Ditshwanelo Tsa Botho Tsa Batho Botlhe—Selo Se se Ka Diregang mo Lefatsheng Lotlhe!
MMUELEDI mongwe yo o nang le maitemogelo wa ditshwanelo tsa botho o ne a bodiwa jaana: “Ke eng se se bakang go gatakwa ga ditshwanelo tsa botho jaana?” Mmueledi yono o ne a araba jaana: “Ke bopelotshetlha. Go eletsa maatla a dipolotiki le ikonomi ka bopelotshetlha.” Mme e re ka bopelotshetlha jono bo tswa mo tlhaloganyong ya motho, kwa bofelong go gataka ditshwanelo tsa botho go bontsha boemo jwa motho jwa mogopolo. Lebaka le lengwe gape ke boratanaga. Filosofi ya gore naga ya me ke yone e e tlang pele ke yone e gakatsang go gatakwa ga ditshwanelo tsa botho. Porofesa mongwe wa Mo-Dutch wa tsa molao le ikonomi e bong Jan Berkouwer, o bolela gore ditshwanelo tsa botho di tla diragadiwa fela ‘fa go ka nna le puso ya lefatshe e e kgonang go tlhokomela gore molao o a diragadiwa.’
Ka mantswe a mangwe, e le gore ditshwanelo tsa botho di tlotlwe mo lefatsheng lotlhe, bobotlana go na le dilo tse pedi tse di tshwanetseng go diragala pele: go fetola mogopolo le go fetola puso. A go a utlwala go lebelela gore dilo tseno di tla diragala?
Lebaka le le Maphata Mabedi la go Fetoga
Le fa gone Lesome la Dingwaga la go Ruta ka Ditshwanelo Tsa Botho la lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tsena mo ngwageng wa lone wa botlhano, thulaganyo nngwe ya thuto ya boditšhabatšhaba, e e seng ya puso e ntse e kgona go fetola megopolo ya dimilione tsa batho ka masomesome a dingwaga. Ka ntlha ya yone, batho bano jaanong ba tlotla batho ba bangwe. Thulaganyo eno, e e dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa, e dira mo dinageng di feta 230. Ke ka ntlha yang fa e atlega?
Lebaka le lengwe ke gore thulaganyo eno ya go ruta Baebele lefatshe ka bophara e thusa batho go tlhaloganya gore ditshwanelo tsa botho di simologile kae. Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Botho a bolela gore motho o na le ditshwanelo ka gonne a kgona go akanya le go itshwara sentle.
Motho o tshwanetse a bo a bone bokgoni jwa gagwe jwa go akanya le go nna le segakolodi go tswa kwa motsweding mongwe o o kwa godimo. (Bona lebokoso la “Motswedi wa Ditshwanelo Tsa Botho,” mo tsebeng ya 13.) Go lemoga motswedi ono o o kwa godimo, wa bomodimo, go neela motho lebaka le le nonofileng la go tlotla batho ba bangwe. Jaanong o tshwara batho ba bangwe ka seriti e seng fela ka gonne o tlhotlhelediwa ke segakolodi sa gago go dira jalo, mme sa botlhokwa thata, ka go bo go tlotla Mmopi le go mo rata go go tlhotlheletsa go tshwara popo ya gagwe ka seriti. Mokgwa ono o o maphata mabedi o theilwe mo mafokong a ga Jesu Keresete: “O tshwanetse go rata Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago” le “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:37-39) Motho yo o tlotlang Mmopi fela thata ga a kitla a gataka ditshwanelo tsa motho yo mongwe ka gonne ke boswa jo bo tswang kwa Modimong. Motho yo o gatakelang ditshwanelo tsa botho tsa ba bangwe o thukhutha ba bangwe boswa jwa bone.
Thuto e e Dirang Diphetogo
Thulaganyo eno ya Basupi ba ga Jehofa ya go ruta batho Baebele e thusa go le kana kang go fokotsa go gatakelwa ga ditshwanelo tsa botho? Tsela e e molemo ya go araba potso eno ke ka go leba se thulaganyo eno e se dirang, ka gonne jaaka Jesu a boletse, “botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.”—Mathaio 11:19.
Mokwalo o o itsegeng mo loboteng lwa United Nations Plaza kwa New York City o balega jaana: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma. Le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang: Morafe ga o kitla o tsholeletsa morafe o mongwe tšhaka. Mme ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” Ka mafoko ano a a nopotsweng mo bukeng ya Baebele ya Isaia kgaolo 2 temana ya 4 go ya ka King James Version, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le bontsha tsela ya konokono ya go fokotsa go gatakelwa ga ditshwanelo tsa botho go go atileng thata—go fedisa ntwa. Ee, jaaka kgatiso nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e tlhalosa, ntwa ke ‘selo se se kgatlhanong le ditshwanelo tsa botho.’
Thulaganyo ya thuto ya Basupi ba ga Jehofa e dira se se fetang fela go kwala mafoko ano a ga Isaia mo lejeng. E “kwala” mafoko a ga Isaia mo dipelong tsa batho. (Bapisa Bahebera 8:10.) Jang? Thulaganyo eno e tlosa dikgoreletsi tsa semorafe le setso mme e diga dipota tsa botšhaba ka go ruta kgopolo ya Baebele ka lotso: E bong gore go na le lotso lo le longwe fela—lotso loomotho. (Ditiro 17:26) Batho ba ba ikwadisitseng mo thulaganyong eno ba nna le keletso ya go ‘nna baetsi ba Modimo,’ yo Baebele e buang jaana ka ene: “Ga o tlhaole, mme mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.”—Baefeso 5:1; Ditiro 10:34, 35.
Ka ntlha ya thuto eno e e theilweng mo Baebeleng, dimilionemilione tsa batho gompieno ga di ‘tlhole di ithuta ntwa gape.’ Megopolo ya bone le dipelo di fetogile. Mme phetogo eno ke ya lobaka lo loleele. (Bona lebokoso la “Go Ruta Kagiso,” mo tsebeng ya 14.) Gone jaanong palogare ya batho ba ba fetang 1000 ka letsatsi, ba fetsa dithuto tsa motheo tse ba di tshwarelwang ke Basupi ba ga Jehofa mme ba nna karolo ya mophato ono wa lefatshe lotlhe wa kagiso.
Phetogo eno ya mogopolo le go tsaya tshwetso ya go tlotla ditshwanelo tsa botho ka go gana go nna le seabe mo ntweng e kgolo go le kana kang? E kgolo tota. Go naya sekai: Boteng jwa tlotlo e Basupi ba nang le yone mo ditshwanelong tsa botho bo ne jwa lekwa mo go botlhoko tota mo nakong ya Ntwa ya Lefatshe II, segolobogolo kwa Jeremane ya Bonasi. Mokwalahisitori e bong Brian Dunn o boletse jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa kopane le Bonasi. Selo se segolo se se neng se dira gore Banasi ba se ba rate e ne e le gore ba itlhaotse mo dipolotiking. Seno se ne se bolela gore go ne go se na modumedi ope yo o neng a tla tshwara dibetsa.” (The Churches’ Response to the Holocaust) Paul Johnson o boletse jaana mo go A History of Christianity: “Ba le bantsi ba ne ba atlholelwa loso ka gonne ba ne ba gana go tsenela bosole . . . , e seng jalo ba ne ba felela ba le kwa Dachau kana kwa magaeng a go tlhokomelwang balwetse ba tlhaloganyo gone.” Le gone moo, ba ne ba ema ba nitame. Moithutaloago e bong Anna Pawełczyńska o tlhalosa Basupi bano jaaka “setlhaketlhake se sennye se se nnang se ntse se le teng mo gare ga setšhaba se se borukhutlhi.”
Akanya fela gore go gatakelwa ga ditshwanelo tsa botho go ne go tla fokotsega thata jang mo lefatsheng lotlhe fa batho botlhe ba ne ba ka dira jalo gompieno mme ‘ba se tlhole ba ithuta ntwa gape’!
Puso ya Lefatshe Lotlhe—A ke ‘Toro Fela’?
Mongwe yo o direlang lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne a re ‘go fetola megopolo ke kgwetlho mme go bopa puso ya lefatshe lotlhe ke Toro fela.’ Mme eleruri, lebaka la go bo ditšhaba di ntse di gana go neela lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kana mekgatlho epe e mengwe bolaodi jwa tsone le tshegetsa ntlha eno. Le fa go ntse jalo, Porofesa Berkouwer o bolela gore ba ba reng kgopolo ya puso ya lefatshe lotlhe e ka se kgonege “ba tshwanetse ba kaya gore ke eng se sengwe se se ka rarabololang mathata a lefatshe. Le fa go ntse jalo, ga go na se sengwe se se ka a rarabololang.” Ka mantswe a mangwe ga go na se sengwe se se tswang mo mothong se se ka a rarabololang. Mme go na le tharabololo nngwe ya maatla a a fetang a motho. Ke efe?
Fela jaaka Baebele e bontsha gore Mmopi ke ene motswedi wa dinonofo tse di bopang ditshwanelo tsa botho, gape e re bolelela gore ke ene motswedi wa puso ya lefatshe lotlhe e e tla tlhomamisang gore di a tlotlwa. Puso eno ya selegodimo ga e bonale mme gone ke selo sa mmatota. Tota e bile, dimilionemilione tsa batho di rapelela puso eno ya lefatshe lotlhe, gongwe e bile ba sa lemoge, fa ba bolela se gantsi go tweng ke Thapelo ya Morena: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Tlhogo ya puso eno ya Bogosi e e tlhomilweng ke Modimo ke Kgosana ya Kagiso, Jesu Keresete.—Isaia 9:6.
Puso eno ya lefatshe lotlhe e tla kgona go bopa setšhaba sa lefatshe lotlhe le se se tla nnelang ruri se ruri se tlotlang ditshwanelo tsa botho ka go fedisa ntwa ka bosakhutleng, gareng ga tse dingwe. Baebele e bolelela pele jaana: “[Mmopi] o khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe; o roba bora, o putlaganya lerumo ka bogare; o fisa dikara tsa tlhabano mo molelong.”—Pesalema 46:9.
Seno se tla diragala leng mo lefatsheng lotlhe? Thulaganyo ya thuto ya Baebele e e neelwang ke Basupi ba ga Jehofa e araba potso eno ka tsela e e kgotsofatsang. Re go rotloetsa gore o itlwaelanye le thulaganyo eno.a Fa e le gore o kgathalela ditshwanelo tsa botho, ga o kitla o swaba.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa o rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga thulaganyo eno ya go ruta Baebele, ikgolaganye le bagatisi ba makasine ono kana Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gaeno. Thulaganyo eno ke ya mahala.
[Lebokoso mo go tsebe 13]
Motswedi wa Ditshwanelo Tsa Botho
Molawana wa Ntlha wa Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Botho o bolela gore “batho botlhe ba tsetswe ba gololesegile e bile ba na le seriti le ditshwanelo tse di lekanang.” Ka jalo ditshwanelo tsa botho di tlhalosiwa e le tshwanelo e motho a nang le yone fa a tsalwa mme e tswa mo batsading e fetela kwa baneng, fela jaaka noka e isetsa ba ba nnang kwa losing lwa noka metsi. Noka eno ya ditshwanelo tsa botho e simolotse kae?
Go ya ka Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Botho, batho ba na le ditshwanelo ka gonne “ba kgona go akanya e bile ba na le segakolodi.” Kgatiso nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e tlhalosa jaana: “Ka gonne motho a kgona go akanya le go itshwara sentle, o farologane le ditshedi tse dingwe tse di mo lefatsheng mme ka jalo o na le ditshwanelo le dikgololesego tse di rileng tse ditshedi tse dingwe di se nang tsone.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka jalo, go kgona go akanya le go nna le segakolodi go bolelwa e le one mabaka a go nna le ditshwanelo tsa botho. Ka ntlha ya seno, motswedi wa go akanya le go nna le segakolodi ke one gape motswedi wa ditshwanelo tsa botho.
Mo go balweladitshwanelo tsa botho ba ba dumelang mo thutotlhagelelong, polelo ya gore ditshwanelo tsa botho di golaganngwa le go kgona go akanya le go nna le segakolodi e baka bothata jo bo tlhakanyang tlhogo. Buka nngwe e e buelelang thutotlhagelelo ya Life Ascending e dumela jaana: “Fa re botsa gore go tlile jang gore tiragalo eno [ya go itlhagela ga dilo fela ka botsone] . . . e dire gore go nne le dinonofo tse di ntseng jaaka go rata dilo tse dintle le boammaaruri, kutlwelobotlhoko, kgololesego, mme mo godimo ga tsotlhe, boikutlo jo motho a nang le jone, re sala re akabetse.” Mme go a tshwanela. Ka gonne, go bolela gore bokgoni jwa motho jwa go kgona go akanya le go nna le segakolodi bo tswa mo bagologolong ba maemo a a kwa tlase ga a batho, ba bone ka bobone ba sa kgoneng go akanya le go nna le segakolodi go tshwana le go bolela gore noka e tswa mo sedibeng se se se nang metsi.
E re ka bokgoni jwa motho jwa go akanya le go nna le segakolodi di ka se tswe mo motsweding wa maemo a a kwa tlase ga a motho, dikgono tseno di tshwanetse tsa bo di tswa mo motsweding wa maemo a a fetang a motho. Ke batho fela ba ba nang le dinonofo tse di golaganngwang le ditshwanelo tsa botho—go kgona go akanya le go nna le segakolodi—ka gonne Baebele e tlhalosa gore go farologana le diphologolo, batho ba bopilwe mo “setshwanong” sa Modimo. (Genesise 1:27) Ka jalo, jaaka buka ya Human Rights—Essays on Justification and Applications e akgela, karabo e e tshwanetseng ya potso ya gore ke ka ntlha yang fa batho ba na le ditshwanelo ke gore “ba botlhokwa fela thata kana ba na le seriti kana ke . . . bana ba Modimo.”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 14]
Go Ruta Kagiso
Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, fa ntwa e ne e gagautla Ba-Balkan, Branko e ne e le modisa wa lesole kwa tliliniking e e neng e le mo karolong ya Croatia ya Bosnia.b Ngaka ya mo lefelong leo e ne e ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mme bosigo bongwe e ne ya umakela Branko se e se ithutileng mo thutong ya gagwe. Se Branko a neng a se utlwa se ne sa mo tlhotlheletsa gore a latlhe dibetsa tsa gagwe. Nakonyana morago ga moo, fa a se na go fudugela kwa nageng e nngwe kwa Yuropa, Branko o ne a nna teng kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa, mme a kopana le Slobodan teng koo.
Slobodan le ene o ne a tswa kwa Bosnia. Le ene o ne a le mo ntweng yone e Branko a neng a le mo go yone—mme fela o ne a le mo kampeng e e neng e lwantshana le ya bone. Slobodan o ne a le kafa letlhakoreng la Ba-Serb a lwa le Ba-Croatia. Ka nako ya fa bobedi jono bo kopana, Slobodan e ne e setse e le Mosupi wa ga Jehofa mme o ne a ithaopela go ithuta Baebele le Branko, yo o kileng a bo e le mmaba wa gagwe. Fa thuto e ntse e tswelela, lorato lo Branko a neng a na le lone go Mmopi Jehofa, lo ne lwa gola. Go ise go ye kae a swetsa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.c
Slobodan le ene ka boene o ne a nna mongwe wa Basupi ka thuso ya yo o kileng a bo e le mmaba wa gagwe. Jang? Morago ga gore Slobodan a tswe kwa ntweng kwa Bosnia, o ne a etelwa ke Mujo, yo le ene a neng a tswa kwa Bosnia mme ene o ne a goletse mo bodumeding jo bo farologaneng gotlhelele le jwa ga Slobodan. Jaanong Mujo e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Le fa gone e ne e le baba, Slobodan o ne a amogela gore Mujo a ithute Baebele le ene mme morago a tsaya kgato ya go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Ke eng se se tlhotlheleditseng banna bano go fenya letlhoo la bone la setso le le neng le le legolo jaana le go fetoga go tswa mo go nneng baba go nna ditsala? Thuto ya bone ya Baebele, ba ne ba godisa lorato lwa bone go Jehofa. Morago ga moo, ba ne ba iketleeditse go “rutwa ke Modimo gore [ba] ratane.” (1 Bathesalonika 4:9) Jaaka Porofesa Wojciech Modzelewski a lemogile kaga Basupi ba ga Jehofa ka kakaretso, “lebaka la konokono la gore ba nne le boikutlo jwa kagiso jaana ke gore ba latela gone jaanong melaometheo e e boletsweng mo Baebeleng.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
b Maina otlhe a a umakilweng mo lebokosong leno a fetotswe.
c Se se neng sa itumedisa Branko, o ne a utlwa moragonyana gore ngaka e e neng ya bua le ene kwa tshimologong le yone e ne e setse e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
[Ditshwantsho mo go tsebe 11]
Go fetola mogopolo le puso—a go tla tsamaya go direga?
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. National Archives photo
[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]
Thuto e e theilweng mo Baebeleng e fetola mogopolo ka tsela e e molemo