LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 7/1 ts. 30
  • ‘Ba ne Ba se Ka ba Baka’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ba ne Ba se Ka ba Baka’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithulaganyo Tsa Mafelo a Kobamelo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Go Batla Boammaaruri Jwa Bibela go A Duelwa mo Iseraele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Thulaganyo E Ntšha ya go Agiwa ga Diholo tsa Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Go Dira Tiro ya go Aga ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 7/1 ts. 30

Pego Ya Baboledi ba Bogosi

‘Ba ne Ba se Ka ba Baka’

FA E sale mo metlheng ya ga Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe, baeteledipele ba bodumedi ba ile ba leka maano otlhe go kgoreletsa go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Baaposetoloi ba ne ba ‘laiwa’ thata gantsintsi ke balaodi ba lefelo la bone kwa Jerusalema gore ba “se ka ba bua mo ineng la ga Jesu.” (Ditiro 5:27, 28, 40) Lefa go ntse jalo, pego ya Baebele e bolela gore “Lefoko la Modimo [le ne] la tota; le palo ya barutwa ya ntsifala mo gogolo thata mo Jerusalema.”—Ditiro 6:7.

Go fetile dimeleniamo tse pedi mme re santse re fitlhela baeteledipele ba bodumedi kwa Iseraele ba ba tlhotlheletsang balaodi ba lefelo leo gore ba kgoreletse tiro ya Bakeresete ba boammaaruri mo nageng eo. Ka November 1987, batho ba ditumelo tse di feteletsang dilo ba ne ba tlhotlheletsa balaodi ba kwa Tel Aviv, kwa Iseraele, gore ba laele Basupi gore ba se ka ba tlhola ba tshwarela dipokano tsa bone tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi e e mo ofising ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower. Taolo eno e ne ya simolola go dira ka October 1989. Ka go dumalana le taolo eo, Basupi ba ne ba kopanela mo dikagong tse ba neng ba di hirisa mo lefelong leo ka dingwaga di le tharo fa Holo ya bone ya Bogosi yone e ne e nna fela tota e sa dirisiwe.

Fa go ntse go le jalo, kgang eno e ne ya isiwa kwa Kgotlatshekelokgolong ya Tshiamiso ya kwa Iseraele. Ofisi ya agente ya puso e ne ya tlhatlhoba kgang ya Basupi mme ya bolela gore boikuelo jwa bone bo ne bo ka se ka jwa tshololwa fa go lejwa kafa letlhoo le legolo la bodumedi le nnileng le seabe ka gone. Ka jalo, balaodi ba lefelo leo ba ne ba patelesega gore ba fetole tshwetso ya bone mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba boela mo Holong ya bone ya Bogosi ba itumetse.

A tiro ya go ruta boammaaruri jwa Baebele e ne ya koafala mo dingwageng tseo? Nnyaa le eseng! Ka nako ya fa Holo ya Bogosi e ne e tswalwa, go ne go na le diphuthego tse pedi kwa Tel Aviv mmogo le setlhopha se sengwe se se ithutang Baebele mo toropong e e fa gaufi ya Lod. Dingwaga di le tharo moragonyana, fa Holo ya Bogosi e ne e bulwa gape, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntsifetse go nna diphuthego tse nne, mme setlhopha se sesha se se ithutang Baebele se ne se kopanela kwa Beersheba.

Koketsego ya kwa Iseraele ga e ame dipuo tsa konokono fela, Searabea le Sehebera. Go tsile palo e kgolo ya batho ba ba fudugileng kwa go se pele e neng e le Soviet Union, ka jalo Basupi ba ga Jehofa ba ba buang Se-Russia jaanong ba tshwaregile ka go ba bolelela mafoko a a molemo. Dipokano dingwe tse go buiwang Se-Russia mo go tsone di tshwarwa mo diphuthegong di le tharo; bosheng jaana go ile ga kokoana batho ba feta lekgolo mo kopanong ya Se-Russia.

Kwantle ga pelaelo, batho ba bodumedi ba ba nang le letlhoo ba tla tswelela pele ka letsholo la bone kgatlhanong le kobamelo ya boammaaruri. Mme lefa go ntse jalo gompieno baboledi ba Bogosi ba tswelela pele ba etsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, bao, le mororo ba ne ba bogisiwa, “[ba neng] ba se ka ba bakela go ruta le go rera Jesu, fa e le Keresete.”—Ditiro 5:42.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela