Phuthego ya ga Jehofa e Tshegetsa Bodiredi Jwa Gago
“Ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, mme o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang.”—TSHENOLO 14:6.
1. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lekwa jang, mme ke ka ntlha yang fa ba ile ba falola?
KE KA ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go lemoga seabe sa phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo mo go tshegetseng bodiredi jwa Bokeresete? Ebu, a Basupi ba ga Jehofa ba ka bo ba ile ba kgona go wetsa tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng leno le le letlhoo ba sa tshegediwe ke masomosomo a ga Jehofa a selegodimo? Basupi ba ile ba rera ka tsela e e ntseng jalo mo lekgolong la dingwaga la dipuso tsa sepolotiki tsa bosetšhaba jo bo feteletseng, tsa bobusaesi, ka dintwa tsa lefatshe, le mo dipitlaganong tse dingwe. Fa ba ne ba sa thusiwe ke Jehofa a Basupi ba ka bo ba ile ba falola letlhoo la ditšhaba tsotlhe ka botlalo, kgobelelo, mme gantsi ba bogisiwa mo go setlhogo?—Pesalema 34:7.
Go Falola Le fa Ba ne Ba Ganediwa ke Lefatshe Lotlhe
2. Bakeresete ba boammaaruri ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba tshwana jang le ba gompieno?
2 Mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga, baba, ba bodumedi mmogo le ba bopolotiki, ba ntse ba baya sekgoreletsi le fa e le sefe fela, e ka tswa e le sa molao le tse dingwe, go leka go thibela kana go nyeletsa tiro ya ga Jehofa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ntse ba bogisiwa, ba sa bolelwe sentle, ba patelediwa le go senngwa maina—ba le bantsi ba ile ba bolawa—gantsi e ne e le baruti ba Babelona yo Mogolo ba ba neng ba tlhotlheletsa seo. Go ka bolelwa, fela jaaka go ne go ntse ka Bakeresete ba bogologolo, gore “ruri malebang le lekoko leno re a itse gore le buiwa ka go kgalwa gongwe le gongwe.” Fela jaaka baruti ba Bajuda ba motlha wa ga Keresete ba ne ba lwa ka bogale gore ba emise bodiredi jwa gagwe, ka jalo baruti le batenegi, ba kopane le dinyatsi tsa bone tsa bopolotiki, ba ile ba leka go emisa tiro e kgolo e e rutang ya go neela bosupi ya batho ba ga Jehofa.—Ditiro 28:22; Mathaio 26:59, 65-67.
3. Ke eng se re ka se ithutang mo bothokgaming jwa ga Henryka Żur?
3 Tsaya ka sekai se se neng sa diragala kwa Poland ka March 1, 1946. Henryka Żur, mosetsana mongwe wa Mosupi wa dingwaga di le 15 yo o neng a tswa gaufi le kwa Chełm, o ne a tsamaya le Mosupi mongwe, mokaulengwe mongwe, ba etela batho ba ba kgatlhegang kwa motsaneng mongwe o o gaufi. Ba ne ba tshwarwa ke maloko a sesole sa Katoliki se se bidiwang Narodowe Siły Zbrojne (Masole a a Tlhometseng a Setšhaba). Mokaulengwe yono o ne a itewa mo go setlhogo mme a falotsa botshelo jwa gagwe. Ga se ka ga nna jalo ka Henryka. O ne a bogisiwa mo go setlhogo ka diura di le dintsi fa ba ntse ba leka go mo pateletsa go dira letshwao la Katoliki la sefapaano. Mongwe wa babogisi ba gagwe o ne a bolela jaana: “Mo pelong ya gago o ka nna wa akanya le fa e le eng fela se o batlang go se akanya, dira fela letshwao la Katoliki la sefapaano. E seng jalo lerumo le go emetse!” A o ne a koafala mo bothokgaming jwa gagwe? Nnyaa. Magatlapa ano a bodumedi a ne a mo kgokgoeletsa kwa sekgweng se se gaufi mme ba mo thuntsha. Le fa go ntse jalo, o ne a fentse! Ba ne ba paletswe ke go senya bothokgami jwa gagwe.a—Baroma 8:35-39.
4. Maloko a bopolotiki le a bodumedi a ne a leka jang go nyeletsa tiro ya go rera ka Bogosi?
4 Ka dingwaga tse di fetang lekgolo, batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno ba ne ba ntse ba tshwarwa makgwakgwa le go tlontlololwa. E re ka Basupi ba ga Jehofa ba se karolo ya madumedi a magolo a ga Satane, e bile ba sa eletse go nna karolo ya one, ba lejwa e le ba ba ka tshwanelwang ke go tlhaselwa ka tsela e e gobelelang kana ba ganediwa ka mokgwa o o feteletseng. Ba ile ba tlhaselwa setlhogo ke maloko a dipolotiki. Basupi ba le bantsi ba ile ba bolaelwa tumelo ya bone. Tota le dipuso tse go tweng ke tsa batho ka batho di ile tsa leka go kgoreletsa go rerwa ga dikgang tse di molemo. Bogologolo ka 1917 kwa Canada le kwa United States, baruti ba ne ba tlhotlheletsa ditatofatso tsa menolopuso kgatlhanong le Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ne ba itsiwe ka nako eo. Badiredi ba Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ba se na molato, mme morago ga moo ba bo ba gololwa.—Tshenolo 11:7-9; 12:17.
5. Ke mafoko afe a a ileng a kgothatsa batlhanka ba ga Jehofa?
5 Satane o ne a dirisa sengwe le sengwe se se leng mo maatleng a gagwe go leka go emisa tiro ya go neela bosupi ya barwarraagwe Keresete le ditsala tsa bone tse di ikanyegang ka nitamo. Le fa go ntse jalo, jaaka maitemogelo a le mantsi a bontsha, matshosetsi, go boifisiwa, go itewa mo mmeleng, dikgolegelo, dikampa tsa pogisetso, tota le loso ga di a ka tsa didimatsa Basupi ba ga Jehofa. Mme seno se ntse se le jalo mo hisitoring yotlhe. Gangwe le gape, mafoko ano a ga Elisha a ile a ba kgothatsa: “Se boife; gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.” Lebaka le lengwe ke gore baengele ba ba ikanyegang ba feta masomosomo a ga Diabolo!—2 Dikgosi 6:16; Ditiro 5:27-32, 41, 42.
Jehofa o Segofatsa go Rera ka Tlhoafalo
6, 7. (a) Bogologolo go ne ga dirwa maiteko afe go rera dikgang tse di molemo? (b) Ke phetogo efe e e mosola e e neng ya diragala go simologa ka 1943?
6 Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirisa dikgatelopele tsa boranyane jwa saense e le go oketsa le go dira gore tiro e kgolo ya go neela bosupi e dirwe ka bonako pele bofelo bo tla. Bogologolo ka 1914, Pastor Russell, moporesidente wa ntlha wa Watch Tower Bible and Tract Society, o ne a dira gore go simolole go dirisiwe diselaete le dibaesekopo, tse di tsamaisanang le tlhaloso e e theilweng mo Baebeleng e e mo direkotong tsa fonokerafa, mo baesekopong ya Baebele e e neng e tsaya diura di le robedi e e bidiwang “Photo-Drama of Creation.” E ne e gakgamatsa bareetsi ba le bantsi mo dinageng di le dintsi ka nako eo. Moragonyana, ka bo1930 le bo1940, Basupi ba ne ba itsiwe ka go rera ka ntlo le ntlo ba tshwere difonokerafa tse di nnye, ba dirisa dipuo tsa Baebele tse di rekotilweng tse di neng di neelwa ke J. F. Rutherford, moporesidente wa bobedi wa Mokgatlho.
7 Ka 1943 go ne ga tsewa kgato nngwe ya bopelokgale e kaelwa ke Nathan H. Knorr, moporesidente wa boraro wa Mokgatlho, fa go ne go dirwa tshwetso ya go simolola sekolo sa badiredi mo phuthegong nngwe le nngwe. Basupi ba ne ba tla thapisediwa go rera le go ruta ka ntlo le ntlo ba sa dirise difonokerafa tse di rekotilweng. Fa e sa le ka nako eo, go ile ga rulaganngwa dikolo tse dingwe go thapisa barongwa, badiredi ba babulatsela ba nako e e tletseng, bagolwane ba phuthego le balebedi ba ba ikarabelang mo makaleng a Mokgatlho wa Watch Tower. Go ile ga felela ka eng?
8. Basupi ba ne ba bontsha tumelo e kgolo jang ka 1943?
8 Bogologolo ka 1943, fa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e tsweletse, go ne go na le Basupi ba ba tlhagafetseng ba le 129 000 fela mo dinageng di le 54. Le fa go ntse jalo, ba ne ba na le tumelo e bile ba ikemiseditse gore Mathaio 24:14 e tla diragadiwa pele bokhutlo bo tla. Ba ne ba tlhatswegile pelo gore Jehofa o ne a tla dira gore molaetsa o o botlhokwa o o tlhagisang o bolelwe pele go latela ditiragalo tse di tla tlisang bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (Mathaio 24:21; Tshenolo 16:16; 19:11-16, 19-21; 20:1-3) A maiteko a bone a duetswe?
9. Ke ditiragalo dife tse di bontshang gore tiro ya go neela bosupi e ile ya tswelela pele?
9 Gone jaanong go na le dinaga di ka nna 13 tse di nang le Basupi ba ba tlhagafetseng ba ba fetang 100 000 mo go nngwe le nngwe ya tsone. Bontsi jwa dinaga tseno di laolwa thata ke Kereke ya Katoliki. Le fa go ntse jalo, leba seemo. Brazil e na le baboledi ba ka nna 450 000 ba dikgang tse di molemo, mme ba ba fetang 1200 000 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 1997. Mexico ke sekai se sengwe, e na le Basupi ba ka nna 500 000 mme ba ba fetang 1600 000 ba ne ba le gone kwa moketeng wa Segopotso. Dinaga tse dingwe tsa Katoliki ke Italy (Basupi ba ka nna 225 000), Fora (ba ka nna 125000), Spain (ba feta 105 000), le Argentina (ba feta 115 000). Kwa United States, koo go tletseng Boporotesetanta, Katoliki le ditumelo tsa Sejuda, go na le Basupi ba ka nna 975 000 mme ba ba fetang 2000 000 ba ne ba le gone kwa Segopotsong. Eleruri, boidiidi jo bogolo bo tswa mo go Babelona yo Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ka dithuto tsa gagwe tse di raraaneng mme bo ya kwa ditsholofetsong tsa Modimo tse di motlhofo le tse di tlhomameng tsa “magodimo a masha le lefatshe le lesha.”—2 Petere 3:13; Isaia 2:3, 4; 65:17; Tshenolo 18:4, 5; 21:1-4.
Go Fetoga Go ya Ka Dilo Tse Batho ba di Tlhokang
10. Maemo a ne a fetoga jang mo dikarolong tse dingwe?
10 Bontsi jwa batho ba ba neng ba ya kwa go Jehofa ka Keresete Jesu ba ile ba fitlhelelwa ka ntlo le ntlo. (Johane 3:16; Ditiro 20:20) Mme go ile ga dirisiwa le mefuta e mengwe. Maemo a fetogile, mme maemo a itsholelo a dira gore basadi ba le bantsi jaanong ba bereke kwa ntle ga legae. Gantsi, mo gare ga beke, go ka fitlhelwa batho ba sekae fela kwa gae. Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba fetoga le seemo. Fela jaaka Jesu le barutwa ba bogologolo, ba ya kwa batho ba ka fitlhelwang gone le ka nako e ba leng teng ka yone.—Mathaio 5:1, 2; 9:35; Mareko 6:34; 10:1; Ditiro 2:14; 17:16, 17.
11. Basupi ba ga Jehofa ba rera kae gompieno, mme diphelelo ke dife?
11 Basupi ba tsaya kgato ya pele mme ba rerela batho ka bonokopela mo mafelong a magolo a go emang dikoloi mo go one, mo mabenkeleng, mo difeketiring, mo diofising le mo dikgwebong, kwa dikolong, mo diteisheneng tsa mapodise, le mo diteisheneng tsa peterole, kwa dihoteleng le kwa diresetšhurenteng, le mo mebileng. Tota e bile, ba rera gongwe le gongwe kwa batho ba leng gone. Mme fa batho ba le mo gae, Basupi ba tswelela pele ba ba etela gone koo. Mokgwa ono wa go fetofetoga le wa go tshwarega thata o dira gore dibuka tsa Baebele di aname ka bontsi. Go fitlhelwa batho ba sekadinku. Go simololwa dithuto tse disha tsa Baebele. Tiro e e rutang thata mo hisitoring ya batho e dirwa ka tlhagafalo ke badiredi ba ba ithaopileng ba ba fetang dimilione tse tlhano le sephatlo! A o na le tshiamelo ya go nna mongwe wa bone?—2 Bakorintha 2:14-17; 3:5, 6.
Ke Eng se se Tlhotlheletsang Basupi ba ga Jehofa?
12. (a) Jehofa o ruta batho ba gagwe jang? (b) Thuto eno e ba ama jang?
12 Phuthego ya selegodimo e amana jang le seno sotlhe? Isaia o ne a porofeta jaana: “Bana ba gago botlhe ba tlaa rutwa ke Jehofa; kagiso ya bana ba gago e tlaa nna kgolo.” (Isaia 54:13) Jehofa o ruta bakaulengwe bano ba ba utlwanang ba lefatshe lotlhe ka phuthego ya gagwe e e bonalang mo lefatsheng—kwa Diholong tsa Bogosi, kwa dikopanong tse dikgolo le tse dinnye. Go nna le kutlwano le kagiso. Thuto ya ga Jehofa e dirile gore go nne le batho ba ba kgethegileng, ba ba rutilweng gore ba ratane le go rata baagelani ba bone jaaka ba ithata, e seng go tlhoa baagelani ba bone, go sa kgathalesege gore ba nna kae mo lefatsheng leno le le se nang kutlwano le le le kgaoganeng.—Mathaio 22:36-40.
13. Re ka tlhomamisega jang gore tiro ya go rera e kaelwa ke baengele?
13 Lorato ke lone lo lo tlhotlheletsang Basupi ba ga Jehofa gore ba tswelele pele ba rera le mororo batho ba sa kgatlhege kana ba ba bogisa. (1 Bakorintha 13:1-8) Ba itse gore tiro ya bone e e bolokang matshelo e kaelwa go tswa kwa legodimong, jaaka Tshenolo 14:6 e bolela. Ke molaetsa ofe o o bolelwang ka kaelo ya baengele? “Boifang Modimo lo bo lo o neye kgalalelo, ka gonne nako ya one ya go atlhola e gorogile, mme jalo obamelang One o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.” Go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi go tlotlomatsa leina la ga Jehofa. Batho ba lalediwa go galaletsa Mmopi, Modimo, e seng dibopiwa le thutotlhagelelo e e sa tlhaloganngweng. Mme ke ka ntlha yang fa tiro ya go rera e potlakile jaana? Ka gonne letsatsi la katlholo le gorogile—katlholo kgatlhanong le Babelona yo Mogolo le dikarolo tsotlhe tse dingwe tsa tsamaiso ya dilo e e bonalang ya ga Satane.—Tshenolo 14:7; 18:8-10.
14. Ke bomang ba ba amegang mo letsholong leno le legolo la go ruta?
14 Ga go na Mokeresete ope yo o ineetseng yo o sa direng tiro eno ya go rera. Bagolwane ba semoya ba etelela pele mo go rereng le phuthego. Babulatsela ba ba thapisitsweng ba tshwarega ka botlalo mo tirong eno. Baboledi ba ba tlhagafetseng ba molaetsa wa Bogosi, ba ka tswa ba kgona go rera fela ka diura di sekae ka kgwedi kana di le dintsi, ba anamisa molaetsa mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 28:19, 20; Bahebera 13:7, 17.
15. Ke eng se se supang gore go rera ga Basupi ba ga Jehofa go na le matswela?
15 A boiteko jono jotlhe bo ile jwa ama lefatshe? Bosupi bo le bongwe jo bo bontshang gore bo le amile ke makgetlho a le mmalwa a Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tlhagisa ka one mo dithulaganyong tsa thelebishene le mo dipampiring tsa dikgang. Gantsi dilo tseno di tlhomolola tsela e re dirang ka yone re sa kgaotse le kafa re ikemiseditseng ka teng go fitlhelela mongwe le mongwe. Ee, tlhagafalo ya rona le go nna gone ka metlha go a ba ama, tota le fa bontsi jwa batho bo gana molaetsa le barongwa!
Tlhagafalo ya Rona Gore re Wetse go Neela Bosupi
16. Mo nakong e khutshwane e e setseng jaanong re tshwanetse go bontsha boikutlo bofe?
16 Ga re itse gore go setse nako e e kana kang gore tsamaiso eno ya dilo e fele, le gone ga re tlhoke go itse fa fela boikutlo jwa rona jwa go direla Jehofa e le jo bo siameng. (Mathaio 24:36; 1 Bakorintha 13:1-3) Mme re itse gore, e le gore, lorato lwa ga Jehofa lo bonale, maatla le tshiamiso, dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa “pele.” (Mareko 13:10) Ka gone, go sa kgathalesege gore re letile ka dingwaga di le dintsi go le kana kang re tlhoafaletse gore lefatshe leno le le boikepo le fele, le le se nang tshiamiso e bile le na le bothubaki, re tshwanetse go tshelela boineelo jwa rona ka tlhagafalo go dumalana le maemo a rona. Re ka tswa re godile kana re lwala, mme re sa ntse re ka direla Jehofa ka tlhagafalo e re neng re na le yone mo metlheng ya fa re le basha kana fa re ne re itekanetse. Gongwe ga re tlhole re dira diura tse dintsi mo bodireding jaaka pele, mme tota re ka nna re bolokile boleng jwa setlhabelo sa rona sa pako mo go Jehofa.—Bahebera 13:15.
17. Anela ka boitemogelo bongwe jo bo kgothatsang jo bo ka re thusang rotlhe.
17 Ka gone, re ka tswa re le bannye kana re le bagolo, a re tlhagafaleng le go abela botlhe ba re kopanang le bone molaetsa wa rona o o molemo wa lefatshe le lesha. A re tshwaneng le mosetsana mongwe yo o ditlhong wa dingwaga di le supa wa kwa Australia yo o neng a ya le mmaagwe kwa lebenkeleng. O ne a utlwile kwa Holong ya Bogosi kafa go leng botlhokwa ka gone gore rotlhe re rere, ka jalo o ne a tsenya diboroutšhara di le pedi tsa Baebele mo bekeng ya gagwe. Fa mmaagwe a sa ntse a le fa khaontareng, mosetsana yono o ne a nyelela. Fa mmaagwe a mmatla, o ne a tsamaisetsa mosadi mongwe boroutšhara! Mmaagwe o ne a ya go kopa maitshwarelo fa e le gore morwadie a ka tswa a kgopisitse mosadi yono ka tsela nngwe. Mme mosadi yono o ne a itumeletse go amogela boroutšhara jono. Fa mmaagwe gape a le nosi le morwadie, o ne a mmotsa gore o kgonne jang gore a nne pelokgale go atamela motho yo a sa mo itseng. “Ke ile ka re fela, Ipaakanye, Ema, A re Ye Kong! Mme ka ya!”
18. Re ka bontsha jang moya o o eletsegang?
18 Rotlhe re tlhoka moya o o tshwanang le wa mosetsana yono wa kwa Australia, segolobogolo e le gore re buisane le batho ba re sa ba itseng ka dikgang tse di molemo kana tota le badiredibagolo. Re ka nna ra tshaba go ganwa. A re se ka ra lebala se Jesu a neng a se bolela: “Lo se ka lwa tlhobaela kaga gore lo tla bua jang kgotsa eng fa lo iphemela kgotsa gore lo tla reng; gonne moya o o boitshepo o tla lo ruta ka yone nako eo dilo tse lo tshwanetseng go di bua.”—Luke 12:11, 12.
19. O ikutlwa jang ka bodiredi jwa gago?
19 Ka jalo ikanye thuso ya moya wa Modimo fa o buisana le batho ka dikgang tse di molemo ka tsela e e pelonomi. Dimilione tsa batho di ikanya banna le basadi ba gantsi ba seng botlhokwa ba ba leng teng gompieno mme ka moso ba tsoga ba seyo. Re ikanya Jehofa le phuthego ya gagwe ya selegodimo—Keresete Jesu, baengele ba ba boitshepo le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tsositsweng—ba ba tshelang ka bosakhutleng! Ka gone, gakologelwa: “Ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone”!—2 Dikgosi 6:16.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona dikai tse di oketsegileng, bona 1994 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 217-20.
O Araba Jang?
◻ Ke eng se se neng sa dirwa ke phuthego ya Modimo ya selegodimo gore batho ba ga Jehofa ba bolokwe?
◻ Ke maloko afe a bopolotiki le a bodumedi a a neng a tlhasela Basupi ba ga Jehofa mo lekgolong la bo20 la dingwaga?
◻ Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fetola bodiredi jwa bone jang gore bo tshwanele dilo tse di tlhokwang mo metlheng eno?
◻ Ke eng se se go tlhotlheletsang go rera?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Henryka Żur
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Japane
Martinique
United States
Kenya
United States
Basupi ba ga Jehofa ba rera ka nako nngwe le nngwe le gongwe le gongwe kwa batho ba ka fitlhelwang gone
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Pelenyana mo lekgolong leno la dingwaga, difonokerafa di ne di dirisiwa go anamisa molaetsa wa Bogosi