Go Phatsima ga Lesedi—Mo Gogolwane Le mo Go Potlana (Karolo 1)
“Tselana ya mosiami e ntse jaaka lesedi le le phatsimang, le le phatsimelang pele fela go ya motshegareng o mogolo.”—DIANE 4:18.
1. Ke ka ntlha yang fa boammaaruri bo ile jwa senolwa ka iketlo?
KE BOSUPI jwa botlhale jwa Modimo, go dumalana le Diane 4:18, go bo boammaaruri jwa semoya bo ile jwa senolwa ka iketlo ka marang a a phatsimang a lesedi. Mo setlhogong se se fetileng, re ile ra bona kafa temana eno e neng ya diragadiwa ka teng mo metlheng ya baaposetoloi. Fa bogolo jwa boammaaruri jwa Dikwalo bo ne bo ile jwa senolwa jotlhe ka nako e le nngwe, bo ka bo bo ne jwa re fekeetsa mmogo le go re tlhakanya tlhogo—fela jaaka matswela a fa motho a tswa mo legageng le le lefifi a ya kwa leseding le le phatsimang thata la letsatsi. Mo godimo ga moo, boammaaruri jo bo senolwang ka iketlo bo nonotsha tumelo ya Bakeresete ka tsela e e tswelelang pele. Bo dira gore tsholofelo ya bone e phatsime thata go gaisa pele e bile bo dira gore tselana e ba tla e latelang e phepafale go feta le e leng pele.
“Motlhanka yo o Boikanngo le yo o Botlhale”
2. Jesu o ne a bontsha gore o ne a tla dirisa mang gore a lere lesedi la semoya mo balateding ba gagwe, mme sedirisiwa seo se akaretsa bomang?
2 Mo metlheng ya baaposetoloi Jesu Keresete o ne a bona go tshwanela gore a dirise dilo tse di sa tlwaelegang gore a neele balatedi ba gagwe marang a pele a a phatsimang a lesedi. Re na le dikai tse pedi tsa seno: Pentekosete ya 33 C.E. le go sokologa ga ga Korenelio ka 36 C.E. Moragonyana, Keresete o ile a bona go tshwanela gore a dirise morongwa wa motho, lefa gone a ne a bolelela pele jaana: “Ana, motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale e a bo e le mang, yo morena wa gagwe o mo tlhomileng go laola ba ntlo ya gagwe, go ba abela dijo ka dipaka tse e leng tsone? Go sego motlhanka yo e tlaa reng morena wa gagwe a tla a mo fitlhele a ntse a dira jalo. Ammaaruri ke a lo raya, o tlaa mo tlhoma molaodi wa dilo tsotlhe tse o nang natso.” (Mathaio 24:45-47) Motlhanka yono e ne e ka se nne motho a le mongwe fela ka gonne o ne a tshwanetse go aba dijo tsa semoya go tloga ka nako ya fa phuthego ya Bokeresete e ne e simologa ka Pentekosete go fitlha fa Morena, Jesu Keresete, a ne a tla go atlhola. Mabaka a bontsha gore setlhopha seno sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale ke sa Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng jaaka setlhopha mo lefatsheng mo nakong epe fela e e beilweng.
3. Ke bomang ba ba neng ba akarediwa mo malokong a ntlha a setlhopha sa motlhanka?
3 Ke bomang ba ba neng ba akarediwa mo malokong a ntlha a setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale? Mongwe wa bone e ne e le moaposetoloi Petere, yo o neng a tlhwaela taolo eno ya ga Jesu tsebe: “Fudisa dinku tsa me.” (Johane 21:17) Maloko a mangwe a bogologolo a setlhopha sa motlhanka a ne a akaretsa Mathaio, yo o neng a kwala Efangele e e bidiwang ka leina la gagwe, le Paulo, Jakobe le Juta, ba ba neng ba kwala dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Moaposetoloi Johane yo o neng a kwala buka ya Tshenolo, Efangele ya gagwe, le dikwalo tsa gagwe, le ene e ne e le leloko la setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale. Banna bano ba ne ba kwala go dumalana le thomo ya ga Jesu.
4. “Ba ntlo” ke bomang?
4 Fa e le gore batlodiwa botlhe jaaka setlhopha ke maloko a setlhopha sa motlhanka, go sa kgathalesege gore ba nna kae mo lefatsheng, he, ke bomang ba e leng “ba ntlo”? E ntse ke batlodiwa bone bao mme ba tsewa ka kgopolo e e farologaneng—motho ka bongwe. Ee, jaaka motho ka bongwe ba ne ba tla nna ba “motlhanka” kana ba ne ba tla nna “ba ntlo,” go ikaegile ka gore a ba ne ba aba dijo tsa semoya kana gore ba ne ba di ja. Fa re tshwantsha: Fela jaaka go kwadilwe mo go 2 Petere 3:15, 16, moaposetoloi Petere o nopola dikwalo tsa ga Paulo. Fa a ne a di bala, Petere o ne a tla nna mongwe wa ba ntlo ba ba neng ba neelwa dijo tsa semoya tse di neng di abiwa ke Paulo jaaka moemedi wa setlhopha sa motlhanka.
5. (a) Ke eng se se neng sa diragalela motlhanka mo makgolokgolong a dingwaga a morago ga baaposetoloi? (b) Go ne ga diragala eng kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga?
5 Buka ya God’s Kingdom of a Thousand Years Has Approached e ne ya bolela jaana mabapi le seno: “Ga re na pego e e tlhomameng ya hisitori ya gore setlhopha sa ‘motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale’ se ne se le teng jang le gore se ne sa direla jang go ralala makgolokgolo a dingwaga morago ga go swa ga baaposetoloi ba Morena Jesu Keresete. Go bonala gore kokomana nngwe le nngwe ya setlhopha sa ‘motlhanka’ e ne e tlamela kokomana e e latelang eo. (2 Timotheo 2:2) Mme kwa bokhutlong jwa lekgolo la lesome le borobong la dingwaga go ne go na le batho ba ba neng ba boifa Modimo ba ba neng ba rata dijo tsa semoya tsa Baebele e e Boitshepo e bile ba ne ba rata go itlamela ka tsone . . . ditlhopha tsa go ithuta Baebele . . . di ne tsa tlhomiwa mme tsa gatela pele mo go tlhaloganyeng boammaaruri jwa motheo jwa Dikwalo Tse di Boitshepo. Bangwe ba baithuti bano ba Baebele ba ba neng ba le peloephepa mme ba se pelotshetlha ba ne ba tlhagafaletse go abela ba bangwe dikarolo tseno tsa botlhokwa tsa dijo tsa semoya. Ba ne ba na le moya wa go ikanyega wa ‘motlhanka’ yo o neng a tlhomilwe gore a abele ‘ba ntlo’ ‘dijo ka dipaka tse e leng tsone’ tse di tlhokegang tsa semoya. Ba ne ba le ‘botlhale’ gore ba lemoge gore nako eo e ne e le yone e e tshwanetseng e bile e le e e leng yone le gore ditsela tse di tshwanetseng tsa go aba dijo e ne e le dife. Ba ne ba leka go di aba.”—Ditsebe 344-5.a
Marang a Ntlha a Lesedi go Phatsima mo Metlheng ya Gompieno
6. Ke ntlha efe e e tlhomologileng e e malebana le go senolwa ga boammaaruri ka iketlo?
6 Ntlha e nngwe e e tlhomologileng malebana le batho ba Jehofa a neng a ba dirisa gore ba lere koketsego eno ya lesedi la semoya ka iketlo ke ya gore ba ne ba sa itlotlomatse ka bobone. Boikutlo jwa ga C. T. Russell, poresidente ya ntlha ya Mokgatlho wa Watch Tower, e ne e le gore Morena o ne a itumedisiwa ke go dirisa ditalenta tsa bone tsa maemo a a kwa tlase. Malebana le maina a tshotlo a baba ba ga Mokaulengwe Russell ba neng ba rata go a dirisa, o ne a itsise gore ga a ise a ko a kopane le “Mo-Russell” le gore go ne go sena selo se go tweng “Bo-Russell.” Tlotlo yotlhe e ne e isiwa kwa Modimong.
7. Mokaulengwe Russell le badirikaene ba ile ba ntsha bosupi bofe jwa gore eleruri ba ne ba dirisana le motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale?
7 Fa re lebelela diphelelo tse di ileng tsa nna gone, ga go belaetse gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ne o kaela maiteko a ga Mokaulengwe Russell le batho ba a neng a dira le bone. Ba ne ba bontsha bosupi jwa gore ba ne ba dirisiwa le motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale. Le mororo baruti ba le bantsi ba nako eo ba ne ba bolela gore ba dumela fa Baebele e le Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le gore Jesu e ne e le Morwa Modimo, ba ne ba amogela dithuto tsa maaka, tsa dithuto tsa Sebabilone, tse di jaaka Tharonngwe, go sa sweng ga moya wa motho le go tlhokofadiwa ka bosakhutleng. Go dumalana le tsholofetso ya ga Jesu, eleruri e ne e le ka ntlha ya moya o o boitshepo go bo Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe ba bo ba ile ba leka ka boikokobetso gore boammaaruri bo phatsime go feta le e leng pele. (Johane 16:13) Baithuti bao ba Baebele ba ba tloditsweng ba ne ba neela bosupi jwa gore eleruri ba ne ba le bangwe ba setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale, se thomo ya sone e leng go abela ba ntlo ya Morena dijo tsa semoya. Maiteko a bone a ile a thusa thata mo go phutheng batlodiwa.
8. Ke dintlha dife tsa motheo tse Baithuti ba Baebele ba neng ba di tlhaloganya sentle ka ga Jehofa, Baebele, Jesu Keresete le moya o o boitshepo?
8 Go a gakgamatsa go bona kafa Jehofa a neng a tshegetsa thata Baithuti bano ba Baebele ba bogologolo ka marang a a phatsimang a lesedi ka teng, a dirisa moya o o boitshepo. Selo sa ntlha, ba ne ba supela tota gore Mmopi o gone le gore o na le leina le le sa tshwaneng le ape e leng Jehofa. (Pesalema 83:18; Baroma 1:20) Ba ne ba lemoga gore Jehofa o na le dinonofo tse nne tse dikgolo—nonofo, tshiamiso, botlhale le lorato. (Genesise 17:1; Duteronome 32:4; Baroma 11:33; 1 Johane 4:8) Bakeresete bano ba ba tloditsweng ba ne ba supela sentle gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le gore e boammaaruri. (Johane 17:17; 2 Timotheo 3:16, 17) Mo godimo ga moo, ba ne ba dumela gore Morwa Modimo, Jesu Keresete, o ne a bopiwa le gore o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho botlhe. (Mathaio 20:28; Bakolosa 1:15) Moya o o boitshepo, o e seng motho wa boraro wa Tharonngwe gotlhelele, o ne wa lemogiwa e le maatla a Modimo a a dirang.—Ditiro 2:17.
9. (a) Ke boammaaruri bofe jo Baithuti ba Baebele ba neng ba bo tlhaloganya sentle jo bo malebana le tlholego ya motho le mafelelo a a bontshitsweng mo Baebeleng? (b) Ke boammaaruri bofe jo bongwe jo batlhanka ba ga Jehofa ba neng ba bo lemoga sentle?
9 Baithuti ba Baebele ba ne ba lemoga sentle gore motho ga a na moya o o sa sweng mme ke moya o o swang. Ba ne ba lemoga gore “maduo a boleo ke loso,” e seng go tlhokofadiwa ka bosakhutleng, le gore ga gona lefelo le le ntseng jaaka dihele tse di tukang molelo. (Baroma 5:12; 6:23; Genesise 2:7; Esekiele 18:4) E bile gape mo godimo ga gore ba lemoge sentle gore kgopolo ya thutotlhagelelo ga se ya Dikwalo ba ile ba lemoga gore ga e na mabaka a a utlwalang gotlhelele. (Genesise, dikgaolo 1 le 2) Gape ba ile ba lemoga gore Baebele e tshotse mafelelo a le mabedi—jwa selegodimo jwa batlodiwa ba ba latelang dikgato tsa ga Keresete ba ba 144 000 le jwa lefatshe la paradaise jwa batho ba ba senang palo ba “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku di sele.” (Tshenolo 7:9; 14:1; Johane 10:16) Baithuti bao ba Baebele ba bogologolo ba ne ba lemoga gore lefatshe le nnetse ruri ka bosakhutleng e bile le ka se fisiwe ka molelo, jaaka ditumelo di le dintsi di ruta jalo. (Moreri 1:4; Luke 23:43) Gape ba ne ba ithuta gore go boa ga ga Keresete go ne go ka se bonale le gore ka yone nako eo o ne a tla atlhola ditšhaba a bo a tlisa paradaise ya selefatshe.—Ditiro 10:42; Baroma 8:19-21; 1 Petere 3:18.
10. Ke boammaaruri bofe jo Baithuti ba Baebele ba neng ba bo ithuta jo bo mabapi le kolobetso, go farologanya badumedi le baruti le Segopotso sa loso lwa ga Keresete?
10 Baithuti ba Baebele ba ne ba ithuta gore kolobetso ya Dikwalo ga se ya go gasa masea ka metsi mme ke ya go dumalana le taolo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 28:19, 20, ke go inwa mo metsing ga badumedi ba ba rutilweng. Ba ne ba simolola go lemoga gore go farologanya batho fela ba bodumedi le baruti ga go tswe mo Dikwalong. (Mathaio 23:8-10) Se se farologaneng le seo, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go nna bareri ba mafoko a a molemo. (Ditiro 1:8) Baithuti ba Baebele ba ile ba anaanela gore Segopotso sa loso lwa ga Keresete se tshwanetse sa ketekwa gangwe fela mo ngwageng, ka Nisane 14. Mo godimo ga moo, ba ne ba lemoga gore Ista ke letsatsi la boikhutso la boheitane. Gape, batlodiwa bao ba ne ba na le tshepo tota ya gore Modimo o ne o tshegetsa tiro ya bone mo e leng gore ba ne ba sa nke ba tsaya dikoleke. (Mathaio 10:8) Go tloga mo metlheng ya bogologolo, ba ne ba tlhaloganya gore Bakeresete ba tshwanetse go tshela go dumalana le melaometheo ya Baebele, e e akaretsang go tlhagolela maungo a moya o o boitshepo wa Modimo.—Bagalatia 5:22, 23.
Marang a a Phatsimang a Lesedi a Oketsega
11. Ke lesedi lefe le le neng la phatsima malebana le thomo ya Bokeresete le setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi?
11 Segolobogolo fa e sale ka 1919 batlhanka ba ga Jehofa ba ntse ba segofadiwa ka go okelediwa marang a a phatsimang a lesedi. A bo marang a a phatsimang thata a lesedi a ne a phatsima jang ne kwa kopanong ya 1922 ya Cedar Point jaaka J. F. Rutherford, poresidente wa bobedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, a ne a gatelela thata ntlha ya gore selo se segolo se batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetseng go se dira ke go ‘itsise, go itsise, go itsise, Kgosi le bogosi jwa gagwe’! Mo ngwageng o o neng wa latela oo, lesedi le ne la phatsima malebana le setshwantsho sa dinku le dipodi. Go ne ga lemogiwa gore boperofeti jono bo ne bo tshwanetse jwa diragadiwa mo letsatsing la gompieno la Morena, e seng mo isagweng ka nako ya Mileniamo jaaka go ne go akanngwa pele. Ka Mileniamo, bomonnawe Keresete ba ne ba tla bo ba sa lwale, le gone ba ne ba ka se ka ba tsenngwa mo kgolegelong. Kwantle ga moo, kwa bokhutlong jwa Mileniamo, Jehofa Modimo, e seng Jesu Keresete, o tla atlhola.—Mathaio 25:31-46.
12. Ke marang afe a a phatsimang a lesedi a a neng a le teng malebana le Haremagetone?
12 Ka 1926 marang a mangwe a a phatsimang thata a lesedi a ne a senola gore ntwa ya Haremagetone e ne e se motlha wa go fetoga ga setšhaba, jaaka Baithuti ba Baebele ba ne ba akanya pele. Go na le moo, e ne e tla nna ntwa e mo go yone Jehofa a tla bontshang maatla a gagwe ka phepafalo gore batho botlhe ba tlhatswege pelo gore ke Modimo.—Tshenolo 16:14-16; 19:17-21.
Keresemose—Letsatsi la Boikhutso la Boheitane
13. (a) Ke lesedi lefe le le neng la phatsima malebana le mekete ya Keresemose? (b) Ke ka ntlha yang fa malatsi a botsalo a ne a sa tlhole a ketekiwa? (Akaretsa le ntlhanyana e e kwa tlase.)
13 Ka bokhutshwane fela morago ga moo, marang a a phatsimang a lesedi a ne a dira gore Baithuti ba Baebele ba emise go keteka Keresemose. Pele nako eo e fitlha Baithuti ba Baebele ba ne ba ntse ba keteka Keresemose mo lefatsheng lotlhe, mme go ketekiwa ga yone kwa ntlokgolong ya Brooklyn e ne e le nako ya go itumela tota. Mme go tswa foo go ne ga lemogiwa gore tota go keteka December 25 e ne e le tsela ya boheitane tota mme e ne ya tlhophiwa ke Labokeresete wa botenegi gore a sokolole baheitane motlhofo. Mo godimo ga moo, go ne ga fitlhelwa gore Jesu o ne a ka se ka a bo a ile a tsholwa mariga, e re ka ka nako e a neng a tsholwa ka yone, badisa ba ne ba fudisa matsomane a bone kwa nageng—e leng selo se ba neng ba ka se ka ba se dira ka December fa e ya bofelong jwa yone go le bosigo. (Luke 2:8) Go na le moo, Dikwalo di bontsha gore Jesu o ka tswa a ne a tsalwa ka October 1. Gape Baithuti ba Baebele ba ne ba lemoga gore banna ba go tweng ke banna ba ba botlhale ba ba neng ba etela Jesu mo e ka nnang dingwaga di le pedi morago ga gore a tsholwe e ne e le banna ba ba botlhale ba baheitane.b
Leina le Lesha
14. Ke ka ntlha yang fa leina Baithuti ba Baebele le ne le sa tshwanele batho ba ga Jehofa sentle?
14 Ka 1931 marang a a phatsimang thata a boammaaruri a ne a senolela Baithuti bao ba Baebele leina la Dikwalo le le tshwanelang tota. Batho ba ga Jehofa ba ne ba ile ba tlhaloganya gore ba ne ba ka se amogele maina ape fela a tshotlo a batho bangwe ba neng ba ba bitsa ka one, jaaka Ba-Russell, Bo-Millenial Dawn le “bogagonadihele.”c Mme gape ba ne ba simolola go lemoga gore leina le bone ka bobone ba neng ba ipitsa ka lone—Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba—le ne le sa ba tshwanele sentle. Ba ne ba se baithuti fela ba Baebele. Mo godimo ga moo, go ne go ntse go na le batho ba bangwe ba le bantsi ba ba neng ba le baithuti ba Baebele mme ba ba neng ba sa tshwane gotlhelele le Baithuti ba Baebele.
15. Ke leina lefe le Baithuti ba Baebele ba neng ba ipitsa ka lone ka 1931, mme ke ka ntlha yang fa le tshwanela?
15 Go tlile jang gore Baithuti ba Baebele ba nne le leina le lesha? Ka dingwagangwaga The Watch Tower e ne e ntse e dira gore leina la ga Jehofa le tume. Ka gone go ne go tshwanela tota gore Baithuti ba Baebele ba ipitse ka leina le le fitlhelwang mo go Isaia 43:10: “‘Lona lo basupi ba me,’ go bua Jehofa: ‘o bile o motlhanka wa me yo ke go itshenketseng; gore lo tle lo itse, lo ntumele, lo bo lo tlhaloganye fa ke le ene; e rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo ope, le gone ga go ketla go nna ope morago ga me.’”
Go Tlotlomadiwa le “Boidiidi jo Bogolo”
16. Ke ka ntlha yang fa boperofeti jo bo buang ka go tsosolosiwa bo ne bo ka se lebise mo Bajuteng ba tlholego ba ba neng ba boela kwa Palesetina, mme bo dira mo go bomang?
16 Mo bolumong ya bobedi ya buka ya Vindication, e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower ka 1932, marang a a phatsimang a lesedi a ne a senola gore boperofeti jo bo kwadilweng kaga go tsosolosiwa mo go Isaia, Jeremia, Esekiele le baperofeti ba bangwe go ne go sa lebisiwe go Bajuta ba nama (jaaka go ne go akanngwa pele), ba ba neng ba boela kwa Palesetina ba sa dumele e bile ba tlhotlhelediwa ke bopolotiki. Go na le moo, go tsosolosiwa ga boperofeti jono, jo bo neng jwa diragadiwa ka selekanyo se se potlana fela ka nako ya fa Bajuta ba ne ba tswa kwa botshwarong jwa Babilone ka 537 B.C.E., bo ne jwa diragadiwa ka tsela e kgolwane fa go ne go gololwa Baiseraele ba semoya ba bo ba tsosolosiwa gape go tloga ka 1919 mo go neng ga felela ka gore ba hume mo paradaiseng ya semoya e e ipelelwang ke batlhanka ba boammaaruri ba ga Jehofa gompieno.
17, 18. (a) Fa nako e ntse e ya, ke eng se se neng sa lemogiwa e le boikaelelo jo bogolo jwa ga Jehofa, ka marang a a phatsimang a lesedi? (b) Ke marang afe a a phatsimang a lesedi a a malebana le Tshenolo 7:9-17 a a neng a diragala ka 1935?
17 Fa nako e ntse e tsamaya, marang a a phatsimang a lesedi a ne a senola gore boikaelelo jo bogolo jwa ga Jehofa e ne e se go boloka batho, mme e ne e le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe. Go ne ga lemogiwa gore setlhogo se se botlhokwatlhokwa sa Baebele e ne e se thekololo, mme e ne e le Bogosi, ka gonne ke jone jo bo tla tlotlomatsang bolaodi jwa ga Jehofa. A bo e ne e le marang a a phatsimang a lesedi jang ne! Bakeresete ba ba ineetseng ba ne ba sa tlhole ba amegile thata ka gore ba ya kwa legodimong.
18 Ka 1935 marang a a phatsimang thata a lesedi a ne a senola gore boidiidi jo bogolo jo bo umakilweng mo go Tshenolo 7:9-17 e ne e se setlhopha sa bobedi se se yang kwa legodimong. Go ne go ntse go akanngwa gore batho ba go umakiwang ka bone mo ditemaneng tseo e ne e le bangwe ba batlodiwa ba ba neng ba sa ikanyega ka botlalo mme ka jalo ba eme fa pele ga setulo sa bogosi go na le gore ba nne mo ditulong tsa bogosi ba busa jaaka dikgosi le baperesiti le Jesu Keresete. Mme tota ga go na sepe se go ka tweng ke go sa ikanyege ka botlalo. Motho o a ikanyega kana ga a ikanyege. Ka jalo go ne ga lemogiwa gore boperofeti jono bo ne bo raya boidiidi jo bogolo jo bo senang palo jo bo tswang mo ditšhabeng tsotlhe jo jaanong bo phuthiwang e bile bo solofela go tshela mo lefatsheng. Ke “dinku” tse Mathaio 25:31-46 e bolelang ka tsone le “dinku di sele” tse Johane 10:16 e bolelang ka tsone.
Sefapaano—Ga se Letshwao la Bokeresete
19, 20. Ke ka ntlha yang fa sefapaano e ka se nne letshwao la Bokeresete jwa boammaaruri?
19 Baithuti ba Baebele ba ne ba ntse ba tlotlomatsa sefapaano ka dingwagangwaga jaaka letshwao la Bokeresete. Ba ne ba bile ba na le betšhe ya “sefapaano le serwalo.” King James Version e bolela gore Jesu o ne a kopa balatedi ba gagwe gore ba rwale “sefapaano” sa bone mme batho ba le bantsi ba bo ba simolola go dumela gore o ne a bolaelwa mo sefapaanong. (Mathaio 16:24; 27:32) Gape letshwao leno le ne le ntse le le mo tsebeng e e kafa ntle ya makasine wa Watch Tower ka masomesome a dingwaga.
20 Buka ya Riches, e e gatisitsweng ke Mokgatlho ka 1936, e ne ya phepafatsa gore Jesu Keresete o ne a sa bolaelwa mo sefapaanong, mme o ne a bolaetswe mo koteng kana mo mokgorong o o tlhamaletseng. Buka nngwe e bolela gore lefoko la Segerika (stau·rosʹ) le le ranotsweng go nna “sefapaano” mo King James Version “thatathata le raya pale e e tlhamaletseng kana kota. [E] tshwanetse ya farologanngwa le mofuta wa sefapaano sa baruti se se dirilweng ka go fapaanya dipale tse pedi. . . . Sefapaano seno se simologile kwa Kalatea wa bogologolo, mme se ne se dirisiwa jaaka letshwao la modimo e bong Tamuse.” Mo godimo ga go bo re sa tshwanela go obamela selo se Jesu a neng a bapolelwa mo go sone, re tshwanetse ra se ila.
21. Ke eng se se tla sekasekiwang mo setlhogong se se latelang?
21 Go na le dikai tse di oketsegileng tsa marang a magolwane a a phatsimang a lesedi mmogo le ao a ka nnang a tsewa a le mabotlana. Tsweetswee bona setlhogo se se latelang se se tlotlang ka dilo tseno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Fa nako e ntse e ya, go ne ga lemogiwa gore fa e le gore botsalo jo bo botlhokwatlhokwa jo bo kileng jwa nna gone bo ne bo sa tshwanela go ketekiwa, he, ga re a tshwanela go keteka letsatsi lepe la botsalo. Mo godimo ga moo, Baiseraele le Bakeresete ba bogologolo ga ba ise ba ko ba keteke malatsi a botsalo. Baebele e umaka malatsi a botsalo a le mabedi fela, la ga Faro mme le lengwe la ga Herote Antipase. Mongwe le mongwe wa mekete eno e ne ya senngwa ke go bolawa ga motho mongwe. Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke malatsi a botsalo ka gonne mekete eno e simologile mo boheitaneng e bile e bonala e tlotlomatsa batho ba ba diretsweng mokete wa letsatsi la botsalo.—Genesise 40:20-22; Mareko 6:21-28.
c Ke phoso e neng ya dirwa ke bontsi jwa ditumelo tsa Labokeresete. Molutere e ne e le leina la tshotlo le baba ba ga Martin Luther ba neng ba le neela balatedi ba gagwe, bao kwa morago ba neng ba ipitsa ka lone. Ka mo go tshwanang, Ba-Baptist ba ne ba ipitsa ka leina la tshotlo le batho ba e seng maloko a bone ba neng ba ba neela lone ka gonne ba ne ba rera ka kolobetso ya go ina mo metsing. Ba-Methodist le bone ba ne ba ipitsa ka leina le ba neng ba le neelwa ke batho ba e seng maloko a bone ka tsela e e batlileng e tshwana le eo. The World Book Encyclopedia e bolela jaana malebana le gore go tlile jang gore Mokgatlho wa Ditsala o bo o bidiwa Baroromi: “Kwa tshimologong lefoko Mororomi le ne le nyatsa Fox [mosimolodi wa one], yo o neng a bolelela moatlhodi wa Moesemane gore a ‘roromisiwe ke Lefoko la Morena.’ Moatlhodi yono o ne a bitsa Fox a re ‘mororomi.’”
A o A Gakologelwa?
◻ “Motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” ke mang, mme “ba ntlo” ke bomang?
◻ Mangwe a marang a ntlha a a phatsimang a lesedi e ne ya nna afe mo metlheng ya segompieno?
◻ Ke ka ntlha yang fa leina le lesha la Basupi ba ga Jehofa le ne le tshwanela?
◻ Ke boammaaruri bofe jo bo tlhomologileng jo bo neng jwa senolwa ka 1935?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba anamisa lesedi la semoya, mme tlotlo yotlhe e ne e ya kwa go Jehofa