Go Phatsima ga Lesedi mo Metlheng ya Baaposetoloi
“Lesedi le [phatsimetse, NW] basiami; boipelo le jone bo jaletswe ba ba thokgameng mo pelong.”—PESALEMA 97:11.
1. Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tshwana le Bakeresete ba bogologolo jang?
ABO rona jaaka Bakeresete ba boammaaruri re anaanela thata jang ne mafoko a ga Pesalema 97:11! ‘Lesedi le re phatsimetse’ gangwe le gape. Eleruri, bangwe ba rona ba ile ba bona go phatsima ga lesedi la ga Jehofa ka masomesome a dingwaga. Seno sotlhe se re gakolola Diane 4:18, e e balegang jaana: “Tselana ya mosiami e ntse jaaka lesedi le le phatsimang, le le phatsimelang pele fela go ya motshegareng o mogolo.” Rona Basupi ba ga Jehofa re tshwana le Bakeresete ba bogologolo ka gonne re anaanela Dikwalo thata go na le ngwao. Tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone e ka bonwa mo dibukeng tsa hisitori tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete le mo dikwalong tsa tsone, tse di neng tsa kwalwa ka tlhotlheletso ya Modimo.
2. Ke dilo dife tse di neng di le teng mo marang a ntlha a a phatsimang a lesedi a balatedi ba ga Jesu ba neng ba a amogela?
2 Marang a mangwe a ntlha a a phatsimang a lesedi a balatedi ba bogologolo ba ga Jesu Keresete ba neng ba a amogela ke ao a neng a bolela ka ga Mesia. Anterea o ne a bolelela morwarraagwe e bong Simone Petere jaana: “Re bonye Mesia.” (Johane 1:41) Ka nako nngwe morago ga moo, Rre wa kwa legodimong o ne a dira gore moaposetoloi Petere a kgone go supela kgopolo eo fa a ne a bolelela Jesu Keresete jaana: “O Keresete, Morwa Modimo o o tshedileng.”—Mathaio 16:16, 17; Johane 6:68, 69.
Lesedi Malebana le Thomo ya Bone ya go Rera
3, 4. Fa Jesu a sena go tsosiwa mo losong, o ne a sedifaletsa balatedi ba gagwe eng malebana le tiro ya bone ya mo isagweng?
3 Fa Jesu Keresete a sena go tsoga mo losong o ne a phatsimisa lesedi le le neng le amana le tiro e e neng e tshwanetse ya dirwa ke balatedi ba gagwe botlhe. O tshwanetse a bo a ne a bua le barutwa ba le 500 ba ba neng ba phuthegile kwa Galilea fa a ne a re: “Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Mowa o o Boitshepo. Lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.” (Mathaio 28:19, 20; 1 Bakorinthe 15:6) Morago ga moo, balatedi botlhe ba ga Keresete ba ne ba tshwanetse go rera, mme thomo ya bone ya go rera e ne e se ya go rerela ‘dinku tse di timetseng tsa ntlo ya Iseraele’ fela. (Mathaio 10:6) Le gone ba ne ba sa tshwanela go kolobetsa fela ka kolobetso ya ga Johane go supa gore batho ba ne ba ikwatlhaetse go tshwarelwa dibe. Go na le moo, ba ne ba tshwanetse go kolobetsa batho “mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Mowa o o Boitshepo.”
4 Pelenyana fela ga Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, baaposetoloi ba gagwe ba le 11 ba ba ikanyegang ba ne ba botsa jaana: “Morena, a o busetsa Iseraele bogosi ka baka lono?” Mo boemong jwa gore Jesu a arabe potso eo, o ne a ba neela ditaelo tse di oketsegileng ka ga thomo ya bone ya go rera, a re: “E tlaa re Mowa o o Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa bona nonofo; lo tlaa nna basupi ba me mo Jerusalema, le mo lefatsheng lotlhe la Jutea le la Samaria, go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.” Go tla go fitlha ka nako eo, e ne e ntse e le basupi ba ga Jehofa a le esi, mme jaanong ba ne ba tla nna basupi ba ga Keresete gape.—Ditiro 1:6-8.
5, 6. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba amogela marang afe a a phatsimang a lesedi ka Pentekosete?
5 A bo balatedi ba ga Jesu ba ne ba amogela marang a a phatsimang a lesedi jang ne mo malatsing a le some fela morago ga moo! Mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., ba ne ba tlhaloganya ka botlalo se se kaiwang ke Joele 2:28, 29 e le la ntlha: “[Nna Jehofa ke tla thela] mowa wa me mo bathong botlhe; bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba tlaa perofesa, banna bagolo ba lona ba tlaa lora ditoro, makau a lona a tlaa bona diponatshegelo. Le mo batlhankeng le mo malateng ke tlaa thela mowa wa me mo metlheng eo.” Barutwa ba ga Jesu ba ne ba bona moya o o boitshepo o ntse jaaka diteme tse e keteng tsa molelo mo ditlhogong tsa bone botlhe—banna le basadi ba ba ka tshwarang 120—ba ba neng ba phuthegile kwa Jerusalema.—Ditiro 1:12-15; 2:1-4.
6 Gape mo letsatsing la Pentekosete, e ne e le la ntlha barutwa ba tlhaloganya gore mafoko a Pesalema 16:10 a ne a lebisitswe kwa go Jesu Keresete yo o tsositsweng. Mopesalema o ne a ile a bolela jaana: “[Jehofa Modimo] ga o ketla o tlogelela Bobipo mowa wa me; le gone ga o ketla o lesa moitshepi wa gago a bona go bola.” Barutwa ba ne ba lemoga gore mafoko ao a ne a ka se ka a bo a ne a bolela ka Kgosi Dafite, ka gonne phupu ya gagwe ba ne ba ntse ba e bona go fitlha mo motlheng oo. Ga go gakgamatse gore batho ba ka nna 3 000 ba ba neng ba utlwa lesedi leno le lesha le tlhalosiwa ba ne ba tlhatswega pelo tota mo ba neng ba kolobediwa mo go lone letsatsi leo!—Ditiro 2:14-41.
7. Ke lesedi lefe le le phatsimang thata le moaposetoloi Petere a neng a le amogela fa a ne a etetse molaodi wa masole a Roma e bong Korenelio?
7 Mo makgolokgolong a le mantsi a dingwaga, Baiseraele ba ne ba anaanela se Modimo o neng o se boletse ka bone: “Ke itsile lona fela lo le losi mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe.” (Amose 3:2) Ka jalo e ne e le go phatsima ga lesedi mo go neng go galalela thata mo moaposetoloi Petere le ba ba neng ba na le ene kwa ntlong ya molaodi wa masole a Roma e bong Korenelio ba neng ba go amogela fa moya o o boitshepo o ne o fologela mo badumeding ba Baditšhaba ba ba sa rupang e le la ntlha. Go tlhomologile sentle gore leno ke lone fela lekgetlho le ka lone moya o o boitshepo o neng o tshololelwa batho pele ba kolobediwa. Mme go ne go tlhokega gore go nne ka tsela eo. Fa go ne go sa nna jalo, Petere o ne a ka se ka a itse gore Baditšhaba bano ba ba neng ba sa rupisiwa le bone ba ne ba tshwanelwa ke kolobetso. E re ka a ne a tlhaloganya ka botlalo botlhokwa jwa tiragalo eno, Petere o ne a botsa jaana: “A mongwe o ka itsa metsi, gore batho [Baditšhaba] ba ba se kolobediwe, ba ba amogetseng Mowa o o Boitshepo jaaka rona?” Ke boammaaruri gore go ne go sena ope mo go ba ba neng ba le teng yo o neng a na le tshwanelo ya go latola seo, mme ka jalo Baditšhaba bano ba ne ba kolobediwa.—Ditiro 10:44-48; bapisa Ditiro 8:14-17.
Ga go sa Tlhole go Rupisiwa
8. Ke ka ntlha yang fa go ne go thatafalela Bakeresete bangwe ba bogologolo gore ba tlogele go rupa?
8 Go phatsima mo gongwe mo go galalelang thata ga boammaaruri go ne ga tlhaga mabapi le kgang ya go rupa. Mokgwa ono wa go rupa o ne wa simologa ka 1919 B.C.E. fa Jehofa a ne a dira kgolagano le Aberahame. Ka nako eo Modimo o ne wa laela Aberahame gore ene mmogo le banna ba bangwe botlhe ba lelapa la gagwe ba ne ba tshwanetse go rupisiwa. (Genesise 17:9-14, 23-27) Ka jalo go rupa go ne ga simolola go nna letshwao le le neng le tlhaola dikokomana tsa ga Aberahame. Mme a bo ba ne ba ikgantsha ka mokgwa ono jang ne! Ka lebaka leo, mafoko a a reng “ba ba sa rupang” a ne a simologa go nna a a bontshang lonyatso. (Isaia 52:1; 1 Samuele 17:26, 27) Go motlhofo go lemoga gore ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba bangwe ba Bajuta ba bogologolo ba ne ba batla go boloka letshwao leno. Ba bangwe ba bone ba ne ba ile ba ngangisana le Paulo le Barenabase ka kgang eno. Paulo le ba bangwe ba ne ba ya kwa Jerusalema go ya go botsa setlhopha se se laolang sa Bakeresete gore ba e rarabolole.—Ditiro 15:1, 2.
9. Ke marang afe a a phatsimang a lesedi a a neng a senolelwa setlhopha se se laolang sa bogologolo, jaaka a kwadilwe mo go Ditiro kgaolo 15?
9 Mo lekgetlhong leno, e ne e se ka kgakgamatso fela gore Bakeresete bao ba bogologolo ba bo ba ne ba amogela lesedi la gore go rupa go ne go sa tlhole go tlhokega mo batlhankeng ba ga Jehofa. Go na le moo, ba ne ba amogela lesedi leo le le oketsegileng ka gore ba batlisise mo Dikwalong, ba ikaegile ka moya o o boitshepo gore o ba kaele, le go utlwa maitemogelo a ga Petere le Paulo malebana le go sokologa ga Baditšhaba ba ba neng ba sa rupa. (Ditiro 15:6-21) Tshwetso eno e ne ya ntshiwa mo lekwalong le bontlhanngwe jwa lone bo neng bo balega jaana: “Go le Mowa o o Boitshepo, go le rona, re fitlhetse go le molemo gore re se ka ra lo baya morwalo ope go fetisa dilo tse di tshwanetseng tse; e bong gore lo ithibe mo dilong tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng, le mo dilong tse di betilweng, le mo boakeng.” (Ditiro 15:28, 29) Ka gone Bakeresete ba bogologolo ba ne ba gololwa mo taolong ya go rupa le mo dilong tse dingwe tse di neng di tlhokega mo Molaong wa ga Moshe. Ke gone ka moo Paulo a neng a ka bolelela Bakeresete ba Bagalatia jaana: “Keresete o re golotse ka kgololo.”—Bagalatia 5:1.
Lesedi mo Diefangeleng
10. Ke marang afe a mangwe a a phatsimang a lesedi a a neng a senolwa mo Efangeleng ya ga Mathaio?
10 Ga go belaetse gore Efangele ya ga Mathaio, e e kwadilweng mo e ka nnang ka 41 C.E., e tshotse marang a mantsi a a phatsimang a lesedi gore e solegele babadi ba yone molemo. Go ne go na le Bakeresete ba sekaenyana fela mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ba ileng ba utlwa Jesu ka namana a tlhalosa dithuto tsa gagwe. Segolobogolo, Efangele ya ga Mathaio e ne e gatelela gore setlhogo sa thero ya ga Jesu e ne e le Bogosi. Mme a bo Jesu a ile a otlelela thata jang ne gore go botlhokwa gore motho a nne le boikutlo jo bo siameng! A bo marang a lesedi a ne a phatsima jang ne mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, mo ditshwantshong tsa gagwe (jaaka tse di kwadilweng mo kgaolong ya 13), le tse di mo boperofeting jwa gagwe jo bogolo mo dikgaolong tsa 24 le 25! Bakeresete ba bogologolo ba ile ba tlhokomedisiwa seno sotlhe mo pegong ya Efangele ya ga Mathaio, e e kwadilweng mo e ka nnang dingwaga di le robedi fela morago ga Pentekosete ya 33 C.E.
11. Re ka reng ka se se kwadilweng mo Diefangeleng tsa ga Luke le Mareko?
11 Mo e ka nnang dingwaga di le 15 morago ga moo, Luke o ne a kwala Efangele ya gagwe. Le mororo e na le dilo tse dintsi tse di tshwanang le tsa pego ya ga Mathaio, 59 lekgolong ga e yo mo pegong eo. Luke o ne a kwala dikgakgamatso di le thataro tsa ga Jesu mme ditshwantsho tsa gagwe tse di fetang tseo di menagane gabedi ga di a umakiwa ke bakwadi ba bangwe ba Efangele. Go bonala fa Mareko a ne a kwala Efangele ya gagwe mo dingwageng di sekaenyana fela morago ga moo, a gatelela thata gore Jesu Keresete e ne e le monna yo o tlhaga, e bile e le modiri wa dikgakgamatso. Le mororo Mareko a ne a bolela thata ka ditiragalo tse di neng di setse di kwadilwe ke Mathaio le Luke pelenyana, o ne a kwala ka setshwantsho sengwe se ba neng ba sa se kwala. Mo setshwantshong seo, Jesu o ne a tshwantsha Bogosi jwa Modimo le peo e e melang, e e golang, e bo e ungwa maungo ka iketlo.a—Mareko 4:26-29.
12. Efangele ya ga Johane e ne ya sedifatsa ka tsela e e oketsegileng go ya bokgakaleng bofe?
12 Go tswa foo go ne ga latela Efangele ya ga Johane, e e kwadilweng dingwaga tse di fetang 30 morago ga gore Mareko a kwale pego ya gagwe. A bo Johane a ne a latlhela lesedi le legolo jang ne ka bodiredi jwa ga Jesu, thatathata o ne a bolela gantsi ka ga Gagwe pele a nna gone jaaka motho! Ke Johane fela yo o re neelang pego ya go tsoga ga ga Lasaro mo losong, e bile ke ene fela yo o re neelang mafoko a le mantsi a a molemo a ga Jesu fa a ne a bua le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang mmogo le thapelo ya gagwe e e neng e ama pelo mo bosigong jwa fa a ne a okiwa, jaaka go kwadilwe mo dikgaolong 13 go ya go 17. Tota e bile, go bolelwa gore 92 lekgolong ya Efangele ya ga Johane ga e tshwane le epe gape.
Marang a a Phatsimang a Lesedi mo Dikwalong Tsa ga Paulo
13. Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba ne ba tsaya lekwalo la ga Paulo le a neng a le kwalela Baroma jaaka e kete e ne e le Efangele?
13 Moaposetoloi Paulo o ne a dirisiwa segolobogolo gore a lere marang a a phatsimang a boammaaruri mo Bakereseteng ba ba neng ba tshela mo metlheng ya baaposetoloi. Selo sa ntlha, go na le lekwalo la ga Paulo le a neng a le kwalela Baroma, le le neng la kwalwa mo e ka nnang ka 56 C.E.—gongwe ka nako e e tshwanang le e Luke a neng a kwala Efangele ya gagwe ka yone. Mo lekwalong leno Paulo o tlhomolola ntlha ya gore re neetswe tshiamo ka ntlha ya bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang le go bo re dumela mo go Jesu Keresete. Lebaka la go bo Paulo a ne a gatelela mo ntlheng eno ya mafoko a a molemo le ile la dira gore batho bangwe ba tseye lekwalo la gagwe le a neng a le kwalela Baroma jaaka e kete e ne e le Efangele ya botlhano.
14-16. (a) Mo lekwalong la ga Paulo la ntlha le a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Korintha, o ne a phatsimisa lesedi lefe mabapi le go tlhokega ga kutlwano? (b) Ke lesedi lefe le le oketsegileng le le malebana le boitshwaro le Bakorinthe wa Ntlha e le tshotseng?
14 Paulo o ne a kwala ka dikgang dingwe tse di rileng tse di neng di tshwenya Bakeresete ba kwa Korintha. Lekwalo la gagwe le a neng a le kwalela Bakorintha le akaretsa kgakololo e ntsi e e tlhotlheleditsweng e e ileng ya solegela Bakeresete molemo go fitlha le mo motlheng wa rona. Selo sa ntlha, o ne a tshwanelwa ke go sedifaletsa Bakorintha ka phoso e ba neng ba e dira ya go itira makoko a a ikaegileng ka batho bangwe. Moaposetoloi o ne a tlhamalatsa boikutlo jwa bone ka go ba bolelela jaana ka bopelokgale: “Bagaetsho, ke a lo rapela, ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete, gore lo nne puo nngwe fela lotlhe, le gore go se nne dikgaogano mo go lona; mme lo ko lo itekanele mmogo, le mo mogopolong o le mongwe fela, le mo tshekatshekong e le nngwe fela.”—1 Bakorinthe 1:10-15.
15 Phuthego ya Bokeresete ya kwa Korintha e ne e letlelela boitshwaro jo bo sa siamang jo bo maswe thata. Monna mongwe koo o ne a tsere mosadi wa ga rraagwe, ka tsela e e ntseng jalo o ne a dira ‘boaka jo bo neng bo seyo le fa e le mo go Baditšhaba.’ Paulo o ne a kwala jaana ka phepafalo: “Tlosang motho yo o bosula mo gare ga lona.” (1 Bakorinthe 5:1, 11-13) E ne e le selo se sesha mo phuthegong ya Bokeresete—go kgaola. Kgang e nngwe e phuthego ya kwa Korintha e neng e tlhoka gore e sedifadiwe mo go yone e ne e le lebaka la go bo bangwe ba maloko a yone ba ne ba isa bakaulengwe ba bone ba semoya kwa dikgotlatshekelong tsa lefatshe gore ba rarabolole dingongorego tsa bone. Paulo o ne a ba kgalemela ka thata go bo ba ne ba dira jalo.—1 Bakorinthe 6:5-8.
16 Kgang e nngwe gape e e neng e tshwenya phuthego ya Korintha e ne e le ya tlhakanelodikobo. Mo go 1 Bakorinthe kgaolo 7, Paulo o ne a bontsha gore ka ntlha ya go anama ga boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go ne go tla bo go le molemo gore monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna yo e leng wa gagwe. Gape Paulo o ne a bontsha gore lefa gone batho ba ba seng mo lenyalong ba ka kgona go direla Jehofa ba sa itewe tsebe ke sepe, ga se botlhe ba ba neng ba na le mpho ya go sa nne le molekane wa lenyalo. Mme fa monna wa mosadi mongwe a ne a ka tlhokafala, o ne a tla gololesega gore a nyalwe gape mme “e be e le mo Moreneng fela.”—1 Bakorinthe 7:39.
17. Paulo o ne a phatsimisa lesedi lefe malebana le thuto ya go tsoga ga baswi?
17 A bo e le marang a a phatsimang a lesedi jang ne a Morena a neng a dirisa Paulo gore a a bonese ka ga tsogo ya baswi! Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tla tsosiwa ka mmele o o ntseng jang? “Go jalwa e le mmele wa tlholego; go tsosiwe e le mmele wa semowa,” Paulo o ne a kwala jalo. Ga go na mebele ya nama e e tla tseelwang kwa legodimong, ka gonne “nama le madi ke dilo tse di sa ka keng tsa rua bogosi jwa Modimo.” Paulo o ne a oketsa ka gore ga se batlodiwa botlhe ba ba tla robalang mo losong mme ka nako ya go nna gone ga ga Jesu ba bangwe ba tla tsosediwa kwa botshelong jwa go sa swe ka ponyo ya leitlho fela fa ba sena go swa.—1 Bakorinthe 15:43-53.
18. Lekwalo la ntlha la ga Paulo le a neng a le kwalela Bathesalonika le tshotse lesedi lefe le le malebana le isagwe?
18 Paulo o ne a dirisiwa go phatsimisa lesedi malebana le isagwe mo lekwalong la gagwe fa a ne a kwalela Bakeresete kwa Thesalonika. Letsatsi la ga Jehofa le ne le tla tla jaaka legodu bosigo. Gape Paulo o ne a tlhalosa jaana: “E tle e re ba ntse ba re: ‘Kagiso le thagamo,’ foo tshenyego ya tshoganetso e ba wele, jaaka pelegi e tle e tlele mosadi yo o moimana; mme ga ba ketla ba falola gope.”—1 Bathesalonika 5:2, 3.
19, 20. Ke marang afe a a phatsimang a lesedi a Bakeresete ba kwa Jerusalema le kwa Jutea ba neng ba a amogela mo lekwalong la ga Paulo fa a ne a kwalela Bahebera?
19 Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba bogologolo ba kwa Jerusalema le kwa Jutea ka marang a a phatsimang a lesedi fa a ne a kwalela Bahebera lekwalo la gagwe. A bo a ile a bontsha ka thata jang ne gore tsamaiso ya kobamelo ya Bokeresete ke ya maemo a a kwa godimo go feta tsamaiso ya kobamelo ya ga Moshe! Mo boemong jwa gore Bakeresete ba latele Molao o o neng o tlisiwa ke baengele, ba dumela mo polokong e e neng ya bolelwa la ntlha ke Morwa Modimo, yo o mogolo thata mo barongweng bao ba baengele. (Bahebere 2:2-4) Moshe e ne e le motlhokomedi fela mo ntlong ya Modimo. Lefa go ntse jalo, Jesu Keresete o okamela ntlo yotlhe. Keresete ke moperesiti yo mogolo go ya kafa mokgweng wa ga Melekiseteke, a na le boemo jo bo kwa godimo thata go feta jwa boperesiti jwa ga Arone. Gape Paulo o ne a tlhalosa gore Baiseraele ba ne ba palelwa ke go tsena mo boikhutsong jwa Modimo ka gonne ba ne ba sena tumelo e bile ba se kutlo, mme Bakeresete ba tsena mo go jone ka go bo ba ikanyega e bile ba le kutlo.—Bahebere 3:1–4:11.
20 Mme gape kgolagano e ntšha e gaisa thata kgolagano ya Molao. Fela jaaka go ne ga perofetiwa dingwaga di le 600 pele ga moo mo go Jeremia 31:31-34, batho ba ba mo kgolaganong e ntšha ba kwadile molao wa Modimo mo dipelong tsa bone mme ba itumelela go itshwarelwa dibe ka tsela ya boammaaruri. Mo boemong jwa gore Bakeresete ba nne le moperesiti yo mogolo yo o neng a tshwanelwa ke go ntshetsa dibe tsa gagwe le tsa batho ditlhabelo ngwaga le ngwaga, ba na le Moperesiti yo Mogolo Jesu Keresete, yo o senang boleo yo o neng a ntshetsa botlhe setlhabelo sa dibe gangwe fela. Mo boemong jwa gore a tsene mo lefelong lengwe le le boitshepo le le dirilweng ka diatla gore a lere tshupelo ya gagwe, o ne a tsena mo go je e leng legodimo tota, koo a neng a feta a bonala fa pele ga sefatlhego sa ga Jehofa. Mo godimo ga moo, ditlhabelo tsa diphologolo mo kgolaganong ya Molao wa ga Moshe di ne di sa kgone go tlosa boleo gotlhelele, e seng jalo di ka bo di sa ntshiwa ngwaga le ngwaga. Mme setlhabelo sa ga Keresete, se a neng a se ntshetsa batho botlhe gangwe fela, se tlosa maleo. Dilo tseno tsotlhe di phatsimisa lesedi kaga tempele e kgolo ya semoya, eo masalela a batlodiwa le “dinku di sele” ba direlang mo metlaaganeng ya yone gompieno.—Johane 10:16; Bahebere 9:24-28.
21. Ke eng se se bontshitsweng ke tlhaloso eno e e malebana le go diragadiwa ga Pesalema 97:11 le Diane 4:18 mo metlheng ya baaposetoloi?
21 Ga gona sebaka se se lekaneng sa gore re umake dikai di le dintsi, tse di jaaka marang a a phatsimang a lesedi a a fitlhelwang mo dikwalong tsa ga moaposetoloi Petere le tsa barutwa Jakobe le Juta. Mme dilo tse di umakilweng di tshwanetse tsa bo di lekane go re bontsha gore Pesalema 97:11 le Diane 4:18 di ile tsa diragadiwa ka tsela e e tlhomologileng mo metlheng ya baaposetoloi. Boammaaruri bo ne jwa simolola go gatela pele go tswa mo ditshwaning le mo meriting go fitlha mo go reng bo diragadiwe le go nna jwa mmatota.—Bagalatia 3:23-25; 4:21-26.
22. Go ne ga diragala eng fa baaposetoloi ba sena go swa, mme ke eng se se tla bontshiwang ke setlhogo se se latelang?
22 Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go swa le botenegi jo bo neng bo boleletswe pele bo sena go simologa, lesedi la boammaaruri le ne la tukela kwa tlase. (2 Bathesalonika 2:1-11) Lefa go ntse jalo, go dumalana le tsholofetso ya ga Jesu, morago ga makgolokgolo a le mantsi a dingwaga Morena o ne a boa mme o ne a fitlhela “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” a neela “ba ntlo” dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng. Ka ntlha ya seo, Jesu Keresete o ne a tlhoma motlhanka yoo go nna “molaodi wa dilo tsotlhe tse o nang natso.” (Mathaio 24:45-47) Ke marang afe a a phatsimang a lesedi a a neng a latela morago ga moo? A tla tlhalosiwa mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fano lefatshe le kaya lefelo le Bakeresete ba le itlhophelang gore ba tlhagolele dinonofo tsa botho mo go lone.—Bona Tora ya Tebelo, December 1, 1980, ditsebe 22-3.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke mo ditemaneng dife tsa Baebele mo go bontshitsweng gore go tlhaloganya boammaaruri go ntse go gatela pele?
◻ Ke marang afe a mangwe a a phatsimang a lesedi a a kwadilweng mo bukeng ya Ditiro?
◻ Ke lesedi lefe le re le fitlhelang mo Diefangeleng?
◻ Ke marang afe a a phatsimang a lesedi a a fitlhelwang mo dikwalong tsa ga Paulo?