Pego ya Baboledi ba Bogosi
Ba e Neng e le Baba Pele ba Direla Jehofa ka Kutlwano
“KE NE ka utlwa la ntlha ka Basupi ba ga Jehofa fa ke ne ke le lesole kwa Bosnia,” go tlhalosa jalo Branko.a
Branko o ne a disitse kwa bookelong jo batho ba ba neng ba gobetse ba neng ba alafelwa kwa go jone. Mongwe wa dingaka o ne a ithuta Baebele le Basupi, mme ka nako nngwe fa a ne a bereka bosigo, o ne a tlhalosetsa Branko ka seo a se ithutileng ka Baebele.
Seo Branko a neng a se utlwa mo bosigong joo se ile sa mo tlhotlheletsa thata gore ka yone nako eo a tlogele go dirisa dibetsa. O ne a ikgolaganya le Basupi, ka gonne a ne a batla go ithuta mo go oketsegileng. Mme e ne ya re moragonyana, a sena go fudugela kwa nageng e nngwe ya Yuropa, Branko o ne a senka Holo ya Bogosi mme a ya kwa pokanong ya phuthego ya kwa Yugoslavia ya Basupi ba ga Jehofa. Ke koo Branko a neng a kopana le Slobodan teng.
Slobodan le ene o ne a tswa Bosnia mme e ne e le moithaopi mo ntweng e Branko a neng a le mo go yone—mme fela a le mo setlhopheng se ba neng ba lwa naso. Slobodan o ne a lwela Ba-Serbia kgatlhanong le Ba-Croatia. Ka nako ya fa bobedi jono bo kopana, Slobodan e ne e setse e le Mosupi wa ga Jehofa yo o kolobeditsweng. O ne a ithaopela go ithuta Baebele le Branko, yo o kileng a bo e le mmaba wa gagwe. Fa thuto e ntse e tswelela Branko o ne a ithuta go le gontsi ka Jehofa, mme lorato lwa gagwe mo Modimong le ne le gola. Seno se ne sa tlhotlheletsa Branko gore a neele Mmopi botshelo jwa gagwe. Ka October 1993 o ne a bontsha boineelo jwa gagwe ka go kolobediwa mo metsing.
Go tlile jang gore Slobodan e nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? O ne a tlogetse ntwa ya kwa Bosnia nakonyana pele ga foo. O ne a badile dikgatiso dingwe tsa Basupi, mme o ne a simolola go kgatlhegela Lefoko la Modimo thata mo tshimologong ya 1992 fa Basupi ba babedi ba ne ba mo etetse kwa lelapeng la gagwe. Ke mang yo o neng a etela Slobodan yo o neng a ithaopela go ithuta Baebele le ene? E ne e le Mujo, yo le ene a neng a tswa kwa Bosnia mme a godisitswe e le Momoselema. Fa thuto ya Baebele e ntse e tswelela, Mujo le Slobodan bao pele e neng e le baba, ba ne ba fetsa nako e ntsi ba le mmogo ka metlha ba nonotshana tumelo.
Ntwa ya kwa e neng e le Yugoslavia pele e bolaile makgolokgolo a batho. Mme Branko, Slobodan le Mujo jaanong ba direla jaaka bareri ba nako e e tletseng ba mafoko a a molemo mo phuthegong e le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa. Ba ile ba fenya bothata jwa dikgotlhang tsa lotso le bomorafe, mme gone jaanong ba batla kagiso ba ntse ba ikokobeletsa Mmopi, Jehofa.
Tota ke eng se se neng sa dira diphetogo tseno? E ne e le ka ntlha ya go rata ga bone Jehofa, go tlotla ga bone Baebele le go tlhoafalela go dirisa boammaaruri jwa Baebele mo matshelong a bone. Go ntse fela jaaka fa Dikwalo Tse di Boitshepo di re, “gonne lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga . . . mme le tlhabe le ye go kgaoganya pelo le mowa.”—Bahebere 4:12.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go dirisitswe maina a a itlhametsweng.