Lefufa le Batlile le Senya Botshelo Jwa Me
LEFUFA le ne la simolola go nkama mo go maswe fa ke ne ke nyalana le monna wa me wa bobedi, Mark.a Ka bobedi jwa rona, re ne re tshwanelwa ke go dirisana le bao re neng re nyalane le bone pele le go tlhokomela bana ba le mmalwa ba re neng re sa ba kopanela. Ka dinako tse dingwe boemo bo ne bo nna thata go ka bo itshokela. Nako le nako fa go nna le kgotlhang mo lelapeng, go ne go lebega e kete Mark o ne a sa eme le nna. Ke ne ka simolola go akanya gore o ne a santse a rata mosadi wa gagwe wa pele. Go na le gore ke laole lefufa la me, ke ne ka le letla gore le laole botshelo jwa me. Ke ne ke ikutlwa ke le mo kotsing nako le nako fa mosadi wa ga Mark wa pele a le teng.
Ke ne ke nna ke tlhomile Mark matlho, ke lebelela le gore matlho a gagwe a lebile kae. Ke ne ke akanyetsa melebo ya gagwe dilo tse tota di neng di seo. Ka dinako tse dingwe ke ne ke mo latofatsa re lebane sefatlhego gore o santse a ratana le mosadi wa gagwe wa pele. Ka lekgetlho lengwe o ne a tshwenngwa ke seno thata mo e leng gore o ne a emelela a tsamaya re le mo kopanong ya Bokeresete. Ke ne ka ikutlwa ke le molato fa pele ga Jehofa. Ke ne ke dira gore botshelo jwa lelapa la me bo nne bosula ka gonne kgabagare bana le bone ba ne ba amega. Ke ne ke itenegela ka ntlha ya se ke neng ke se dira, mme lefa go ntse jalo lefa ke ne ke leka ka thata jang, ke ne ke sa kgone go laola lefufa la me le e seng.
Go na le gore Mark a nthuse, o ne a simolola go ipusolosetsa. Fa ke mo latofatsa, o ne a tle a nkomanye a re, “Lefufa, o a bo o fufega.” O ne a bile a lebega a dira ka bomo fela gore ke fufege. Gongwe o ne a akanya gore seno se ne se tla fedisa lefufa la me, mme go na le moo go ne go dira fela gore dilo di nnele maswe kwa pele. O ne a simolola go leba basadi ba bangwe, a bo a bua kafa ba leng bantle ka teng. Seno se ne sa dira gore ke ikutlwe ke le kwa tlase le go feta e bile ke sa batliwe. Go ne ga fitlha mo goreng boikutlo jo bongwe—kilo—bo tlhagelele ka tsela e e bosula. Ka nako eo, ke ne ke tlhakatlhakane maikutlo mo e leng gore ke ne ke batla fela gore ke kgaogane le ene le lelapa la gagwe.
Fa Baebele e bolela gore “lefufa ke podiso ya marapo,” e bua boammaaruri tota. (Diane 14:30, NW) Botsogo jwa me jaanong bo ne jwa simolola go amega. Ke ne ka simolola go nna le dintho mo mpeng tse di neng di tsaya lobaka go fola. Ke ne ka tswelela pele ke itshulafaletsa botshelo ka go belaela sengwe le sengwe fela se Mark a neng a se dira. Ke ne ke a tle ke phuruphutshe dikgwatlha tsa gagwe, mme fa nka fitlhela nomore ya founu, ke ne ke founela kwa nomoreng eo go bona gore e tla arabiwa ke mang. Mo pelong ke ne ke swabela se ke neng ke se dira, e bile ke ne ke a tle ke lele ka go tlhabiwa ke ditlhong fa pele ga Jehofa. Lefa go ntse jalo ke ne ke sa kgone go tlogela. Ke ne ke itlhoile go feta batho botlhe.
Ke ne ka amega thata semoyeng ka ba ka simolola go palelwa ke go rapela. Ke ne ke rata Jehofa e bile ke batla tota gore ke dire se se tshwanetseng. Ke ne ke itse ditemana tsotlhe tse di amang banna le basadi ba ba nyalaneng, mme ke ne ke sa kgone go di dirisa. Ke ne ke sa tlhole ke batla go tshela, e le la ntlha mo botshelong jwa me ke akanya jalo, lefa ke ne ke na le bana ba bantle.
Bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete ba ne ba nkgothatsa tota mme ba leka thata go nthusa. Mme lefa go ntse jalo fela fa ba umaka kgang ya gore ke a fufega, ke ne ke ganetsa seo ka gonne ke tlhabiwa ke ditlhong, ke sa batle go dumela gore ke na le bothata jo bo ntseng jalo.
Kgabagare, botsogo jwa me bo ne jwa nna maswe mo ke neng ka tshwanelwa ke go tsena mo sepatela gore ke ariwe. Fa ke ntse ke le koo ke ne ka lemoga gore botshelo bo ne bo ka se ka jwa tswelela pele ka tsela eo. Nna le Mark re ne ra dira tshwetso ya gore re kgaogane ka dikgwedi di le tharo gore re tlhatlhobe boemo jwa rona re sa kukega maikutlo thata. Mo nakong eno go ne ga diragala sengwe se se molemo ruri. Go ne ga tlhaga setlhogo mo makasineng wa Tsogang! se se reng “Go Thusa Bana Ba Ba Rweleng Maikarabelo a Bagolo Bao Batsadi ba Bone Ba Tshwakgotsweng Ke Bojalwa.”b
O a bona, mmè o ne a tshwakgotswe ke bojalwa. Lefa gone batsadi ba me ba ne ba sa ntshware makgwakgwa, ba ne ba se ke ba bontshana lorato ka go tshwarana lefa e le go lo bontsha nna. Ga ke gakologelwe mmè a kile a ntshwara a ntlamparetse kana a mpolelela gore o a nthata. Ka jalo tota ke godile ke sa itse go bontsha lorato, kana go bontshiwa lorato, se le sone se leng botlhokwa.
Gantsi mmè o ne a mpolelela kafa ntate a ratanang le basadi ba bangwe ka teng le gore o ne a ka se ka a mo tshepa. Ka jalo ke akanya gore ke godile ke sa tshepe banna ka kakaretso. Ka ntlha ya tsela e ke neng ke godisitswe ka yone, ke ne ke tlhola ke ikutlwa ke se motho wa sepe fa ke bapisiwa le batho ba bangwe, bogolo jang basadi. Go bala setlhogo seo sa Tsogang! go ne ga nthusa go lemoga kafa dilo tseno di leng botlhokwa ka gone. Ke ne ka simolola go tlhaloganya e le la ntlha gore bothata jwa me jwa go fufega bo tswa kae.
Ke ne ka bontsha monna wa me e bong Mark setlhogo seo sa Tsogang! mme le ene go ne ga mo thusa gore a ntlhaloganye botoka. Go ise go ye kae nna le ene re ne ra kgona go latela kgakololo e Baebele e e neelang banyalani ba ba akanyang go kgaogana. Re ne ra boelana. (1 Bakorinthe 7:10, 11) Jaanong lenyalo la rona le botoka thata go feta ka nako epe e e fetileng. Re dira bontsi jwa dilo mmogo, bogolo jang tse di amanang le ditiro tsa Bokeresete. Mark o pelotlhomogi go feta pele. O mpolelela mo e batlileng e le letsatsi le letsatsi gore o nthata go le kana kang, mme jaanong tota ke a mo dumela.
Nako le nako fa ke itse gore re tlile go kopana le mosadi wa ga Mark wa pele, ke rapela Jehofa gore a nnonotshe, ke mo kopa gore a nthuse gore ke itshware jaaka Mokeresete yo o godileng. Mme go a thusa. Tota le go mo tlhoa go a fela. Jaanong ga ke tlhole ke akanya dilo tse di bosula fela kana ke letla dikakanyo tsa me gore di mphekeetse.
Ke santse ke a tle ke ikutlwe ke fufega ka tsela e e sa tshwanelang. Botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng la Modimo le lesha ke jone fela bo tla le fedisang gotlhelele mo go nna. Ga jaanong, ke ithutile go laola lefufa, go na le go le letla gore lone le ntaole. Ee, lefufa le batlile le senya botshelo jwa me, mme ka thuso ya ga Jehofa le mokgatlho wa gagwe, jaanong ke motho yo o itumetseng go feta pele, le botsogo jwa me bo boile bo siame jaanong. Ke na le kamano e e nonofileng gape le Modimo wa me Jehofa.—E neetswe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Leina le fetotswe.