Ke Eng Se se Go Tlhotlheletsang Gore o Direle Modimo?
“O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago, le ka thata yotlhe ya gago.”—MAREKO 12:30.
1, 2. Ke dilo dife tse di kgatlhang tse di fitlhelelwang malebana le tiro ya go rera?
BOLENG jwa mmatota jwa koloi ga bo bonwe ka tsela e e lebegang ka yone fela. Pente e ka nna ya oketsa bontle jwa yone jwa kafa ntle, mme modiro wa yone o o montle o ka nna wa gogela moreki yo o ka kgonang go e reka; mme se se botlhokwa thata ke dilo tse gantsi di sa bonaleng—tse di jaaka enjene e e tsamaisang koloi, mmogo le didirisiwa tse dingwe tsotlhe tse di e tsamaisang.
2 Go tshwana le tirelo e Bakeresete ba e direlang Modimo. Basupi ba ga Jehofa ba dira ditiro tse dintsi tsa bomodimo. Ngwaga le ngwaga ba dirisa diura tse di fetang dimilione tse di dikete ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Mo godimo ga moo, ba tshwara dimilione tsa dithuto tsa Baebele, mme palo ya ba ba kolobediwang e tshwara makgolo a a diketekete. Fa o le mmoledi wa mafoko a a molemo, o ile wa nna le seabe—lefa se ka lebega se le sebotlana—mo dipalopalong tseno tse di itumedisang. Mme o ka tlhomamisega gore “Modimo ga o tshiamololo ya gore o ka lebala tiro ya lona, le go rata leina la one.”—Bahebere 6:10.
3. Ke eng gape sa botlhokwa se Bakeresete ba tshwanetseng go amega ka sone kwantle ga ditiro, mme ka ntlha yang?
3 Lefa go ntse jalo, boleng jwa mmatota jwa tirelo ya rona—jwa batho botlhe kana jwa motho ka bongwe—ga bo lekanngwe ka dipalo fela. Fela jaaka Samuele a ne a bolelelwa, “motho o leba bokafantle, mme Jehofa o leba pelo.” (1 Samuele 16:7) Ee, se re leng sone kafa teng ke sone se leng botlhokwa mo Modimong. Ke boammaaruri gore ditiro di botlhokwa. Ditiro tsa poifomodimo di kgabisa thuto ya ga Jehofa di bo di gogela batho ba ba ka nnang barutwa. (Mathaio 5:14-16; Tito 2:10; 2 Petere 3:11) Lefa go ntse jalo, ditiro tsa rona ga di senole sotlhe se re leng sone. Jesu yo o tsositsweng o ne a na le lebaka la gore a amege thata ka phuthego ya kwa Efeso—le mororo ba ne ba na le lobaka ba dira ditiro tse di molemo. “Ke a di itse ditiro tsa gago,” o ne a ba bolelela jalo. “Ke go nyaletsa se, ka re, o tlogetse lorato lwa gago lwa ntlha.”—Tshenolo 2:1-4.
4. (a) Tirelo ya rona go Modimo e ka tshwana ka tsela efe le ngwao e motho a patelesegang gore a e latele? (b) Ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore motho a itlhatlhobe?
4 Go na le bodiphatsa bongwe. Morago ga nako e e rileng tirelo e re e direlang Modimo e ka tshwana le ngwao e motho a patelesegang go e latela. Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a tlhalosa boemo jwa gagwe ka tsela eno: “Ke ne ke tle ke ye mo tirelong, ke ye kwa dipokanong, ke ithuta, ke rapela—mme dilo tseno tsotlhe di ne di itlela fela gore ke di dire, ke sa tlhotlhelediwe ke sepe.” Ke boammaaruri gore batlhanka ba Modimo ba tshwanetse gore ba akgolwe fa ba dira ka natla go sa kgathalesege gore ba ikutlwa ba “thubanyediwa fa fatshe” kana ba “kgobegile marapo.” (NW) (2 Bakorinthe 4:9; 7:6) Lefa go ntse jalo, fa thulaganyo ya rona ya ka metlha ya Bokeresete e sa gatele pele, re tlhoka gore re lebe mo teng ga enjene, jaaka go ka tualo. Tota le tsone dikoloi tse dintlentle di tlhoka gore di baakanngwe nako le nako; ka mo go tshwanang, Bakeresete botlhe ba tlhoka gore ba itlhatlhobe ka metlha. (2 Bakorinthe 13:5) Batho ba bangwe ba ka bona ditiro tsa rona, mme ga ba kgone go lemoga gore ke eng se se re tlhotlheletsang go dira ditiro tsa rona. Ka gone, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse gore a amege ka potso eno: ‘Ke eng se se ntlhotlheletsang gore ke direle Modimo?’
Dilo Tse di Kgoreletsang Boikutlo jo bo Siameng
5. Ke taolo efe e Jesu a neng a bolela gore ke yone e e leng tlhogo ya tsone tsotlhe?
5 Fa Jesu a ne a bodiwa gore ke molao ofe o o leng tlhogo ya melao yotlhe e e neng ya neelwa Baiseraele, o ne a umaka taolo e e neng e remeletse mo boikutlong jwa kafa teng, mme e seng mo ponalong ya kafa ntle: “O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago, le ka thata yotlhe ya gago.” (Mareko 12:28-30) Ka gone Jesu o ne a re lemotsha selo se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa gore re direle Modimo—lorato.
6, 7. (a) Satane o ile a tlhasela malapa ka tsela efe e e boferefere, mme ka ntlha yang? (2 Bakorinthe 2:11) (b) Tsela e motho a godisitsweng ka yone e ka ama jang tsela e a ikutlwang ka yone mabapi le taolo ya Modimo?
6 Satane o batla go kgoreletsa tsela e re ka kgonang gore re tokafatse nonofo e e botlhokwa ya lorato ka yone. Gore a kgone go dira jalo, mokgwa o mongwe o a ileng a o dirisa ke wa go tlhasela malapa. Ka ntlha yang? Ka gonne e le gone koo ditsela tsa go bontsha lorato di simologang pele gone e bile e le tse di nnetseng ruri. Satane o itse sentle molaomotheo wa Baebele wa gore se motho a se ithutileng mo bonyaneng se ka nna sa mo solegela molemo fa a le mogolo. (Diane 22:6) O leka ka tsela e e boferefere gore a fapose kgopolo ya rona ya go bontsha lorato fa re santse re le mo dingwageng tsa bosha. Jaaka “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” (NW) Satane o bona maikaelelo a gagwe a diragadiwa sentle fa batho ba le bantsi ba golela mo magaeng a a senang lorato mme e le a go lowang ka tsela e e setlhogo mo go one, a tletse bogale le puo ya matlhapa.—2 Bakorinthe 4:4; Baefeso 4:31, 32; 6:4, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW; Bakolosa 3:21.
7 Buka ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa e tlhalositse gore tsela e rrabana a dirang seabe sa gagwe jaaka motsadi ka yone e “ka nna le phelelo e e tshwaegang mo boikutlong jwa moragonyana jwa bana ba gagwe tebang le taolo, ka bobedi ya batho le ya bomodimo.”a Monna mongwe wa Mokeresete yo o neng a godisiwa ke rraagwe yo o neng a le peloethata yo o neng a gagamaditse molao o dumela jaana: “Go motlhofo mo go nna gore ke obamele Jehofa; mme go thata tota gore ke mo rate.” Ke boammaaruri gore go nna kutlo go botlhokwa, ka gonne mo matlhong a Modimo “go utlwa go molemo bogolo go go isa tshupelo.” (1 Samuele 15:22) Mme ke eng se se ka re thusang gore re dire se se fetang go nna kutlo fela mme re dire gore go rata Jehofa ka tsela e e botoka e nne one maatla a a re tlhotlheletsang mo kobamelong ya rona?
“Lorato Lwa ga Keresete Lo a Re Patelela”
8, 9. Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu se tshwanetse sa re tlhotlheletsa jang gore re rate Jehofa?
8 Selo se se re tlhotlheletsang thata gore re rate Jehofa ka pelo yotlhe ke go anaanela setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. “Lorato lwa Modimo lo bonatsheditswe rona ka gone moo, ka Modimo o romile Morwa one yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng, gore re tshele ka ene.” (1 Johane 4:9) Fa re setse re e tlhaloganya le go e anaanela, tsela eno ya go bontsha lorato e re tlhotlheletsa gore re nne le lorato. “Re a rata, ka gobo [Jehofa a] re ratile pele.”—1 Johane 4:19.
9 Jesu o ne a amogela kabelo ya gagwe ya go direla jaaka Mmoloki wa batho ka go rata. “Lorato re lo itse ka gone mo, ka a ineetse mo losong ka ntlha ya rona.” (1 Johane 3:16; Johane 15:13) Lorato lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo lo tshwanetse lwa re dira gore re mmontshe kanaanelo. Fa re tshwantsha: A re re gongwe o ne wa falodisiwa gore o se ka wa nwela mo metsing. A o ne o ka ya gae fela, o fitlha o iphimola, o bo o lebala ka gone? Tota nnyaa! O ne o tla ikutlwa o kolota motho yo o go falodisitseng. Kana gone, o mo kolota botshelo jwa gago. A re kolota Jehofa Modimo le Jesu Keresete se sennye go feta seo? Fa go ne go sena thekololo, mongwe le mongwe wa rona o ne a tla nwela mo sebeng le mo losong, jaaka go ka tualo. Go na le moo, ka ntlha ya lorato lo logolo lono, re lebeletse go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.—Baroma 5:12, 18; 1 Petere 2:24.
10. (a) Re ka dira thekololo selo sa rona ka namana jang? (b) Lorato lwa ga Keresete lo ka re tlhotlheletsa jang?
10 A o ko o tlhatlhanye ka thekololo. E dirise mo go wena ka namana, jaaka Paulo a ne a dira: “Botshelo jo ke bo tshedileng jaanong mo nameng, ke bo tshelela mo tumelong, e bong tumelo e e mo go Morwa Modimo, yo o nthatileng, a ba a intshetsa nna.” (Bagalatia 2:20) Go tlhatlhanya mo go ntseng jalo go tla re tlhotlheletsa mo pelong, ka gonne Paulo o ne a kwalela Bakorintha jaana: “Lorato lwa ga Keresete lo a re patelela; ka . . . [a ne] a swela botlhe, gore ba ba tshelang ba se tlhole ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o suleng a ba a tsoga ka ntlha ya bone.” (2 Bakorinthe 5:14, 15) The Jerusalem Bible e bolela gore lorato lwa ga Keresete lo a “re fekeetsa.” Fa re tlhatlhanya ka lorato lwa ga Keresete, re a patelesega, re a tlhotlheletsega tota, le e leng go fekeediwa. Lo ama dipelo tsa rona lo bo lo re tlhotlheletsa gore re dire sengwe. Fela jaaka thanolo ya J. B. Phillips e tlhalosa ka mafoko a mangwe, “ditiro tsa rona di tlhotlhelediwa ke lorato lwa ga Keresete.” Go tlhotlhelediwa ka tsela epe e sele go ka se re neele maungo a a tla nnelang ruri, jaaka go bontshitswe ke sekai sa Bafarisai.
“Lo Itise mo Sebedisong sa Bafarisai”
11. Tlhalosa tsela e Bafarisai ba neng ba ikutlwa ka yone malebana le ditiro tsa bodumedi.
11 Bafarisai ba ne ba dira gore go obamela Modimo e nne seomodiro fela. Mo boemong jwa gore ba kgothaletse batho gore ba rate Modimo, ba ne ba gatelela ditiro jaaka sengwe se se lekanyang bomoya jwa motho. Tsela e ba neng ba tshwaregile ka yone mo melaong e mentsi e ne ya ba dira gore ba lebege ba siame kafa ntle, mme mo teng ba ne ba “tletse marapo a baswi, le boitshekologo jotlhe fela.”—Mathaio 23:27.
12. Fa Jesu a sena go fodisa monna mongwe, Bafarisai ba ile ba itshupa jang gore ba kgwaraletse dipelo?
12 Mo lekgetlhong le lengwe Jesu o ne a fodisa monna mongwe ka a ne a mo utlwela botlhoko, yo seatla sa gagwe se neng se omile. A bo monna yono a tshwanetse a bo a ne a itumela jang fa a ne a fodisiwa ka ponyo ya leitlho bolwetse jo tota go sa belaetseng gore bo ne bo mo kokonela mo mmeleng le mo maikutlong! Lefa go ntse jalo, Bafarisai ba ne ba se ka ba itumela le ene. Go na le moo, ba ne ba kgala selo se sennye fela go sa tlhokege—gore Jesu o ne a thusitse motho ka Sabata. Bafarisai ba ne ba tshwaregile ka go tlhalosa dilo tse dinnye mo Molaong mo ba neng ba tlhokomologa gotlhelele boikaelelo jwa mmatota jwa Molao. Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a “tlhokofadiwa ke go thatafala ga dipelo tsa bone”! (Mareko 3:1-5) Mo godimo ga moo, o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Lo itise mo sebedisong sa Bafarisai le Basadukai.” (Mathaio 16:6) Ditiro le maikutlo a bone di ne tsa senolwa mo Baebeleng gore di re solegele molemo.
13. Ke eng se re se ithutang mo sekaing sa Bafarisai?
13 Sekai sa Bafarisai se re ruta gore re tlhoka go nna le kgopolo e e lekalekaneng ka ditiro. Eleruri, ditiro di botlhokwa, ka gonne “tumelo fa e tlhalanye le ditiro e sule.” (Jakobe 2:26) Lefa go ntse jalo, batho ba ba sa itekanelang ba rata go leba batho ba bangwe ka selo se ba se dirang go na le go ba leba ka se ba leng sone. Ka dinako tse dingwe, le rona re ka nna ra iteba ka tsela e e ntseng jalo. Re ka nna ra tshwarega thata ka ditiro, jaaka e kete e ne e le tsone fela tse di bontshang bomoya jwa rona. Re ka kgona go lebala botlhokwa jwa go tlhatlhoba dilo tse di re tlhotlheletsang. (Bapisa 2 Bakorinthe 5:12.) Re ka nna batho ba ba gagamaletseng go utlwa melao ba ba ‘tlhotlhang ba ntsha montsana, mme kamela ba e metsa fela,’ ba obamela lekwalo lwa molao lefa go ntse jalo ba tlola boikaelelo jwa one.—Mathaio 23:24.
14. Bafarisai ba ne ba tshwana jang le senwelo kana sejana se se seng phepa?
14 Selo se Bafarisai ba neng ba sa se tlhaloganye ke gore fa motho eleruri a rata Jehofa, ditiro tse di bontshang poifomodimo di itlela fela. Bomoya jwa motho bo tswa kafa teng mme bo tswele kafa ntle. Jesu o ne a pega Bafarisai molato tota ka ntlha ya tsela ya bone ya go akanya e e phoso mo ntlheng eno, fa a ne a re: “A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo a tle lo tlhatswe bokafantle jwa senwelo le sejana, mme mo teng go bo go tletse tse di tswang patikong le tlhapelong. Mofarisai wa sefofu ke wena, tlhatswa pele bokafateng jwa senwelo le sejana, gore bokafantle jwa sone le jone bo nne bontle.”—Mathaio 23:25, 26.
15. Umaka dikai tse di bontshang gore Jesu ga a lebe bokafantle fela.
15 Bokafantle jwa senwelo, sejana, kana le e leng jwa kago nngwe ga bo senole sengwe le sengwe. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba akabaditswe ke bontle jwa tempele eo ya kwa Jerusalema, e Jesu a neng a re ke “mongobo wa dinokwane” ka ntlha ya se se neng se diragala mo teng ga yone. (Mareko 11:17; 13:1) Se se neng se ntse ka tempele se ntse fela jalo ka dimilionemilione tsa batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete, jaaka rekoto ya Labokeresete e bontsha. Jesu o ne a bolela gore o ne a tla atlhola ba ba neng ba dira ‘ditiro tse di nonofileng’ ka leina la gagwe a re ke ba ba “dirang tshiamololo.” (Mathaio 7:22, 23) Se se farologaneng le seo gotlhelele ke gore o ne a bolela jaana ka motlholagadi mongwe yo o neng a ntsha madi a mannye kwa tempeleng: “Motlholagadi yo, wa sehumanegi, o tsentse bogolo go botlhe ba ba tsenyang mo letloleng la madi . . . Ene o tsentse ga lehuma la gagwe, a tsenya gotlhe mo o nang nago, e bong gotlhe mo o tshelang ka gone.” (Mareko 12:41-44) A e ne e le go sekaseka dilo ka tsela e e sa lekalekaneng? Tota nnyaa. Mo maemong otlhe ka bobedi, Jesu o ne a dirisa kgopolo ya ga Jehofa. (Johane 8:16) O ne a bona se se neng se tlhotlheletsa ditiro tseo mme a bo a di sekaseka go ya ka sone.
“Mongwe le Mongwe a Neelwa Kafa Nonofong ya Gagwe”
16. Ke ka ntlha yang fa re sa tlhoke gore re bapise tiro ya rona le ya Mokeresete yo mongwe ka metlha?
16 Fa maikutlo a rona a siame, ga go tlhokege gore re bapise dilo ka metlha. Ka sekai, go ka se siame fa motho a gagamalela go dira diura tse di tshwanang le tsa Mokeresete yo mongwe mo bodireding ka moya wa kgaisano kana go leka go fitlhelela dilo tse yo mongwe a di fitlhelelang mo go rereng. Jesu o ne a bolela gore o rate Jehofa ka pelo yotlhe, ka tlhaloganyo yotlhe, ka moya otlhe le ka nonofo yotlhe ya gago—e seng ya motho yo mongwe. Tsela e motho mongwe le mongwe a kgonang go dira dilo ka yone, maatla le maemo a gagwe di farologana le tsa ba bangwe. Fa boemo jwa gago bo go letla, lorato lo tla go tlhotlheletsa gore o dirise nako e ntsi mo bodireding—gongwe le e leng jaaka modiredi wa mmulatsela wa nako e e tletseng. Lefa go ntse jalo, fa o gateletswe ke bolwetse bongwe, nako e o e dirisang mo bodireding e ka nna potlana go gaisa kafa o neng o ka batla ka gone. O se ka wa kgobega marapo. Go ikanyega mo Modimong ga go lekanngwe ka diura. Fa o na le maikutlo a a phepa, o tla nna le lebaka la go itumela. Paulo o ne a kwala jaana: “A motho mongwe le mongwe a sekaseke e e leng tiro ya gagwe, foo o tlaa bona go ipelafatsa ka ga gagwe ka esi, e seng ka ga wa ga gabo.”—Bagalatia 6:4.
17. Bolela ka bokhutshwane ka setshwantsho sa ditalente ka mafoko a gago.
17 A o ko o akanye ka setshwantsho sa ga Jesu sa ditalente, jaaka se kwadilwe mo go Mathaio 25:14-30. Monna mongwe yo o neng a tla tloga a etela kwa lefatsheng le sele o ne a bitsa batlhanka ba gagwe a bo a ba neela dithoto tsa gagwe. “Mongwe a mo neela ditalente di le tlhano, yo mongwe di le pedi, yo mongwe e le nngwe fela; mongwe le mongwe a neelwa ka fa nonofong ya gagwe.” Fa morena a sena go boa gore a tle go baakanya melato le batlhanka ba gagwe, o ile a fitlhela eng? Motlhanka yo o neng a neetswe ditalente tse tlhano o ne a bapala tse tlhano mo godimo ga tseo. Ka mo go tshwanang, motlhanka yo o neng a neetswe ditalente di le pedi o ne a bapala tse pedi mo godimo ga tseo. Motlhanka yo o neng a neetswe talente e le nngwe fela o ne a e fitlha mo mmung mme o ne a se ka a dira sepe gore a oketse khumo ya morena wa gagwe. Morena o ne a sekaseka boemo jono jang?
18, 19. (a) Ke ka ntlha yang fa morena a ne a se ka a bapisa motlhanka yo o neng a neetswe ditalente tse pedi le motlhanka yo o neng a neetswe ditalente tse tlhano? (b) Setshwantsho seno sa ditalente se re ruta eng malebana le go akgola le go bapisa batho? (c) Ke ka ntlha yang fa motlhanka wa boraro a ne a atlholwa ka tsela e e setlhogo jaana?
18 La ntlha, a re ko re sekasekeng batlhanka ba ba neng ba neelwa ditalente tse tlhano le tse pedi ka go latelana ga bone. Morena o ne a bolelela mongwe le mongwe wa batlhanka bano jaana: “O dirile sentle motlhanka yo o molemo le boikanngo.” A o ka bo a ile a raya motlhanka wa ditalente tse tlhano jalo fa a ka bo a ile a bapala tse pedi fela? Ga go lebege jalo! Mo letlhakoreng le lengwe, o ne a se ka a bolelela motlhanka yo o neng a bapala ditalente tse pedi jaana: ‘Ke ka ntlha yang o ne o sa bapale tse tlhano? Ebu, bona kafa motlhankakawena a neng a mpapalela ka gone!’ Nnyaa, morena yo o kutlwelobotlhoko, yo o neng a tshwantshetsa Jesu, o ne a sa bapise batho. O ne a ba abela ditalente “mongwe le mongwe a neelwa ka fa nonofong ya gagwe,” mme o ne a sa lebelela se sengwe gape fa e se se mongwe le mongwe a neng a ka kgona go se bapala. Batlhanka bano ka bobedi ba ne ba akgolwa ka tsela e e lekanang, ka gonne boobabedi ba ne ba direla morena wa bone ka moya otlhe. Mongwe le mongwe wa rona o ka ithuta sengwe mo go seno.
19 Ke boammaaruri gore motlhanka wa boraro o ne a se ka a akgolwa. E bile tota, o ne a latlhelwa kwa ntle mo lefifing. O ne a ka se ka a lebelelwa gore a lere ditalente tse di lekanang le tsa motlhanka yo o neng a na le tse tlhano, e re ka a ne a neetswe talente e le nngwe fela. Lefa go ntse jalo, o ile a se ka a bo a leka go e atisa! Kgabagare o ne a atlholwa ka katlholo e e botlhoko ka gonne boikutlo jwa gagwe jwa pelo bo ne bo le “bosula le botshwakga,” jo bo neng bo bontsha gore o ne a sa rate morena.
20. Jehofa o leba ditlhaelo tsa rona jang?
20 Jehofa o lebeletse gore mongwe le mongwe wa rona a mo rate ka nonofo yotlhe ya rona, lefa go ntse jalo a bo go nonotsha jang ne gore “o itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela”! (Pesalema 103:14) Diane 21:2 e bolela gore “Jehofa o lekanya dipelo bokete”—e seng dipalopalo. O tlhaloganya ditlhaelo dipe tse re ka sekang ra di kgona, e ka tswa e le tsa madi, tsa mo mmeleng, mo maikutlong, kana dipe fela. (Isaia 63:9) Fa go ntse go le jalo, o lebeletse gore re dirise ka botlalo dikhumo tsotlhe tse re ka tswang re na le tsone. Jehofa o itekanetse, mme fa a dirisana le baobamedi ba gagwe ba ba sa itekanelang, ga a lebelela gore le bone ba itekanele. Ga a feteletse dilo fa a dirisana le batho le gone ga a lebelela dilo tse ba ka sekang ba di kgona.
21. Fa e le gore tirelo ya rona go Modimo e tlhotlhelediwa ke lorato, go tla latela diphelelo dife tse di molemo?
21 Go rata Jehofa ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, ka tlhaloganyo yotlhe le ka nonofo yotlhe ke “mo go gaisang ditshupelo tse di fisiwang di le boleka, le ditlhabelo tsotlhe.” (Mareko 12:33) Fa e le gore re tlhotlhelediwa ke lorato, re tla dira gotlhe mo re ka go kgonang mo tirelong ya Modimo. Petere o ne a kwala gore fa dinonofo tsa bomodimo, tse di akaretsang lorato, “e le tsa lona, fa di bile di totile, di a bo di lo dira gore lo se nne bobodu, le fa e le botlhoka loungo, mo kitsong ya Morena wa rona Jesu Keresete.”—2 Petere 1:8.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Ka Tsela ya Poeletso
◻ Ke eng se se tshwanetseng sa re tlhotlheletsa mo tirelong ya rona go Modimo?
◻ Lorato lwa ga Keresete lo re tlhotlheletsa jang gore re direle Jehofa?
◻ Ke tsela efe e Bafarisai ba neng ba amegile thata ka yone e re tshwanetseng go e tila?
◻ Ke ka ntlha yang fa go se botlhale gore re nne re bapisa tirelo ya rona le ya Mokeresete yo mongwe?
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Ditsela tsa rona tse re kgonang go dira dilo ka tsone, maatla le maemo a motho ka bongwe di a farologana