LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 10/1 ts. 21-25
  • Naga E E Neng E Kgakgabetse E A Ungwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Naga E E Neng E Kgakgabetse E A Ungwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boswa jwa Semoya
  • Go Nna le Seabe mo Tirong ya go Rera
  • Go Jala Peo fa Lewatleng
  • Go Tswelela mo Tirelong le Molekane
  • Go Fenya Kganetso
  • Go Itshokela Mathata a mo Lewatleng
  • Diphetogo Tse Dingwe Gape
  • Lefatshe Jaanong le Nonne
  • Sekepe se Thubega mo Setlhaketlhakeng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Karolo 2—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Ikanya Jehofa go Lere Boitumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Mokoro wa Galalea—Letlotlo la Metlha ya go Kwalwa ga Baebele
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 10/1 ts. 21-25

Naga E E Neng E Kgakgabetse E A Ungwa

JAAKA GO BOLETSE ARTHUR MELIN

E ne e le letsatsi le le monate la dikgakologo ka 1930, mme ke ne ke eme mo kagong ya boemakepe jwa Prince Rupert, mo British Columbia. Fa ke lebelela kwa tlase kwa sekepe se neng se eme gone mo lewatleng, ke ne ka ipotsa gore, ‘Metsi otlhe a ile kae?’ Ke ne ke simolola go bona tiragalo eno ya go wa le go tlhatloga ga metsi a Lewatle le le ka fa Bophirima la Pacific koo metsi a kgonang go fokotsega ka dimitara di le supa mo nakong ya diura di le thataro fela. Mme go tlile jang gore mosimane wa kwa maboaneng a dipolaseng a bo a le kwa Lewatleng la Pacific?

KE NE ke laleditswe go oketsa tshiamelo ya me ya tirelo ya nako e e tletseng go Jehofa ka go dira mmogo le setlhopa sa sekepe sa Charmian. Kabelo ya rona e ne e le go bula tsela ya go rera kwa lewatleng le le kwa thoko la bophirima go tswa Vancouver go ya kwa Alaska. Sekgala seno se ne se na le dikilomitara di le dintsi tsa lotshitshi lwa British Columbia, e e neng e nyoretse babaki ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa. Go ne go na le fela setlhopa se se nnye sa baboledi ba Bogosi kwa toropong ya Prince Rupert.

Ke ne ke tlhoafaletse go ya go simolola, ka jalo e rile fela fa ke fologa mo tereneng, ke ne ka tlhamalela kwa boemakepeng go ya go bona sekepe sa Charmian le go kopana le setlhopha sa sone, Arne le Christina Barstad. Ke ne ka fitlhela go sena ope, ka jalo ka tsamaya. Fa ke boa moragonyana mo letsatsing leo, ke ne ka sala ke jele kgakge. Go ne go bonala e kete lewatle le a kgala!

Mme lefa go ntse jalo, ke eng se se neng sa dira gore ke bone kabelo eno?

Boswa jwa Semoya

Go anaanela ga me dilo tsa semoya go simolotse kwa gae mo maboaneng a Alberta, mo Canada. Rre o ne a amogela pampitshana e e neng e kwadilwe ke Charles Taze Russell wa Zion’s Watch Tower Tract Society e e neng ya fetola botshelo jwa gagwe gotlhelele. Rre o ne a simolola go rerela baagisane ba gagwe, go sa kgathalesege tiro ya gagwe ya borapolase kwa Calmar, Alberta, e e neng e batla nako e ntsi. Seno se diragetse dingwaga tse di lekgolo tse di fetileng, mo masimologong a bo1890.

Ke ne ka tsalelwa mo lelapeng leno le le boifang Modimo ka February 20, 1905, ke le ngwana wa borobedi, mme kgabagare re ne ra nna basimane le basetsana ba le lesome. Rre mmogo le batho ba bangwe ba kwa Sweden, ba ne ba itsalanya le Baithuti ba Bibela ba Merafeyotlhe. Moragonyana ba ne ba aga lefelo le ba neng ba kopanela mo go lone, le kwa morago le neng la bidiwa Holo ya Bogosi. E ne e le nngwe ya tsa ntlha mo Canada.

Tiro ya kwa polaseng ga e ise e re thibele go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, koo re neng re tlhola re nna le dipolelo tse di neng di neelwa ke dibui tse di neng di rometswe ke Mokgatlho wa Watch Tower. Dipolelo tseno di ne tsa dira gore re eletse thata go nna le seabe mo tirong ya go rera. Ka jalo, mo e ka nnang lelapa lotlhe la rona le ne la tsamaya ka go ikanyega mo leseding la boammaaruri jwa Baebele.

Go Nna le Seabe mo Tirong ya go Rera

Ke ne ka newa kabelo ya me ya ntlha ya go rera mo masimologong a bo1920. Ke ne ka newa ditaletso tsa puo ya phatlhalatsa gore ke di tsamaise ka ntlo le ntlo mo toropongkgolo ya Edmonton. Fa ke ne ke ntse ke eme ke le nosi ka letsatsi leo, ke ne ka ithuta sengwe sa botlhokwa: Ikanye Jehofa. (Diane 3:5, 6) A bo ke ne ka itumela jang ne go kgona go dira kabelo eo ya ntlha ka thuso ya ga Jehofa!

Go ikanya ga me phuthego e e bonalang ya ga Jehofa le setlhopa sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale go ne ga oketsega jaaka kitso ya me mo Lefokong la gagwe la boammaaruri e ne e ntse e oketsega. Go ne ga latlhwa ditlwaelo le dingwao tse dintsi tsa Labokeresete, jaaka go keteka Keresemose le malatsi a matsalo. Kgang ya gore motho ka boene a bolokiwe e ne e sa tlhole e le ya konokono, go na le moo, go rera ka Bogosi e ne e le sone selo sa botlhokwa. Seno sotlhe se ne sa ama botshelo jwa me fela thata. Moragonyana fela fa ke sena go neela botshelo jwa me go Jehofa ka April 23, 1923, ke ne ka dira bodihedi jwa nako e tletseng mokgele wa me.

Ka nako ya mariga fa serame se ne se wele thata, re ne re rera mo metsemagaeng re tsamaya ka pitse le karaki. Ka nako e nngwe ke ile ka fetsa dibeke di le pedi le setlhopa sengwe mo tirong ya go rera re dirisa se se neng se itsege jaaka ntlo e e itsamaisang. Dikoloi tseno tse di kgethegileng di ne di le mosola thata mo tirong ya go rera mo mafelong a a bulegileng mo maboaneng a Canada. Go sa kgathalesege mathata a tsa madi, maemo a bosa a a neng a se monate, le go ralala dikgala tse ditelele thata, ke ne ka kgona go itshokela tiro ya bobulatsela kwa Alberta ka dingwaga tse tharo ke ntse ke tla ke kgaotsa, go fitlha mo letsatsing le ke sa le lebaleng fa ke ne ke lalediwa go ya go dira mo Pacific West Coast ka 1930. E re ka ke ne ke sa itse sepe ka lewatle kana ka dikepe, taletso eno e ne ya nkemisa tlhogo.

Jalo he, ga go a feta sebaka se se telele ke sena go goroga kwa Prince Rupert ka bo ke setse ke ikutlwa ke amogetswe ke badirikanna ba basha mo sekepeng. Mokaulengwe Barstad e ne e le mokgweetsi wa sekepe yo o neng a na le maitemogelo, e le motho yo o neng a fetsa dingwaga di le dintsi a dira kgwebo ya go tshwara ditlhapi. Re ne ra tshwarega thata mo tirong ya go rera mo dingwageng tse thataro tse di neng tsa latela, re ralala metsi a lewatle la British Columbia go tswa kwa Vancouver go ya kwa Alaska. Ke ne ka ithuta thuto e nngwe gape: Ka dinako tsotlhe amogela kabelo e e tswang kwa go Jehofa, mme le ka motlha o se ka wa ikgogona.

Go Jala Peo fa Lewatleng

Lefelo la ntlha le re neng ra ya kwa go lone mo dikgakologong tseo tsa 1930 e ne e le kwa Ketchikan, mo Alaska, mme ra feta ra pega dibokoso di le 60 tsa dibuka tsa Baebele. Re ne ra fetsa dibeke di le mmalwa re etela magae otlhe mo Ketchikan, Wrangell, Petersburg, Juneau, Skagway, Haines, Sitka le mo metsaneng e mengwe e e gasagasameng koo. Go tswa foo re ne ra rerela batho botlhe mo lotshitshing lwa British Columbia, mme ra digela tiro mo go lone pele ga selemo se fela. Re ne ra etela dikampa tse di kwa mafelong a a kwa thoko tsa baremi ba dikota, tsa batshwari ba ditlhapi, ra ya kwa metsaneng ya Baindia, kwa ditorotswaneng tse di potlana, le kwa banning ba ba katogileng metse le ba ba thaisang diphologolo. Ka dinako tse dingwe go ne go le thata go kgaogana le batlhokomedi ba matlwana a dipone tse di laolang dikepe ba ba neng ba rata go bona mongwe yo ba ka buang le ene.

Moragonyana, Mokgatlho o ne wa re fa difonokerafa tse dipotlana le dipuo tse di rekotilweng tsa Baebele. Re ne re tsamaya re di tshotse, mmogo le dibuka, Dibaebele, le dimakasine. Re ne re aga re di sikere jalo fa re ntse re raletse lotshitshi lo lo tletseng matlapa. Ka dinako tse dingwe, e ne e tle e re fa metsi a lewatle a ile kwa tlase, re ne re tshwanelwa ke go fologela ka tsone ka lere e e thekumang mo boemakepeng jo bogolo. Ke ne ka itumela ka ntlha ya thapiso e ke neng ke e bone jaaka mosha fa ke ne ke bereka mo maboaneng a dipolase tsa kwa gae.

Digoagoe tse di neng di gokeletswe mo sekepeng sa rona di ne tsa nna sedirisiwa se se nonofileng thata sa go anamisa mafoko a Bogosi. Go ne go kgonega gore dipuo tse di neng di rekotilwe di utlwale kgakala tota ka ntlha ya go bo mantswe a ne a thankgolega mo metsing. Nako nngwe fa re ne re ntse re emisitse sekepe fa legageng lengwe le le kwa thoko mo Vancouver Island, re ne ra tshameka nngwe ya dipuo tseno tsa Baebele. Mo letsatsing le le latelang, batho ba ba neng ba nna kgakajana le lewatle ba ne ba re bolelela ka boitumelo jo bogolo ba re: “Re letse re utlwile thero e tswa kwa legodimong ka mmatota!”

Ka nako nngwe bagodi bangwe ba ne ba re bolelela gore ba ne ba utlwa mmino o tsena ka sentshamosi sa ntlo ya bone, mme ya re fa ba ya kwantle ba se ka ba utlwa sepe. Fa ba boela mo teng, ba ne ba utlwa lentswe lengwe. Seno se ne se dirwa ke eng? Ebu, fa ba santse ba le kwantle, re ne re santse re fetola rekoto. Re ne re tshameka mmino pele gore re gape maikutlo a batho, go tswa foo re bo re tshameka puo ya Baebele.

Mme ka nako e nngwe gape, re ne re emisitse sekepe sa rona gaufi le setlhaketlhake sengwe se go nang le motsana wa Baindia, mme go ne ga tla basimane bangwe ba le babedi ba tla ba fudua mokoro go tla go bona gore mantswe tota a ne a tswa kae. Bangwe mo setlhaketlhakeng seo ba ne ba akanya gore mantswe ano e ne e le a baswi ba bone ba ba neng ba tshela gape!

E ne e le selo se se tlwaelegileng gore motho a tsamaise dibuka di le lekgolo ka letsatsi mo bathong ba ba neng ba bereka mo madirelong a go tsenya tlhapi mo ditshitswaneng. E re ka ba ne ba se na dilo dipe tse di neng di ba itaya tsebe, ba ne ba kgona go nna le nako ya go akanya ka dilo tsa semoya. Kgabagare, bontsi jwa batho bano ba ba neng ba nna ba le bosi kwa thoko, ba ne ba nna Basupi. Fa re ne re ba etela gape morago ga moo, re ne re ba tlhoafaletse gore re tle re “gomotsege mmogo” le bone.—Baroma 1:12.

Go Tswelela mo Tirelong le Molekane

Ka 1931, ke ne ka nyala Anna, morwadiarra Christina Barstad. Morago ga moo, re ne ra tswelela re ntse re bula tsela mmogo ka sekepe mme ra ipelela maitemogelo a le mantsi a a itumedisang fela thata fa dingwaga di ntse di feta. Re ne re aga re dikanyeditswe ke maruarua, manyebi, maruaruana, diphologolo tsa naga, dibera le bontsu, re le fa gare ga dithaba tse dikgolo, melatswana e e tuuletseng, le mawatlana a a senang medumo, ditlhare tsa mosetara, phaene, le ditlhare tse dikgolo tsa Douglas. Ka makgetlho a sekae, re ile ra thusa diphologolo tsa naga le bana ba tsone go kgabaganya dinokana tse di elelang ka bofefo gore di kgone go falola diji tsa tsone.

Ka nako nngwe, go le motshegare, re ne ra bona ntsu e e lefatla e fofela kwa tlase fa godimo ga metsi, e ngangatletse tlhapi e kgolo ka menoto ya yone. Tlhapi eo e ne e le kgolo thata mo e neng e sa kgone go e tlhatlosa gotlhelele mo metsing, ka jalo ntsu e ne ya leka go e gogela kwantle kwa lotshitshing. Mongwe wa rona, e bong Frank Franske, o ne a bona gore ruri re tla lala re thusegile, mme a siana fa thoko ga lotshitshi go ya go leleka ntsu e e neng e setse e lapile eo gore e latlhe dijo tsa yone. Mo bosigong joo, setlhopa sa rona sa babulatsela se ne sa lalela ka tlhapi eo e e monate, e ntsu e ne ya tshwanela go e kgaoganya le rona, le mororo e ne ya dira jalo ka pelo e e sa rateng.

Mo setlhaketlhakeng sengwe se se kwa bokone jwa Vancouver Island, banyalani bangwe boorra Thuot, ba ne ba amogela boammaaruri jwa Baebele. Monna e ne e le motho wa dingwaga tse di fa gare ga tsa bo90, a sa itse go bala le go kwala, e le motho yo o gagamalelang maikutlo a gagwe e bile a sa batle go utlwa ka motho yo mongwe, mme mosadi ene o ne a na le dingwaga tse di mo bogareng jwa bo80. Lefa go ntse jalo, o ne a gakgamadiwa thata ke boammaaruri mo a neng a ikokobetsa mme a bo a dumela gore mosadi wa gagwe a mo rute go bala. Go ise go ye kae fela, o ne a kgona go ithuta Baebele le dikgatiso tsa Mokgatlho ka boene. Mo e ka nnang dingwaga tse di kwa tlase ga tse tharo moragonyana, ke ne ka itumelela go ba kolobetsa boobabedi kwa legaeng la bone mo setlhaketlhakeng se se kwa thoko, ke dirisa mokoro wa rona o o fuduiwang jaaka tanka ya go ba kolobetsa!

Re ne ra itumelela gape go bona ba lelapa loora Sallis mo Powell River ba amogela molaetsa wa Bogosi. Walter o ne a bala bukana e e reng War or Peace—Which? mme ka bofefo fela a lemoga gore seno ke boammaaruri. Ka bonakonyana fela, lelapa lotlhe le ne la kopanela le Walter mo tirong ya bobulatsela mo Vancouver, koo re neng re tla feta re tlogela Charmian teng mo marigeng otlhe. O ne a le motho yo o tlhagafetseng thata tota, mme a ratwa thata ke bakaulengwe botlhe mo dingwageng tsotlhe tse a di feditseng mo kgaolong ya Vancouver. O ne a digela tiro ya gagwe ya mo lefatsheng ka 1976, a tlogela lelapa le legolo la Basupi.

Go Fenya Kganetso

Baruti ba metse ya Baindia gantsi ba ne ba tlhabantshana le tiro ya rona, ba re leba jaaka batho ba ba tlileng go utswa mo lefelong la bone la semoya. Kwa Port Simpson, moruti mongwe wa lefelo leo o ne a gatelela gore kgosana ya motse e re kganele gore re se ka ra etela magae a batho. Re ne ra ya kwa kgosing mme ra feta ra mmotsa gore a tota o ne a dumela gore moruti o na le tshwanelo ya go tsaya gore batho ba gagwe ke dieleele mo ba ka se keng ba ikakanyetsa ka bobone. Re ne ra mo kopa gore a letle batho ba gagwe gore ba ikutlwele puisano e e tswang mo Lefokong la Modimo mme ba bo ba itirele tshwetso ya gore ba batla go dumela eng. Go ne ga felela jang? O ne a re rebola gore re tswelele re rera mo motseng oo.

Kgosana ya motse o mongwe gape e ne ya fetsa masome a dingwaga e ntse e kgaupetsa maiteko otlhe a maloko a lekgotla le ditlhopha dingwe tsa bodumedi fa ba ne ba leka go kganela Basupi gore ba se ka ba bua le batho. O ne a re: “Fa fela nna ke santse ke le kgosi, ke tla nna ke ntse ke amogela Basupi ba ga Jehofa.” Ee, gone ke boamaaruri, re ne re sa amogelwe gongwe le gongwe, mme go sa kgathalesege kganetso eo, ga re ise re ko re patelediwe go tswa mo kgaolong eo. Jalo he, re ne ra kgona go swetsa bodihedi jwa rona nako le nako fa re emisa sekepe.

Go Itshokela Mathata a mo Lewatleng

Mo dingwageng tsa fa re ntse re tsweletse, re ne ra nna le mathata a matsubutsubu, makhubu a lewatle a magolo, mafika a a neng a iphitlhile, mme ka dinako tse dingwe, mathata a enjene. Ka nako nngwe, re ne ra atamela thatathata gaufi le Lasqueti Island, mo e ka nnang dikilometara di le 160 kwa bokone jwa Vancouver. Re ne ra kgorelediwa ke lekhubu la maje fa boteng jwa lewatle bo ntse bo fokotsega, mme gore a re ne re tla falola go ne go ikaegile mo maemong a loapi. Fa bosa jwa loapi bo ka bo bo nnile maswe thata, sekepe se ka bo se ile sa thubaganngwa ke maje. Re ne ra gagabela rotlhe mo majeng mme ra leka kafa re ka kgonang ka teng go iphalotsa. Re ne ra ja dijo tsa motshegare, ra tswelela ka go ithuta, mme ra leta go fitlhela metsi a lewatle a tlhatloge gape.

Le mororo go ne go na le dikotsi di le dintsi thata jaana le dikgoreletsi, re ne re tshela botshelo jo bo itekanetseng le jo bo itumetseng. Lefa go ntse jalo, go tsalwa ga basimane ba rona babedi go ne ga fetola maemo a rona fela thata. Re ne ra tswelela re ntse re nna mo sekepeng, mme e ne e tle e re fa re fetela kwa pele kwa bokone kwa Oona River, Anna le basimane ba rona ba ne ba sala le batsadi ba gagwe mme rona re bo re tlhatlogela kwa bokone kwa Alaska. Mme e ne e re fa re boela mo borwa, Anna le bana ba bo ba tsamaya le rona gape.

Ga ke gakologelwe nako epe e bana ba kileng ba ngongorega ka yone kana ba lwala. Re ne re aga re ba bofile ka mabanta a itshireletso ka metlha yotlhe, mme ka dinako tse dingwe re ne re ba bofelela le ka mogala. Ee, ka dinako tse dingwe, dilo di ne di a tle di nne maswe.

Diphetogo Tse Dingwe Gape

Ka 1936 re ne ra tshwanelwa ke go tlogela Charmian, mme ke ne ka bona tiro ya boitshediso. Moragonyana re ne ra nna le ngwana wa boraro wa mosimane. Go tswa foo, ke ne ka reka mokoro wa go tshwara ditlhapi, mme one o ne wa se ka wa re thusa fela ka sengwe se re ka itshedisang ka sone mme o ne wa re thusa gape go tswelela re ntse re le mo tirong ya go rerela batho ba ba nnang go bapa le lotshitshi.

Re ne ra aga ntlo mo Digby Island, go kgabaganya lewatlana go tloga kwa Prince Rupert, mme go ise go e kae, go ne ga nna le phuthego nngwe e potlana. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, fa tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe mo Canada, re ne re tle re tseye mokoro re ye kwa Prince Rupert morago ga bosigogare mme re bo re “tlhasela” tshimo ya teng ka go tlogela dibuka mo legaeng lengwe le lengwe. Go ne go sena ope yo o neng a tle a akanye gore gongwe ke rona ba re neng re anamisa dibuka tseo tse di neng di thibetswe!

Lefatshe Jaanong le Nonne

Ka bonya ka bonya, batho ba bangwe ba ne ba simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa, mme ka 1948, go ne go bonala sentle gore go ne go tlhokega Holo ya Bogosi mo Prince Rupert. Fa re sena go reka kago nngwe e e neng e dirisiwa ke masole e e neng e le kafa ntlheng e nngwe ya boemakepe, re ne ra e rutlolola, ra pega dilo tsa yone mo mekorong go tswa foo ra e pega mo dikoloing go e isa kwa lefelong le e tla agiwang mo go lone. Jehofa o ne a re segofatsa ka ntlha ya maiteko a rona a go dira ka bonatla, mme re ne ra kgona go nna le Holo ya rona ya Bogosi.

Ka 1956, ke ne ka boela gape mo bobulatseleng, mme Anna o ne a simolola go dira le nna ka 1964. Re ne ra simolola gape go dira ka sekepe go ralala Lotshitshi lwa Pacific. Re ne ra dira gape le mo tirong ya go potologa ka nakwana, re etela diphuthego go tloga kwa botlhabatsatsi kwa Queen Charlotte Islands, go kgabaganya dithaba go ya kwa Fraser Lake, mme moragonyana go ya go fitlha kwa Prince George le Mackenzie. Fa dingwaga di ntse di feta, re ne ra tsamaya diketekete tsa dikilometara re raletse Bokonebophirima jwa Pacific ka koloi, sekepe, le sefofane.

Re ne re tswelela re ntse re ipelela maitemogelo a a molemo mo bodiheding jwa rona mo Prince Rupert. Nna le Anna re ile ra ithuta le batho ba moragonyana ba neng ba tsena Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade mme morago ga moo ba ya go dira jaaka barongwa kwa dinageng di sele. A bo go itumedisa jang ne go bona bana ba rona ba semoya ba isa molaetsa o o tlhokegang wa Bogosi kwa mafatsheng a a kwa kgakala!

Gone jaanong ka bobedi jwa rona re setse re fetile dingwaga tse 80 mme re ntse re lepalepana le botsogo jwa rona jo bo ntseng bo koafala, mme re santse re itumeletse tirelo ya ga Jehofa. Bontle jwa tlholego jo re ileng ra bo bona kwa Alaska le kwa British Columbia bo re gopotsa dilo tse di ntle tota. Mme se se itumedisang le go feta seo, ke go bona naga e pele e neng e kgakgabetse mo semoyeng jaanong e ungwa diphuthego di le dintsi tsa babaki ba ga Jehofa.

Se se ileng sa re itumedisa thatathata ke go bona bana ba rona ka sebele, le bana ba rona ba semoya, ba gola ba bo ba baka Jehofa. Re itumelela go bo re ile ra nna le seabe se sebotlana mo kgolong ya semoya mo karolong eno ya lefatshe. Ka sekai, gone jaanong Alaska e na le ofisi ya yone ya lekala eo e laolang tiro mo diphuthegong tse di ka fetang 25.

Rona mono Prince Rupert re ile ra nna le tshiamelo ka 1988 ya go kgakola Holo ya rona ya Bogosi e ntle e ntšha gone fela mo bogareng jwa toropokgolo. Ee, re itumela fela jaaka Isaia, ka go re: “O atisitse morafe Jehofa, . . . o galaleditswe; o katositse melelwane yotlhe ya lefatshe.”—Isaia 26:15.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Go direla mo tirong ya bopotologi 1964-67

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Mofuta wa sekepe se re neng re se dirisa fa re rera gaufi le lotshitshi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela