LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 8/15 ts. 4-7
  • Poifo e Tla Fela Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Poifo e Tla Fela Leng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Polokesego mo Lefatsheng la Modimo le Lesha
  • Lefatshe Le go Senang Magodu mo go Lone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Leka go Fenya Bokebekwa mo Lefatsheng le le Tlhakatlhakaneng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Bokebekwa Jaanong Bo Gaufi le go Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Tshela o sa Boife Sepe—A go Ka Kgonega?
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 8/15 ts. 4-7

Poifo e Tla Fela Leng?

A O NE o ka gakgamalela go utlwa gore polokesego ya mmatota e amana le monna yo o tshedileng dingwaga di feta 2 000 tse di fetileng? Jesu Keresete fa a ne a bontsha kafa go bontsha lerato go tlhokegang ka gone o ne a bolela setshwantsho se se gakgamatsang: “Monna mongwe o kile a tswa Jerusalema a fologela kwa Jeriko; mme a wela mo dinokwaneng; tsa mo rutla diaparo, tsa mo itaya, tsa tsamaya tsa mo tlogela a le gaufi le go swa.” Lefa bafeti ba le babedi ba ne ba tlhokomologa motho yo o tlhasetsweng, Mosamaria mongwe yo o pelontle o ne a mo utlwela botlhoko. Lefa go ntse jalo, gompieno ke mang yo o amegang ka batho ba ba tlhaselwang ke dikebekwa? Re ka solofela go gololwa mo poifong jang?—Luke 10:30-37.

Lefa batho ba le bantsi ba bolela gore ba dumela mo Modimong, ba akanya gore motho ke ene a tshwanetseng go tlhoma molao le go dira gore go nne le tolamo. A mme go dira dikatlholo tse di gagametseng thata tsa kgolegelo kana go dira gore go nne le mapodise a a oketsegileng e bile a duelwa botoka go tla dira gore bokebekwa bo fele? A tota o dumela gore makgotla a a tlhomamisang gore molao o a tshegediwa a tla fedisa dilo tse di jaaka go sa dirisiwe sentle ga diokobatsi, bokebekwa jo bo rulagantsweng le lehuma, mme kafa ba ntse ba leka ka pelo yotlhe go sireletsa ka selekanyo se se rileng? Lefa go ntse jalo, tlala le lenyora la rona la go nyorelwa tshiamo le tla kgotsofadiwa.—Mathaio 5:6.

Pesalema 46:1 e re: “Modimo ke botshabelo jwa rona le thata, thuso e e gaufi thata mo tlalelong.” Re tla bona gore mafoko ano ga se poko e e monate fela.

Jaaka o itse, letsatsi le letsatsi metswedi ya dikgang e bega ka dipolao tse di setlhogo mo dintweng tsa selegae le ditlhaselo tsa ditsuolodi. Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, go setse go tlwaelegile go bolaya bana ba ba sa batliweng kana batho ba ba boneng bokebekwa bongwe. Ke ka ntlha yang fa botshelo bo tsewa motlhofo jaana? Lefa go ka tswa go na le mabaka a a farologaneng a bothubaki jo bo ntseng jalo, go na le lebaka le le lengwe fela le re sa tshwanelang go le tlhokomologa.

Go ya ka Lefoko la Modimo, Baebele, “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” (1 Johane 5:19) E bile tota, Jesu Keresete o ne a bolela gore Satane Diabolo ga se moaki fela mme gape ke “mmolai.” (Johane 8:44) Sebopiwa seno sa semoya se se nonofileng se tlhotlheletsa batho ka ditsela tse di farologaneng mme se rotloetsa koketsego ya gompieno ya thubakanyo. Tshenolo 12:12 ya re: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore tsamaiso eno e e boikepo e tla emisediwa ke “magodimo a maša, le lefatshe le leša, a go tlaa agang tshiamo mo go one.”—2 Petere 3:13.

Kwantle ga tsholofelo eno e e molemolemo ya lefatshe le lesha, re ka thusiwa ke eng gone jaanong?

Pele re batla karabo e e itumedisang ya potso eo, go molemo go gopola gore tota le Bakeresete ba mmatota ba ka se ka ba tlhomamisa gore ba tla sirelediwa mo bokebekweng. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa dikotsi dingwe tse ene a neng a lebana le tsone. O ne a nnile “mo poitshegong ya dinokwane, le mo poitshegong ya ba [gabone], le mo poitshegong ya Baditšhaba, mo poitshegong mo motseng, mo poitshegong mo nageng, mo poitshegong mo lewatleng.” (2 Bakorinthe 11:26) Lefa go ntse jalo Paulo o ne a falola dikotsi tseno. Go ntse fela jalo le gompieno; fa re le kelotlhoko, re santse re ka dira ditiro tsa rona ka tlwaelo fela. A re tlhatlhobeng dilo dingwe tse di tla thusang.

Fa motho a nna mo tikologong e e kotsi, go itshwara sentle go ka sireletsa, ka gonne batho ba ela ba bangwe tlhoko thata. Lefa dirukutlhi di rulaganya ditiro tsa bokebekwa di bo di di dira, bontsi jwa bone ba ipona e le batho fela ba ba tlwaelegileng. Tila go kgala seo ba se dirang, gape o se ka wa leka go batlisisa gore ba dira eng. Ka go rialo o ka tila gore ba se ka ba ipusolosetsa mo go wena. Gakologelwa gore magodu a leka go itse gore ke mang yo o rekileng sengwe se sesha kana ke bomang ba ba tsayang leeto ba ba tla bong ba seyo mo magaeng a bone, ka jalo nna botlhale ka se o se bolelelang ba bangwe.

Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba fitlhetse gore go itsege ga bone jaaka badiredi go dira gore ba sireletsege fela thata. Gantsi dikebekwa di ile tsa bontsha gore di tlotla Bakeresete ba ba ntseng jalo, bao ba ineelang gore ba thuse batho mo setšhabeng, ba sa tlhaole. Basupi bone ga se babolai kana magodu, le gone ga ‘ba itsenye mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe,’ ka jalo ga ba kotsi.—1 Petere 4:15.

Polokesego mo Lefatsheng la Modimo le Lesha

Re tlhoile ‘go ntsifala ga boikepo’ jaaka Jesu Keresete a boleletse pele ka gone, mme lefa go ntse jalo go na le gore re tlhobaele mo go feteletseng, re ka tlhomamisa gore go ise go ye kae Modimo o tla fedisa tsamaiso eno e e boikepo. Mo godimo ga go bolelela pele gore go ne go tla rerwa “Mafoko a a Molemo a, a bogosi” mo lefatsheng lotlhe, Jesu o ne a gakolola balatedi ba gagwe jaana: “Yo o itshokelang bokhutlong, ene yoo o tlaa bolokwa.”—Mathaio 24:12-14.

Re ka tlhomamisa gore batho ba ba tlhaselang ba bangwe, ka dinako tse dingwe e le ka bosetlhogo jo bo boitshegang, ba tla fedisiwa. Diane 22:22, 23 ya re: “O se ka wa thukhutha mohumanegi, ka go bo e le mohumanegi, le gone o se ka wa re o le kwa kgotleng wa bogisa yo o patikegang. Gonne Jehofa o tlaa ba ganelela, o tlaa thopa botshelo jwa bone ba ba ba thopang.” Jehofa o tla fedisa badirabosula, ba ba jaaka dinokwane, babolai, le ba ba dirang tshokamo ka tlhakanelodikobo. Mo godimo ga moo, ga a kitla a tlhokomologa batho ba ba diretsweng ditiro tseo tsa bokebekwa. O tla busetsa sotlhe se se ba latlhegetseng a bo a dira gore ba itekanele gape mo mmeleng.

Eleruri, bao ba ‘tlogelang bosula ba bo ba dira molemo’ ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng ka go falola sepitla se segolo se se tlang kana ka go tsosiwa mo losong. “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:27-29) Melemo e e ntseng jalo e tla nna teng ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. (Johane 3:16) Mme lefa go ntse jalo botshelo bo tla bo bo ntse jang mo Paradaiseng e e buseditsweng?

Botshelo mo Bogosing jwa Modimo bo tla bo bo itumedisa tota. Jehofa o bolelela pele jaana: “Batho ba me ba tlaa nna mo boagong jwa thagamo, le mo dikagong tse di tlhomameng, le mo mafelong a tapologo le a lodule.” (Isaia 32:18) Batho botlhe ba ba bonang botshelo jo bo sa khutleng ba tla bo ba fetotse botho jwa bone. Ga go na ope yo o tla nnang bosula kana a tlhoka tshiamiso, le gone ga go na ope yo o tla bong a ka tlhaselwa ke motho yo o ntseng jalo. Moperofeti Mika a re: “Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa.” (Mika 4:4; Esekiele 34:28) A bo seo se farologane jang ne le mafelo a gompieno a a kotsi!

[Lebokoso mo go tsebe 6]

NNA KELOTLHOKO

Dikebekwa di le dintsi di dira ditiro tsa tsone ka dinako tsotlhe, di dira gore bokebekwa e nne yone tiro ya bone mo botshelong. Ba ka nna ba dira ka ditlhopha tsa ba le babedi kana bararo, lefa o supiwa ke a le mongwe fela ka tlhobolo. Go ntse go bonala go feta pele gore fa sekebekwa se le sebotlana ka dingwaga se kotsi thata. O ka dira eng fa o tlhaselwa?

Nna o ritibetse gore o se ka wa tshosa legodu—a ka go bolaya ka ntlha ya go tlhoka maitemogelo. Fa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ipolele gore o ene. Lefa go ntse jalo, iketleeletse go neela legodu gotlhe mo le go batlang. Fa o diega, o itsenya thata mo kotsing. Moragonyana ga foo, o ka nna wa bona go se kotsi go kopa gore a go busetse setlankana sa gago sa itshupo kana madi a go palama.

Gantsi sekebekwa ga se lemotshege. Magodu a mangwe ke batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi kana bao go utswa e setseng e le tsela ya bone ya botshelo, ba bangwe ba ipatlela madi a dijo fela. Legale, o se ka wa tsamaya o tshotse madi a mantsi. Tila go tsamaya o senotse dibenya, dipalamonwana tsa gouta, kana ditshupanako tse di turang. Tsamaya o bo o tseye mesepele sentle fela, o sa bontshe go boifa. O se ka wa tlhoma batho matlho jaaka e kete o batla go bona gore ke bomang. Fa go thuntshiwa mo mmileng, itatlhele fa fatshe; diaparo di ka tlhatswiwa morago.—Mongwe yo e neng e le lepodise kwa Rio de Janeiro.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Nna o ritibetse o bo o neele legodu sotlhe se le se batlang. Fa o diega, o tla nna mo kotsing thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela