Thaba e e “Tlhanaselang”
THABA ya Croagh Patrick e e mo bophirima jwa Ireland e e tlhomologileng e bile e le motsu mo setlhoeng sa yone, e bonala sentle go farologana le dithaba tse di e dikologileng. Mo ngwageng mongwe le mongwe, ka Sontaga sa bofelo sa July, fa bagolo le bannye ba ba ka tshwarang 30 000 ba ba mo loetong lwa sedumedi le le nnang ngwaga le ngwaga ba palamela kwa setlhoeng sa thaba (dimetara tse 765), go lebega e kete se tlhanasela ka mmatota.
Mo letsatsing leo, baeti ba sedumedi ba palamela ba bo ba fologela mo phataneng e tshesane e e makgwakgwa, e gape dikarolo tse dingwe tsa yone di leng kotsi go tsamaega. Totatota, karolo e e palamiwang la bofelo (e e ka nnang dimetara tse 300) e kwa godimo fela thata e bile e dira gore go e palama go nne kotsi e bile go lapise thata ka gore yotlhe e batlile e nna le matlapa a a sa tshegediwang ke sepe a a ntseng fela mo godimo.
Ba bangwe ba palama thaba e ba sa rwala ditlhako e bile gape ba bangwe ba kgona go palama dikarolo tse dingwe tsa yone ba gogoba ka mangole. Bogologolo, leeto leno la sedumedi le ne le simolola bosigo mo lefifing.
Ke ka ntlha yang fa batho ba bantsi ba tsaya gore go palama Croagh Patrick go botlhokwa thata jaana?
Ga e Bolo go Tlhomiwa go Nna Lefelo la Maeto a Sedumedi
Kereke ya Roma Katoliki e ne ya romela Patrick go ya go nna bishopo wa morongwa kwa Ireland mo tshimologong ya lekgolo la botlhano la dingwaga C.E. Mokgele wa gagwe wa konokono e ne e le go sokololela batho ba kwa Ireland mo Bokereseteng, mme mo dingwageng tse a neng a rerela batho le go dira mo go bone, Patrick o akgolelwa go bo a ile a thaya motheo wa Kereke ya Katoliki gone koo.
Tiro ya gagwe e ne ya mo dira gore a ye kwa mafelong a mantsi go ralala naga eo. Nngwe ya one e ne e le kwa bophirima jwa Ireland, kwa batho bangwe ba bolelang gore o ne a nna malatsi le masigo a le 40 a nna mo godimo ga thaba e e neng ya bidiwa ka ene—Croagh Patrick (mo go rayang “Thaba ya ga Patrick”). Fa a ne a le koo o ne a itima dijo a bo a rapelela gore a tle a atlege mo go se a neng a se romilwe.
Fa dingwaga di ntse di feta, go ne ga tlhamiwa ditlhamane tse dintsi ka dilo tsa bonatla tse a neng a di dirile. Sengwe sa dilo tse di tumileng thata tse go tweng Patrick o ne a di dira a le mo thabeng eo e ne ya nna go fedisa dinoga tsotlhe mo Ireland.
Dipego tsa batho di bolela gore o ne a aga kereke e potlana mo setlhoeng sa thaba. Lefa gone e le sebaka kago eo e ntse e seyo, motheo wa yone wa kwa tshimologong o santse o le teng mme fa e neng e agilwe teng mmogo le thaba ga e bolo go nna lefelo la maeto a sedumedi go kgabaganya dingwaga.
Dikarolo Tsa Leeto la Sedumedi
Fa motho mongwe yo o godileng kgotsa yo o sa tlwaelang go palama thaba a ka palamela le go fologela thaba mo go leng boleele jwa dikilometara tse tlhano o a bo a dirile namane e tona ya tiro.
Mo mafelong mangwe a a mo tseleng a a baakantsweng go sa le gale go nna go eme ditlhopha tsa batho ba ba nnang ba ipaakanyeditse go thusa ka tsa kalafi mo maemong a tshoganetso fa bangwe ba ka gobala.
Mo tseleng, go na le mafelo a le mararo kgotsa mathibelelo a baeti ba sedumedi ba kopanelang mo thulaganyong e mo go yone ba buang gore ba ikwatlhaela dibe tse ba di dirileng. Dilo tseno di tlhalosiwa ka botlalo mo lefelong le ba simololang go tlhatloga fa go lone mo lemating la dikitsiso.—Bona lebokoso.
Ba Palamela Eng?
Ke ka ntlha yang batho ba bantsi jaana ba tsaya leeto leno la bodumedi le le sokodisang thata jaana? Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba dira maiteko a a kanakana mo maikaelelong a bone a go batla go palama thaba?
Ebu, batho bangwe ba dumela gore fa ba ka rapela ba ntse ba le mo leetong la bone la sedumedi, ba ka nna ba kgona go arabiwa fa ba ikopela dilo dingwe tse di ka ba solegelang molemo ka namana. Ba bangwe ba dira jalo gore ba itshwarelwe phoso nngwe e ba e dirileng. Ba bangwe ba dira jalo go supa tebogo. Kwantle ga pelaelo, ba le bantsi ba tsamaela fela go ya go ipelela mokete. Mongwe wa baetapele o ne a akgela ka gore e ne e le ‘go supa gore motho o tshedisana sentle le batho ba bangwe ba a nnang le bone e bile o a ba rata.’ Gape o ne a bolela gore go palama Croagh Patrick “e ne e le tsela ya bone ya go tshela jaaka St. Patrick le ya go lemoga gore ba a mo kolota ka gore ba kgonne go bona tumelo ka ene.” O ne a oketsa ka go re, se se botlhokwa ke gore go palama thaba ke “mofuta mongwe wa go ikwatlhaela dibe ka go bo maatla a ba a dirisitseng mo go palameng ke sesupo tota sa boikwatlhao. Go palamelela kwa godimo ka bonya ke go supa gore motho o lelefatsa go ikwatlhaela dibe tsa gagwe.”
Monna mongwe o ne a bolela ka go ikgantsha gore o palame thaba ga 25! A re o ne a dira jalo “gore a supe gore o ikwatlhaela dibe tse a di dirileng!” Monna yo mongwe o ne a bolela fela a re, “ke mofufutso wa phatla!”
Batho ba bangwe ba palama thaba ba sa rwala ditlhako lefa gone go se botlhokwa. Ke ka ntlha yang fa ba dira seo? Sa ntlha, ba rola ditlhako tsa bone ka gore ba tsaya gore lefatshe leo le “boitshepo.” Sa bobedi, go dumalana le maikaelelo a bone a go ‘ineela go supa gore ba ikwatlhaela dibe tsa bone.’ Seno gape se tlhalosa lebaka la go bo ba ne ba dira jalo ba khubame ka mangole kwa mathibelelong.
Re ne Re Tlhotlhelediwa ke go Anaanela Mmopi
Mme go tweng fa e le gore motho o ne a sena maikutlo a sedumedi a a tshwanang le a baeti ba sedumedi ba ba palamang thaba mo letsatsing le le kgethegileng? Motho o ka kgona go palama thaba nako nngwe le nngwe fa fela maemo a bosa a le molemo e bile a na le ditlhako tse di thata. Ga re a ka ra palama thaba mo letsatsing le baeti ba bantsintsi ba sedumedi ba neng ba e palama ka lone. Fa re ne re ntse re ema go ikhutsa kgapetsakgapetsa, re ne re akanya kaga go palama thaba ka bogone mmogo le matswela a go nnileng le one mo bathong ba bantsi. Fa re ne re akanya ka baeti ba ba diketekete ba sedumedi ba palamelela thaba ka tsela e e lapisang thata eno ba ntse ba supa gore ba ikwatlhaela maleo a bone, re ne ra tlhotlheletsega go ipotsa gore, ‘A seno ke sone se Modimo a se batlang? A go palama thaba ka meletlo mengwe ya bodumedi le go tsamaya go dikologa matshwao a a rileng motho a ntse a boaboeletsa dithapelo tota go ka atamalanya motho le Modimo?’ Mme go tweng ka kgakololo ya ga Jesu malebana le dithapelo tse di boaboelediwang e e mo go Mathaio 6:6, 7?
Kwantle ga pelaelo, re ne re sa palame thaba eno ka ntlha ya bodumedi. Gone mme, re ne ra ikutlwa re atamalanye le Mmopi wa rona ka gore re ne ra kgona go anaanela popo ya gagwe, dithaba tse di gongwe le gongwe e le karolo ya dikgakgamatso tse di mo lefatsheng. Fa re ne re le kwa setlhoeng kwa godimo re ne ra kgona go bona bontle jwa tlholego jwa naga re sa siriwa ke sepe, le e leng go bona fa lefatshe le neng le kopana teng le Lewatle la Atlantic. Re ne re kgona go bona ditlhaketlhake tse dipotlana di phatsima mo mokgatšheng wa metsi o o neng o le fa tlase ga rona mo letlhakoreng le lengwe di farologana thata le karolo e e tletseng ka dithaba e e makgwakgwa e e bileng e sena ditlhare dipe mo letlhakoreng le lengwe.
Re ne ra gopola ka mathibelelo a mararo. Re ne ra akanya ka mafoko a Jesu a a buileng ka boene fa a ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Fa lo rapela, lo se ka lwa boaboela fela jaaka Baditšhaba ba tle ba dire; gonne ba gopola gore ba tlaa utlwiwa ka ntlha ya go bua bobe ga bone.”—Mathaio 6:7.
Re ne ra lemoga gore thaba e ne e le karolo ya ngwao e e golegeletseng batho ba ba diketekete mo tlwaelong e e lapisang ya sedumedi. Re ne ra akanya ka fa seo se neng se farologana ka teng le kgololesego e moaposetoloi Johane a buileng ka yone fa a ne a bolela jaana: “Re boloke ditaolo tsa one [Modimo]; ditaolo tsa one ga di tlhokofatse.”—1 Johane 5:3.
Re ne ra ipelela go intsha ga rona, go akaretsa go pagama Croagh Patrick. E ne ya re tlhotlheletsa gore re lebe pele kwa nakong e batho ba tla bong ba golotswe mo dingwaong tse di sa tsweng mo Baebeleng mme ba kgona go obamela Mmopi yo o lorato wa lefatshe “ka mowa le ka boammaaruri.”—Johane 4:24.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Dikarolo Tse Dikgolo Tsa Leeto la Sedumedi
Moeti mongwe le mongwe wa sedumedi yo o palamang thaba ka Letsatsi la St. Patrick kgotsa mo go lengwe la malatsi a borobedi a moletlo kgotsa nako nngwe le nngwe mo dikgweding tsa June, July, August le September, mme a RAPELA MO TENG KANA GAUFI LE KEREKE a rapelela gore Mopapa o ka itshwarelwa maleo otlhe a gagwe fa a ka ya Boipolelong le Sakaramenteng e e Boitshepo mo Setlhoeng kana mo go yone beke eo.
MATHIBELELO A A TLWAELEGILENG
Go na le “mathibelelo” a le mararo (1) Mo moripong wa setlhoa se se motsu kana Leacht Benain, (2) Mo setlhoeng, (3) Roilig Muire, go ela kwa tlasenyana ga Lecanvey [toropo] e e mo letlhakoreng la thaba.
Mathibelelo a Ntlha - LEACHT BENAIN
Moeti wa sedumedi o tsamaya ga supa a dikologa thotana ya matlapa a ntse a bua Rraetsho ga 7, Marea yo o Galalelang ga 7, le Maikano gangwe fela
Mathibelelo a Bobedi - SETLHOA
(a) Moeti wa sedumedi o a khubama mme a bue Rraetsho ga 7, Marea yo o Galalelang ga 7 le Maikano gangwe fela
(b) Moeti wa sedumedi o rapelela Mopapa gaufi le Kereke
(c) Moeti wa sedumedi o tsamaya ga 15 a dikologa Kereke a bua Rraetsho ga 15, Marea yo o Galalelang ga 15 le Maikano gangwe fela
(d) Moeti wa sedumedi o tsamaya ga 7 a dikologa Leaba Phadraig [Bolao Jwa ga Patrick] a bua Rraetsho ga 7, Marea yo o Galalelang ga 7 le Maikano gangwe fela
Mathibelelo a Boraro - ROILIG MUIRE
Moeti wa sedumedi o tsamaya ga 7 a dikologa thotana nngwe le nngwe ya matlapa a bua Rraetsho ga 7, Marea yo o Galalelang ga 7 le Maikano gangwe fela mo go nngwe le nngwe ya tsone [go na le dithotana di le tharo] mme la bofelo a dikologe Roilig Muire yotlhe ga 7 a ntse a rapela.