Epaferodito—Morongwa wa Bafilipi
PAULO o ne a kwalela Bafilipi jaana: “Mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jotlhe; lo tlotle yo o ntseng jalo.” Kwantle ga pelaelo re tla itumela fa molebedi wa Mokeresete a ka bua ka tsela e e molemo jalo ka rona. (Bafilipi 2:29) Mme Paulo o ne a bua ka mang? Mme motho yo o ne a dirile eng gore a bo a buelelwe ka tsela e e lorato jalo?
Karabo ya potso ya ntlha ke Epaferodito. Go araba potso ya bobedi, a re sekasekeng maemo a a ileng a tlhotlheletsa Paulo go kwala mafoko ano.
Mo e ka nnang ka 58 C.E., Bafilipi ba ile ba utlwa gore Paulo o ne a gogetswe ka kwa ntle ga tempele a bo a bediwa ke setlhopha sengwe se se bogale kwa Jerusalema, babusi ba ne ba mo golegile mme morago ga foo, fa ba sa kgone go dira tshwetso ya gore ba tla dirang ka ene, ba ne ba mo rometse kwa Roma a golegilwe ka diketane. (Ditiro 21:27-33; 24:27; 27:1) E re ka ba ne ba tshwenyegile ka gore go diragalang ka ene, ba tshwanetse ba bo ba ile ba ipotsa gore ke eng se ba ka se mo direlang. Ba ne ba sena dithoto e bile ba le kgakala le Paulo, ka jalo ba ne ba ka se ka ba mo thusa go le kalo. Lefa go ntse jalo, lone lorato lo lo ileng lwa tlhotlheletsa Bafilipi gore ba mo eme nokeng mo bodireding jwa gagwe mo nakong e e fetileng lo ile lwa ba tlhotlheletsa gape; tota le go feta, segolobogolo ka gore o ne a le mo boemong jo bo diphatsa thata.—2 Bakorinthe 8:1-4; Bafilipi 4:16.
Bafilipi ba tshwanetse ba bo ba ile ba akanya gore a mongwe wa bone a ka etela Paulo a mo isetsa mpho le go mo thusa fa a tlhoka sengwe. Mme e ne e le loeto lo lo telele lo lo lapisang, e bile go mo thusa go ne go ka nna kotsi! Joachim Gnilka o bolela jaana: “Go ne go tlhokega bopelokgale go etela mogolegwa, e bile mo godimo ga moo, e le motho yo ‘molato’ wa gagwe o bonalang o sa tlhalosiwe sentle ka tsela epe.” Mokwadi Brian Rapske a re: “Go ne go na le kotsi e nngwe e kgolo go feta fela go tlwaelana thata kana go utlwela mogolegwa botlhoko kana go dumalana le ene. . . . Go bua fela kana go dira sengwe ka phoso go ne go ka nna ga dira gore mogolegwa a bolawe mme le e leng mothusi wa gagwe.” Bafilipi ba ne ba tla roma mang?
Re ka nna ra akanya gore loeto lo lo ntseng jaana lo ne lo ka dira gore motho a tshwenyege kana a belaele, mme Epaferodito (yo re sa tshwanelang go mo tlhakanya le Epaferase wa kwa Kolosa) o ne a iketleeditse go dira tiro e e bokete eo. Fa re akanyetsa leina la gagwe, le le akaretsang la Aphrodite, o ka nna a bo a ne a le Moditšhaba yo o neng a sokologetse mo Bokereseteng—morwa yo batsadi ba gagwe ba neng ba ineetse mo modimogading wa Segerika wa lorato le lotsalo. Fa Paulo a ne a kwalela Bafilipi a ba lebogela bopelotshweu jwa bone, o ne a tlhalosa Epaferodito ka tshwanelo jaaka “morongwa wa lona, le yo o ntirelang mo go tlhokeng ga me.”—Bafilipi 2:25.
Go ya ka se Baebele e se bolelang ka Epaferodito, re kgona go tlhaloganya gore le mororo a ne a iketleeditse ka tsela e e akgolegang go direla Paulo le phuthego ya gagwe tiro eno, Epaferodito o ne a na le mathata a le rona re ka tswang re na le one. Mma re sekaseke sekao sa gagwe.
“Yo o Ntirelang mo go Tlhokeng ga me”
Ga re itse mabaka otlhe, mme re ka akanya fela gore Epaferodito o ile a fitlha kwa Roma a lapile ka ntlha ya loeto lwa gagwe. Gongwe o ne a tsamaya ka Via Egnatia, tsela ya Roma e e neng e kgabaganya Maketonia. A ka tswa a ile a tshwanela go kgabaganya Lewatle la Adriatic gore a ye kwa karolong ya phenensula ya Italy e e bopegileng jaaka “serethe sa setlhako” mme go tswa foo a ba a tlhatlogela kwa Tseleng ya ga Appius go ya kwa Roma. E ne e le loeto lo lo lapisang lwa (dikilometara di le 1 200 e le go ya fela) lo lo ka tswang lo ile lwa tsaya sebaka se se fetang kgwedi.—Bona lebokoso mo tsebeng 29.
Epaferodito o ne a simolola tiro ya gagwe ka boikutlo bofe? O ne a romilwe gore a ye go ‘direla’ kana lei·tour·giʹa, a e direla Paulo. (Bafilipi 2:30) Lefoko la Segerika kwa tshimologong le ne le kaya tiro e moagi a neng a e direla Puso ka go ithaopa. Moragonyana, le ne le kaya tiro e baagi ba ba tshwanelegang go e dira e ba neng ba patelesega go e direla Puso. Mokanoki mongwe o ne a bolela jaana malebana le kafa lefoko leno le dirisitsweng mo Dikwalong tsa Segerika ka gone: “Mokeresete ke motho yo o direlang Modimo le batho, sa ntlha e le ka go bo a batla go dira jalo, ka pelo ya gagwe yotlhe, mme sa bobedi e le ka go bo a tshwanetse go dira jalo, ka go bo lorato lwa ga Keresete le mo pateletsa go dira jalo.” Ee, a bo Epaferodito a ne a supa moya o montle jang ruri!
‘O ne a Baya Moya wa Gagwe mo Kotsing’
Fa Paulo a ne a dirisa lefoko le le adimilweng mo puong ya go iteka lesego, a re Epaferodito o ne a ‘baya [pa·ra·bo·leu·saʹme·nos] moya wa gagwe mo kotsing,’ kana fa le tsewa fela jaaka le ntse, o ne a “iteka lesego” ka botshelo jwa gagwe ka go direla Keresete. (Bafilipi 2:30, NW) Ga re tlhoke go akanya gore Epaferodito o ne a dira sengwe sa boeleele; go na le moo, gore go diragatsa tirelo ya gagwe e e boitshepo go ne go akaretsa bodiphatsa bongwe. A gongwe o ne a leka go tlogela tiro eno ka nako nngwe e e boima mo ngwageng? A o ne a itshoka a leka go fetsa loeto la gagwe fa a sena go lwala fa a ntse a le golo gongwe mo tseleng? Lefa go ntse jalo, Epaferodito “o ne a lwala, a ba a nna gaufi le go swa.” Gongwe o ne a batla go nna nakwana le Paulo gore a mo direle, ka jalo moaposetoloi o ne a batla go tlhalosa lebaka la go bo a ne a tshwanetse go boa pele ga nako.—Bafilipi 2:27.
Lefa go ntse jalo, Epaferodito e ne e le motho yo o pelokgale e bile a batla go itsenya mo kotsing a se pelotshetlha gore a tle a thuse batho ba ba tlhokang.
Re ka nna ra ipotsa jaana, ‘Nka ithontsha dilo go le kana kang go thusa bakaulengwe ba me ba semoya ba ba leng mo maemong a a boima?’ Moya o o ntseng jalo wa go iketleetsa ga se selo se Bakeresete ba ka se tilang. Jesu o ne a bolela jaana: “Ke lo naya taolo e ntšha, ya go re, lo ratane; fela jaaka ke lo ratile go re, le lona lo ratane.” (Johane 13:34, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Epaferodito o ne a dira tiro ya gagwe “a ba a nna gaufi le go swa.” Ka jalo, Epaferodito e ne e le sekao sa motho yo o neng a na le “boikutlo” jo Paulo a neng a kgothaletsa Bafilipi gore ba nne le jone. (Bafilipi 2:5, 8, 30, Kingdom Interlinear) A rona re iketleeditse go ya bokgakaleng joo?
Lefa go ntse jalo, Epaferodito o ne a tshwenyega thata mo maikutlong. Ka ntlha yang?
Go Tshwenyega ga Gagwe Thata mo Maikutlong
Ipeye mo boemong jwa ga Epaferodito. Paulo o ne a bega jaana: “O lo tlhologeletswe lotlhe, o tshwenyegile thata mo maikutlong, ka ntlha ya gobo lo ne lo utlwile fa a lwala.” (Bafilipi 2:26, NW) Epaferodito o ne a itse gore bakaulengwe kwa phuthegong ya gagwe ba itse gore o a lwala mme ga a kgona go thusa Paulo ka tsela e a neng a solofetse go dira ka yone. Tota e bile, go ka nna ga bonala a ile a bakela Paulo mathata a a oketsegileng. A ngaka Luke, tsala ya ga Paulo, o ne a tshwanela gore a itlhokomolose dilo tse dingwe gore a tlhokomele Epaferodito?—Bafilipi 2:27, 28; Bakolosa 4:14.
Gongwe Epaferodito o ne a tshwenyega thata mo maikutlong ka ntlha ya boemo jono. Gongwe o ne a akanya gore bakaulengwe mo phuthegong ya gagwe ba ne ba mo leba jaaka motho yo o sa kgoneng. Gongwe o ne a ikutlwa a le molato mme a “tlhologeletswe” go ba bona le go ba tlhomamisetsa gore o a ikanyega. Paulo o ne a dirisa lefoko le le nonofileng thata la Segerika e leng, a·de·mo·neʹo, “go tshwenyega thata mo maikutlong,” go tlhalosa boemo jwa ga Epaferodito. Go ya ka mokanoki J. B. Lightfoot, lefoko leno le ka kaya “boemo jwa go tlhakana tlhogo, go tshwenyega, iteega tsebe, jo bo nnang teng ka ntlha ya go lwala, kana go tlalelwa, jaaka go hutsafala, ditlhong, go swaba, jl jl.” Tsela e nngwe gape e lefoko leno le dirisiwang ka yone mo Dikwalong tsa Segerika e amana le go utlwa botlhoko thata ga ga Jesu kwa tshimong ya Getshemane.—Mathaio 26:37.
Paulo o ne a swetsa gore selo se se molemo thata e tla nna go busetsa Epaferodito kwa Bafiliping ka lokwalo lo lo tlhalosang lebaka la go bo morongwa wa bone a boile ba sa mo lebelela. Fa Paulo a ne a re, “ka gopola gore ke tshwanetse go roma kwa go lona Epaferodito,” o ne a tlhalosa gore ke molato wa gagwe go bo a boile, ka go dira jalo a dira gore ba se ka ba belaela gore Epaferodito o paletswe. (Bafilipi 2:25) Go na le moo, Epaferodito o batlile a swa e le fela gore a fetse tiro ya gagwe! Paulo ka lorato o akantsha gore “mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jotlhe; lo tlotle yo o ntseng jalo; gonne o ne a nna gaufi le go swa ka ntlha ya tiro ya ga Keresete, a tlhokomologa botshelo jwa gagwe, gore a ntirele se se tlhokafetseng mo go ntireleng ga lona.”—Bafilipi 2:29, 30.
“Lo Tlotle yo o Ntseng Jalo”
Banna le basadi ba ba nang le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Epaferodito ba anaanelwa tota. Ba ithontsha dilo dingwe gore ba direle ba bangwe. Akanya ka bao ba ileng ba ithontsha dilo dingwe gore ba ye go direla kgakala le legae e le barongwa, balebedi ba ba etang, kana kwa go nngwe ya diofisi tsa makala tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Fa e le gore dingwaga kana botsogo jo bo sa iketlang bo dira gore bangwe ba se ka ba tlhola ba kgona go dira jaaka ba ne ba dira pele, ba tlhoka go tlotliwa le go tseelwa kwa godimo ka ntlha ya tirelo ya bone e e ikanyegang.
Lefa go ntse jalo, bolwetse jo bo koafatsang bo ka dira gore motho a tshwenyege mo maikutlong kana a ikutlwe a le molato. Motho a ka rata go dira mo go oketsegileng. A bo go kgoba marapo jang ne! Lefa e le mang yo o iphitlhelang a le mo boemong jo bo ntseng jalo a ka ithuta sengwe mo go Epaferodito. Tota gone, a e ne e le molato wa gagwe gore a lwale? Tota le e seng! (Genesise 3:17-19; Baroma 5:12) Epaferodito o ne a batla go direla Modimo le bakaulengwe ba gagwe, mme bolwetse bo ile jwa dira gore a se ka a kgona.
Paulo ga a ka a kgalemela Epaferodito ka go bo a ne a hutsafetse go na le moo o ne a bolelela Bafilipi gore ba mo tshegetse. Ka mo go tshwanang, re tshwanetse go gomotsa bakaulengwe ba rona fa ba hutsafetse. Gantsi re ka nna ra ba baka ka ntlha ya sekao se ba se tlhomileng sa go direla ka boikanyego. Go bo Paulo a ne a anaanela Epaferodito, a bua sentle kaga gagwe, go tshwanetse ga bo go ile ga mo gomotsa, ga fokotsa go tshwenyega ga gagwe mo maikutlong. Le rona re ka tlhomamisega gore ‘Modimo ga o tshiamololo ya gore o ka lebala tiro ya rona, le go rata leina la one, mo re go bonyweng ka re ntse re direla baitshepi, mme re sa ntse re ba direla le gompieno.’—Bahebere 6:10.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
Dilo Tse di Tshwenyang mo Loetong
Mo malatsing ano loeto lwa sekgala se se fa gare ga ditoropokgolo tse pedi tse di botlhokwa tsa Yuropa, lo lo tshwanang le lo Epaferodito a neng a lo tsaya, lo ka tswa lo sa tlhoke matsapa a magolo. Loeto lo ka wediwa ka ura kana di le pedi ka sefofane. Go ne go farologane gotlhelele go tsaya loeto mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Morago koo, go tswa mo lefelong lengwe go ya go le lengwe go ne go kaya go tshwenyega. Motsamai wa dinao o ne a ka kgona go tsamaya dikilometara tse di fa gare ga 30 le 35 ka letsatsi, a ntse a itsenya mo kotsing ya maemo a bosa le dikotsi tse di farologaneng go akaretsa tsa “dinokwane tsa ditsela tse dikgolo.”—2 Bakorinthe 11:26, NW.
Go tweng ka mafelo a go ikhutsa maitseboa le dijo?
Mokwalahisetori e bong Michelangelo Cagiano de Azevedo o tlhalosa gore mo ditseleng tsa Roma, “gone go na le di-mansione, dihotele tse di nang le sengwe le sengwe, tse di nang le mabolokelo, bojelo jwa dipitse le bonno jwa badiri ba gone; mo gare ga di-mansione tse di latelanang, go ne go na le di-mutatione, kana mafelo a go ikhutsa, koo motho a neng a ka kgona go tsaya dipitse tse dingwe kana dikoloi le go batla dilo tse o di tlhokang.” Matlo ano a baeti a ne a itsege ka tsela e maswe thata e re ka gantsi go ne go tla batho ba maemo a a kwa tlase thata gone. Kwantle ga go thukutha batsamai, beng ba dihotele gantsi ba ne ba oketsa madi a bone ka madi a basadi ba diaka ba neng ba ba a tlisetsa. Mmoki mongwe wa Molatine yo o tshegisang e bong Juvenal o ne a akgela gore lefa e le bomang ba ba neng ba ka iphitlhela ba patelesega go nna mo matlong a baeti a a ntseng jalo ba ka tswa ba ile ba iphitlhela ba “robetse fa thoko ga serukhutlhi, ba le fa gare ga bathukhuti ba dikepe, magodu, le makgoba a a tshabileng, fa thoko ga batho ba ba kaletsang batho le babetli ba dikase . . . Batho botlhe ba dirisa kopi e le nngwe; e bile ga go na ope yo o nang le bolao jo e leng jwa gagwe, kana tafole e e farologaneng le ya ba bangwe.” Bakwadi bangwe ba bogologolo ba ne ba ngongoregela metsi a a nowang a a neng a se phepa le dikamore tse di neng di tletse, di le leswe, di le bongola, e bile di na le matsetse.
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 27]
Roma
[Setshwantsho]
Motsamai wa motlha wa Roma
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Map: Mountain High Maps® Copyright © 1995 Digital Wisdom, Inc.; Traveler: Da originale del Museo della Civiltà Romana, Roma