LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 12/8 ts. 8-11
  • Ditshwanelo Tsa Botho le Diphoso Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshwanelo Tsa Botho le Diphoso Gompieno
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tekatekano go Botlhe?
  • Bana Ba ba Sa Itumeleleng Nako ya Bongwana Jwa Bone
  • Go Tlhopha le go Fetola Bodumedi Jwa Gago
  • Mekwatla e e Botlhoko Mme Madi a Seo
  • Go Tweng ka Kalafi ya Botlhe?
  • Go o Leba go Tswa Kwa Boalong Jwa Bo29
    Tsogang!—1998
  • “Tiro E e Sa Bolong go Simololwa e Weditswe”
    Tsogang!—1998
  • Ditshwanelo Tsa Botho Tsa Batho Botlhe—Selo Se se Ka Diregang mo Lefatsheng Lotlhe!
    Tsogang!—1998
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Pateletsa Batho go Tsena Kereke ya Bone?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 12/8 ts. 8-11

Ditshwanelo Tsa Botho le Diphoso Gompieno

BOSHENG jaana babueledi ba ditshwanelo tsa botho ba dirile namane e tona ya tiro. Sa ntlha, ba ne ba kopanya mekgatlho e e fetang 1000 kwa dinageng di le 60 mo mokgatlhong o o bidiwang Letsholo la Boditšhabatšhaba la go Iletsa Dibomo Tse di Epelwang (ICBL [International Campaign to Ban Landmines]). Morago ga moo, ba ne ba dira gore go saenwe tumalano ya boditšhabatšhaba ya gore dibetsa tseno di ilediwe. Morago ga moo, ICBL le motsamaisi wa yone yo o sa ineeleng, yo e neng e le molweladitshwanelo tsa botho wa Moamerika, e bong Jody Williams, ba ne ba fenya Mokgele wa Kagiso wa Nobel ka 1997.

Le fa go ntse jalo, diphitlhelelo tseno di bua dilo tse di tshosang. Jaaka Human Rights Watch World Report 1998 e akgela, kgang ya go dira gore ditshwanelo tsa botho di dire mo lefatsheng lotlhe e sa ntse e “tlhasetswe.” Mme ga go ka ke ga bewa molato mo bobusaesing jwa dipuso tse di potlana fela. Pego eno e bolela jaana: “Dipuso tse dikgolo di bontshitse bothata jo bogolo jwa go itlhokomolosa ditshwanelo tsa botho fa ditshwanelo tseno tsa botho di kgoreletsana le dikgatlhego tsa ikonomi kana tsa maano a dipuso tseno—e leng selo se e leng bothata kwa Yuropa le kwa United States.”

Mo dimilioneng tsa batho mo lefatsheng lotlhe, go gatakela ditshwanelo tsa botho ke selo se ba ka se kgoneng go se itlhokomolosa. Letsatsi le letsatsi ba sa ntse ba bona go ntsifala ga tlhaolele, lehuma, tlala, pogiso, petelelo, go sotla bana, go dira batho makgoba le dipolao tse di setlhogo. Mo bathong ba ba diragalelwang ke dilo tseno, maemo a a solofeditsweng mo ditumalanong tse dintsintsi tsa ditshwanelo tsa botho ga ba bone a ka direga mo go bone. Tota e bile, mo bathong ba le bantsi, le e leng ditshwanelo tsa motheo fela tse di leng mo melawaneng e le 30 ya Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Botho e sa ntse e le ditsholofelo tse di sa diragadiweng. Ka sekai, akanya ka bokhutshwane kafa dingwe tsa ditshwanelo tse di kwa godimo tse di umakilweng mo Maiphakong ano di dirang ka teng mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi.

Tekatekano go Botlhe?

Batho botlhe ba tsetswe ba gololesegile mme ba na le seriti le ditshwanelo tse di lekanang.—Molawana wa Ntlha.

Molawana o o kwadilweng pelenyana mo Molawaneng ono wa Ntlha wa Maiphako a Lefatshe Lotlhe o ne o bolela jaana: “Batho [men] botlhe . . . ba a lekana.” Le fa go ntse jalo, go tlhomamisa gore polelo eno ga e kitla e tlhaloganngwa gore e raya gore basadi ga ba akarediwe, maloko a basadi mo komisheneng e e neng e kwala molao ono a ne a gatelela gore go fetolwe mafoko a a dirisitsweng mono. Ba ne ba fenya, mme “batho [men] botlhe . . . ba a lekana” e ne ya nna “batho [human beings] botlhe ba a . . . lekana.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mme gone, a go fetola mafoko a a dirisitsweng mo molaong ono go ne ga fetola boemo jwa basadi?

Ka December 10, 1997, Letsatsi la Ditshwanelo Tsa Botho, Mogatsa Poresidente wa kwa United States e bong Hillary Clinton, o ne a bolelela lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng gore lefatshe le sa ntse le “leba basadi e le batho ba maemo a a kwa tlase.” O ne a neela dikai dingwe: Mo bathong ba ba humanegileng thata mo lefatsheng, diperesente di le 70 tsa bone ke basadi. Peditharong ya dimilione di le 130 tsa bana mo lefatsheng ba ba sa tseneng sekolo ke basetsana. Peditharong ya dimilione di le 96 tsa batho ba ba sa itseng go bala le go kwala mo lefatsheng ke basadi. Gape basadi ba sa ntse ba bogisiwa ka thubakanyo ya mo lelapeng le ya tlhakanelodikobo, e go ya ka Mohumagadi Clinton, e sa ntseng e le “nngwe ya go gatakelwa ga ditshwanelo tsa botho go go sa begiweng le go go anameng thata mo lefatsheng.”

Basadi ba bangwe ba tlhaselwa le e leng pele ga ba tsholwa. Segolobogolo kwa dinageng tsa Asia, bommè bangwe ba bolaya barwadi ba bone ba ba iseng ba tsholwe ka go ntsha dimpa ka go bo fela ba rata basimane go feta basetsana. Kwa dinageng tse dingwe go rata basimane go dirile gore go dira diteko tsa go leba gore ngwana e tla nna mong e nne kgwebo e e atlegang. Tliliniki nngwe e e kgonang go leba bong jwa lesea le le iseng le tsalwe e ne ya phasalatsa ditirelo tsa yone ka go bolela gore go botoka go duela diranta di le 228 jaanong ka go ntsha mpa ya ngwana wa mosetsana go na le go duela diranta di le 22 800 tsa bogadi moragonyana. Diphasalatso tse di ntseng jalo di a dira. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa kwa bookelong bongwe jo bogolo kwa Asia e ne ya fitlhela gore diperesente di le 95,5 tsa masea a a iseng a tsholwe a go fitlhelwang e le basetsana a ne a bolawa ka go ntsha mpa. Go rata basimane go anametse le kwa dinageng tse dingwe tsa lefatshe. Fa mongwe yo o kileng a nna mmampodi wa mabole kwa United States a ne a bodiwa gore o nnile le bana ba bakae, o ne a araba jaana: “Mosimane a le mongwe le diphoso di le supa.” Kgatiso nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Women and Violence e bolela gore “go fetola boikutlo le kgopolo ya batho malebana le basadi go tla tsaya lobaka lo loleele—bangwe ba dumela gore, bobotlana go tla tsaya kokomana yotlhe gongwe le go feta.”

Bana Ba ba Sa Itumeleleng Nako ya Bongwana Jwa Bone

Ga go na ope yo o tla dirwang lekgoba kana motlhanka; bokgoba le kgwebo ya makgoba di ileditswe ka mefuta yotlhe ya tsone.—Molawana wa bo4.

Mo pampiring, go dira batho makgoba go fedisitswe. Dipuso di saenile ditumalano di le dintsi thata tse di dirang gore go dira batho makgoba e nne selo se se seng kafa molaong. Le fa go ntse jalo, go ya ka Mokgatlho o o Kgatlhanong le Bokgoba wa kwa Boritane, o o itsegeng e le mokgatlho wa bogologolo wa lefatshe lotlhe wa ditshwanelo tsa botho, “go na le makgoba a mantsi gompieno go feta le fa e le leng pele.” Go dira batho makgoba gompieno go akaretsa ditsela tse di farologaneng tsa go gatakela ditshwanelo tsa botho. Go bolelwa gore go patelela bana go bereka ke mofuta o mongwe wa go dira batho makgoba wa segompieno.

Sekai se sengwe se se hutsafatsang thata ke sa ga Derivan, mosimane mongwe wa kwa Amerika Borwa. ‘Diatlanyana tsa gagwe di kgobogile ke go tshwara matlhare a a magwata a setlhare sa sisale, ditlhalenyana tsa semela se se dirisediwang go dira materase. Tiro ya gagwe ke go phutha matlhare mo bobolokelong le go a isa kwa motšhineng o o a silang o o sekgala sa dikgato di le 300 [dimetara di le 90]. Fa letsatsi lengwe le lengwe la go bereka diura di le 12 le wela, o a bo a tlositse tone ya matlhare. Derivan o simolotse go bereka a na le dingwaga di le tlhano. Gompieno o na le dingwaga di le 11.’—World Press Review.

Ofisi ya Babereki ya Boditšhabatšhaba e lekanyetsa gore bana ba ba ka nnang dimilione di le 250 ba dingwaga tse di mo gare ga di le 5 le di le 14 ba a bereka gompieno—mophato wa babereki ba bannye ba ba batlang ba lekana le baagi ba kwa Brazil le kwa Mexico fa ba kopantswe mmogo! Bontsi jwa bana bano ba ba iseng ba ko ba itumelele nako ya go nna bana, ba dira ka thata kwa meepong, ba goga dilo tse di tletseng magala; ba tsamaya ka bothata mo seretseng kwa thobong; kana ba khubame mo dilogelong ba loga dimmata. Le e leng masea—a dingwaga di le tharo, di le nnè le di le tlhano—ba pataganngwa mmogo ka ditlhophanyana go lema, go jala peo le go ronopa masimo go tloga ka masa go fitlha ka lotlatlana. Rrapolasi mongwe kwa nageng nngwe ya Asia a re: “Bana ga ba ture jaaka diterekere e bile ba botlhale go feta dipholo.”

Go Tlhopha le go Fetola Bodumedi Jwa Gago

Mongwe le mongwe o na le kgololesego ya go akanya jaaka a batla, ya segakolodi le ya bodumedi; tshwanelo eno e akaretsa kgololesego ya go fetola bodumedi jwa gagwe.—Molawana wa bo18.

Ka October 16, 1997, Kokoanotheomolao ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya amogela “pego ya nakwana e e kaga go fedisa mefuta yotlhe ya go se itshokele bodumedi.” Pego eno, e e rulagantsweng ke Mmegi yo o Kgethegileng wa Komishene ya Ditshwanelo Tsa Botho e bong Abdelfattah Amor, e bontsha kafa Molawana wa bo18 o tswelelang pele o tlolwa ka teng. Pego eno fa e bua ka dinaga tse di farologaneng, e ne ya nopola ditiragalo di le mmalwa tsa go ‘tshwarwa makgwakgwa, go tshosediwa, go sotlwa, go isiwa kwa kgolegelong, go tlhatlhelwa, go nyelela ga batho le go bolawa.’

Ka mo go tshwanang, 1997 Human Rights Reports e e rulagantsweng ke Lephata la Temokerasi, Ditshwanelo Tsa Botho le Tiro la kwa United States, e bontsha gore le e leng dinaga tse di sa bolong go latela temokerasi “di senkile go lekanyetsa kgololesego ya ditlhopha tse dinnye tse di nang le ditumelo tse di farologaneng, di di tsaya e le ‘makoko’ fela.” Mokgwa ono o tshwenya fela thata. Willy Fautré, yo o leng poresidente wa mokgatlho wa Brussels wa Ditshwanelo Tsa Botho Tse di se Nang Molelwane o akgela jaana: “Kgololesego ya bodumedi ke sengwe sa dilo tse dikgolo tse di bontshang gore ka kakaretso batho mo setšhabeng sengwe le sengwe ba gololesegile go le kana kang.”

Mekwatla e e Botlhoko Mme Madi a Seo

Mongwe le mongwe yo o berekang o na le tshwanelo ya go duelwa madi a a tshwanetseng le a a lekaneng a a tla mo thusang gore ene le lelapa la gagwe ba tshele sentle ka tsela e e nang le seriti.—Molawana wa bo23.

Batho ba ba segang letlhaka la sukiri kwa Caribbean ba ka nna ba bo ba amogela diranta di le 18 ka letsatsi, mme tlhwatlhwa ya rente le didirisiwa tsa bone di ba imetsa ka molato o mogolo mo go beng ba tshimo e ba e berekang. Mo godimo ga moo, ga ba duelwe ka madi mme ba duelwa ka diboutšhara. Mme e re ka lebenkele la khampani ya polasi eno e le lone fela lebenkele le babereki ba ka fitlhang kwa go lone, ba patelesega go reka oli e e apayang, reise le dinawa mo go lone. Le fa go ntse jalo, lebenkele leno le goga diperesente di le 10 go ya go di le 20 tsa madi a boutšhara eno e le fa ba ba duedisetsa go amogela boutšhara. Bill O’Neill, yo o leng motlatsamokaedi wa Komiti ya Babueledi ba Ditshwanelo Tsa Botho, o boletse jaana mo kgasong ya radio ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng: “Morago ga thobo, ba sala ba se na sepe fela go bontsha gore ba feditse dibeke, dikgwedi ba bereka ka natla. Ga ba na le fa e le sente kwa bankeng mme e bile le yone nako eo ya thobo ba e gogile ka thata tota.”

Go Tweng ka Kalafi ya Botlhe?

Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le dilo tse a di tlhokang tse di ka mo thusang, ene le lelapa la gagwe go nna le boitekanelo le botsogo jo bo siameng, go akaretsa dijo, diaparo, ntlo le kalafi.—Molawana wa bo25.

‘Ricardo le Justina ke balemirui ba ba humanegileng ba kwa Latin America ba ba nnang dimaele di le 50 [dikilometara di le 80] go tswa mo toropong e e gaufi. Fa mosetsanyana wa bone e bong Gemma a ne a lwala, ba ne ba mo isa kwa tliliniking e e seng ya puso e e neng e le gaufi le bone, mme badiri ba tliliniki eo ba ne ba ba busetsa morago ka gonne go ne go bonala sentle fela gore Ricardo o ne a se kitla a kgona go duela madi a a tlhokegang. Letsatsi le le latelang, Justina o ne a adima madi mo baagelaning gore a kgone go duela sepalangwa sa botlhe mme a tsaya loeto lo loleele go ya kwa toropong. Fa Justina le lesea la gagwe ba goroga kwa bookelong jo bonnye jwa puso jo bo kwa toropong, Justina o ne a bolelelwa gore ga go na malao mme a tle gape ka moso. E re ka a ne a se na ba losika mo toropong e bile a se na le madi a go hira kamore, o ne a robala mo tafoleng nngwe kwa marekelong. Justina o ne a tlamparetse ngwana wa gagwe go mo gomotsa le go mo sireletsa, mme ga go a ka ga thusa sepe. Gemma yo mmotlana o ne a swa mo bosigong joo.’—Human Rights and Social Work.

Mo lefatsheng lotlhe, motho a le 1 go ba le 4 o tshela ka diranta di le thataro fela ka letsatsi. Ba lebane le bothata jo bo tshwanang le jwa ga Ricardo le Justina: Maokelo a e seng a puso a teng mme fela ga ba na madi a go a duela, mme maokelo a puso one ba ka kgona go a duela mme ga a yo. Mo go utlwisang botlhoko ke gore le fa gone batho ba ba fetang dimilione di le sekete ba ba humanegileng mo lefatsheng ba na le ‘tshwanelo ya go bona kalafi,’ ba sa ntse ba sa kgone go bona kalafi eo.

Lenaane le legolo la go gatakelwa ga ditshwanelo tsa botho ga le fele. Maemo a a tshwanang le a a boletsweng fa godimo a mantsintsi fela. Le mororo mekgatlho ya ditshwanelo tsa botho e tsere matsapa a makanakana le balwela ditshwanelo tsa botho ba le diketekete ba dirile ka boineelo jo bo kanakana ba baya matshelo a bone mo kotsing gore ba tokafatse boemo jwa banna, basadi le bana mo lefatsheng lotlhe, ditshwanelo tsa botho tsa batho botlhe e tla nna e le toro fela. A di tla tsamaya di nna selo sa mmatota? Ee, di tla nna selo sa mmatota, mme fela go na le dilo di le mmalwa tse di tshwanetseng go fetoga pele. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka di le pedi tsa tsone.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

Courtesy MgM Stiftung Menschen gegen Minen (www.mgm.org)

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 9]

UN PHOTO 148051/J. P. Laffont—SYGMA

WHO photo/PAHO by J. Vizcarra

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela