Go Diragatsa Selo sa Botlhokwa se Batho Ba se Tlhokang Ka Go Ba Akgola
GO BOLELELA motho go tswa pelong o re “O dirile sentle!” “Re a go itumelela!” kana “O ntshitse ga tshwene; re ipela ka wena” go thusa go dira gore motho a itlotle le go feta, segolobogolo fa go bua motho yo a mo tlotlang thata. Batho ba itumelela go akgolwa. Fa ba akgolwa ba kgona go ipela e bile ba dira ka natla le go feta. Gone mme, go akgolwa fa go tlhokega go botlhokwa mo mogopolong le mo pelong ya motho fela jaaka go ja dijo tse di itekanetseng go le botlhokwa mo mmeleng wa motho.
Dikišinare nngwe e tlhalosa go akgolwa jaaka “go dumela gore motho o tshwanetse go akanyediwa kana go tsewa tsia” kana “go tsaya tsia ka tsela e e kgethegileng.” Go amana thata le go tlotliwa, go nna le boikutlo jwa go itlotla, jo e reng fa motho a bo newa bo kaye gore motho o akanyediwa ka selekanyo se se rileng le gore o tshwanetse go akgolwa ka selekanyo se se kana kang.
Go Akgolwa—Selo sa Botlhokwa Se Motho A se Tlhokang
Go akgolela motho selo se a tshwanetseng go akgolelwa sone go a utlwala e bile go siame. Jesu o ne a re fa motlhala mo setshwantshong sa gagwe sa batlhanka bao morena wa bone a neng a ba tlhoma gore ba tlhokomele dilwana. O ne a bolela jaana go bo ba ile ba tlhokomela dilo tsa gagwe sentle: “O dirile sentle, motlhanka yo o molemo le boikanngo!” (Mathaio 25:19-23) Lefa go ntse jalo, gantsi batho ba a tle ba tlhokomologe go akgola ba bangwe jalo le mororo go tlhokega. Go sa akgole go dira motho a se ka a nna le tlhagafalo gape a se ka a batla go itirisa dilo. Iona o go tlhalosa jaana: “Go akgolwa go dira gore motho a ikutlwe gore o botlhokwa, o a ratiwa, e bile o a anaanelwa . . . Go dira gore o batle go itirisa dilo. Fa batho ba go tlhokomologa, seno se dira gore o ikutlwe o swabile e bile o latlhilwe.” Patrick o oketsa ka gore: “Se se bo se dira gore go nne thata go dira tiro e e siameng le e e kgotsofatsang thata mo nakong e e beilweng.” Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore re itse gore re tshwanetse go akgola batho leng le gone ka tsela e ntseng jang. Rotlhe re na le boikutlo jwa go batla go tlhomamisega gore batho ba ba re dikologileng ba a re amogela. Ke selo se batho botlhe ba se tlhokang.
Go amogela lefoko la go akgolwa, go neelwa maikarabelo a a oketsegileng kana le e leng go fiwa mpho go rotloetsa motho gore a tswelele go dira bojotlhe jwa gagwe. Seno se boammaaruri a e ka ne e le gore o motsadi, monna yo o nyetseng, mosadi yo o nyetsweng, ngwana, leloko la phuthego, kana molebedi. “Fa ke akgolwa,” go rialo Margaret, “ke ikutlwa ke itumetse, ke le botlhokwa mme ke nna le boikutlo jwa go batla go dira botoka.” Andrew o dumalana ka go re: “Ke tseega maikutlo, mme seno se ntlhotlheletsa gore ke bereke thata le e leng go feta pele.” Lefa go ntse jalo, go akgola le go tlotla motho go tlhoka gore o akanye sentle le go dira tshwetso e e siameng.
Latela Sekao Sa Ga Jehofa Fa O Akgola Motho
Sekai se segolo sa go amogela gore batho ba bangwe ba mosola ke Jehofa Modimo. O bolela molemo bao ba tshwanetseng go akgolwa. O ne a tsaya banna ba ba tshwanang le bo Abele, Enoke le Noa e le ba botlhokwa. (Genesise 4:4; 6:8; Juta 14) Jehofa o ne a bua Dafite molemo ka ntlha ya boikanyegi jo bo tlhomologileng jo a ileng a bo bontsha. (2 Samuele 7:16) Samuele, yo e neng e le moporofeti yo o neng a tlotla Jehofa ka dingwaga di le dintsi, le ene o ne a tlotlwa ke Modimo yo o neng a utlwa dithapelo tsa ga Samuele ka bonako fa a ne a mo kopa gore a ba thuse go fenya Bafilisitia. (1 Samuele 7:7-13) A o ne o se kitla o ikutlwa o tlotlega fa o akgolwa ke Modimo ka mokgwa o o ntseng jaana?
Go leboga le go anaanela dilo go amana thata le go akgola. Baebele e re rotloetsa gore re ‘nne re leboge’ mme re nne re anaanele dilo tse batho ba re di direlang. (Bakolosa 3:15; 1 Bathesalonika 5:18) Lefa seno tota se raya go leboga Jehofa, seno se tshwanetse sa dirwa le mo dilong tse di tlwaelegileng tsa letsatsi le letsatsi. Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga seno. O ne a akgola Febe jaaka “mothusi wa batho ba le bantsi” mme a akgola Peresila le Akwila bao ‘ba kileng ba baya dithamo tsa bone fa fatshe’ gore ba boloke ene le ba bangwe. (Baroma 16:1-4) A o ko o akanye fela gore ba tshwanetse ba bo ba ne ba ikutlwa jang fa ba lebogiwa phatlalatsa jaana. Gape Paulo o ne a itumelela go akgola, go tlotla le go kgothatsa ba bangwe. Le rona re ka etsa Jehofa le baobamedi ba gagwe ba ba anaanelang ka go akgola batho ba ba tshwanetsweng ke kakgolo.—Ditiro 20:35.
Go Akgolwa mo Lelapeng
“Go akgolwa go le gonnye fela go dira go le gontsi gore motho a itumelele botshelo,” go rialo Mitchell yo e leng monna yo o nyetseng e bile e le mogolwane wa Mokeresete. “Go dira gore o rate motho yo o go akgotseng, gongwe botshelo jwa gago jotlhe.” Ka sekai, monna wa Mokeresete o na le maikarabelo a a bokete mme o tshwanetse go dira ditshwetso tse di botlhokwa tse di amang lelapa lotlhe. O tshwanetse gore a tlamele lelapa la gagwe ka dilo tse le di tlhokang tsa semoya, tsa senama le tsa maikutlo. (1 Timotheo 5:8) A bo a tla leboga jang ne fa tiro ya gagwe e a e filweng ke Modimo ya go nna tlhogo ya lelapa e anaanelwa le fa mosadi wa gagwe a mo ‘tlotla’ thata!—Baefeso 5:33.
Selo se se sa tshwanelang go tlhokomologiwa ke tiro e e dirwang ke mosadi wa lelapa, eo batho ba le bantsi ba sa e boneng. Tsela eo batho ba lebang tiro e ntseng jalo ka yone gompieno e ka nna ya dira gore e lebege e sa tlotlege kana e se na mosola. Mme lefa go ntse jalo, e itumedisa Modimo. (Tito 2:4, 5) A bo go itumedisa jang ne fa monna yo o akanyetsang a baka mosadi wa gagwe, segolobogolo mo dilong tsotlhe tse a kgonang go di dira sentle thata mo botshelong, a mo akgola jalo a ntse a le tlhogo ya gagwe! (Diane 31:28) Rowena o tlhalosa jaana ka ga monna wa gagwe: “Fa a itumelela se ke se dirang, ke fitlhela go le motlhofo gore ke mo ikobele le go mo tlotla.”
Rradithuto wa Moamerika e bong Christian Bovee o kile a re: “Go baka bana ka tsela e e utlwalang go botlhokwa fela jaaka letsatsi le le botlhokwa mo dithunyeng.” Ee, le e leng ngwana yo mmotlana thata o tlhoka go tlhomamisediwa kgapetsakgapetsa gore ke karolo e e tlhokegang ya lelapa. Fa bana ba tsena mo dingwageng tsa bolesome, tseo mo go tsone ba nang le diphetogo tse dintsi tsa maikutlo le tsa mmele, bana ba simolola go tshwenyega thata ka gore ba lebega jang mo mmeleng, le gone ba rata go itirela dilo le go amogelwa ke batho. Nako eno ke yone e segolobogolo mosha a tlhokang go ikutlwa a ratiwa ke batsadi ba gagwe ka yone mme a tlhaloganngwa le go tshwarwa ka bonolo. Batsadi ba ba godileng le bonkoko le borremogolo le bone ba tlhoka go tlhomamisediwa gore e santse e le batho ba ba mosola le gore ga ba a ‘latlhwa mo motlheng wa botsofe.’ (Pesalema 71:9; Lefitiko 19:32; Diane 23:22) Go naya kakgolo e e tshwanetseng go oketsa boitumelo le katlego mo lelapeng.
Go Akgolwa mo Phuthegong ya Bokeresete
Go tlhagolela go amega go tswa pelong ka ba bangwe mo phuthegong ya Bokeresete le go anaanela ditiro le maiteko ao ba a dirang go mosola fela thata. Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhoma sekao ka go akgela ka dilo tse ba bangwe mo phuthegong ba kgonneng go di dira le maiteko a bone. “Ke ile ka lemoga fela fa ke sena go amogela maeto a bodisa ka makgetlho a sekae gore maeto ano a botlhokwa jang mo go kgothatseng, mo go direng gore motho a kgotsofale le gore a itumele,” go ne ga bolela jalo Margaret. “Ke ile ka lemoga gore motho o latlhegelwa ke eng fa a sa akgolwe.” A bo e le lebaka le le molemo jang ne la go bontsha kamego e e lorato e e tswang pelong mo go botlhe mo phuthegong! Ba akgolele tiro ya bone e e molemo. Ba bake le go ba kgothatsa thata. Mo diphuthegong di le dintsi go na le batsadi ba ba senang balekane, bao ba dirang ka natla go tsenya dinonofo tsa semoya mo baneng ba bone. Batsadi ba ba ntseng jalo ba tlhoka pako e e kgethegileng. Bua ka dinonofo tse di molemo go na le gore o bue ka tse di bosula. Dira gore batho ba bangwe ba bone lorato lwa bokaulengwe le o ba ratang ka lone. Dira gore ba bone gore o amegile ka bone. Fa balebedi ba ba lorato ba dira jalo, ba tla bo ba dira ka thata go agelela phuthego. (2 Bakorinthe 10:8) Batho ka bongwe ba dira se se tshwanang ka go naya bano ba ba ikanyegang bao ba dirang tiro e e thata ka ntlha ya bone kakgolo le tlotlo e e ba tshwanetseng.—1 Timotheo 5:17; Bahebere 13:17.
Mme go na le ntlha kana letlhakore le lengwe mo kgannyeng eno. Keletso ya go batla go akgolwa ke e e nonofileng tota. E ne ya nna selo sa konokono mo baeteledipeleng ba bodumedi mo motlheng wa ga Jesu. Jesu o ne a tshwanelwa ke gore a baakanye pono e e sa siamang eo barutwa ba gagwe ba neng ba na le yone mo kgannyeng eno. (Mareko 9:33-37; Luke 20:46) Bakeresete ba tshwanetse go nna batho ba ba akanyetsang dilo le go nna le tekatekano. Fa ba tlhokomologa seno, keletso eno ya go batla go akgolwa e ka nna kotsi mo bomoyeng jwa bone. (Jakobe 3:14-16) A bo go tla bo go le diphatsa jang ne, ka sekai, fa mogolwane mongwe a simolola go itseela kwa godimo mme a gatelela gore ba bangwe ba mo lebe ka tsela e e tshwanang le e a itebang ka yone ya gore ke motho yo o kwa godimo!—Baroma 12:3.
Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresetekaene kwa Roma ka botlhale ka gore: “Mo go rateng bakaulengwe, lo nne lo ratane ka lorato lo lo pepetletsang; mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele.” (Baroma 12:10) Mafoko ano a dira segolobogolo mo bagolwaneng ba Bakeresete, bao ka dinako tsotlhe ba tshwanetseng go lemoga gore Keresete ke Tlhogo ya phuthego. Ba tla bontsha gore ba ineela mo seatleng sa gagwe se segolo sa taolo ka go batla go kaelwa ke Keresete ka moya o o boitshepo, ka melaometheo ya Baebele le ka kaelo e e newang ke Setlhopha se se Laolang sa “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.”—Mathaio 24:45-47; bona Tshenolo 1:16, 20; 2:1.
Ka jalo, fa bagolwane ba kopana, mme ba rapela Jehofa gore a ba kaele gore ba dise letsomane la Modimo, ba tla leka go dira ditshwetso tse di utlwalang go ya ka Dikwalo. Go nna tekatekano, bonolo le boikokobetso ka tsela ya Bokeresete go tla dira gore mogolwane ope a tile go leka go itlotlomatsa, go gatelela bakaulengwe ba gagwe, e bile a gatelela gore dipono tseno tsa gagwe di amogelwe mo dipokanong tseno. (Mathaio 20:25-27; Bakolosa 3:12) Fa go kgonega, modulasetulo wa setlhopha sa bagolwane o tla bo a dira sentle fa a laletsa bagolwane ba bangwe go sa le pele gore ba mo fe dintlha tse go tla tlotliwang ka tsone kwa pokanong mme a ba fe lenaane la dintlha tseno go sa le nako gore bagolwane ba bangwe ba tle ba nne le nako e ntsi ya gore ba akanyetse sentle le ka thapelo ntlha nngwe le nngwe e go tla tlotliwang ka ga yone. Fa pokano ya bagolwane e ntse e tsweletse, ga a kitla a leka go bopa tsela eo bagolwane ba tshwanetseng go akanya ka yone, mme bogolo o tla ba kgothatsa gore ba bue ka “tshosologo e kgolo” ka ga dilo tse ba tla bong ba tlotla ka ga tsone. (1 Timotheo 3:13) Ka mo go tshwanang, bagolwanekaene ba tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko seo bagolwane ba bangwe ba se buang mme ba amogele le go dirisa ka boitumelo botlhale jo bagolwane ba ba nang le maitemogelo a Bokeresete a dingwagangwaga ba nang le jone.—Ekesodo 18:21, 22.
Lefa go ntse jalo, balebedi ba tlhaloganya gore Keresete o ka nna a dirisa mogolwane mongwe le mongwe fela mo setlhopheng sa bagolwane go neela melaometheo ya Baebele eo ba e tlhokang go dirisana le boemo bongwe kana fa ba tshwanetse go dira tshwetso e e botlhokwa. Go tla rena maikutlo a a siameng fa gare ga bagolwane fa mongwe le mongwe wa bone a akgolelwa seabe se a nnang le sone mo go tlhokomeleng dilo tsa semoya tsa phuthego.—Ditiro 15:6-15; Bafilipi 2:19, 20.
Leka Go Naya Le Go Amogela Kakgolo E E Tshwanetseng
Go akgola ba bangwe go a ba agelela. Go a kgothatsa e bile go dira gore o ratiwe ke ba bangwe. “Lefa re ikutlwa gore re batho ba ba tlwaelegileng fela,” go rialo Mary, “re tlhoka go kgothadiwa gore re ikutlwe gore re batho ba ba mosola.” Akgela go tswa pelong ka maiteko a letsatsi le letsatsi ao ba bangwe ba a dirang. Ka go dira jalo, o dira gore botshelo bo nne mosola gape bo nne monate mo go bone. Batsadi, bana, balebedi le maloko a phuthego ya Bokeresete, lo ka tshwanelwa ke go akgolwa ka ntlha ya mokgwa o lo buang le go itshwara ka one. Baebele e bua sentle ka batho ba ba dinatla, ba ba tekatekano le ba ba ikokobeditseng. (Diane 11:2; 29:23; Bahebere 6:1-12) Ithute go lemoga ka boitumelo dinonofo tse ba bangwe ba nang le tsone. Akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe fa o ntse o dira le bone. Moaposetoloi Petere o ne a re gakolola jaana: “Nnang maikutlo mangwe fela lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana jaaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobetso.” (1 Petere 3:8) Seno se batla gore re akgole ba bangwe, mme ka go dira jalo re diragatsa selo se se botlhokwa se batho ba se tlhokang.