LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 7/15 ts. 28-30
  • Bakaraite le go Batla Boammaaruri ga Bone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bakaraite le go Batla Boammaaruri ga Bone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kganetsano e Simologile Jang?
  • Bakaraite le Borabi ba a Thulana
  • Borabi Ba ne Ba Arabela Jang?
  • Mokgatlho wa Bakaraite o Felelwa ke Moko
  • Molao O o Sa Kwalwang—Ke Eng Fa o Ile wa Kwalwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • “Go Bona Tlhaloso e e Utlwalang Sentle” ya Baebele go Tswa mo Laeboraring ya Bogologolo ya Russia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Bojuda—Matsapa a go Batla Modimo ka Dikwalo le Ngwao
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Talmud ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 7/15 ts. 28-30

Bakaraite le go Batla Boammaaruri ga Bone

“TLHATLHOBA [Dikwalo] ka botlalo mme o se ka wa ikaega ka kgopolo ya me.” Mafoko ao a ne a buiwa ke moeteledipele wa Mokaraite wa lekgolo la borobedi la dingwaga C.E. Bakaraite e ne e le bomang? A re ka ithuta sengwe se se nang le mosola mo sekaong sa bone? Gore re tle re kgone go araba dipotso tseno, re tshwanetse go boela kwa hisitoring kwa kganetsanong e e tsereng lobaka lo loleele e e neng ya felela ka gore go nne le lekoko la Bakaraite.

Kganetsano e Simologile Jang?

Mo dingwageng tsa bofelo pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, go ne ga simologa filosofi e ntšha mo Tsamaisong ya tumelo ya Sejuta. E ne e le kakanyo ya gore Modimo o ne wa ntsha Melao e mebedi kwa Thabeng ya Sinai, o mongwe o kwadilwe o mongwe o sa kwalwa.a Ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., go ne ga nna le dikgotlhang tse di masisi magareng ga batho ba ba neng ba amogela thuto eno e ntšha le ba ba neng ba e gana. Bafarisai ba ne ba e rotloetsa mme Basadukai le Ba-Esene ba ne ba le gareng ga ba ba neng ba e ganetsa.

Mo gare ga kganetsano eo, Jesu wa Nasaretha o ne a nna gone jaaka Mesia yo o solofeditsweng. (Daniele 9:24, 25; Mathaio 2:1-6, 22, 23) Jesu o ne a lebagana le ditlhopha tseo tsotlhe tsa Bajuta tse di neng di na le dikgotlhang. Fa a ne a fetolana le bone, o ne a ba bolelela gore ba se ka ba dira gore lefoko la Modimo le nne le le senang mosola ka ntlha ya ngwao ya bone. (Mathaio 15:3-9) Jesu gape o ne a ruta boammaaruri jwa semoya ka mokgwa o o ka kgonwang fela ke Mesia. (Johane 7:45, 46) Mo godimo ga moo, balatedi ba ga Jesu ba boammaaruri ke bone fela ba ba neng ba neela bosupi jwa gore ba tshegeditswe ke Modimo. Ba ne ba simolola go itsege jaaka Bakeresete.—Ditiro 11:26.

Fa tempele ya Jerusalema e ne e senngwa ka 70 C.E., Bafarisai e ne e le bone fela setlhopha sa bodumedi se se neng sa falola se sa kgaogana. Ka jaanong go ne go sa tlhole go na le baperesiti, ditlhabelo le tempele, Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta ya Bafarisai e ne ya nna mo boemong jwa go ka itirela dilo dingwe tse di neng di ka emela dilo tseno tsotlhe, ka go dira gore ngwao le thanolo di emele Molao o o kwadilweng. Seno se ne sa fa sebaka sa gore go kwalwe “dikwalo tse di boitshepo” tse disha. La ntlha go ne ga tla Mishna, e na le dikoketso le dithanolo mo molaong wa bone o o neng o sa kwalwa. Moragonyana, mekwalo e mengwe e e neng e kgobokantswe e ne ya tsenngwa mo teng mme ya bidiwa Talmud. Ka nako e e tshwanang, Bakeresete ba batenegi ba ne ba simolola go itirela maratwaepelo ka dithuto tsa ga Jesu. Ditlhopha tseo ka bobedi di ne tsa rotloetsa ditsamaiso tse di maatla tsa bodumedi—taolo ya borabi mo letlhakoreng le lengwe le taolo ya kereke mo go le lengwe.

Ka lebaka la dikgotlhang tsa Bajuta le Roma wa boheitane mme moragonyana le Roma wa “Bokeresete,” lefelo la Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta le ne la fudugela kwa Babilone. Mekwalo ya Talmud e ne ya kwalwa ka botlalo teng koo. Lefa gone borabi ba ne ba bolela gore Talmud e ne e senola thato ya Modimo ka botlalo, Bajuta ba bantsi ba ne ba lemoga tlhotlheletso e e neng e oketsega ya taolo ya borabi mme ba tlhoafalela lefoko la Modimo le ba neng ba le tliseditswe ka Moshe le baperofeti.

Mo sephatlong sa bofelo sa lekgolo la borobedi la dingwaga C.E., Bajuta ba ba neng ba le kgatlhanong le taolo ya borabi le tumelo ya bone kwa Babilone ba ne ba amogela moeteledipele yo o neng a rutegile yo o neng a bidiwa Anan ben David. O ne a bolela gore Mojuta mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go ithuta Dikwalo tsa Sehebera jaaka e le tsone motswedi o le osi wa bodumedi jwa boammaaruri, go sa kgathalesege thanolo ya borabi kgotsa Talmud. Anan o ne a ruta jaana: “Tlhatlhoba Torah [molao o o kwadilweng wa Modimo] ka botlalo, mme o se ka wa ikaega ka kgopolo ya me.” Ka ntlha ya go bo Anan a ne a gatelela mo Dikwalong jalo, balatedi ba gagwe ba ne ba itsiwe jaaka Qa·ra·ʼimʹ, leina la Sehebera le le rayang “babadi.”

Bakaraite le Borabi ba a Thulana

Dingwe tsa dikai tsa dithuto tsa Bakaraite tse di neng tsa dira gore go nne le tlhakatlhakano mo makokong a borabi ke dife? Borabi ba ne ba iletsa gore nama le mashi di jewe mmogo. Ba ne ba re seno ke tlhaloso ya molao o o sa kwalwang ya Ekesodo 23:19, e e reng: “O se ka wa tlhadia potsane ka maši a mmaayo.” Mo letlhakoreng le lengwe, Bakaraite ba ne ba ruta gore temana eno e ne e raya fela sone se e neng e se bua—go sa okediwe go sa fokodiwe. Ba ne ba tlhalosa ba gagametse gore dithibelo tsa borabi di ne di itiretswe ke batho.

Go ya ka fa borabi ba neng ba tlhalosa Duteronome 6:8, 9, ka teng, ba ne ba dumela gore banna ba Bajuta ba ne ba tshwanetse gore ba ikgogetse ditefeline, ba rapela le gore go bewe mezuzah mo mephakwaneng ya kgoro nngwe le nngwe.b Bakaraite ba ne ba tsaya gore ditemana tseno di ne di sa reye se di neng di se bua le gore di ne di tshwantshetsa fela mme ka lebaka leo ba gana ditaolo tse di ntseng jalo tsa borabi.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Bakaraite ba ne ba na le dithibelo tse dintsi thata go gaisa borabi. Ka sekai, ela tlhoko ka fa ba neng ba leba ka teng Ekesodo 35:3, e e balegang jaana: “Lo se ka lwa gotsa molelo mo maagong otlhe a lona ka letsatsi la Sabata.” Bakaraite ba ne ba iletsa gore lebone le molelo di tlogelwe di ntse di tuka lefa di ne di setse di tshubilwe pele ga Sabata.

Baeteledipele ba Bakaraite ba ne ba ganetsana kgapetsakgapetsa, segolobogolo morago ga loso lwa ga Anan, ka gore go ka dirwa dithibelo tse di rileng ka selekanyo se se kanakang le gone ka mokgwa o o ntseng jang, mme molaetsa wa bone o ne o sa phepafala ka metlha. Bakaraite ba ne ba sena kutlwano ka gore ba ne ba sa tseye gore go tshwanetse go nna le moeteledipele ope mme ba gatelela gore go ipalelwe go bo go ithanolelwe Dikwalo, mo go neng go le kgatlhanong le mokgwa wa borabi wa go laola. Lefa seemo e ne e le seno, gone mme lekoko la Bakaraite le ne la tuma mme la nna le tlhotlheletso e kgolo go feta morafe wa Bajuta wa Sebabilone mme la anama go ralala Botlhaba Gare. Go ne ga tlhongwa lefelo la Bakaraite le legolo kwa Jerusalema.

Mo lekgolong la borobong le la lesome la dingwaga C.E., bakanoki ba Bakaraite ba ne ba atlega mo thutong e e ntšhafaditsweng ya puo ya Sehebera mme ba ipelela se ba se fitlheletseng fela thata. Ba ne ba tsaya gore Dikwalo tse di neng di kwadilwe tsa Sehebera, mme e seng dingwao tse di sa kwalwang, di ne di le boitshepo. Bakaraite bangwe ba ne ba kopa Dikwalo tsa Sehebera ka kelotlhoko. Totatota, kgwetlho ya Bakaraite ke yone e neng ya tlhotlheletsa Bajuta botlhe gore ba ithute Dikwalo tsa Masora mme seo sa thusa thata gore dilo tse di kwadilweng mo Baebeleng di nne di bolokegile sentle fela jaaka di ntse.

Ka nako eno e go neng go na le kgolo e ntsi, Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta ya Bakaraite e ne ya simolola tiro ya borongwa jwa sedumedi mo Bajuteng ba bangwe. Seno kwantle ga pelaelo se ne sa tshosetsa Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta ya borabi.

Borabi Ba ne Ba Arabela Jang?

Borabi ba ne ba ipusolosetsa ka go ntsha ditlhaselo tse di maatla tsa mafoko le ka go fetofetola dithuto tsa bone ka boferefere. Mo lekgolong la dingwaga la morago ga fa Anan a sena go tlhasela, Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta e ne ya dirisa mekgwa e le mokawana ya Bakaraite. Borabi ba ne ba nna le bokgoni jo bo oketsegileng jwa go nopola Dikwalo, ba tsenyeletsa mokgwa wa Bakaraite mo go ruteng ga bone ka tsela e e botswerere.

Motho yo o neng a eteletse tlhaselo eno ya Bakaraite ya mafoko pele e ne e le Saʽadia ben Joseph yo o neng a tlotlomaditswe, yo o neng a nna moetapele wa morafe wa Bajuta kwa Babilone mo sephatlong sa ntlha sa lekgolo la lesome la dingwaga C.E. Buka e kgolo ya ga Saʽadia, e bong, The Book of Beliefs and Opinions, e ne ya ranolelwa mo Seesemaneng ke Samuel Rosenblatt yo o neng a bua jaana mo ketapeleng ya gagwe: “Lefa gone . . . mo metlheng ya gagwe e ne e le ene a di gogang kwa pele mo go Talmud, [Saʽadia] o dirisa motswedi ono wa ngwao ya Sejuta go le gonnye ka gore o ne a eletsa go fenya Bakaraite ba ba neng ba amogela Molao o o Kwadilweng jaaka one fela o o neng o ba tlama, ka se ba itshireleditseng ka sone.”

Ka go tsamaya mo dikgatong tsa ga Saʽadia, Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta ya borabi kwa bofelong e ne ya fenya. E ne ya dira mo go lekaneng fela gore e kgone go koafatsa ditlhaloso tsa Bakaraite. Moses Maimonides, yo e neng e le mokanoki yo o itsegeng wa Talmud wa lekgolo la bo12 la dingwaga, ke ene a neng a ba gobatsa gotlhelele. Go bo a ne a na le mokgwa wa go itshokela Bakaraite ba a neng a nna le bone kwa Egepeto, mmogo le mokgwa wa gagwe wa bokanoki wa go dira gore batho ba dumele se a neng a se bua, o ne a dira gore ba mo rate mme a dira gore maemo a bone a boeteledipele a tlhoke mosola.

Mokgatlho wa Bakaraite o Felelwa ke Moko

E re ka jaanong lekoko la Bakaraite le ne le sa tlhole le na le kutlwano e bile le sena thulaganyo e e baakantsweng sentle ya go ikemela, le ne la latlhegelwa ke matlhagatlhaga a lone le balatedi. Fa nako e ntse e tsamaya, Bakaraite ba ne ba baakanya tsela e ba lebang dilo ka yone le melaometheo ya bone. Leon Nemoy, yo o neng a kwala ka lekoko la Bakaraite, o ne a re: “Fa Talmud yone e ne e tsewa jaaka e e seng ka fa molaong, bontsi jwa mekwalo ya Talmud e ne ya tsenngwa ka bokhukhuntshwane mo tsamaisong ya melao ya Bakaraite le mo ngwaong.” Bakaraite ka tlholego ya bone, ba ne ba latlhegelwa ke maikaelelo a bone a kwa tshimologong mme ba dirisa bontsi jwa Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta ya borabi.

Go santse go na le Bakaraite ba ka nna 25 000 kwa Iseraele. Ba le dikete di sekaenyana ba ka fitlhelwa mo merafeng e mengwe, segolobogolo mo Russia le kwa United States. Lefa go ntse jalo, bone ba farologana le Bakaraite ba pele ka gore ba na le dingwao tse di sa kwalwang.

Re ka ithuta eng mo hisitoring ya Bakaraite? Re ka ithuta gore ke phoso e e masisi go ‘dirolola lefoko la Modimo ka ngwao.’ (Mathaio 15:6) Go tlhokega kitso e e tlhomameng ya Dikwalo gore re tle re gololwe mo dingwaong tse di bokete tsa batho. (Johane 8:31, 32; 2 Timotheo 3:16, 17) Ee, batho ba ba batlang go itse le go dira thato ya Modimo ga ba ikaege ka dingwao tsa batho. Go na le moo, ba tlhatlhoba Baebele ka tlhoafalo ba bo ba dirisa taelo e e nang le mosola ya Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tlhaloso ya molao o o bidiwang wa molomo, bona ditsebe 8-11 tsa boroutšhara ya Will There Ever Be a World Without War?, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

b Ditefeline ke dibokosana tse pedi tsa letlalo tse di tsentseng dipampiri tse di kwadilweng melaetsa ya Dikwalo. Dibokosana tseno go ya ka ngwao di ne di kgogediwa ka fa letsogong la molema le mo tlhogong mo gare ga beke mo merapelong ya mo mosong. Mezuzah ke pampiri e go kwadilweng Duteronome 6:4-9 le 11:13-21 mo go yone e e neng e tsenngwa mo dikgetsaneng tse di neng di kgomarediwa mo mephakwaneng ya dikgoro.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Setlhopha sa Bakaraite

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book The Jewish Encyclopedia, 1910

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela