Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Batla Boammaaruri Jwa Bibela go A Duelwa mo Iseraele
BATHO ba ba oketsegang mo Iseraele le kwa mafelong a mangwe ba bona go palelwa ga maiteko a motho a go tlisa kagiso ya goyagoile le tsholofelo ya isagwe. Basupi ba ga Jehofa ba ba 370 mo lefatsheng leo le lentle, la ditiragalo ba tlisetsa bao ba batlang Modimo tsholofelo e e nayang botshelo. (Isaia 55:2, 3) Dipego tse di latelang go tswa kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Tel Aviv di bontsha gore Modimo o duela bao ba batlang boammaaruri jwa Bibela.
“Dikgoreletso tsa batho ba bodumedi ba ba feteletsang dilo di fokotsegile, mme maiteko a bone a pele a go kgoreletsa dipokano tsa rona a tswelela go nna le diphelelo tse di fapaaneng. Ka sekai, banyalani bangwe ba ba godileng ba Ba-Russia ba ne ba kopanela le setlhopha sa Basabata mme ba ne ba sa kgotsofadiwe ke seo ba neng ba se ithuta. Ba ne ba sa bone bosupi bope jwa dipogiso tseo di neng di boleletswe pele gore di ne di tla tshwaya Bakeresete ba boammaaruri. Go tswa foo ka letsatsi lengwe ba ne ba bona makasine mongwe wa dikgang wa bogologolo, o o latlhilweng wa puo ya Se-Romania o o neng o na le pego ya go tlhaselwa ga kago ya ofisi ya lekala ya Mokgatlho le Holo ya Bogosi mo Tel Aviv ke segopa sa batho ka 1985. Seno se ne sa tsosa kgatlhego ya bone, mme ba ne ba ya kwa Tel Aviv mme ba tsamaya dioura di le nne go fitlha ba bona kago e setlhogo seo sa pampiri ya dikgang se neng se e tlhalosa. Ba ne ba ipelela go amogela dikarabo tsa dipotso dingwe tsa bone mme ba nna koo go emela dipokano tsa maitseboa, koo ba neng ba itumelela go kopana le Basupi bangwe ba ba buang Se-Russia. Ba ntse ba tshwarelwa thuto ya Bibela ya legae ka metlha, fa esale ka nako eo. Fa ba ntse ba ithuta, ba ntse ba tlhatswega pelo gore ba bone sone fela seo ba neng ba ntse ba se batla—boammaaruri!
“Mo tiragalong e nngwe, mokaulengwe o ne a neela monna mongwe yo o nyetseng yo mmotlana bosupi mme o ne a sa dumalane le dingwe tsa dintlha tseo a neng a leka go di tlhalosa mme ka jalo a se ka a tlhola a tswelela go sekaseka molaetsa wa Bogosi. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, morwadia monna yo o ne a lwala, mme o ne a bolelelwa ke ditsala tsa gagwe tse di dumelang mo botlhoding gore bothata bo ne bo amana le momenonyana o o kwadilweng lokwalo lwa Bibela o o beilweng fa kgorong ya gagwe. Ba ne ba akantsha gore a ye go o tlhatlhoba kwa moruting. O ne a swetsa go dira jalo. Ka nako e e tshwanang, o ne a rapela Modimo ka tlhoafalo gore o mo kaele gore a bone boammaaruri.
“Fa a le mo tseleng ya go ya kwa ntlong ya moruti, monna o ne ka tshoganyetso fela a swetsa gore a ye kwa kokelwaneng go ya go tsaya molemo oo a neng a o kwaletswe. Fa a fitlha koo, o ne a tshwanetse a fitlhela mang fa e se Mosupi yo a ileng a mo rerela dingwaga di le mmalwa pele ga foo! Mokaulengwe o bolela gore o ne a sena boikaelelo bope jwa go ya kwa kokelwaneng eo mo maitseboeng ao go fitlha fa ka tshoganyetso a ne a gakologelwa sengwe seo a neng a se tlhoka. Mokaulengwe le monna yoo ba ne ba nna mme ba bua ka nako ya dioura di se kae mo maitseboeng ao, mme go ne ga rulaganyediwa thuto ya Bibela le monna yo mmotlana yono. O ne a simolola go ya dipokanong, mme o ne a dira botswelelopele, a tsaya karolo mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo. Go ise go e kae o ne a tsaya karolo mo bodiheding jwa tshimo, mme jaanong ke mokaulengwe yo o kolobeditsweng. Ga a ise a ko a fitlhe kwa ntlong ya moruti!”
Go batla ga batho bano boammaaruri jwa Bibela go ne ga duelwa fela thata, jaaka ba iponela khumo e e tlhwatlhwakgolo go gaisa gouta.—Diane 3:13-18.