka bophara, gantsi e le fela ka gonne ga ba itse dithuto le maikaelelo a Basupi. Jaaka go ne ga bolelwa jaana ka Bakeresete ba bogologolo, go ka bolelwa ka bone ka mo go tshwanang: “Kaga lekōkō ye, goa itsiwe ke rona ha le nyadiwa ka ntlha cotlhe.” (Ditihō 28:22) He ke eng se se dirang gore bodihedi jwa bone bo atlege? Bobotlana go na le mabaka a le mararo a a dirang gore ba gatele pele—ba sala kaelo ya moya wa ga Jehofa morago, ba etsa ditsela tse di mosola tsa ga Keresete, mme ba dirisa didirisiwa tse di tshwanetseng gore puisano ya bone e nne le matswela.
Moya wa ga Jehofa le Mafoko A A Molemo
3. Ke ka ntlha yang fa re ka se ka ra ipelafatsa ka se se setseng se fitlheletswe?
3 A Basupi ba ga Jehofa ba ipelafatsa ka tsela e ba atlegang ka yone, jaaka e kete ba dirile jalo ka bokgoni bongwe jo bo kgethegileng jo ba nang le jone? Nnyaa, ka gonne mafoko ano a ga Jesu a a dira: “E tla re lo sena go diha dilō cotlhe tse lo di laolecweñ, lo re, Re batlhanka ba re senañ molemō; re dihile se e neñ e le chwanèlō ea rona go se diha hèla.” Jaaka Bakeresete ba ba kolobeditsweng le ba ba ineetseng, Basupi ba ga Jehofa ba amogetse boikarabelo jwa go direla Modimo ka go rata, go sa kgathalesege maemo a bone ka namana. Ba bangwe ba dira seo e le tirelo ya nako e e tletseng jaaka barongwa kana baithaopi kwa diofising tsa makala le kwa magatisetsong a dibuka tsa Bokeresete. Fa e le ba bangwe go rata ga bone ga Bokeresete go ba dira gore ba dire tiro ya go aga dikago tsa bodumedi, go rera ka nako e e tletseng jaaka badihedi ba babulatsela, kana go rera ka nakwana jaaka baboledi ba mafoko a a molemo mo diphuthegong tsa bone. Ga go na ope wa rona yo o tshwanetseng go ikgantsha ka go dira tiro eno ya rona e e leng, “chwanèlō ea rona go [e] diha hèla.”—Luke 17:10; 1 Bakorintha 9:16.
4. Go ganediwa ga bodihedi jwa Bokeresete jwa lefatshe ka bophara go ile ga fenngwa jang?
4 Fa re atlegile re ka re fela ke ka thuso ya moya wa ga Jehofa, kana maatla a gagwe a a dirang. Go a tshwanela go bolela jaana gompieno fela jaaka mo metlheng ya moperofeti Sekaria: “Ye ke yeōna lehoko ya ga Yehofa kwa go Serubabele, a re, Ga se ka thata, leha e le ka nonohō, ha e se ka mōea oa me, go bua Yehofa oa mashomōshomō.” Ka gone, go ganediwa ga tiro ya go rera ya lefatshe ka bophara ya Basupi go ile ga fenngwa, e seng ka maiteko a motho, mme ka kaelo le tshireletso ya ga Jehofa.—Sekaria 4:6.
5. Jehofa o dira tiro efe gore molaetsa wa Bogosi o aname?
5 Jesu o ne a bolelela ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi jaana: “Go kwadilwe mo baperofetiñ, ga twe, Me ba tla rutwa ke Modimo botlhe hèla. Moñwe le moñwe eo o utlwileñ mo go Rara, me a ithutile, o tla mo go nna. . . . Ga go motho opè eo o ka tlañ mo go nna, ha a se ka a go nèwa ke Rara.” (Yohane 6:45, 65) Jehofa o ka bala dipelo le megopolo, mme o itse bao ba ka nnang ba amogela lorato lwa gagwe le mororo ba ka tswa ba ise ba mo itse. Gape o dirisa baengele ba gagwe gore ba kaele bodihedi jono jo bo sa tshwaneng le bope. Ke gone ka moo e neng ya re mo ponatshegelong Johane a bona moengele a nna le seabe mme o ne a kwala jaana: “Ka bōna moengele eo moñwe a hoha gare ga legodimo, a na le Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ go a bolèlèla ba ba agileñ mo lehatshiñ, le chaba ñwe le ñwe, le locō, le puō, le batho.”—Tshenolō 14:6.
Go Amega Ka Se O Se Tlhokang Semoyeng
6. Go tlhokega gore motho a bo a na le boikutlo bofe jwa motheo gore a amogele mafoko a a molemo?
6 Lebaka le lengwe la go bo Jehofa a neela motho sebaka sa go amogela mafoko a a molemo ke leo le boletsweng jaana ke Jesu: “Go itumela bao ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng, gonne bogosi jwa magodimo ke jwa bone.” (Mathaio 5:3, NW) Motho yo o sa tlhokeng sepe kana yo o sa batleng boammaaruri a ka se amege ka se a se tlhokang semoyeng. Ene o akanya fela ka dilo tse di bonalang le tsa senama. Go batla go ikgotsofatsa e nna sekgoreletsi. Ka gone, fa batho ba le bantsi ba re kopanang le bone fa re ntse re tsamaya ka ntlo le ntlo ba gana molaetsa, re tshwanetse ra sekaseka mabaka otlhe a a farologaneng a go bo batho ba sa o amogele.
7. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba sa amogele boammaaruri?
7 Batho ba le bantsi ba gana go reetsa ka go bo ba kgomaretse bodumedi jo ba tsaletsweng mo go jone ka botlhogoethata fela mme ba sa rate go tsena mo motlotlong. Ba bangwe ba ile ba gogelwa fela ke go bona bodumedi joo bo tshwanela botho jwa bone—ba bangwe ba batla bodumedi jwa tirisabadimo, ba bangwe ba rata fela go tseega maikutlo, e bile go na le ba bangwe ba ba batlang go ya go itlosa bodutu fela kwa kerekeng ya bone. Batho ba le bantsi gompieno ba itlhophetse mofuta wa botshelo o o leng kgatlhanong le ditekanyetso tsa Modimo. Gongwe ba tshela botshelo jo bo sa siamang, ke lone lebaka leo ba bolelang gore, “Ga ke kgatlhege.” Mo godimo ga moo, ba bangwe ba ba ka tswang ba iphaka gore ba rutegile e bile ba itse saense, ba gana Bibela ba re e tlhofofatsa dilo thata.—1 Bakorintha 6:9-11; 2 Bakorintha 4:3, 4.
8. Ke ka ntlha yang re sa tshwanela go fokotsa botlhaga jwa rona lefa gone re sa ratiwe? (Yohane 15:18-20)
8 A go bo re sa ratiwe ke bontsi jwa batho go tshwanetse ga fokotsa tumelo le botlhaga jwa rona mo bodiheding jono jo bo bolokang matshelo? Re ka gomodiwa ke mafoko ano a ga Paulo fa a ne a kwalela Baroma: “Gonne, e bo e le eñ, leha bañwe ba ne ba sena tumèlō? a go tlhōka tumèlō ga bōnè go tla nyeletsa boikaño yoa Modimo? A go se tualo: E, bogolo a Modimo o hitlhèlwè o le boamarure, me motho moñwe le moñwe a le moaki; yaka go kwadilwe, ga twe, Gore u tlo u siamisiwè mo mahokuñ a gago, le gore u henyè mogañ u tlañ mo tshekoñ.”—Baroma 3:3, 4.
9, 10. Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore kganetso e ile ya fenngwa mo dinageng di le dintsi?
9 Re ka kgothadiwa ke dikai di le dintsi go dikologa lefatshe tsa dinaga tse di neng di lebega di sa batle go amogela molaetsa mme lefa go ntse jalo, kgabagare di ile tsa itshupa di fetogile gotlhelele. Jehofa le baengele ba ntse ba itse gore go na le batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba santseng ba ka bonwa—mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwanelwa ke go tswelela pele ba sa kgaotse le go itshoka mo bodiheding jwa bone. Ka sekai, leba dinaga dingwe tse mo go tsone Bokatoliki bo neng bo lebega e le sekgoreletsi se segolo thata mo dingwageng tse 50 tse di fetileng—Argentina, Brazil, Colombia, Ireland, Italy, Mexico, Portugal, le Spain. Basupi ba ne ba le babotlana ka palo ka 1943, ba le 126 000 fela lefatshe ka bophara, ba le 72 000 ba bone ba ne ba le kwa United States. Go bo Basupi ba ne ba sa itsiwe e bile ba tlhoilwe go ne go lebega jaaka lebota la setena le le ka sekang la thubiwa. Lefa go ntse jalo, gompieno diphelelo dingwe tsa go rera tse di atlegileng thata di ne tsa diragala gone mo dinageng tseno. Seno se diragetse le kwa dinageng di le dintsi tse pele e neng e le tsa Bokomonisi. Go kolobediwa ga batho ba le 7 402 kwa kopanong ya kwa Kiev, kwa Ukraine, ka 1993 go bontsha bosupi jwa seno.
10 Basupi ba ile ba dirisa ditsela dife gore ba buisane le baagisanibabone ka mafoko a a molemo? A ba ile ba gogela batho ka dilo tse di bonalang gore ba tsene mo bodumeding jwa bone, e leng seo ba bangwe ba se bolelang? A ba ile ba etela bahumanegi fela le batho ba ba sa rutegang, jaaka ba bangwe ba bolela?
Ditsela Tse Di Atlegang tsa go Isa Mafoko A A Molemo
11. Jesu o re tlhometse sekao sefe se se molemo mo bodiheding jwa gagwe? (Bona Yohane 4:6-26.)
11 Jesu le barutwa ba gagwe ba tlhomile sekao se Basupi ba se latelang go fitlha le mo motlheng ono mo tirong ya bone ya go dira barutwa. Jesu o ne a fitlha gongwe le gongwe kwa go nang le batho, e ka tswa e le bahumi kana bahumanegi—mo magaeng a bone, mo mafelong a batho botlhe, mo makadibeng, mo dithabeng, le mo disinagogeng tota.—Mathaio 5:1, 2; 8:14; Mareko 1:16; Luke 4:15.
12, 13. (a) Paulo o beetse Bakeresete sekao jang? (b) Basupi ba ga Jehofa ba bontshitse jang gore ba latela sekao sa ga Paulo?
12 Moaposetoloi Paulo o ne a ka bolela jaana ka tshwanelo mabapi le bodihedi jwa gagwe: “Lona ka losi loa itse kaha ke nntseñ ka nna mo go lona ka gōna ka metlha eotlhe, go simolola ka letsatsi ya ntlha ye ke gorogileñ ka yeōna mo lehatshiñ ya Asia, ke dihèla Morèna . . . , kaha ke se kañ ka boiha ka gōna go lo bolèlèla señwe le señwe se se molemō, ke ruta mo ponoñ, le ka go nna ke tsamaea le matlo.”—Ditihō 20:18-20.
13 Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe lefatshe lotlhe gore ba latela sekao sa baaposetoloi, sa bodihedi jwa ntlo le ntlo. Mo boemong jwa gore Basupi ba tlhome megopolo mo tirelong ya thelebishene e e turang, e e senang mosola, le e e sa tsheleng, ba ya kwa bathong, bahumi le bahumanegi mme ba buisana le bone ba lebane difatlhego. Ba batla go bua ka Modimo le ka Lefoko la gagwe.b Ga ba leke gore batho ba fetoge Bakeresete fela ka go bo ba bona melemo e ba e direlwang, ka go ba neela dilo tse di bonalang mahala. Fa e le bao ba ratang go tlhaloganya, ba ba tlhalosetsa gore tharabololo fela ya mmatota ya mathata a batho ke puso ya Bogosi jwa Modimo, e e tlileng go fetola maemo mo lefatsheng la rona gore a nne botoka.—Isaia 65:17, 21-25; 2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-4.
14. (a) Barongwa le babulatsela ba le bantsi ba beile motheo o o nonofileng jang? (b) Ke eng se re se ithutang go tswa mo dilong tse Basupi ba ga Jehofa ba neng ba itemogela tsone kwa Japane?
14 Barongwa le babulatsela ba ile ba simolola go dirisa ditsela tse di atlegang mo bathong ba le bantsi, gore tiro e fitlhelelwe mo dinageng di le dintsi ka mo go ka kgonegang ka teng. Ba beile motheo, mme go tswa foo Basupi ba mo lefelong leo ba bo ba tsweledisa tiro. Ka gone, go ne go sa tlhokege gore go tle palo e kgolo ya Basupi ba ba tswang kwa dinageng di sele gore go rera go tswelele pele le gore go dirwe sentle ka thulaganyo. Sekai sengwe se se tlhomologileng ke sa kwa Japane. Fa re boela kwa bofelong jwa bo1940, go ne ga ya bontsi jwa barongwa ba ba tswang kwa dinageng tsa Australasian le kwa Boritane, ba ne ba feta ba ithuta puo ya koo, ba tlwaela maemo a bogologolo a motlha oo wa fa ntwa e sena go fela, mme ba simolola go rera ka ntlo le ntlo. Ka Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ne ba thibetswe e bile ba bogisiwa kwa Japane. Ka jalo fa barongwa ba goroga ba fitlhetse Basupi ba Bajapane ba ba tlhagafetseng ba le babotlana thata ka palo. Mme gompieno palo ya bone e ile ya oketsega ya feta 187 000 mo diphuthegong tse di fetang 3 000! Ke eng se se dirileng gore ba atlege ka bonako jaana? Morongwa mongwe wa koo yo o nang le dingwaga tse di fetang 25 a ntse a le mo tirelong o ne a bolela jaana: “Go ne go le botlhokwa thata go ithuta go bua le batho. Ka go itse puo ya bone fela, re ne re kgona go itsalanya gaufi thata le bone, re tlhaloganya le go anaanela tsela e ba tshelang ka yone. Re ne re tshwanetse go bontsha gore re rata Bajapane. Re ne ra leka ka boikokobetso gore re nne karolo ya batho ba ba mo lefelong leo, mme re sa fetole maitsholo a rona a Bokeresete.”
Boitshwaro jwa Bokeresete Le Jone Bo Neela Bosupi
15. Basupi ba bontshitse jang boitshwaro jwa Bokeresete?
15 Lefa go ntse jalo, batho ga ba amogela molaetsa wa Bibela fela. Gape ba bone gore Bokeresete bo dira jang. Ba bone lorato, tirisanommogo, le kutlwano ya Basupi tota le e leng kafa tlase ga maemo a a lekang tota, a a jaaka a dintwa tsa maraganela teng a bana ba mpa, dintwa tsa bomorafe, le go ilana ga ditso. Basupi ba ile ba boloka bothokgami jwa Bokeresete ka tshwanelo mo dintweng tseno tsotlhe mme ba diragaditse mafoko ano a ga Jesu: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:34, 35.
16. Ke boitemogelo bofe jo bo bontshang lorato lwa Bokeresete lo lo mosola?
16 Go rata baagisani go ile ga bontshiwa monna mongwe yo o godileng yo o neng a kwalela pampiri nngwe ya mo lefelong leo a kwala ka ga “Rre. le Mmè. Molemo.” O ne a tlhalosa gore baagisani ba gagwe ba ne ba ntse ba mmontsha bopelonomi le fa mosadi wa gagwe a ne a ela go swa. “Fa e sa le a tlhokafala . . . ba ile ba nna pelonomi tota. Fa e sa le ka yone nako eo ba ile ba ‘ntsaya gore ke nne le bone’ . . . , ba ntirela sengwe le sengwe le go nthusa go rarabolola mathata a monnamogolo wa dingwaga di le 74 e bile ke sa tlhole ke bereka. Se se bileng se gakgamatsa le go feta ke gore ke batho ba bantsho, nna ke motho yo mosweu. Ke Basupi ba ga Jehofa, nna ke tlogetse kereke ya Katoliki.”
17. Ke tsela efe e re tshwanetseng go e tila?
17 Boitemogelo jono bo bontsha gore re ka neela bosupi ka ditsela di le dintsi, le ka boitshwaro jwa rona jwa letsatsi le letsatsi tota. Tota e bile, fa boitshwaro jwa rona bo sa tshwane le jwa ga Keresete, bodihedi jwa rona bo tla bo e le jwa boitimokanyi, bo sena matswela. Ga re batle go tshwana le bao Jesu a neng a ba tlhalosa jaana: “Cotlhe tse ba di lo raeañ, lo di dihè, lo di tlhōkōmèlè: me lo se ka loa diha kaha ditihoñ tsa bōnè; gonne ba tla ba bue, me ba se ke ba dihe.”—Mathaio 22:37-39; 23:3.
Setlhopha sa Motlhanka Se Re Neela Didirisiwa Tse Di Tshwanetseng
18. Dibuka tsa Bibela di re tlhomelela jang gore re thuse batho ba ba dipelo di ikanyegang?
18 Lebaka le lengwe le le botlhokwa la go rera mafoko a a molemo mo ditšhabeng tsotlhe ke go bo go na le dibuka tsa Bibela tse di gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society. Re na le dibuka, diboroutšhara, dipampitshana, le dimakasine tse di ka arabang dipotso tsotlhe tsa motho yo o botsang ka bopeloephepa. Fa re buisana le Momoselema, Mohindu, Mobuda, Mo-Tao, kana Mojuda, re ka dirisa buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo kana dipampitshana tse di farologaneng mmogo le dibukana gore re simolole motlotlo mme gongwe ra simolola thuto ya Bibela. Fa motho yo o dumelang mo thutotlhagelelong a botsa kaga popo, re ka dirisa buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? Fa mosha a botsa gore, ‘Lebaka la go bo botshelo bo le gone ke lefe?’ re ka mmontsha buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. Fa mongwe a tshwentswe thata ke mathata a gagwe ka namana—e leng go tshwenyega thata mo maikutlong, letsapa, go betelelwa, go tlhalwa—re na le dimakasine tse di tlhalositseng ditlhogo tse di ntseng jalo ka tsela e e mosola. Ke boammaaruri gore setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo se Jesu a neng a bolelela pele ka sone gore se ne se tla re naya “diyō ka dipaka tse e leñ cōna” se dira seabe sa sone.—Mathaio 24:45-47.
19, 20. Go tlile jang gore tiro ya Bogosi e gole ka bofefo jaana kwa Albania?
19 Mme go ile ga tlhokega gore go gatisiwe dibuka tseno ka dipuo di le dintsi gore go fitlhelelwe ditšhaba. Go ile ga kgonega jang gore go ranolwe Bibela le dibuka tse di theilweng mo Dikwalong ka dipuo di feta 200? Fa re sekaseka sekai se le sengwe sa kwa Albania, re tla bona kafa setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale se kgonneng ka gone go tsweledisa mafoko a a molemo go sa kgathalesege mathata a magolo e bile go sena Pentekosete ya segompieno gore batho ba itse dipuo ka bonako.—Ditihō 2:1-11.
20 Mo dingwageng di sekae fela tse di fetileng, Albania e ne e santse e lejwa jaaka naga e le nosi ya Bokomonisi e e leng ya bolatolamodimo. Makasine wa National Geographic o ne wa bolela jaana ka 1980: “Albania e thibetse [bodumedi], ka 1967 e ne ya ipolela fa e le ‘naga ya ntlha ya go nna ya bolatolamodimo mo lefatsheng.’ . . . Dikokomana tse disha tsa kwa Albania di itse bolatolamodimo fela.” E re ka jaanong Bokomonisi bo fedile, Baalbania ba ba lemogang gore go na le se ba se tlhokang semoyeng ba amogela se Basupi ba ga Jehofa ba se rerang. Go ne ga tlhomiwa setlhotshwana sa baranodi ba basha ba Basupi ba ba itseng puo ya Sentadiana le Seesemane kwa Tiranë ka 1992. Bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba ba neng ba ba etela ba tswa kwa dinageng tse dingwe ba ne ba ba ruta go dirisa dikhomputara tsa laptop go tsenya mafoko a Sealbania. Ba ne ba simolola ka go ranola dipampitshana le makasine wa Tora ya Tebelo. Fa ba ntse ba nna le bokgoni, ba ranola dikgatiso tse dingwe tsa Bibela tse di tlhwatlhwakgolo. Gone jaanong go na le Basupi ba ba tlhagafetseng ba ba ka nnang 200 mo nageng eo e potlana (palo ya batho botlhe ke 3 262 000), mme ba le 1 984 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong ka 1994.
Rotlhe Re Na Le Boikarabelo
21. Re tshela mo motlheng o o ntseng jang?
21 Ditiragalo tsa lefatshe di setse di fitlha kwa setlhoeng. Go lebega lefatshe le tlhakatlhakane le sa laolesege ka ntlha ya go gola ga bokebekwa le bothubaki, go bolaana le go betelela mo dintweng tsa selegae, go anama ga boitsholo jo bo maswe le diphelelo tsa jone tsa malwetse a a tshelanwang a tlhakanelodikobo, go tlhoka go utlwa balaodi ba ba beilweng kafa molaong. Re tshela mo motlheng o o tshwanang le metlha ya pele ga Morwalela e e tlhalositsweng mo go Genesise: “Yehofa a bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe. Me Yehofa a ikwatlhaea ka a dihile motho mo lehatshiñ, me ga mo tlokohatsa pelo.”—Genesise 6:5, 6; Mathaio 24:37-39.
22. Basupi ba ga Jehofa botlhe ba na le boikarabelo bofe jwa Bokeresete?
22 Fela jaaka mo metlheng ya Noa, Jehofa o tlile go tsaya kgato. Mme ka tshiamiso ya gagwe le lorato, o batla gore mafoko a a molemo le molaetsa wa tlhagiso di rerwe pele mo ditšhabeng tsotlhe. (Mareko 13:10) Basupi ba ga Jehofa ba na le boikarabelo mo kgannyeng eno—gore ba batle ba ba tshwanelang kagiso ya Modimo le go ba ruta ditsela tsa gagwe tsa kagiso. Go ise go ye kae, mo nakong e Modimo a e beileng, thomo ya go rera e tla bo e feditswe ka katlego. “Hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 10:12, 13; 24:14; 28:19, 20.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga Baditšhaba, bona setlhogo se se reng “Nations” mo go Insight on the Scriptures, Bolumo II, ditsebe 472-4, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Go bona dikakantsho tse di mosola mabapi le bodihedi jwa Bokeresete, bona Tora ya Tebelo ya April 1, 1985, tsebe 26, “Ka moo Re ka Nnang Badihedi ba ba Nang le Matswela ka Gone,” le Tora ya Tebelo ya April 15, 1985, tsebe 25, “Bodihedi jo bo Nang le Matswela bo Gogela kwa Barutweng ba ba Oketsegileng.”
A O A Gakologelwa?
◻ Basupi ba motlha wa segompieno ba nnile le katlego efe mo bodiheding jwa bone?
◻ Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba gana molaetsa wa Bokeresete?
◻ Basupi ba dirisa tsela efe ya baaposetoloi ya go rera?
◻ Re na le didirisiwa dife tse di re thusang gore bodihedi bo nne le matswela?
◻ Ke eng se rotlhe re tshwanetseng go se dira go dumalana le Mareko 13:10?
[Lebokoso mo go tsebe 19]
NAGA BASUPI BA BA NENG BA TLHAGAFETSE KA 1943 KA 1993
Argentina 374 102 043
Brazil 430 366 297
Chile 72 44 668
Colombia ?? 60 854
Fora Ntwa ya Lefatshe II 122 254
- ga go na pego
Ireland 150? 4 224
Italy Ntwa ya Lefatshe II 201 440
- ga go na pego
Mexico 1 565 380 201
Peru Tiro ga e a begiwa 45 363
Philippines Ntwa ya Lefatshe II 116 576
- ga go na pego
Poland Ntwa ya Lefatshe II 113 551
- ga go na pego
Portugal Tiro ga e a begiwa 41 842
Spain Tiro ga e a begiwa 97 595
Uruguay 22 9 144
Venezuela Tiro ga e a begiwa 64 081
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba oketsega mo dinageng di le dintsi tsa Katoloki, tse di jaaka Spain
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Basupi ba ga Jehofa ba tlhagafetse mo ditšhabeng go dikologa lefatshe