“Tiro E e Sa Bolong go Simololwa e Weditswe”
DINGWAGA di le 50 tse di fetileng, mosadi mongwe yo o neng a lebega a godile o ne a bua mme lefatshe le mo reeditse. Seno se ne sa diragala kwa Paris ka December 10, 1948. Kokoanotheomolao ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne e phuthegetse kwa Palais Chaillot e e neng e sa tswa go agiwa fa mosadi yo e neng e le modulasetilo wa Komishene ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya Ditshwanelo Tsa Botho a ne a ba eme ka lefoko. Ka lentswe le le tiileng, Eleanor Roosevelt, mosadi yo moleele, motlholagadi wa yo o kileng a nna poresidente wa United States e bong Franklin D. Roosevelt, o ne a bolelela ba ba kokoaneng jaana: “Gompieno re mo tshimologong ya tiragalo e kgolo mo botshelong jwa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le mo botshelong jwa batho, e leng go amogelwa ga Kokoanotheomolao ya Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Botho.”
Fa a sena go bala dipolelo tse di utlwalang sentle tse di mo matsenong a Maiphako ano le melawana ya one e le 30, Kokoanotheomolao e ne ya amogela lokwalo lono.a Morago ga moo, go tlotla Mohumagadi Roosevelt ka boeteledipele jwa gagwe jo bo tlhomologileng, maloko a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a ne a opela “Mohumagadi wa Lefatshe,” jaaka ba ne ba mmitsa ka go mo reta, legofi le le sa feleng. Fa letsatsi leo le wela, o ne a kwala jaana: “Tiro e e sa bolong go simololwa e weditswe.”
Go Tswa Dikgopolong Tse Dintsi go ya Maiphakong a le Mangwe
Dingwaga di le pedi pelenyana ga moo, ka January 1947, moragonyana fela ga gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le simolole tiro ya lone, go ne ga bonala sentle gore go kwala melawana e e kaga ditshwanelo tsa botho e e tla amogelwang ke maloko otlhe a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne e tla nna tiro e e seng kana ka sepe. Kwa tshimologong fela, go se dumalane mo dilong di le dintsi ga komishene eno ya maloko a le 18 go ne ga dira gore ba nne le dikganetsano tse di sa feleng. Moemedi wa China o ne a na le maikutlo a gore molawana ono o tshwanetse go akaretsa filosofi ya ga Confucius, leloko la komishene eno la Mokatoliki le ne le buelela dithuto tsa ga Thomas Aquinas, United States e ne e lwela gore go tsenngwe Molaotlhomo wa Ditshwanelo Tsa Botho wa kwa Amerika, fa dinaga tsa Soviet tsone di ne di batla gore go akarediwe dikgopolo tsa ga Karl Marx—mme tseno ke dingwe fela tsa dikgopolo tse di maatla tse di neng di tlhagisiwa!
Go jana ka meno go go sa feleng ga maloko a komishene eno go ne go fedisa Mohumagadi Roosevelt pelo. Ka 1948 fa a ne a bua kwa Paris kwa Sorbonne, o ne a bolela gore o ne a ithaya a re go godisa lelapa la gagwe le legolo go ne go mo lekile go lekane. Le fa go ntse jalo, go begwa gore o ne a bolela gore “go okamela Komishene ya Ditshwanelo Tsa Botho go ne go mo tlhoka gore a nne pelotelele le go feta,” mme bareetsi ba gagwe ba swa ka ditshego.
Le gone moo, go bonala maitemogelo a gagwe jaaka mmè a mo thusitse thata. Ka nako eo, mmegadikgang mongwe o ne a kwala gore tsela e Mohumagadi Roosevelt a neng a tshwere maloko a komishene eno ka yone, e ne e mo gopotsa mmè “yo o tlhokometseng lelapa le legolo la basimane ba ba modumo, ka dinako dingwe ba sa laolege mme fela ba le pelontle, ba nako le nako ba tlhokang go nna ba kgalengwa.” (Eleanor Roosevelt—A Personal and Public Life) Le fa go ntse jalo, ka go nitama mme a tla a nna pelontle, o ne a kgona baganetsi ba gagwe kwantle ga gore a nne mmaba wa bone.
Ka ntlha ya moo, morago ga dingwaga di le pedi go ntse go tshwarwa dipokano, melawana e tlhabololwa ga makgolokgolo, go kwalwa dipolelo di le diketekete mme go boutelwa lefoko lengwe le lengwe le polelwana nngwe le nngwe ka makgetlo a le 1400, komishene eno e ne ya feleletsa e dirile melao e e bontshang ditshwanelo tsa batho tse e dumelang gore di akaretsa banna le basadi botlhe, gongwe le gongwe mo lefatsheng. E ne ya bidiwa Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Botho. Ka tsela eno go ne ga wediwa tiro eo, ka dinako dingwe, e neng e lebega e ka se kgonege.
Go Lebelela Dilo Tse Dikgolo
Gone mme, go ne go sa lebelelwa gore dipota tsa patiko di ne di tla wa ka go gelebetega ga ntlha fela ga lonaka lono. Le fa go ntse jalo, go amogela Maiphako ano a Lefatshe Lotlhe go ne ga tsosa ditebelelo tse dikgolo. Poresidente wa ka nako eo wa Kokoanotheomolao ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, e bong Dr. Herbert V. Evatt wa kwa Australia, o ne a bolelela pele gore “dimilione tsa banna, basadi le bana mo lefatsheng lotlhe, ba ba kgakala thata le kwa Paris le kwa New York, di tla lebelela gore molao ono o ba thuse, o ba kaele, o bo o ba tlhotlheletse.”
Go fetile dingwaga di le 50 fa e sa le Dr. Evatt a bua mafoko ao. Mo nakong eo yotlhe, bontsi jwa batho eleruri bo ne jwa lebelela gore Maiphako ano a ba kaele e bile ba dirisa one go bona gore ba tlotla ditshwanelo tsa botho go le kana kang mo lefatsheng lotlhe. Fa ba ntse ba dira jalo, ba fitlheletseng? A dinaga tse e leng maloko a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng di dira tumalanong le maiphako ano? Boemo ke bofe gompieno ka ditshwanelo tsa botho mo lefatsheng?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dinaga di le 48 di ne tsa amogela maiphako ano, ga go na epe e e neng ya a gana. Le fa go ntse jalo, gompieno dinaga tsotlhe di le 185 tse e leng maloko a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, go akaretsa le tse di neng di ikgogetse morago ka 1948, di amogetse Maiphako ano.
[Lebokoso mo go tsebe 4]
Ditshwanelo Tsa Botho ke Eng?
Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tlhalosa ditshwanelo tsa botho le re ke “ditshwanelo tse re tsetsweng re na le tsone e bile e le tse re sa ka keng ra tshela jaaka batho kwantle ga tsone.” Gape ditshwanelo tsa botho di ile tsa tlhalosiwa e le “puo ya batho botlhe”—e leng tlhaloso e e tshwanetseng tota. Fela jaaka fa go kgona go ithuta go bua puo e e rileng e le nonofo e re tsetsweng re na le yone e e re dirang batho, gape go na le dilo tse dingwe tse re di tlhokang le dinonofo tse dingwe tse re tsetsweng re na le tsone tse di re farologanyang le ditshedi tse dingwe tse di leng mo lefatsheng. Ka sekai, batho ba tlhoka go nna le kitso, go kgona go itlhalosa le bomoya. Motho yo o kganelwang go bona ditlhoko tseno tsa konokono o patelediwa go tshela botshelo jwa bophologolo. Mmueledi mongwe wa ditshwanelo tsa botho o tlhalosa gore, go sireletsa batho gore ba se ka ba amogiwa dilo tseno, “re dirisa mafoko ‘ditshwanelo tsa botho’ go na le ‘ditlhoko tsa batho’ ka gonne ka molao lefoko ‘tlhoko’ ga le na maatla jaaka lefoko ‘tshwanelo.’ Ka go e bitsa ‘tshwanelo’ re dira gore go kgotsofatsa se motho a se tlhokang e nne selo se mongwe le mongwe, ka tshwanelo le ka molao, a tshwanetseng go nna le sone.”
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]
Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Botho
Mokwadi le mofenyi wa Mokgele wa Nobel e bong Aleksandr Solzhenitsyn o ne a bitsa Maiphako ano a Lefatshe Lotlhe a re ke “selo se se molemolemo” se se kileng sa kwalwa ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Go leba ka bokhutshwane fela diteng tsa one go ka thusa go bona gore ke ka ntlha yang fa bontsi bo dumalana le ene.
Maitlhomomagolo a Maiphako ano a kwadilwe mo Molaong wa Ntlha: “Batho botlhe ba tsetswe ba gololesegile e bile ba na le seriti le ditshwanelo tse di lekanang. Ba kgona go akanya e bile ba na le segakolodi mme ba tshwanetse go dirisanammogo jaaka bana ba motho.”
Mo motheong ono, batlhami ba Maiphako ano ba ne ba sireletsa ditlhopha tse pedi tsa ditshwanelo tsa botho. Setlhopha sa ntlha se tlhalositswe mo Molaong wa bo3: “Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya botshelo, kgololesego le pabalesego.” Setlhogo seno se thaya motheo wa ditshwanelo tse motho a nang le tsone tsa boagi le tsa sepolotiki tse di bontshitsweng mo Molaong wa bo4 go ya go wa bo21. Setlhopha sa bobedi se theilwe mo Molaong wa bo22 o, ka bontlhanngwe, o bolelang gore mongwe le mongwe o tshwanetse go newa ditshwanelo “tse a di tlhokang go nna le seriti le go bopa botho jwa gagwe ka kgololesego.” Se tshegetsa Molao wa bo23 go ya go wa bo27, e e tlhalosang ditshwanelo tsa motho mo go tsa itsholelo, setšhaba le setso. Maiphako ano a Lefatshe Lotlhe e ne ya nna one a ntlha a boditšhabatšhaba go tsaya setlhopha seno sa bobedi sa ditshwanelo e le tse di akarediwang mo ditshwanelong tsa konokono tsa botho. Gape e ne ya nna one a ntlha a boditšhabatšhaba go dirisa mafoko “ditshwanelo tsa botho.”
Moithutaloago wa kwa Brazil e bong Ruth Rocha o tlhalosa jaana ka phepafalo se Maiphako ano a Lefatshe Lotlhe a se re bolelelang: “Ga go kgathalesege gore o wa lotso lofe. Ga go kgathalesege gore a o monna kana o mosadi. Ga go kgathalesege gore o bua puo efe, o wa bodumedi bofe, pono ya gago ke efe mo dipolotiking, o tswa kwa nageng efe kgotsa lelapa la gago ke bomang. Ga go kgathalesege gore a o humile kana o humanegile. Ga go kgathalesege gore o tswa kwa karolong efe ya lefatshe; gore a naga ya gaeno ke bogosi kana ke repaboliki. Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le ditshwanelo tseno le dikgololesego tseno.”
Fa e sa le Maiphako ano a Lefatshe Lotlhe a amogelwa, a setse a ranoletswe mo dipuong di feta 200 mme jaanong a dirilwe karolo ya melaometheo ya dinaga di le dintsi. Le fa go ntse jalo, gompieno baeteledipele bangwe ba ikutlwa gore Maiphako ano a tlhoka go kwalwa sesha. Mme fela Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan ga a dumalane le seno. Modiredimogolo mongwe wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o mo nopola a re: “Fela jaaka go sa tlhokege gore Baebele kana Koran di kwalwe sesha, ga go tlhokege gore go tlhabololwe Maiphako ano. Se se tlhokang go fetolwa, ga se mafoko a Maiphako ano a Lefatshe Lotlhe, go na le moo ke boitsholo jwa balatedi ba one.”
Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan
[Motswedi wa Setshwantsho]
UN/DPI photo by Evan Schneider (Feb97)
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Mohumagadi Roosevelt a tshwere Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Botho
[Motswedi wa Setshwantsho]
Mrs. Roosevelt and symbol on pages 3, 5, and 7: UN photo