LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 9/1 ts. 22-25
  • Go Itumela mo Bokaulengweng jwa Mmatota, jwa Lefatshe Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itumela mo Bokaulengweng jwa Mmatota, jwa Lefatshe Lotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsena mo Bokaulengweng
  • Go Oketsa Bodihedi jwa Nako E E Tletseng
  • Go Lekwa ga Bokaulengwe jwa Rona
  • Bakaulengwe Ba Ba Ikanyegang kwa Ethiopia
  • Bomorafe Bo Fentswe
  • Re Itumelela Bokaulengwe jwa Rona
  • Bokaulengwe mo Lefatsheng Lotlhe Bo A Tlhomamisega!
    Tsogang!—1990
  • Tharabololo Ya go Se Batle go Itshokela Ditso Tse Dingwe ke Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • A Lefatshe le Tla ko le Utlwane?
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 9/1 ts. 22-25

Go Itumela mo Bokaulengweng jwa Mmatota, jwa Lefatshe Lotlhe

JAAKA GO BOLETSE WILLIE DAVIS

Ka 1934 Khumanego E Kgolo e ne e apesitse lefatshe, mme United States e ne e le mo mathateng a matshwenyego a ikonomi. Kafa ntle ga Prospect Relief Station kwa Cleveland, kwa Ohio, go ne go lwa lepodise le Lekomonise le le sa iphitlheng. Lepodise le ne la hula la ba la bolaya Lekomonise leno le motho mongwe yo o neng a eme gaufi, ebong mmemogolo, Vinnie Williams.

MAKOMONISE a ne a leka go bolela gore batho bano ba bolailwe ka ntlha ya lotso lwa bone, e re ka mmemogolo e ne e le motho yo montsho mme lepodise leo e le mosweu. Ba ne ba anamisa dipampitshana tse di neng di na le ditlhogo tse di tshwanang le tse di reng “Lepodise la kwa Cleveland Le Le Tlhaolang Batho ka Lotso” le “Busolosang Dipolao Tseno.” Makomonise a ne a rulaganyetsa phitlho ya ga mmemogolo a bo a e tsamaisa. Ke na le setshwantsho sa batho ba ba neng ba rwele lekesi—botlhe e le basweu e bile botlhe e le maloko a lekoko leo. Mongwe le mongwe wa bone o tsholeditse letsogo a hunne seatla ka mokgwa o moragonyana o ileng wa simolola go dirisiwa jaaka letshwao la Maatla a Bantsho.

Fa mmemogolo a ne a tlhokafala, morwadie o ne a nkimile, mme ke ne ka tsholwa dikgwedi di le nne morago ga foo. Ke ne ka gola ke na le bogole jwa go bua. Ke ne ke sa kgone go bua ke sa kokoetse, ka jalo ke ne ka thapisiwa gore ke kgone go bua sentle fa ke simolola go tsena sekolo.

Batsadi ba me ba ne ba kgaogana fa ke ne ke na le dingwaga di le tlhano, mme nna le kgaitsadiake re ne ra godisiwa ke mmaarona. Fa ke ne ke na le dingwaga di le lesome, ke ne ka simolola go isetsa batho dilwana tse ba di rekileng kwa magaeng a bone fa sekolo se tswa gore ke thuse go duelela ditshenyegelo tsa lelapa. Dingwaga di le pedi moragonyana ke ne ka simolola go bereka pele ke ya sekolong le fa ke tswa sekolong, ka jalo lelapa la simolola go ikaega ka madi a ke neng ke a amogela. Fa Mmè a ne a robadiwa mo kokelong a bo a tlhoka go ariwa kgapetsakgapetsa, ke ne ka tlogela sekolo mme ka simolola go bereka ka dinako tsotlhe.

Go Tsena mo Bokaulengweng

Ka 1944 mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a tlogelela mosadi wa ga ntsalake buka ya “The Truth Shall Make You Free,” mme ke ne ka simolola go nna teng mo thutong ya Bibela e ba neng ba e simolotse le ene. Mo go one ngwaga oo ke ne ka simolola go tsena Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo kwa Phuthegong ya Eastside. Molebedi wa sekolo, Albert Cradock, o ne a na le bothata jwa go bua jo bo tshwanang le jwa me, mme lefa go ntse jalo o ne a ithutile go bo laola. A bo a ne a nkgothatsa jang ne!

Mo lefelong le re neng re nna mo go lone go ne go tletse Bantadiana, Bapolishe, Ba-Hungary le Bajuda, ka jalo phuthego e ne e dirilwe ka batho bano le ba merafe e mengwe. Nna le mosadi wa ga ntsalake re ne re le bangwe ba Baamerika ba ntlha ba Baafrika go kopanela le phuthego eno e e neng e tletse basweu, mme lefa go ntse jalo Basupi ga ba ise ba ko ba re tlhaole ka ntlha ya lotso lwa rona. E bile tota, ba ne ba ntaletsa gangwe le gape gore ke ye go ja le bone kwa magaeng a bone.

Ka 1956, ke ne ka fudugela kwa karolong e e kwa borwa jwa United States gore ke ye go direla kwa go neng go tlhokega badihedi ba ba oketsegileng gone. Fa ke boela kwa bokone nako nngwe go le selemo ke ya kopanong ya kgaolo, bakaulengwe ba le bantsi kwa Cleveland ba ne ba tla kwa go nna ba bontsha ka lorato gore ba kgatlhegela se ke neng ke se dira. Tsela e ba neng ba amega ka nna ka yone e ne ya nthuta selo sa botlhokwa: Ka metlha motho a se “tlhokomele dilō tse e leñ tsa gagwè hèla, ha e se go re, moñwe le moñwe go tlhōkōmèla le tse e leñ tsa ba bañwe.”—Bafilipi 2:4.

Go Oketsa Bodihedi jwa Nako E E Tletseng

Ka November 1959, ke sena go direla dingwaga di le tharo mo tirong ya go rera ka nako e e tletseng jaaka mmulatsela, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa Bethele ya kwa Brooklyn, ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York. Ke ne ka abelwa go dira mo Lephateng la Thomelo. Molebedi wa lephata la rona, Klaus Jensen, le yo ke neng ke nna le ene mo kamoreng, William Hannan, bao ka bobedi jwa bone e neng e le basweu, ba ne ba nna borre ba semoya mo go nna. Mongwe le mongwe wa bone o ne a setse a na le dingwaga di ka nna 40 a direla mo Bethele fa nna ke ne ke goroga.

Mo masimologong a bo1960, go ne go na le maloko a ka nna 600 a lelapa la Bethele, mme ba ka nna 20 mo go bone e ne e le Baamerika ba Baafrika. Ka nako eo, United States e ne e setse e simolotse go nna le mathata a dintwa tsa setso, mme ditso tse di farologaneng di ne di sa utlwane sentle. Lefa go ntse jalo, Bibela e ruta gore ‘Modimo ga se motlhaodi wa batho,’ mme le rona ga re a tshwanela go tlhaola batho. (Ditihō 10:34, 35) Ditlhaloso tsa semoya tse re neng re di utlwa kwa tafoleng ya Bethele moso le moso di ne di nonotsha maikaelelo a rona a go amogela tsela e Modimo a lebang dikgang tse di ntseng jalo ka yone.—Pesalema 19:7.

Fa ke ntse ke direla kwa Bethele ya kwa Brooklyn ke ne ka kopana le Lois Ruffin, mmulatsela yo o neng a tswa kwa Richmond, kwa Virginia, mme re ne ra nyalana ka 1964. Re ne re ikaeletse go tswelela pele mo bodiheding jwa nako e e tletseng, ka jalo morago ga lenyalo la rona re ne ra boela kwa karolong e e kwa borwa ya United States. La ntlha re ne ra direla jaaka babulatsela ba ba kgethegileng, mme ka 1965, ke ne ka lalediwa go tsenela tiro ya bopotologi. Mo dingwageng tse di lesome tse di neng tsa latela, re ne ra etela diphuthego tse di kwa dinageng tsa Kentucky, Texas, Louisiana, Alabama, Georgia, Carolina Bokone, le Mississippi.

Go Lekwa ga Bokaulengwe jwa Rona

Tseo e ne e le dingwaga tsa diphetogo tse dikgolo. Pele re fudugela kwa Borwa, ditso di ne di tlhaotswe. Batho ba bantsho ba ne ba kganetswe ke molao gore ba se ka ba tsena dikolo di le dingwe fela le batho ba basweu, ba jela mo diresetšhurenteng di le dingwe fela le bone, ba robala mo dihoteleng di le dingwe fela le bone, ba reka mo mabenkeleng a le mangwe fela le bone, lefa e le gone go nwa mo dipompong di le dingwe fela le bone. Mme lefa go ntse jalo ka 1964 United States Congress e ne ya dira Molao wa Ditshwanelo tsa Batho o o neng o thibela tlhaolele mo mafelong a botlhe, go akaretsa le dipalangwa. Ka jalo go ne go sa tlhole go na le molao ope o o ka dirisiwang go kgaoganya batho ka lotso.

Ka jalo potso e ne ya nna gore, A bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba neng ba le mo diphuthegong tsa bantsho fela le basweu fela ba ne ba tla kopana le go bontshana lorato le kamego kana a kgatelelo ya bao ba tshelang nabo le maikutlo a a boteng a nako e e fetileng di ne di tla ba thibela gore ba se ka ba kopana? E ne e le kgwetlho go reetsa taolo ya Dikwalo e e reng: “Mo go rateñ bakauleñwe lo nnè lo ratanè ka loratō lo lo pepetletsañ; mo tlotloñ, a moñwe a beè eo moñwe kwa pele.”—Baroma 12:10.

E sale bogologolo, bontsi jwa batho, segolobogolo kwa Borwa, bo ne bo ntse bo tsaya gore bantsho ba kwa tlase. Mogopolo ono o ne o nwetse tota mo megopolong ya batho mo e ka nnang mo dikarolong tsotlhe tsa setšhaba, go akaretsa le mo dikerekeng. Ka jalo go ne go se motlhofo mo basweung ba bangwe gore ba lebe bantsho ba lekana le bone. Eleruri, eo e ne e le nako ya go lekwa ga bokaulengwe jwa rona—mo bantshong mmogo le mo basweung.

Se se itumedisang ke gore, ka kakaretso go kopanngwa ga diphuthego tsa rona go ne ga amogelwa sentle thata. Megopolo ya gore batho ba a fetana ka ntlha ya ditso tsa bone e e neng e jetswe ka kelotlhoko mo makgolong a dingwaga a a fetileng ga e a ka ya phimoga ka bonako. Lefa go ntse jalo fa go simololwa go kopanwa, bakaulengwe ba rona ba ne ba amogela seo, mme bontsi jwa bone ba ne ba itumelela gore ba bo ba kgona go kopana mmogo.

Se se kgatlhang ke gore, gantsi le eleng batho ba e seng Basupi ba ne ba amogela go kopanngwa ga diphuthego tsa rona. Ka sekai, kwa Lanett, kwa Alabama, baagisani gaufi le Holo ya Bogosi ba ne ba bodiwa gore a ba ne ba sa batle bantsho ba tla dipokanong. Mosadimogolo mongwe yo mosweu o ne a tshwara letsogo la mokaulengwe yo montsho, a re: “Tsweetswee o tle fela mo tikologong eno ya rona o obamele Modimo wa gago jaaka o batla!”

Bakaulengwe Ba Ba Ikanyegang kwa Ethiopia

Ka 1974 re ne ra itumelela go thapisediwa borongwa ka dikgwedi di le tlhano le sephatlo kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade sa kwa New York City. Go tswa foo re ne ra abelwa kwa nageng e e kwa Afrika ya Ethiopia. Haile Selassie, mmusimogolo wa koo, o ne a sa tswa go ntshiwa mo pusong mme a thibeletswe mo ntlong ya gagwe. E re ka tiro ya rona ya go rera e ne e thibetswe, re ne re itumelela go atamelana ka lorato le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete.

Re ne re tshela e bile re direla le ba le bantsi bao e neng ya re moragonyana ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go ngaparela kobamelo ya boammaaruri. Bangwe ba ditsala tsa rona tse di rategang ba ne ba bo ba bolawa. Adera Teshome e ne e le mogolwane le nna mo phuthegong nngwe ya motsemošhate wa Ethiopia, Addis Ababa.a O ne a bolawa morago ga go nna dingwaga di le tharo mo kgolegelong. Jaaka go ne go ka solofelwa, mosadi wa gagwe o ne a utlwa botlhoko thata. A bo go ne go itumedisa jang ne go mmona dingwaga moragonyana a itumetse fa a ntse a direla jaaka mmulatsela!

Worku Abebe, mokaulengwe yo mongwe yo o ikanyegang, o ne a atlholelwa loso makgetlho a le robedi.b Mme lefa go ntse jalo seo ga se a ka sa mmoifisa ka gope! Fa ke ne ke mmona la bofelo, o ne a mpontsha ditsebe tsa gagwe tse batlhokomedi ba kgolegelo ba neng ba di papetlile ka matshwaro a ditlhobolo. O ne a bua a tshameka fela gore matshwaro a ditlhobolo e ne e le tsone dijo tsa gagwe phakela, motshegare, le maitseboa. Le mororo a ile a tlhokafala morago ga foo, bakaulengwe ba santse ba mo gakologelwa ka lorato.

Hailu Yemiru le ene ke mokaulengwe yo ke mo gakologelwang ka boitumelo.c O ne a bontsha mosadi wa gagwe lorato ka tsela e e tlhomang sekao. Mosadi wa gagwe o ne a tshwarwa, mme e re ka a ne a le moimana mme a tloga a nna le ngwana, Hailu o ne a botsa batlhokomedi ba kgolegelo gore a o ne a ka tsena mo boemong jwa gagwe mo kgolegelong. Moragonyana, fa a ne a gana go latlha tumelo ya gagwe, o ne a bolawa.—Yohane 15:12, 13; Baefesia 5:28.

Ka ntlha ya boemo jwa sepolotiki jo bo neng bo ntse bo nnela maswe kwa pele kwa Ethiopia, re ne ra fudugela kwa Kenya ka 1976. Re ne ra direla mo tirong ya go potologa ka dingwaga di le supa, re etela bakaulengwe mo dinageng tse dintsi tsa Botlhaba jwa Afrika—go akaretsa Kenya, Ethiopia, Sudan, Seychelles, Uganda, le Tanzania. Gape ke ne ka ya kwa Burundi le kwa Rwanda ka makgetlho a le mmalwa ke le mo setlhopheng sa baemedi ba ba neng ba ya go buisana le babusi malebana le go kwadisa tiro ya rona semolao mo dinageng tseo.

Re ne ra itumelela go boela kwa Ethiopia ka January 1992 go ya go nna teng mo kopanong ya ntlha ya kgaolo e e neng ya tshwarwa koo go sena go tlosiwa thibelo mo tirong ya rona. Bontsi jwa batho ba ba neng ba le koo ba ba fetang 7 000 ba ne ba sa itsane, ka gonne pele bakaulengwe ba ne ba kopana ka ditlhopha tse dinnye. Mo letsatsing lengwe le lengwe la kopano, bontsi bo ne bo nna teng diura di le pedi pele thulaganyo e simologa mme ba nna foo go fitlha maitseboa, ba itumelela bokaulengwe jwa rona jo bo lorato.

Bomorafe Bo Fentswe

Mo dingwageng di le makgolokgolo tse di fetileng bomorafe bo ne bo ntse bo aname mo Afrika. Ka sekai, kwa Burundi le kwa Rwanda ditlhopha tse dikgolo tsa merafe, ebong Bahutu le Batutsi, ga ba a bolo go tlhoana. Fa esale dinaga tseno di tsaya boipuso mo go Belgium ka 1962, maloko a ditlhopha tseno tsa merafe a ile a ganyaolana gangwe le gape ka dipalo tse di fitlhang go diketekete. Ka jalo, a bo go itumedisa jang ne go bona maloko a ditlhopha tseno ao a fetogileng Basupi ba ga Jehofa a dira mmogo ka kagiso! Lorato lwa mmatota lo ba lo bontshanang lo kgothaleditse ba bangwe ba le bantsi gore ba reetse boammaaruri jwa Bibela.

Ka tsela e e tshwanang, ditlhopha tsa merafe ya kwa Kenya le tsone di kile tsa nna tsa tlhoka kutlwano. A bo go na le pharologano e kgolo jang ne mo bokaulengweng jwa Bokeresete jwa batho ba ga Jehofa kwa Kenya! O ka bona batho ba ditlhopha tsa merafe e e farologaneng ba obamela mmogo ka kutlwano mo Diholong tsa Bogosi. Ke ile ka itumelela go bona bontsi jwa bone ba latlha go tlhoana ga bomorafe mme ba bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba merafe e mengwe lorato lwa mmatota.

Re Itumelela Bokaulengwe jwa Rona

Fa ke leba kwa morago dingwaga tse di fetang 50 tsa fa ke ntse ke kopanela le phuthego ya Modimo, ke ikutlwa ke leboga Jehofa le Morwawe, Jesu Keresete fela thata. Go ile ga gakgamatsa tota go bona se ba se dirileng mo lefatsheng! Nnyaa, maemo a ntse a sa siama ka mo go feletseng mo bathong ba Modimo ka dinako tsotlhe, mme le gompieno ga a ise a siame ka mo go feletseng. Mme lefa go ntse jalo go ka se ka ga solofelwa gore dithuto tsa go tlhaola batho ka lotso tse di rutilweng batho ka makgolokgolo a dingwaga ke lefatshe la ga Satane di ka phimolwa ka ponyo ya leitlho. Kana gone, re santse re sa itekanela.—Pesalema 51:5.

Fa ke bapisa phuthego ya ga Jehofa le lefatshe, pelo ya me e tlala boitumelo ka ntlha ya go anaanela bokaulengwe jwa mmatota jwa lefatshe lotlhe. Ke santse ke gakologelwa ka boitumelo bakaulengwe bale ba kwa Cleveland, ba basweu, ba ba neng ba ntlamela mo boammaaruring. Mme pelo ya me e ne e itumela thata fa ke ntse ke bona bakaulengwe ba rona kwa borwa jwa United States, ba basweu mmogo le ba bantsho, ba emisetsa maikutlo a bone a letlhoo ka lorato lo lo tswang mo pelong lwa bokaulengwe. Go tswa foo, fa ke ya kwa Afrika mme ke iponela ka matlho kafa Lefoko la ga Jehofa le ka phimolang letlhoo la semorafe ka gone go ile ga ntira gore ke anaanele bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe le go feta pele.

Eleruri, Kgosi Dafide wa bogologolo o ne a bontsha seno sentle fa a ne a re: “Bōnañ, go molemō yañ, go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelo ñwe hèla.”—Pesalema 133:1.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ditshwantsho tsa ga Adera Teshome le Hailu Yemiru di tlhaga go tsebe 177 ya 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses; boitemogelo jwa ga Worku Abebe bo bolelwa mo ditsebeng 178-81.

b Ditshwantsho tsa ga Adera Teshome le Hailu Yemiru di tlhaga go tsebe 177 ya 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses; boitemogelo jwa ga Worku Abebe bo bolelwa mo ditsebeng 178-81.

c Ditshwantsho tsa ga Adera Teshome le Hailu Yemiru di tlhaga go tsebe 177 ya 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses; boitemogelo jwa ga Worku Abebe bo bolelwa mo ditsebeng 178-81.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Phitlho ya ga mmemogolo

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Basupi ba Batutsi le Bahutu ba bereka mmogo ka kagiso

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le mosadi wa me, Lois

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela