Pego ya Baboledi ba Bogosi
Mafoko a a Molemo a Bogosi a Tla Rerwa
MMABA yo mogolo wa Modimo e bong Satane Diabolo o ile a dirisa mebuso ya bopolotiki le bodumedi jwa maaka ka boferefere ka dingwaga di le makgolokgolo go leka go kgoreletsa go anamisiwa ga Bokeresete jwa boammaaruri. Mme lefa go ntse jalo mekgwa eno e tla palelwa. Jesu o ne a bolelela pele gore “mafoko a a molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa [eseng, “a ka nna a rerwa” kana, “a ne a ka rerwa”] mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Mathaio 24:14.
Tsela e Satane a paletsweng ka yone e ile ya bonwa kwa Greece. Kereke ya Greek Orthodox e ile ya leka go thibela Basupi ba ga Jehofa gore ba se ka ba rera mafoko a a molemo a Bogosi kwa nageng eo. Mme lefa go ntse jalo, jaaka maitemogelo a a latelang a bontsha, kgabagare boammaaruri jwa Baebele bo a fitlha kwa bathong ba ba dipelo di ikanyegang lefa go na le kganetso.
Mo e ka nnang dingwaga tse 30 tse di fetileng, moruti mongwe wa Greek Orthodox o ne a amogela mafoko a a molemo a bo a bolela gore o eletsa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, ba losika lwa gagwe ba ne ba ganetsa kgato eno fela thata ba bo ba mo pateletsa gore a kgaogane le Basupi. O ne a tswelela pele ka tiro ya gagwe ya boruti, gore a itumedise ba lelapa la gagwe; lefa go ntse jalo, ka metlha o ne a lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo thusitse go ithuta boammaaruri le gore o ne a bo tlogetse gore a se ka a latlhegelwa ke maemo a a kwa godimo mo bodumeding jwa maaka.
Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe fa go nna le sebaka o ne a buelela Basupi ba ga Jehofa. O ne a ba a kgothatsa batho ka makgetlho a le mmalwa gore fa ba batla go ithuta boammaaruri jwa Baebele, ba tshwanetse ba ithuta le Basupi. Fa dingwaga di ntse di feta bangwe tota ba ne ba sala kgakololo ya gagwe morago.
Bosheng jaana moruti yono o ne a simolola go lwala thata mme a lemoga gore o ka nna a swa nako nngwe le nngwe. Fa a ntse a le mo kokelong, o ne a bitsa bana ba gagwe, mme botlhe ba ne ba kokoana fa thoko ga bolao jwa gagwe.a Go tswa foo o ne a ba tlhalosetsa gore fa a ne a ka swa, ba ne ba ka nna ba kopana le ene gape. O ne a bua le bone kaga thuto ya Baebele ya gore Jehofa o tla tsosa batho gore ba tshele mo paradaiseng mo lefatsheng, mme fa tota ba ne ba batla go bona seo se diragala, ba ne ba tshwanetse go ithuta boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng le go ikgaoganya le bodumedi jwa maaka. O ne a ba kgothaletsa gore ba ikopanye le Basupi ba ga Jehofa ba bo ba ithute go tswa mo go bone gore ba ka nna Bakeresete ba mmatota jang.
Moruti yono o ne a tlhokafala moragonyana fela ga foo. Lefa go ntse jalo, kgakololo e a laetseng bana ba gagwe ka yone e ne ya nna le matswela a mantle. Morwadie o ne a ntse a ganetsa Basupi ba ga Jehofa le tiro ya bone thata, fela jaaka bontsi jwa ba losika lwa ga bone. Mme lefa go ntse jalo o ne a sa kgone go lebala kopo ya ga rraagwe e e tswang mo pelong ya fa a ne a tlhokafala, ka jalo e ne ya re go ise go ye kae a ikopanya le Basupi ba ga Jehofa a bo a simolola go ithuta Baebele. Bosheng jaana, ene ka esi o ne a fetoga Mosupi, a neela botshelo jwa gagwe go Jehofa Modimo a bo a tshwantshetsa boineelo jwa gagwe ka go kolobediwa mo metsing.
Kwa Greece le kwa dinageng tse dingwe di feta 230, Basupi ba ga Jehofa ba ikaegile ka maatla a moya o o boitshepo wa Modimo. Ba tshegediwa ka botlalo ke moya o o boitshepo gore ba nne le seabe mo go diragatseng boperofeti jono jwa ga Jesu: “E tlaa re Mowa o o Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa bona nonofo; lo tlaa nna basupi ba me mo Jerusalema, le mo lefatsheng lotlhe la Jutea le la Samaria, go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.”—Ditiro 1:8.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo Kerekeng ya Greek Orthodox baruti ba dumelelwa gore ba nyale.