Go Phatsima ga Lesedi—Mo Gogolwane Le mo Go Potlana (Karolo 2)
“Mo leseding la gago re tlaa bona lesedi.”—PESALEMA 36:9.
1. Ke maiteko afe a bogologolo a a neng a dirwa gore re tlhaloganye setshwantsho sa buka ya Tshenolo?
BUKA ya Baebele ya Tshenolo e ile ya kgatlha Bakeresete fa e sale mo metlheng ya bogologolo. E re neela sekai se se molemo sa kafa lesedi la boammaaruri le phatsimelang kwa pele ka teng go feta le e leng pele. Ka 1917, batho ba ga Jehofa ba ne ba gatisa tlhaloso ya Tshenolo mo bukeng ya The Finished Mystery. E ne ya upolola bodumedi jwa Labokeresete le baeteledipele ba sepolotiki ka bopelokgale, mme bontsi jwa ditlhaloso tsa yone di ne di tsewa mo metsweding e farologaneng. Lefa go ntse jalo, The Finished Mystery e ne ya thusa go tlhatlhoba gore a Baithuti ba Baebele ba ne ba ntse ba dumalana le mosele o o bonalang o Jehofa a neng a o dirisa.
2. Setlhogo se se reng “Botsalo jwa Setšhaba” se ne sa bonesa lesedi lefe malebana le buka ya Tshenolo?
2 Marang a a tlhomologileng a a phatsimang a lesedi a ne a bonesa mo bukeng ya Tshenolo e e nang le setlhogo se se reng “Botsalo jwa Setšhaba,” se se gatisitsweng mo makasineng wa The Watch Tower wa March 1, 1925. Go ne go ntse go akanngwa gore Tshenolo kgaolo 12 e ne e tlhalosa ntwa e e neng e le fa gare ga Roma wa boheitane le Roma wa bopapa, ngwana wa mosimane a emela bopapa. Mme setlhogo seo se ne se bontsha gore Tshenolo 11:15-18 e ne e amana le tlhaloso ya kgaolo 12, e e neng e bontsha gore e bolela ka botsalo jwa Bogosi jwa Modimo.
3. Ke dikgatiso dife tse di neng tsa bonesa lesedi le le oketsegileng malebana le Tshenolo?
3 Sotlhe seno se ile sa dira gore go tlhaloganngwe Tshenolo botoka thata ka go thusiwa ke kgatiso ya Light, e e nang le dibolumo tse pedi, ka 1930. Go ne go santse go na le dilo tse dingwe tse di neng tsa ntlafadiwa mo bukeng ya “Babylon the Great Has Fallen!” God’s Kingdom Rules! (ya 1963) le “Then Is Finished the Mystery of God” (ya 1969). Lefa go ntse jalo, go ne go santse go na le mo gontsi gore re go ithute ka buka ya boperofeti ya Tshenolo. Ee, lesedi le le phatsimang thata le ne la bonesa ka 1988, ka kgatiso ya Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! Tharabololo ya go sedifalediwa seno mo go ntseng go gatela pele go ka twe ke lebaka la go bo boperofeti jwa Tshenolo bo dira mo ‘letsatsing la Morena,’ le le neng la simologa ka 1914. (Tshenolo 1:10) Ka gone buka ya Tshenolo e ne e tla tlhaloganngwa botoka fa letsatsi leo le ne le tswelela pele.
Go Tlhalosiwa Ka “ba Ba Nang le Thata e Kgolwane”
4, 5. (a) Baithuti ba Baebele ba ne ba leba Baroma 13:1 jang? (b) Kwa morago go ne ga lemogiwa gore Dikwalo tsa reng malebana le “ba ba nang le thata e kgolwane”?
4 Marang a a phatsimang thata a lesedi a ne a lemogiwa ka 1962 malebana le Baroma 13:1 e e reng: “A motho mongwe le mongwe a ineele gore a utlwe ba ba nang le thata e kgolwane [“babusi ba bagolo,” New World Translation].” (King James Version) Baithuti ba Baebele ba bogologolo ba ne ba tlhaloganya gore “ba ba nang le thata e kgolwane” ba go umakilweng ka bone moo go ne go bolelwa ka babusi ba lefatshe. Ba ne ba tsaya gore lokwalo lono lo kaya gore fa Mokeresete a ne a patelediwa go tsena mo ntweng, o ne a tshwanelwa ke gore a apare yunifomo, a sikare tlhobolo mme a tsene mo moleng wa ntwa, mo mahuting. Go ne go akanngwa gore e re ka Mokeresete a ne a ka se ka a bolaya mothokaene, o ne a patelesega gore a hulele tlhobolo ya gagwe mo phefong fa go ne go nna maswe.a
5 Makasine wa The Watchtower wa November 15 le wa December 1, 1962, o ne wa bonesa lesedi le le phatsimang mabapi le kgang eno fa o ne o tlhalosa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 22:21: “Ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetse Modimo tse e leng tsa Modimo.” Mafoko ano a tsamaisana le a baaposetoloi a a mo go Ditiro 5:29: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” Bakeresete ba ineela mo go Kaesare—‘yo o nang le thata e kgolwane’—fa fela seno se sa tlhoke gore Mokeresete a tlole molao wa Modimo. Go ne ga lemogiwa gore go ineela mo go Kaesare go lekanyeditswe, ga go a felela. Bakeresete ba ntshetsa Kaesare fa fela selo seo se sa thulane le dilo tse Modimo a di tlhokang. A bo go ne go kgotsofatsa jang ne go tlhaloganya sentle ka kgang eo!
Marang a a Phatsimang a Lesedi mo Dikgannyeng Tsa Phuthego
6. (a) Ke molaomotheo ofe o o neng wa dirisiwa e le go tila thulaganyo ya boruti e e neng e aname mo go Labokeresete? (b) Ke eng se kgabagare se neng sa lemogiwa gore ke yone tsela e e siameng ya go tlhophiwa ga batho ba ba okamelang mo phuthegong?
6 Go ne go na le kgang ya gore ke bomang ba ba tshwanetseng go direla jaaka bagolwane le batiakone mo diphuthegong. Go ne ga swetswa ka gore batho bano ba tshwanetse ba tlhophiwa ka boutu ke maloko a phuthego nngwe le nngwe ka tsela ya setemokeratiki, gore ba tile thulaganyo ya boruti e e neng e aname mo go Labokeresete. Mme lesedi le le neng le ntse le oketsega mo makasineng wa The Watchtower wa September 1 le wa October 15, 1932, le ne la bontsha gore Dikwalo ga di rulaganye gore bagolwane ba tlhophiwe ka boutu. Ka jalo bagolwane bano ba ne ba emisediwa ka komiti ya tirelo, mme mokaedi wa tirelo o ne a tlhophiwa ke Mokgatlho.
7. Marang a a phatsimang a lesedi a ne a dira gore go tokafadiwe eng mabapi le tsela e batlhanka ba neng ba tlhophiwa ka yone mo phuthegong?
7 Makasine wa The Watchtower wa June 1 le wa June 15, 1938, o ne o na le marang a a phatsimang a lesedi a a neng a bontsha gore batlhanka mo phuthegong ba ne ba sa tshwanelwa go boutelwa, mme ba ne ba tshwanetse go tlhomiwa, seo se raya gore ba ne ba tlhomiwa ka tsela ya puso ya Modimo. Ka 1971 marang a mangwe a a phatsimang a lesedi a ne a bontsha gore phuthego nngwe le nngwe e ne e sa tshwanela go kaelwa ke motlhanka a le mongwe fela wa phuthego. Go na le moo, nngwe le nngwe e ne e tshwanetse gore e nne le setlhopha sa bagolwane, kana baokamedi, ba ba abetsweng tiro eno ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo ka go oketsega ga lesedi mo dingwageng tse di ka nnang 40, go ne ga bonala sentle gore bagolwane mmogo le batiakone, ba jaanong ba itsiweng e le batlhanka ba bodiredi, ba ne ba tshwanetse go tlhomiwa ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” ka Setlhopha sa gagwe se se Laolang. (Mathaio 24:45-47) Seno se ne se dumalana le se se neng sa diragala mo metlheng ya baaposetoloi. Banna ba ba tshwanang le Timotheo le Tito ba ne ba tlhomiwa jaaka baokamedi ke setlhopha se se laolang sa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (1 Timotheo 3:1-7; 5:22; Tito 1:5-9) Seno sotlhe se diragatsa Isaia 60:17 ka tsela e e tlhomologileng: “Mo boemong jwa kgotlho ke tlaa lere gouta, le kgotlho boemong jwa logong, ke lere selefera boemong jwa tshipi, le tshipi boemong jwa maje; ke tlaa dira maotlana a gago kagiso, le badirisi ba gago tshiamo.”
8. (a) Boammaaruri jo bo neng bo ntse bo oketsega bo ne jwa dira gore go tokafadiwe eng mabapi le tsela e Mokgatlho o neng o dira ka yone? (b) Dikomiti tsa Setlhopha se se Laolang ke dife, mme tiro ya tsone ke efe kana di okametse eng ka go latelana ga tsone?
8 Gape go ne go na le kgang ya go rulaganya tiro ya Mokgatlho wa Watch Tower. Ka dingwaga di le dintsi Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne se le selo se le sengwe fela le boto ya bakaedi ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, mme dikgang di ne di rarabololwa ke poresidente ya yone segolobogolo. Jaaka go bontshitswe mo 1977 Yearbook of Jehovah’s Witnesses (ditsebe 258-9), ka 1976 Setlhopha se se Laolang se ne sa simolola go dira se na le dikomiti di le thataro, komiti nngwe le nngwe e abetswe go tlhokomela dikarolo tse di rileng tsa tiro ya lefatshe lotlhe. Komiti ya Badiri e dirisana le dikgang tsa badiri, go akaretsa dilo tse di tlhokegang tsa batho botlhe ba ba direlang mo lelapeng la Bethele ya lefatshe lotlhe. Komiti ya Phasalatso e rarabolola dikgang tsotlhe tsa loago le tsa semolao, tse di jaaka dithoto le go gatisa. Komiti ya Tirelo e inaakantse le tiro ya go neela bosupi e bile e okametse balebedi ba ba etang, babulatsela le ditiro tsa baboledi ba phuthego. Boikarabelo jwa Komiti e e Rutang ke go rulaganya dipokano tsa phuthego, malatsi a dikopano tse di kgethegileng, dikopano tsa potologo le dikopano tsa kgaolo le tsa ditšhabatšhaba mmogo le dikolo tse di farologaneng tsa thuto ya semoya ya batho ba Modimo. Komiti e e Kwalang e okametse go baakanngwa le go ranolwa ga dikgatiso tsa mefuta yotlhe, e tlhomamisa gore sengwe le sengwe se dumalana le Dikwalo. Komiti ya Modulasetilo e tlhokomela dikgang tsa tshoganetso le tse dingwe tse di potlakileng.b Gape mo dingwageng tsa bo1970 diofisi tsa makala a Mokgatlho wa Watch Tower di ne tsa simolola go kaelwa ke komiti e seng mookamedi.
Lesedi le le Malebana le Boitshwaro Jwa Bokeresete
9. Lesedi la boammaaruri le ne la ama jang go itsalanya ga Bakeresete le dipuso tsa lefatshe?
9 Marang a mantsi a a phatsimang a lesedi a ne a le malebana le boitshwaro jwa Bokeresete. Ka sekai, a o ko o akanye ka kgang ya boitlhaodi. Marang a a phatsimang thata a lesedi a ne a phatsima thatathata mo kgannyeng eno e e mo setlhogong sa “Boitlhaodi” se se bonalang mo makasineng wa The Watchtower wa November 1, 1939. A bo se ne se le mo nakong jang ne, ka se ne sa tla fela go sena go simologa Ntwa ya Lefatshe ya II! Setlhogo seno se ne se tlhalosa ka boitlhaodi se bo se bontsha gore Bakeresete ga ba a tshwanela go itshunya nko mo dikgannyeng tsa sepolotiki kana mo dikgogakgoganong tsa bosetšhaba. (Mika 4:3, 5; Johane 17:14, 16) Leno ke lebaka le le dirang gore ba bo ba tlhoilwe ke ditšhaba tsotlhe jaana. (Mathaio 24:9) Bakeresete ga ba lwe dintwa tse di neng di lowa ke Iseraele wa bogologolo, jaaka Jesu a phepafatsa seno mo go Mathaio 26:52. Mo godimo ga moo, ga go na setšhaba sepe sa sepolotiki gompieno se se leng puso ya Modimo, se se busiwang ke Modimo, jaaka go ne go ntse ka Iseraele wa bogologolo.
10. Ke eng se marang a a phatsimang a lesedi a neng a se senola mabapi le gore Bakeresete ba tshwanetse go tsaya madi ka tsela e e ntseng jang?
10 Gape lesedi le ne la bonesa mabapi le gore madi a boitshepo. Baithuti ba Baebele ba ne ba akanya gore go thijwa go ja madi mo go boletsweng mo go Ditiro 15:28, 29, go ne go thibela Bakeresete ba Bajuta fela. Lefa go ntse jalo, Ditiro 21:25 e bontsha gore mo metlheng ya baaposetoloi taolo eno e ne e dira le mo bathong ba ditšhaba ba ba neng ba nna badumedi. Ka jalo go itshepisiwa ga madi go ama Bakeresete botlhe, jaaka go bontshitswe mo makasineng wa The Watchtower wa July 1, 1945. Seno ga se reye fela go gana go ja madi a diphologolo, jaaka a a mo disosejeng tse di nang le madi, mme gape le mo mading a motho, jaaka mo kgannyeng ya go tshelwa madi.
11. Ke eng se se neng sa lemogiwa malebana le tsela e Mokeresete a tshwanetseng go leba go goga motsoko ka yone?
11 Ka ntlha ya lesedi le le neng la oketsega, mekgwa e pele e neng e sa ratiwe fela kwa morago e ne ya tsewa jaaka go dira molato mo go masisi. Sekai sa seno e ne e le mabapi le go goga motsoko. Mo makasineng wa Zion’s Watch Tower wa August 1, 1895, Mokaulengwe Russell o ne a dira gore go tlhokomelwe 1 Bakorinthe 10:31 le 2 Bakorinthe 7:1 mme o ne a kwala jaana: “Ga ke bone kafa go neng go ka galaletsa Modimo ka teng, kana gore go solegele Mokeresete ope fela molemo gore a goge motsoko ka tsela epe fela.” Fa e sale ka 1973 go ile ga tlhaloganngwa gore motho ope yo o gogang motsoko o ne a ka se nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka 1976 go ne ga phepafadiwa gore go ne go sena Mosupi ope yo o neng a ka hiriwa mo kgwebong ya go betšha a bo a santse a ka tlogelwa fela mo phuthegong.
Go Tokafatsa Dintlha Tse Dingwe
12. (a) Ke eng se se neng sa senolwa ke marang a lesedi ka ga palo ya dikopololo tsa Bogosi tse di neng tsa neelwa Petere? (b) Petere o ne a dirisa sekopololo sengwe le sengwe mo maemong afe?
12 Gape go ile ga nna le lesedi le le oketsegileng malebana le palo ya dikopololo tsa tshwantshetso tse Jesu a neng a di neela Petere. Baithuti ba Baebele ba ne ba dumela gore Petere o ne a amogela dikopololo tse pedi tse di neng di bulela batho tsela ya go nna baruaboswa ba Bogosi—se sengwe e le se se neng sa dirisiwa ka Pentekosete ya 33 C.E. go bulela Bajuta, mme se sengwe e le se se neng se bulela Baditšhaba, se se neng sa dirisiwa la ntlha ka 36 C.E. fa Petere a ne a rerela Korenelio. (Ditiro 2:14-41; 10:34-48) Fa nako e ntse e ya, go ne ga lemogiwa gore go ne go na le setlhopha sengwe sa boraro se se akarediwang—sa Basamaria. Petere o ne a dirisa sekopololo sa bobedi fa a ne a ba bulela sebaka sa gore ba tsene mo Bogosing. (Ditiro 8:14-17) Ka gone, sekopololo sa boraro se ne sa dirisiwa fa Petere a ne a rerela Korenelio.—Tora ya Tebelo, April 1, 1980, ditsebe 3-9, 13.
13. Ke eng se se neng sa senolwa ke marang a lesedi ka masaka a dinku a a umakiwang mo go Johane kgaolo 10?
13 Marang a mangwe a lesedi a ne a bontsha gore Jesu o ne a sa bolele ka masaka a mabedi fela a dinku mme o ne a bolela ka a mararo. (Johane, kgaolo 10) Go ne go na le (1) lesaka la dinku la Bajuta le Johane Mokolobetsi e neng e le modisa wa kgoro ya lone, (2) lesaka la baruaboswa ba Bogosi ba batlodiwa, le (3) lesaka la “dinku di sele,” tse di solofetseng go tshela mo lefatsheng.—Johane 10:2, 3, 15, 16; Tora ya Tebelo, August 1, 1984, ditsebe 7-17.
14. Lesedi le le oketsegileng le ne la phepafatsa jang dikgang tse di mabapi le go simologa ga setshwani sa Jubile?
14 Gape go tlhaloganngwa ga setshwani sa Jubile go ne ga phepafadiwa. Go ya ka Molao, ngwaga mongwe le mongwe wa bo50 e ne e le Jubile e kgolo, e mo go yone dilo di neng di busediwa beng ba tsone ba ntlhantlha. (Lefitiko 25:10) Go sa le ka go tlhaloganngwa gore e ne e tshwantshetsa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete. Lefa go ntse jalo, mo dinakong tsa bosheng jaana go ne ga lemogiwa gore setshwani sa Jubile tota se ne sa simologa ka Pentekosete ya 33 C.E., fa batho ba ba neng ba tshololelwa moya o o boitshepo ba ne ba gololwa mo botshwarong jwa kgolagano ya Molao wa ga Moshe.—Tora ya Tebelo, January 1, 1987, ditsebe 18-28.
Lesedi le le Oketsegileng ka Tiriso ya Mafoko
15. Ke lesedi lefe le le neng la bonesa mabapi le go dirisiwa ga lefoko “togamaano”?
15 “Moreri a leka go lemoga mafoko a a lebosegang, le sone se se kwadilweng ka thokgamo, e bong mafoko a boammaaruri.” (Moreri 12:10) Mafoko ano a ka nna a dirisiwa sentle mo setlhogong seno sa rona, ka gonne lesedi ga le a bonesa mo dikgannyeng tse di botlhokwa tseo fela tse di jaaka thuto le boitshwaro mme gape le mo go diriseng mafoko a Bokeresete le bokao jwa one jwa boammaaruri. Ka sekai, nngwe ya dikgatiso tse di neng di ratiwa ke Baithuti ba Baebele thatathata e ne e le bolumo ya ntlha ya Studies in the Scriptures, e e neng e na le setlhogo se se reng The Divine Plan of the Ages (Leano la Modimo go Ralala Metlha). Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, go ne ga lemogiwa gore Lefoko la Modimo le bolela fela ka batho e le bone ba ba dirang ditogamaano. (Diane 19:21) Dikwalo ga di ke di bolela ka gore Jehofa o dira ditogamaano. Ga a tlhoke gore a loge maano. Sengwe le sengwe se a ikaelelang gore a se dire se atlega ka tsela e e tlhomameng ka gonne o na le botlhale le nonofo e e sa feleng, fela jaaka re bala jaana mo go Baefeso 1:9, 10: “Ka fa go kgatlhegeng ga one, mo o go ikaeleletseng, jwa go fitlhisa sebaka sa botlalo jwa metlha mo go ene.” Ka jalo go ne ga lemogiwa ka iketlo gore lefoko “boikaelelo” ke lone le le tshwanetseng fa go bolelwa ka ga Jehofa.
16. Ke eng se se neng sa lemogiwa ka iketlo mabapi le tsela e e tlhamaletseng ya go tlhaloganya Luke 2:14?
16 Go tswa foo go ne ga nna le kgang ya go tlhaloganya botoka lokwalo lwa Luke 2:14. E balega jaana go ya ka King James Version: “A kgalalelo e nne go Modimo yo o kwa godimodimo, le kagiso e nne mo lefatsheng, batho ba bontshiwe bopelontle.” Go ne ga lemogiwa gore seno se ne se sa bolele kgopolo e e tlhamaletseng, ka gonne Modimo ga o lebise batho ba ba bosula bopelontle jwa one. Ka gone Basupi ba ne ba leba seno se kaya gore kagiso e tlele batho ba ba neng ba lebisa bopelontle jwa bone go Modimo. Ka jalo ba ne ba tswelela pele ba bitsa batho ba ba kgatlhegelang Baebele ba re ke batho ba ba pelontle. Mme go tswa foo go ne ga tlhaloganngwa gore se go neng go buiwa ka sone e ne e le bopelontle jwa Modimo, e seng jwa batho. Ka gone, ntlhanyana e e kwa tlase go New World Translation of the Holy Scriptures—With References e e mo go Luke 2:14 e bolela ka “batho ba [Modimo] o ba amogelang.” Bakeresete botlhe ba ba tshelang go ya ka ikano ya bone ya go ineela ba bontshiwa bopelontle ke Modimo.
17, 18. Ke eng se Jehofa a tla se tlotlomatsang, mme ke eng se a tla se itshepisang?
17 Ka mo go tshwanang, Basupi ba ne ba bua ka nako e telele ka go tlotlomatsa leina la ga Jehofa. A mme Satane o ile a dira gore leina la ga Jehofa le belaelwe? Mme e bile, a go na le ope fela wa baemedi ba ga Satane yo o kileng a dira jalo, jaaka e kete Jehofa o ne a sena tshwanelo ya go bidiwa ka leina leo? Nnyaa, tota nnyaa. E ne e se leina la ga Jehofa le le neng la gwetlhiwa le le neng le tlhoka gore le tlotlomadiwe. Ke gone ka moo dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower bosheng jaana di sa boleleng ka gore leina la ga Jehofa le a tlotlomadiwa. Di bolela ka gore bolaodi jwa ga Jehofa bo a tlotlomadiwa mme leina la gagwe le a itshepisiwa. Seno se dumalana le se Jesu a neng a re se bolelela gore re se rapelele: “Leina la gago a le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Gangwe le gape, Jehofa o ne a bolela gore o ne a tlile go itshepisa leina la gagwe, le Baiseraele ba neng ba sa le gwetlha mme go na le moo ba neng ba le itshekolotse.—Esekiele 20:9, 14, 22; 36:23.
18 Se se kgatlhang, ka 1971, buka ya “The Nations Shall Know That I Am Jehovah”—How? e ne ya farologanya seno jaana: “Jesu Keresete o lwela . . . gore go tlotlomadiwe Bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa le gore go galalediwe leina la ga Jehofa.” (Ditsebe 364-5) Ka 1973, buka ya God’s Kingdom of a Thousand Years Has Approached e ne ya bolela jaana: “‘Sepitla se segolo’ se se tlang ke motlha wa gore Jehofa Modimo Mothatayotlhe a tlotlomatse bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe le gore a itshepise leina la gagwe le le botlhokwa.” (Tsebe 409) Go tswa foo, ka 1975, buka ya Man’s Salvation Out Of World Distress at Hand! e ne ya bolela jaana: “Tiragalo e kgolo go di feta tsotlhe ya hisitori ya lobopo lotlhe e tla bo e weditswe ka nako eo, e leng go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe le go itshepisiwa ga leina la gagwe le le boitshepo.”—Tsebe 281.
19, 20. Re ka bontsha jang gore re anaanela marang a a phatsimang a lesedi la semoya?
19 A bo batho ba ga Jehofa ba segofaditswe jang ne gore ba bo ba arametse lesedi leno lotlhe la semoya! Se se farologaneng le seo gotlhelele, baeteledipele ba Labokeresete ba iphitlhela ba le mo lefifing la semoya jaaka mafoko ano a moruti mongwe a tlhalosa: “Ke ka ntlha yang fa go na le boleo? Ke ka ntlha yang fa re boga jaana? Ke ka ntlha yang fa go na le diabolo? Ke dipotso tse ke batlang go di botsa Morena fa ke fitlha kwa legodimong.” Mme Basupi ba ga Jehofa ba ka mmolelela lebaka la go bo go ntse jalo: Ka ntlha ya kgangkgolo ya go tshwanela ga bolaodi jwa ga Jehofa le kgang ya gore a batho ba ka boloka bothokgami go Modimo go sa kgathalesege lebaka la go bo ba ganediwa ke Diabolo.
20 Fa dingwaga di ntse di feta, go phatsima ga marang a lesedi mo gogolwane mmogo le mo go potlana go ile ga phatsimela tselana ya batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa. Seo se ne se diragatsa Dikwalo tse di jaaka Pesalema 97:11 le Diane 4:18. Mme le ka motlha a re se lebaleng gore go tsamaya mo leseding go raya go anaanela lesedi le le oketsegang le go tshela tumalanong le lone. Jaaka re setse re bone, lesedi leno le le oketsegileng le akaretsa boitshwaro jwa rona le thomo ya rona ya go rera.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa makasine wa The Watch Tower wa June 1 le wa June 15, 1929 o ne o arabela kgopolo eno, o ne wa tlhalosa gore “ba ba nang le thata e kgolwane” ke Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Segolobogolo go ne ga baakanngwa boemo jono ka 1962.
b Tora ya Tebelo ya April 15, 1992, e ne ya itsise gore bakaulengwe ba ba tlhophilweng ba segolobogolo e neng e le ba “dinku di sele” ba ne ba abelwa go thusa dikomiti tsa Setlhopha se se Laolang, ba dira ka tsela e e tshwanang le ya Banethenime ba motlha wa ga Esere.—Johane 10:16; Esere 2:58.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke lesedi lefe le le neng la bonesa mabapi le go ineela mo go “ba ba nang le thata e kgolwane”?
◻ Marang a a phatsimang a lesedi a ile a dira gore go tokafadiwe dilo dife mo phuthegong?
◻ Lesedi le le oketsegileng le ile la ama boitshwaro jwa Bakeresete jang?
◻ Lesedi la semoya le ile la tokafatsa jang tsela e re tlhaloganyang dintlha dingwe tsa Dikwalo ka yone?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]
Keys on page 24: Drawing based on photo taken in Cooper-Hewitt, National Design Museum, Smithsonian Institution