LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 10/15 ts. 4-7
  • Lefatshe Le go Senang Magodu mo go Lone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le go Senang Magodu mo go Lone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Eo O Ucwileñ A A Se Tlhole A Ucwa”
  • Polokesego mo Lefatsheng Le Lesha la Modimo
  • Poifo e Tla Fela Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ke Eng Fa go Utswa go Ntse go Oketsega Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Leka go Fenya Bokebekwa mo Lefatsheng le le Tlhakatlhakaneng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ke Eng fa go Utswa go le Phoso?
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 10/15 ts. 4-7

Lefatshe Le go Senang Magodu mo go Lone

GO NE ga diragala ka bonako thata. Monna mongwe yo o neng a apere sentle o ne a baya sethunya mo tlhogong ya ga Antônioa fa pele ga ntlo ya gagwe kwa São Paulo, kwa Brazil, a batla dinotlolo le dipampiri tsa koloi ya gagwe, mme a tsaya koloi ka bonako a tsamaya ka yone.

Kwa Rio de Janeiro, banna bangwe ba ba tshotseng dithunya ba ne ba tshwara monna mongwe yo o bidiwang Paulo, morwadie wa dingwaga di le lesome a lebile. Fa ba sena go ya kwa ntlong ya gagwe, magodu a ne a tsena mme a utswa se a neng a se batla, a tlatsa dikoloi tse pedi tsa ga Paulo ka dilo tseo. A ne a tshosetsa mosadi wa ga Paulo gore a tla mmolaya, mme a mo tsaya le modiri wa gagwe go nna batshwarwakananyo a ya kwa lebenkeleng la ga Paulo la dibenyane le le kwa toropong, leo ba neng ba tsaya sengwe le sengwe se se tlhwatlhwakgolo mo go lone. Lefa go ntse jalo, magodu a ne a dira sengwe se se neng se sa lebelelwa ka go letsa mogala moragonyana a bolela gore a tlogetse kae dikoloi.

A bo go utlwisa botlhoko jang ne go tseelwa madi le dilo tse o di diretseng ka thata! Le mororo Antônio mmogo le Paulo ba sa go dira, batho ba bangwe ba ipusolosetsa ba sa latele thulaganyo ya molao. Ba ka nna ba bolaya kana ba golofatsa legodu, kana bone ka bobone ba ka latlhegelwa ke matshelo a bone. Ka sekai, fa mosha mongwe a ne a phamola tshupanako, mosadi mongwe wa kwa Brazil o ne a shakgala mme a ntsha sethunya mo kgetsing ya gagwe a thuntsha legodu, a bo a le bolaya. Diphelelo e ne ya nna dife? O Estado de S. Paulo e bega jaana: “Batho ba ba neng ba bone se se diragetseng ba ne ba baka tsela e mosadi yo o sa itsegeng yoo a neng a dira ka yone, mme go ne go sena ope yo o neng a batla go tlhalosetsa mapodisi gore o lebega jang.” Le mororo Bakeresete ba eletsa go nna mo lefatsheng le le senang magodu, ga ba ipusolosetse jaaka mosadi yoo. E re ka Modimo e le ene a tlileng go otlhaya ba ba senyang, ba tsaya mafoko a a mo go Diane 24:19, 20 a a bolelang jaana tsia: “U se ka ua ichwenya ka ntlha ea badiha boshula; le gōna u se ka ua nna pelotshètlha kaga baikepi: Gonne motho eo o boshula ga a ketla a dihana le tuèlō; le lobōnè loa moikepi lo tla tiñwa.”

Mme ke eng se o ka se dirang fa o tlhaselwa? Sengwe se se diragetseng kwa Rio de Janeiro se bontsha ka moo go leng botlhokwa ka teng go nna o ritibetse. Mokeresete mongwe, yo o bidiwang Heloísa o ne a tsamaya ka bese a ya go tshwara thuto ya Bibela. Banna bangwe ba babedi ba ne ba simolola go thukhutha bapalami. Fa a fitlha fa bese e emang teng koo a neng a tshwanetse go fologa teng, Heloísa o ne a ba bolelela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le gore o ne a ya go tshwara thuto ya Bibela. O ne a ba bontsha Bibela ya gagwe le buka ya go ithuta. Kwantle ga go mo tseela sepe, magodu a ne a mo dumelela go fologa. Lefa go ntse jalo, mopalami yo mongwe ga a ka a dumelelwa go tsamaya. Mokgweetsi o ne a bolela moragonyana ga foo gore ga a ise le ka motlha a ko a bone selo se se ntseng jalo.

Regina le ene o ne a nna a ritibetse fa banna ba babedi ba ba tshotseng dithunya ba ne ba mo laela gore a tsene mo koloing ya gagwe. Regina o ne a supa kopi ya gagwe ya makasine wa Tsogang!, a bo a neela bosupi. E re ka magodu ano a ne a tsenwe ke letshogo, o ne a ba kopa gore ba bule khabinete ya koloi moo a neng a baya dimonamone teng. Mme fa ba bona dikhasete tsa Kingdom Melodies, ba ne ba simolola go reetsa mmino. Ka go bo seemo e ne e le se se botsalanonyana, magodu a ne a swetsa go tlogela Regina mo tseleng e kgolo ba sa mo utlwisa botlhoko, ba mo tlhomamisetsa gore go tla tla motho yo o pelonomi yo o tla mo thusang. Fa a sena go tsamaya sebaka sa metsotso e le lesome, o ne a bona ntlo, mme mong wa ntlo o ne a sa batle go dumela kgang ya gagwe, a bolela jaana: “Ga o bonale jaaka motho yo o neng a tlhasetswe; o ritibetse thata.”

Lefa motho a sa utlwisiwa botlhoko mo mmeleng, go diragalelwa ke selo se se tshosang jalo go baka diphelelo tse di masisi. ‘Motho yo o tlhasetsweng a ka nna a ikutlwa a sa babalesega, a ila maloko a lelapa kana batho ba ba lekang go mo thusa, a sa kgone go ikanya batho ba bangwe, a tlhoile go rulaganya dilo, a na le boikutlo jwa gore lefatshe ga le a siama,’ go bega jalo O Estado de S. Paulo. Go farologana le seo, motlhaselwa yo o ikanyang Jehofa Modimo a ka kgona go falola tiragalo eo a sa utlwa botlhoko mo mmeleng le mo maikutlong. Lefa go ntse jalo, a ga o dumele gore go tlile go nna monate tota fa go sa tlhole go na le bokebekwa kana sengwe le sengwe fela se se boifisang?

“Eo O Ucwileñ A A Se Tlhole A Ucwa”

Le mororo batho ba bantsi ba rata go tshela ka tsela ya bone ya bogagapa, Lefoko la Modimo le ile la thusa magodu gore a fetole dikeletso tsa bone le botho jwa bone. (Baefesia 4:23) Ka go bo ba na le dilo tsa mmatota tse ba di tshelelang tse di thailweng mo Bibeleng, ba tsaya tsia mafoko a a bolelang jaana: “Bonnye, ha bo na le tshiamō, bo molemō bogolo go dibapalō tse dikgolo, ha di sena tshiamō.” (Diane 16:8) Cláudio o anela jaana: “Mo e ka nnang maloko otlhe mo lelapeng la gaetsho e ne e le Basupi, mme lefa go ntse jalo ga ke ise le ka motlha ke ko ke reetse se ba neng ba se bua kaga Jehofa le maikaelelo a gagwe. Fa ke ne ke boa kwa loetong lwa [dikilometara tse di ka nnang 2 000] ke palame teraka e nnye e e utswitsweng, ke ne ka tshwanelwa gore ke fete mafelo a mantsi ao mo go one mapodisi a phuruphutsang teng. Ka nako eo ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse gore ke fetole botshelo jwa me. Nkile ka leka go bo fetola mo nakong e e fetileng mme ke ne ka se ka ka atlega. Mo lekgetlong leno ke ne ka simolola go akanya ka ba lelapa la gaetsho ba e leng Basupi ba ga Jehofa le ka moo ba farologaneng ka teng, ba ipela, ba itumetse, e bile ba na le kagiso.” Ka ntlha ya seno, Cláudio o ne a simolola go ithuta Lefoko la Modimo, a tlogela diokobatsi le ditsala tsa gagwe tsa pele, mme a nna modihedi wa Mokeresete.

Ba bangwe le bone ba tsaya mafoko ano tsia: “Lo se ka loa ikanya patikō, lo bo lo se ka loa thetha ka bogodu.” (Pesalema 62:10) Fa a sena go atlholelwa go nna mo kgolegelong ka ntlha ya go leka go bolaya motho ka nako ya fa a thukhutha, José, yo o neng a tshwakgotswe ke diokobatsi e bile a rekisa diokobatsi, o ne a solegelwa molemo ka go ithuta Bibela le mogatsakgaitsadie. O ne a tlogela go dirisa diokobatsi le go di rekisa mme gone jaanong ke Mosupi yo o tlhoafetseng.

Lefa go ntse jalo, botho jo bosha ga bo tle fela ka bonako kana ka kgakgamatso. Oscar, yo o kileng a bo a dirisa diokobatsi e bile a utswa, o anela jaana: “Ke ne ka rapela Jehofa ka tlhoafalo mo e leng gore bodilo bo ne bo bonala e kete ke sedibana se sennye ka ntlha ya dikeledi tsa me tse dintsi.” Ee, kwantle ga go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, go tlhokega thapelo e e tswang pelong ka metlha. Ela tlhoko kafa go leng botlhale ka teng go nna le pono eno ka thapelo: “U se ka ua nnaea khumanègō leha e le khumō; nkotla ka diyō tse di ntekanyeñ: Nka tla ka kgora me ka gu itatola ka re, Yehofa e mañ? kgotsa ha ke humanegile, nka tla ka ucwa, me ka diha leina ya Modimo oa me matlhapa.”—Diane 30:8, 9.

Bopelotshetlha bo tshwanetse go emisediwa ka lorato lwa boammaaruri: “Eo o ucwileñ a a se tlhole a ucwa: me bogolo a a dihè, se se molemō ka diatla tsa gagwè, gore a tlè a dihanè le se o ka se naeañ eo o tlhōkañ.” (Baefesia 4:28) Fela jaaka a dirile ka Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga bao pele e neng e le ‘magodu kana batho ba ba bogagapa,’ Jehofa, o dirisa thekololo ya ga Jesu Keresete, ka kutlwelobotlhoko go itshwarela ba ba ikwatlhayang. (1 Bakorintha 6:9-11) A bo go gomotsa jang ne go itse gore lefa re ka tswa re ne re dirile eng mo nakong e fetileng, re ka kgona go fetola tsela e re tshelang ka yone mme ra amogelwa ke Modimo!—Yohane 3:16.

Polokesego mo Lefatsheng Le Lesha la Modimo

A ko o akanye fela ka lefatshe le mo go lone go senang magodu. O ka se tlhoke thulaganyo ya molao e e jang madi a mantsi ya baatlhodi, babueledi, mapodisi le dikgolegelo! E tla nna lefatshe le lentle le mo go lone mongwe le mongwe a tla bong a tlotla ba bangwe le dilo tsa bone! A seno se bonala e se boammaaruri? A tota Modimo o tla tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa batho mme a fedise boikepo? Re go laletsa gore o tlhatlhobe bosupi jwa gore Bibela ke Lefoko la Modimo le gore dipolelelopele tsa yone di boammaaruri. O tla bona dilo tse di tlhomameng tse di tla dirang gore o dumele gore go tla nna le phetogo. Ga go na ope yo o tla kgoreletsang Modimo go tlisetsa batho ba ba ratang tshiamo kgololesego eno e a e solofeditseng: “U se ka ua ichwenya kaga badiha boshula; le gōna u se ka ua nna pelotshètlha kaga ba ba dihañ tshiamololō. Gonne ba tla akoha ba sègwa yaka boyañ, ba tla shwaba yaka morōgō o motala.” (Pesalema 37:1, 2) Mafoko ao a a kwadilweng bogologolo a tla tloga a diragadiwa ka botlalo.

Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa masetlapelo le tshiamololo, tse di dirang gore go nne le boitlhobogo le go sa tlhomamang go go seng kana ka sepe. Ga go na ope yo o tla bong a tlhoka, a ikutlwa a patelesega go utswa. Re tlhomamisediwa jaana mo boperofeting jono: “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba: louñō loa aōna lo tla ebelèga yaka Lebanona [wa bogologolo]: me ba e leñ ba motse ba tla kgaba yaka boyañ yoa lehatshe.” (Pesalema 72:16) Eleruri, mo Paradaiseng eo e e tsosolositsweng, ga go na sepe se se tla kgoreletsang kagiso ya batho ba ba itseng Modimo wa boammaaruri e bile ba o obamela.—Isaia 32:18.

A bo eo e tla bo e le tuelo e e molemo jang ne ya go tila ditsela tse di bogagapa tsa lefatshe leno! Diane 11:19 e bolela jaana: “Eo o nitameñ mo tshiamoñ o tla hitlha kwa botsheloñ: me eo o latèlañ boshula o diha yalo go tla a inaea losho.” Ee, fa batho ba ba bosula ba sena go kgaolwa, ga go na ope yo o tla bong a na le lebaka la go boifela botshelo jwa gagwe kana dilo tsa gagwe. Pesalema 37:11 e re solofetsa jaana: “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a mangwe a fetotswe.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

Se O ka Se Dirang Mabapi le Bogodu

KWA GAE—E re ka magodu a ka nna a tsena mo ntlong ya gago o ntse o le teng kana o seyo, nna o tswetse mabati e bile o a lotletse. Baitse ba akantsha gore o nne le dialamo kana ntša e e disang. Itsise moagisani yo o ikanyegang fa o tla bo o ile malatsing a boikhutso. Nna o ritibetse—magodu a dira dilo ka bonako, go sa lebelelwa, mme ba ka fetola maikaelelo a bone ka bonako fela fa ba ka tsenwa ke letshogo. Fa e le gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, itlhalose mme o leke go neela bosupi. O ka nna wa ba tlhotlheletsa go nna botsalano kana go nna kutlwelobotlhoko. O se ka wa lwa fa e se fela fa ba tlhasela wena ka namana.

MO MAFELONG A BOTLHE—Nna kelotlhoko go bona gore a go na le mongwe yo o go setseng morago. Tsamaya mo gare ga tselanathoko. Tila mebila e e lefifi e go sa tsamayeng batho mo go yone. Boloka sepatšhe sa gago kana dilo tse di tlhwatlhwakgolo di bolokesegile. Tsamaela ka bonako e kete o ya gongwe. Tila go apara diaparo tse di jang madi a mantsi le dibenyana tse di tlhwatlhwakgolo. Fa o ya go reka tsamaya le mongwe fa maemo a dumela. Tshwara fela madi a o tla a dirisang, a tsenye mo dipateng tse di farologaneng kana mo mafelong a a farologaneng.

MO KOLOING—Fa e le gore “go tseelwa koloi” ke selo se se tlwaelegileng mo lefelong le o nnang kwa go lone, o se ka wa nna mo koloing ya gago fa e eme. Fetola tsela e o tsamayang ka yone fa o ya le fa o boa kwa tirong. Tsaya tsela e e babalesegileng thata, lefa e ka nna telelenyana. Pele ga fa o emisa koloi, lebaleba go bona gore a ga go na sepe se se bonalang se belaetsa. Tila go bula butu mo mafelong a go sa tsamayeng batho mo go one. O se ka wa tlogela dilo tse di tlhwatlhwakgolo di bonala mo koloing. Ketane e e lotlelang kana sengwe se se thibelang magodu di ka kgoba magodu a a utswang ka sewelo marapo.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

“Se iphutheleñ dikhumō mo lehatshiñ, kwa motoutwana o senyañ gōna le morodu, le kwa magodu a phunyetsañ go ucwa gōna. Me iphutheleñ dikhumō kwa legodimoñ, kwa motoutwana o sa senyeñ gōna leha e le morodu, le kwa magodu a sa phunyeñ leha e le go ucwa gōna.”—Mathaio 6:19, 20

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela