LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 2/15 ts. 18-22
  • “Letsomanyane, se Boifeng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Letsomanyane, se Boifeng”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letsomanyane
  • Dipalo di a Fokotsega
  • “Se Boifeng”
  • Tsholofelo E e Sa Tshwaneng le Epe
  • “Disang Letsomane la Modimo Le lo Le Tlhokometseng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ba Disa Dikwanyana ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Thusa ba ba Tlogetseng Letsomane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 2/15 ts. 18-22

“Letsomanyane, se Boifeng”

“Letsomanyane, se boifeng, gonne Rraeno o natefelwa ke go lo naya bogosi.”—LUKE 12:32.

1. Mafoko ano a ga Jesu a ne a theilwe mo go eng: “Letsomanyane, se boifeng”?

“BATLANG bogosi jwa [Modimo].” (Luke 12:31) Fa Jesu a ne a bolelela barutwa ba gagwe mafoko ano, o ne a tlhalosa molaomotheo o o ileng wa kaela tsela e Bakeresete ba akanyang ka yone go tloga ka motlha wa gagwe go fitlha mo motlheng wa rona. Bogosi jwa Modimo bo tshwanetse jwa bewa kwa pelepele mo matshelong a rona. (Mathaio 6:33) Lefa go ntse jalo, mo polelong ya ga Luke, Jesu o ne a tswelela pele a bua mafoko a a eletsegang le a a dirang gore setlhopha se se kgethegileng sa Bakeresete se nne le tshepo. O ne a bolela jaana: “Letsomanyane, se boifeng, gonne Rraeno o natefelwa ke go lo naya bogosi.” (Luke 12:32) Jaaka Modisa yo o Molemo, Jesu o ne a itse gore barutwa ba ba atamelaneng thata le ene ba ne ba tla nna le mathata kwa pele. Mme ba ne ba sa tshwanela go boifa fa ba ne ba tswelela pele ba batla Bogosi jwa Modimo. Ka gone, kgothatso ya ga Jesu e ne e se taelo e e gatelelang. Go na le moo, e ne e le tsholofetso e e lorato e e neng e ba tlhotlheletsa gore ba nne le tshepo le bopelokgale.

2. Ke bomang ba ba bopang letsomanyane, mme ke ka ntlha yang fa ba na le tshiamelo e e molemolemo thata?

2 Jesu o ne a bua le barutwa ba gagwe, mme a ba bitsa “letsomanyane.” Gape o ne a bua le bao Jehofa a neng a tla ba ‘neela bogosi.’ Eleruri setlhopha seno se ne se le sepotlana ka palo, fa se bapisiwa le boidiidi jo bogolo jo bo neng bo tla amogela Jesu mo metlheng ya moragonyana. Gape ba ne ba lejwa ba le botlhokwa thata ka gonne ba ne ba tlhophetswe isagwe e ntle thata, gore ba dirisiwe mo tirong ya segosi. Rraabone, Modisa yo Mogolo e bong Jehofa, o bitsa letsomanyane go tla go amogela boswa jwa bone jwa selegodimo mo Bogosing jwa ga Keresete Mesia.

Letsomanyane

3. Ke ponatshegelo efe e e galalelang ya letsomanyane e Johane a neng a e bona?

3 Jaanong he, ke bomang ba ba bopang letsomanyane leno le le nang le tebelelo e e molemolemo jaana? Ke balatedi ba ga Jesu Keresete ba ba tlodiwang ka moya o o boitshepo. (Ditiro 2:1-4) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana fa a ba bona jaaka baopedi ba selegodimo ba tshotse diharepa mo diatleng tsa bone: “Ka leba, mme bonang, Kwana a bo a eme mo thabeng ya Sione, a na le batho ba le 144 000, ba ba kwadilweng leina la gagwe, le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone. Bao ke ba ba se kang ba leswefala ka basadi; gonne ke makgarebane. Bao ke ba ba bopelang Kwana gongwe le gongwe kwa o yang teng. Bao ba tswa go rekwa mo bathong, gore ba nne mabutswelapele a Modimo le a Kwana. Mme mo melomong ya bone go se ka ga fitlhelwa leaka lepe; ga ba na bog[o]le bope.”—Tshenolo 14:1, 4, 5.

4. Ke boemo bofe jo letsomanyane bo nang le jone gompieno mo lefatsheng?

4 Fa e sa le ka Pentekosete ya 33 C.E., batlodiwa bano, ba ba tshotsweng ka moya ba ile ba direla jaaka baemedi ba ga Keresete mo lefatsheng. (2 Bakorinthe 5:20) Gompieno, go setse masalela fela a bone, a a dirang mmogo jaaka setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale. (Mathaio 24:45; Tshenolo 12:17) Segolobogolo fa e sa le ka ngwaga wa 1935, ba ntse ba dira le “dinku di sele,” Bakeresete ba ba solofetseng go tla go tshela mo lefatsheng, ba jaanong ba leng dimilione ka palo. Bakeresete bano ba thusa mo tirong ya go rera mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe.—Johane 10:16.

5. Ba ba setseng ba letsomanyane ba ikutlwa jang, mme ke ka ntlha yang fa ba sa tshwanela go boifa?

5 Masalela a letsomanyane a a mo lefatsheng a ikutlwa jang? E re ka ba itse gore ba tlile go amogela “Bogosi jo bo sa ka keng jwa reketlisiwa,” ba dira tirelo ya bone e e boitshepo ka poifo ya bomodimo le ka tshisimogo. (Bahebere 12:28) Ba lemoga ka boikokobetso gore ba na le tshiamelo e e ka se lekanngweng le sepe e e dirang gore ba itumele fela thata. Ba bone ‘perela e e tlhwatlhwakgolo’ e Jesu a neng a bua ka yone fa a ne a bolela ka Bogosi. (Mathaio 13:46) Jaaka sepitla se segolo se ntse se atamela, batlodiwa ba Modimo ba eme ba sa boife sepe. Ga ba boife sepe se se tlang mo isagweng, go sa kgathalesege se se tla tlogang se tlela lefatshe la batho ka “letsatsi la Morena . . . le legolo, le le itsegeng.” (Ditiro 2:19-21) Ba tla bo ba boifa eng?

Dipalo di a Fokotsega

6, 7. (a) Ke ka ntlha yang fa palo ya letsomanyane le le santseng le le mo lefatsheng e le potlana thata jaana? (b) Mongwe le mongwe o tshwanetse go leba jang tsholofelo e a nang le yone?

6 Mo dingwageng tsa bosheng jaana palo ya letsomanyane le le santseng le le mo lefatsheng e fokotsegile fela thata. Seno se ile sa bonala mo pegong ya Segopotso sa 1994. Mo diphuthegong di ka nna 75 000 tsa batho ba ga Jehofa lefatshe ka bophara, ke ba le 8 617 fela ba ba neng ba ipontsha ka go ja ditshwantshetso gore ke maloko a masalela. (Mathaio 26:26-30) Se se farologaneng le seo, palo yotlhe ya ba ba neng ba le gone ke 12 288 917. Bakeresete ba ba tloditsweng ba itse gore go tla nna jaana. Jehofa o ile a tlhoma palo e e lekanyeditsweng ya 144 000 go bopa letsomanyane, mme o sa le ka a le phutha fa e sa le ka Pentekosete ya 33 C.E. Go a utlwala gore go bidiwa ga letsomanyane go ne go tla khutla fa palo e setse e le gaufi le go wela, mme bosupi bo bontsha gore go phuthiwa ka kakaretso ga batho bano ba ba segofaditsweng ka tsela e e kgethegileng go ne ga khutla ka 1935. Lefa go ntse jalo, go ne go perofetilwe gore dinku di sele mo motlheng ono wa bofelo di ne di tla oketsega go nna “boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo.” Fa e sa le ka 1935 Jehofa o ntse a phutha boidiidi jono jo bogolo ka kakaretso, jo bo solofetseng go ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise.—Tshenolo 7:9; 14:15, 16; Pesalema 37:29.

7 Bontsi jwa ba letsomanyane ba ba santseng ba le mo lefatsheng ba mo dingwageng tsa bo70, 80 le 90. Ke ba sekae ba ba fetileng dingwaga di le 100 ba ntse ba tshela. Botlhe bano, go sa kgathalesege gore ba na le dingwaga di le kae, ba itse gore ka go tsosediwa kwa legodimong, ba tla a bo ba kopana le Jesu Keresete mme o tla busa le bone mo Bogosing jwa gagwe jo bo galalelang. Ba boidiidi jo bogolo ba tlile go nna babusiwa ba ga Kgosi Keresete mo lefatsheng. A mongwe le mongwe a itumelele se Jehofa a se beetseng bao ba mo ratang. Ga se rona re itlhophelang gore re batla tsholofelo efe. Eo ke kgang ya ga Jehofa. Ditlhopha tsoopedi di ka itumelela se di se solofetseng e leng isagwe e e itumedisang, e ka tswa e le mo Bogosing jwa selegodimo kana mo lefatsheng la paradaise tlase ga Bogosi joo.—Johane 6:44, 65; Baefeso 1:17, 18.

8. Go kanelwa ga ba ba 144 000 go tsamaya fa kae, mme ke eng se se tlileng go direga fa palo e wetse?

8 Letsomanyane la batho ba ba 144 000 ke “Iseraele wa Modimo,” o o neng wa ema mo boemong jwa Iseraele wa tlholego mo go diragatseng boikaelelo jwa Modimo. (Bagalatia 6:16) Ka gone, masalela ke ba setšhaba seo sa semoya sa ba ba santseng ba setse mo lefatsheng. Ba ba setseng bao ba kanwa gore Jehofa a ba amogele la bofelo. Moaposetoloi Johane o ne a bona seno se diragala mo ponatshegelong, mme o ne a bega jaana: “Ka bona moengele yo mongwe a tlhatloga kwa botlhabatsatsi, a na le sekano sa Modimo o o tshedileng; mme a goeletsa ka lentswe le le godileng, a goa baengele ba bane, ba ba neetsweng go tlhokofatsa lefatshe le lewatle. A re: ‘Lo se ka lwa tlhokofatsa lefatshe, le fa e le lewatle, le fa e le ditlhare, go tle go tsamaye re tshwaye batlhanka ba Modimo wa rona mo diphatleng tsa bone pele.’ Mme ka utlwa palo ya bone ba ba tshwailweng, e le 144 000, e le ba lotso longwe le longwe lwa bana ba Iseraele [wa semoya].” (Tshenolo 7:2-4) E re ka tiro eno ya go kanela Iseraele wa semoya e bonala e ya bokhutlong, seo se bontsha gore ditiragalo tse di kgatlhang di tla tloga di diragala. Ka sekai, “sepitla se segolo” se tshwanetse sa bo se le gaufi thata, fa go tla bo go lesiwa diphefo tse nne tse di senyang mo lefatsheng.—Tshenolo 7:14.

9. Letsomanyane le leba palo e e oketsegang ya boidiidi jo bogolo jang?

9 Ba boidiidi jo bogolo ba ba setseng ba phuthilwe ba fitlha go dimilione. A bo seno se itumedisa dipelo tsa masalela jang ne! Le mororo ba letsomanyane ba ba santseng ba le mo lefatsheng palo ya bone e ntse e fokotsega, ba ile ba katisa le go baakanya gore go nne le banna bangwe ba boidiidi jo bogolo ba ba tshwanelang sentle gore ba rwale boikarabelo mo phuthegong e e golang ya Modimo ya selefatshe. (Isaia 61:5) Fela jaaka Jesu a ne a bontsha, go tlile go nna le ba ba tla falolang sepitla se segolo.—Mathaio 24:22.

“Se Boifeng”

10. (a) Ke eng se se tla tlogang se tlhasela batho ba Modimo, mme tlhaloso eo e tla gogela kwa go eng? (b) Mongwe le mongwe wa rona o bodiwa dipotso dife?

10 Satane le badimona ba gagwe ba latlhetswe kwa tlase mono lefatsheng. Ene le masomosomo a gagwe ba rulaganngwa gore ba tle go tlhasela batho ba ga Jehofa. Tlhaselo eno, e e boleletsweng pele mo Baebeleng, e tlhalosiwa jaaka tlhaselo ya ga Goga wa Magoga. Ke bomang ba Diabolo a ba tlhaselang segolobogolo? A ga se maloko a bofelo a letsomanyane, Iseraele wa Modimo wa semoya, a a ntseng ka kagiso “mo gare ga lefatshe”? (Esekiele 38:1-12) Ee, mme masalela a setlhopha se se ikanyegang sa batlodiwa, mmogo le ditsala tsa bone tse di ikanyegang e leng dinku di sele, ba tla bona kafa tlhaselo ya ga Satane e tla dirang gore Jehofa Modimo a tseye kgato e kgolo ka bofelo ka gone. O tlile go tsena ka bogare a namola batho ba gagwe, mme seno se tla lere “motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa.” (Joele 2:31) Gompieno, motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale o dira tirelo e e botlhokwa, le e e bolokang botshelo, a ntse a tlhagisa gore Jehofa o tla tsaya kgato. (Malaki 4:5; 1 Timotheo 4:16) A o tshegetsa tirelo eo ka go nna le seabe mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa o le tlhaga? A o tla tswelela pele o dira jalo jaaka mmoledi yo o sa boifeng wa Bogosi?

11. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne pelokgale gompieno?

11 Ka ntlha ya maemo a lefatshe a jaanong, a bo go le mo nakong jang ne gore ba letsomanyane ba tlhwaele tsebe mafoko ano a Jesu a ba boleletseng one: “Letsomanyane, se boifeng”! Boikutlo jo bo ntseng jalo jwa bopelokgale bo botlhokwa fa go lejwa se se dirwang jaanong go ya ka boikaelelo jwa ga Jehofa. Mongwe le mongwe wa letsomanyane o lemoga kafa go leng botlhokwa ka teng gore a itshoke go fitlha fela kwa bokhutlong. (Luke 21:19) Fela jaaka Jesu Keresete, Morena le Mong wa letsomanyane, a ne a itshoka le go ikanyega go fitlha kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng, ka jalo mongwe le mongwe wa masalela o tshwanetse go itshoka le go ikanyega.—Bahebere 12:1, 2.

12. Fela jaaka Jesu, Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete ba ba tloditsweng jang gore ba se ka ba boifa?

12 Batlodiwa botlhe ba tshwanetse go leba dilo jaaka moaposetoloi Paulo a ne a di leba. Ela tlhoko kafa mafoko a gagwe jaaka mmoledi wa phatlalatsa yo o tloditsweng wa tsogo ya baswi a dumalanang le kgothatso ya ga Jesu ya gore ba se ka ba boifa ka teng. Paulo o ne a kwala jaana: “Gakologelwa Jesu Keresete fa a tsogile mo baswing, e le wa losika lwa ga Dafite, ka fa Mafokong a a Molemo a me, a ke tshwereng bothata mo go one, ke ba ke tsena mo dikgoleng jaaka modiradibe; mme lefoko la Modimo lone ga le a golegwa. Ke gone, ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya ba ba itshenketsweng, gore le bone ba amogele poloko e e mo go Keresete Jesu, le kgalalelo e e sa khutleng. Go boikanngo polelo e e reng: ‘Gonne fa re kile ra swa nae, le gone re tlaa tshela nae; fa re itshoka nae, le gone re tlaa busa nae; fa re mo itatola, le ene o tlaa re itatola; fa rona re sa ikanyege, ene o ntse o boikanngo fela, gonne ga a ka ke a iitatola.’”—2 Timotheo 2:8-13.

13. Ke eng se maloko a letsomanyane a se dumelang fela thata, mme seno se a tlhotlheletsa gore a dire eng?

13 Fela jaaka moaposetoloi Paulo, maloko a a setseng a letsomane a a tloditsweng a iketleeditse go itshokela pogiso fa a ntse a bolela molaetsa o o nonofileng o o kwadilweng mo Lefokong la Modimo. Dilo tse ba di dumelang di tlhomame tota jaaka ba ntse ba ikanya ka metlha ditsholofetso tsa Modimo tsa go ba boloka le go ba naya “serwalo sa botshelo” fa ba ka ikanyega go fitlha ba swa. (Tshenolo 2:10) Ba tlile go kopanngwa le Keresete gore ba buse nae jaaka dikgosi ka go tsosiwa le go fetolwa ka ponyo ya leitlho. A bo ba tla bo ba fentse lefatshe jang ne jaaka babolokabothokgami!—1 Johane 5:3, 4.

Tsholofelo E e Sa Tshwaneng le Epe

14, 15. Tsholofelo ya tsogo ya letsomanyane ga e tshwane le epe jang?

14 Tsholofelo ya tsogo ya letsomanyane ga e tshwane le epe. Ka ditsela dife? Ka sekai, e tla pele ga tsogo e e akaretsang “basiami le basiamolodi.” (Ditiro 24:15) Totatota, tsogo ya batlodiwa e mo thulaganyong nngwe ya dilo tse di dirwang go ya ka botlhokwa jwa tsone, jaaka go bontshitswe ka phepafalo mo mafokong ano a a mo go 1 Bakorinthe 15:20, 23: “Keresete o tsositswe mo baswing, e le lebutswapele la ba ba robetseng. E tlaa bo e le mongwe le [mongwe] ka fa thulaganyong ya gagwe: Keresete e le ene lebutswapele; foo go tle ba e leng ba ga Keresete, mo go tleng ga gagwe.” Fa ba letsomanyane ba itshoka le go nna le tumelo e e tshwanang le e Jesu a neng a e bontsha, ba itse gore ba tla neelwa eng fa ba wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng, segolobogolo fa e sale Morena wa boammaaruri a tla go atlhola mo tempeleng ya gagwe ka 1918.—Malaki 3:1.

15 Paulo o re naya lebaka le lengwe gape la gore re lebe tsogo eno e le e e sa tshwaneng le epe. O ne a kwala jaana mo go 1 Bakorinthe 15:51-53: “Bonang, ke lo bolelela bosaitsiweng: Ga re ketla re robala rotlhe, mme re tlaa fetolwa rotlhe fela, ka gangwe fela, ka ponyo ya leitlho, ka lobaka lwa lonaka lwa bofelo. . . . Gonne mo go bolang mo, go na le go apara bosaboleng, le mo go swang mo, go na le go apara bosasweng.” Mafoko ano a dira mo go ba letsomanyane ba ba swang ka nako ya go nna gone ga ga Keresete. Ba apara bosasweng “gangwe fela, ka ponyo ya leitlho,” go sa tlhokege gore ba robale nako e telele mo losong.

16, 17. Bakeresete ba ba tloditsweng gompieno ba segofaditswe jang segolobogolo malebana le tsholofelo ya bone ya tsogo?

16 Fa re tlhaloganya seno jaana, re ka kgona go tlhaloganya le mafoko a ga moaposetoloi Johane a a fitlhelwang mo go Tshenolo 14:12, 13. O ne a kwala jaana: “‘Bopelotelele jwa baitshepi ke jone joo, e bong jwa ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo, le tumelo mo go Jesu.’ Ka utlwa lentswe le le tswang legodimong le re: ‘Kwala, o re: Go sego baswi ba ba swelang mo Moreneng, go simolola fano le go ya pele.’ Ee, go bua Mowa, ‘gore ba bone tapologo mo letsapeng la bone; gonne ditiro tsa bone di ba setse morago.’”

17 A bo masalela a letsomanyane a emetswe ke tuelo e e sa tshwaneng le epe jang ne! Ba tsosiwa ka bonako fela fa ba sena go swa. A bo e tla nna phetogo e e gakgamatsang jang ne mo go one fa a ya go dira dikabelo tsa one kwa lefelong la moya! E re ka letsomanyane le tsweletse le galalediwa le boperofeti jo bogolo jwa Baebele go ya bokhutlong, eleruri maloko a bofelo a letsomanyane ‘ga a tshwanela go boifa.’ Mme fa ba sa boife ba kgothatsa ba boidiidi jo bogolo, ba le bone ba tshwanetseng go tlhagolela boikutlo jo bo tshwanang jwa go sa boife fa ba ntse ba lebeletse go gololwa mo motlheng o o tletseng mathata o lefatshe le iseng le ko le o bone.

18, 19. (a) Ke ka ntlha yang fa nako e re tshelang mo go yone e potlakile jaana? (b) Ke ka ntlha yang fa batlodiwa mmogo le dinku di sele ba sa tshwanela go boifa?

18 Go anela ka ditiro tsa letsomanyane go thusa bone mmogo le boidiidi jo bogolo gore ba nne ba ntse ba boifa Modimo wa boammaaruri. Nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile, mme nakonyana e e setseng e botlhokwa thata. Eleruri nako e e saletseng ba bangwe go tsaya kgato e nnye thata. Lefa go ntse jalo, rona ga re boife gore boikaelelo jwa Modimo bo tla palelwa. Bo tla atlega eleruri!

19 Mantswe a magolo a a tswang kwa legodimong a setse a utlwilwe a re: “Bogosi jwa lefatshe bo diregile bogosi jwa Morena wa rona, le jwa ga Keresete wa gagwe; o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” (Tshenolo 11:15) Eleruri, Modisa yo Mogolo, Jehofa, o kaela dinku tsotlhe tsa gagwe mo “ditseleng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe.” (Pesalema 23:3) Letsomanyane le isiwa kwa tuelong ya lone kwa legodimong ka boikanyegi. Mme dinku di sele di tlile go falola sepitla se segolo di babalesegile gore di itumelele botshelo jo bo sa khutleng mo lefelong la selefatshe la Bogosi jo bo galalelang jwa Modimo mo pusong ya ga Keresete Jesu. Ka gone, lefa mafoko a ga Jesu a ne a lebisitswe letsomanyane, eleruri batlhanka botlhe ba Modimo ba ba mo lefatsheng ba na le lebaka le le utlwalang la go reetsa mafoko ano a gagwe: “Se boifeng.”

A o ka Tlhalosa?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lebelela gore palo e e setseng ya letsomanyane e fokotsege?

◻ Boemo jwa masalela a a tloditsweng ke bofe gompieno?

◻ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba sa tshwanela go boifa, go sa kgathalesege tlhaselo ya ga Goga wa Magoga e e tlang?

◻ Ke ka ntlha yang fa tsogo ya ba ba 144 000 e sa tshwane le epe, segolo jang gompieno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela