LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 9/1 ts. 19-24
  • Go Tshela ka Molao wa ga Keresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshela ka Molao wa ga Keresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mo Lelapeng
  • Mo Phuthegong
  • Bagolwane ba Dirisa Molao wa ga Keresete
  • Go Tshela ka Molao wa ga Keresete
  • Molao wa ga Keresete o a Dira!
  • Molao wa ga Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Lorato le Tshiamiso mo Phuthegong ya Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Bona Dikarabo Tsa Dipotso Tseno
    Thulaganyo ya Kopano ya Potologo ya 2017-2018—Ka Moemedi wa Lekala
  • Jehofa o Batla Gore re Dire Eng Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 9/1 ts. 19-24

Go Tshela ka Molao wa ga Keresete

“Rwadisanyang merwalo, lo dirafatse molao wa ga Keresete jalo.”—BAGALATIA 6:2.

1. Ke eng fa go ka twe molao wa ga Keresete o re tlhotlheletsa thata go dira se se molemo gompieno?

KWA Rwanda, Basupi ba ga Jehofa ba e leng Bahutu le Batutsi ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba sireletsane mo kgailong ya setso e e sa tswang go tlhasela naga eo bosheng jaana. Basupi ba ga Jehofa kwa Kobe, kwa Japane, ba ba neng ba swelwa ke ba malapa a bone mo thoromong ya lefatshe e e sentseng ba ne ba utlwa botlhoko thata ka ntlha ya seo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba itlhaganela go ya go thusa ba bangwe ba ba neng ba utlwile botlhoko. Ee, ke dikai tse di itumedisang tse di tswang mo lefatsheng lotlhe tse di supang gore molao wa ga Keresete o a dira gompieno. Ke selo se se tlhotlheletsang batho thata gore ba dire se se molemo.

2. Labokeresete e paletswe jang go diragatsa molao wa ga Keresete, mme rona re diragatsa jang molao oo?

2 Ka nako e e tshwanang, go diragadiwa boporofeti jwa Baebele jwa ‘metlha eno ya bofelo’ e e tlhokofatsang. Ba le bantsi ba tshotse “setshwantsho fela sa poifomodimo” mme ‘ba latotse thata ya yone.’ (2 Timotheo 3:1, 5) Segolobogolo mo go Labokeresete, bodumedi gantsi ke seomodiro fela, ga bo dirwe go tswa pelong. A ke ka go bo go le boima thata go tshela ka molao wa ga Keresete? Nnyaa. Ke fela gore Labokeresete e paletswe ke go tlhaloganya molao oo. E paletswe ke go tsaya tsia mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Rwadisanyang merwalo, lo dirafatse molao wa ga Keresete jalo.” (Bagalatia 6:2) Re ‘diragatsa molao wa ga Keresete’ ka go rwadisanya merwalo, e seng ka go etsa Bafarasai le go okeletsa bakaulengwe ba rona merwalo go sa tlhokege.

3. (a) Ke ditaolo dife tse dingwe tse di akarediwang mo molaong wa ga Keresete? (b) Ke eng fa go tla bo go le phoso go swetsa gore phuthego ya Bokeresete ga ya tshwanela go nna le melao epe fa e se ditaolo tse di tlhamaletseng tsa ga Keresete?

3 Molao wa ga Keresete o akaretsa ditaelo tsotlhe tsa ga Keresete Jesu—e ka tswa e le go rera le go ruta, go boloka leitlho la gago le lebile golo go le gongwe, go leka go boloka kagiso le wa gaeno, kana go tlosa boitshekologo mo phuthegong. (Mathaio 5:27-30; 18:15-17; 28:19, 20; Tshenolo 2:14-16) Eleruri, Bakeresete ba tshwanetse go utlwa ditaolo tsotlhe tse di mo Baebeleng tse di filweng balatedi ba ga Keresete. Mme go na le se se fetang seo. Mokgatlho wa ga Jehofa le diphuthego tse di farologaneng di tshwanetse go tlhoma melao le dithulaganyo gore go nne le thulaganyo e e siameng. (1 Bakorinthe 14:33, 40) Ee ruri, Bakeresete ba ka bo ba sa kopane mmogo fa ba ne ba sena melao ya gore ba tshware leng, kae le jang dipokano tseo! (Bahebere 10:24, 25) Go latela dikaelo tse di utlwalang tse di ntshitsweng ke ba ba eteletseng pele mo mokgatlhong le gone ke tsela nngwe ya go diragatsa molao wa ga Keresete.—Bahebere 13:17.

4. Kobamelo ya boammaaruri e tlhotlhelediwa ke eng?

4 Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba dire gore kobamelo ya bone e nne thulaganyo ya melao e e senang bokao. Ga ba direle Jehofa fela ka go bo batho bangwe kana mokgatlho o ba bolela gore ba dire jalo. Go na le moo, selo se se ba tlhotlheletsang mo kobamelong ya bone ke lorato. Paulo o ne a kwala: “Lorato lwa ga Keresete lo a re patelela.” (2 Bakorinthe 5:14, mokwalo o o sekameng ke wa rona; ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW.) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba ratane. (Johane 15:12, 13) Lorato lwa go intsha setlhabelo ke sone selo sa konokono sa molao wa ga Keresete, mme lo patelela kana lo tlhotlheletsa Bakeresete ba boammaaruri gongwe le gongwe, mo lelapeng le mo phuthegong. Mma re bone gore lo dira jang jalo.

Mo Lelapeng

5. (a) Batsadi ba ka diragatsa jang molao wa ga Keresete mo legaeng? (b) Bana ba tlhoka eng mo batsading ba bone mme ke dikgoreletsi dife tse batsadi bangwe ba tshwanetseng go di fenya gore ba ba neye se ba se tlhokang?

5 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Banna, ratang basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ratile phuthego, mme a intshetsa yone.” (Baefeso 5:25) Fa monna a etsa Keresete mme a tshwara mosadi wa gagwe ka lorato le ka tsela ya go mo tlhaloganya, o a bo a diragatsa karolo e e botlhokwa ya molao wa ga Keresete. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bontsha bana lorato a sa iphitlhe, ka go ba tsaya mo mabogong a gagwe a ba baya diatla a ba segofatsa. (Mareko 10:16) Batsadi ba ba diragatsang molao wa ga Keresete le bone ba tla bontsha gore ba rata bana ba bone. Gone ke boammaaruri gore go na le batsadi ba ba go fitlhelang go le thata go etsa sekao sa ga Jesu mo ntlheng eno. Ba bangwe ka tlholego fela ga ba kgone go supa lorato. Batsadi, lo se ka lwa dira gore dilo tse di ntseng jalo di lo thibele go bontsha bana ba lona lorato lo lo ba ratang ka lone! Ga go a lekana gore lona lo itse gore lo rata bana ba lona. Le bone ba tshwanetse go itse. Mme ba ka se ka ba itse fa lo sa dire ditsela tsa go ba bontsha gore lo a ba rata.—Bapisa Mareko 1:11.

6. (a) A bana ba tlhoka melao ya batsadi, mme ke eng fa o araba jalo? (b) Ke mabaka afe a a botlhokwa a melao ya lelapa a bana ba tshwanetseng go a tlhaloganya? (c) Go tilwa dikotsi dife fa go na le molao wa ga Keresete mo lelapeng?

6 Ka mo go tshwanang, bana ba tlhoka melelwane, se se rayang gore batsadi ba tshwanetse go tlhoma melao mme ka dinako tse dingwe ba dirise melao eno ka go ba otlhaya. (Bahebere 12:7, 9, 11) Lefa go ntse jalo, bana ba tshwanetse go nna ba ntse ba thusiwa gore ba bone lebaka le legolo la go bo go beilwe melao eno: batsadi ba bone ba a ba rata. Mme ba tshwanetse go ithuta gore lorato e tshwanetse ya nna lone lebaka le legolo la go bo ba utlwe batsadi ba bone. (Baefeso 6:1; Bakolosa 3:20; 1 Johane 5:3) Mokgele wa motsadi yo o botlhale e tla nna go ruta bana gore ba dirise “maatla a go akanya” a bone ka tsela ya gore kgabagare ba kgone go itirela ditshwetso tse di molemo. (Baroma 12:1, NW; bapisa 1 Bakorinthe 13:11.) Kafa letlhakoreng le lengwe, melao ga ya tshwanela go nna mentsi thata kana kotlhao ya nna botlhoko thata. Paulo a re: “Borrabana, se tshwenyeng bana ba lona, gore ba se ka ba sulafala pelo.” (Bakolosa 3:21; Baefeso 6:4) Fa go na le molao wa ga Keresete mo lelapeng, ga ba a tshwanela go otlhaiwa ka bogale jo bo sa laolesegeng kana go sotliwa ka mafoko a a utlwisang botlhoko. Mo lelapeng le le ntseng jalo, bana ba ikutlwa ba babalesegile, ba nonotshiwa, e seng go imediwa ka dilo kana go tseelwa kwa tlase.—Bapisa Pesalema 36:7.

7. Magae a Bethele a ka nna sekao jang fa go tla mo kgannyeng ya go tlhoma melao mo legaeng?

7 Bangwe ba ba kileng ba etela magae a Bethele mo lefatsheng lotlhe ba bolela gore ke dikao tse di molemo tsa tekatekano mo kgannyeng ya melao ya lelapa. Lefa a na le bagolo, mafelo ano a dira fela jaaka malapa.a Tsela e Bethele e dirang ka yone e tlhoka gore go nne le melao e mentsi—e tota e fetang ya lelapa le le tlwaelegileng. Lefa go ntse jalo, bagolwane ba ba eteletseng pele kwa magaeng a Bethele, kwa makaleng le mo tirong e e dirwang mo difeketoring ba leka go dirisa molao wa ga Keresete. Ga ba tseye gore go rulaganya tiro ke yone fela tiro ya bone mme gape le go dira gore go nne le kgatelopele ya semoya le “boitumelo jwa ga Jehofa” mo gare ga badirikabone. (Nehemia 8:10) Ka jalo, ba leka go dira dilo ka tsela e e siameng le e e kgothatsang e bile ba leka go nna tekatekano. (Baefeso 4:31, 32) Ga go gakgamatse fa malapa a Bethele a itsiwe a itumetse!

Mo Phuthegong

8. (a) Mokgele wa rona e tshwanetse go nna eng ka metlha mo phuthegong? (b) Ke kafa tlase ga maemo afe mo bangwe ba ileng ba kopa tshwetso kana ba leka go dira melao?

8 Le mo phuthegong ke mokgele wa rona gore re agelelane mo loratong. (1 Bathesalonika 5:11) Ka jalo, Bakeresete botlhe ba tshwanetse gore ba nne kelotlhoko gore ba se ka ba oketsa merwalo ya ba bangwe ka go gatelela megopolo ya bone fa go tla mo kgannyeng ya go dira ditshwetso tsa motho ka namana. Ka dinako tse dingwe, bangwe ba kwalela Mokgatlho wa Watch Tower ba kopa tshwetso ya bone malebana le kafa ba tshwanetseng go leba difilimi tse di rileng, dibuka le e leng ditshamikisi ka gone. Lefa go ntse jalo, Mokgatlho ga o na tshwanelo ya go sekaseka dilo tse di ntseng jalo o bo o dira tshwetso malebana le tsone. Mo makgetlhong a le mantsi, dikgang tseno ke tse mongwe le mongwe kana tlhogo ya lelapa e tshwanetseng go dira tshwetso mo go tsone, e theile seo mo loratong lwa gagwe lwa Baebele le mo melaometheong ya yone. Bangwe ba rata go fetola dikakantsho tsa Mokgatlho le dikaelo tsa one ba di dira melao. Ka sekai, mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 15, 1996, go ne go na le setlhogo se se molemo se se neng se kgothaletsa bagolwane go dira maeto a bodisa ka metlha mo malokong a phuthego. A boikaelelo jwa seno e ne e le go tlhoma molao? Nnyaa. Le mororo ba ba kgonang go latela dikakantsho tseno ba bona melemo e mentsi, bagolwane ba bangwe ga ba kgone go dira jalo. Ka mo go tshwanang, setlhogo sa “Dipotso Tse di Tswang go Babadi” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 1, 1995, se ne sa tlhagisa malebana le go tlosa seriti sa kolobetso ka go feteletsa dilo, tse di ntseng jaaka go dira mekete e e sa laolesegeng, kana go dira mokete wa bafenyi. Bangwe ba ile ba feteletsa kgakololo e e molemo eno, mo e leng gore ba ile ba e dira molao, gore go romela karata e e kgothatsang ka nako eno go phoso!

9. Ke eng fa go le botlhokwa gore re tile go tshwayana diphoso thata kana go atlholana thata?

9 Akanya gape gore fa e le gore ‘molao o o itekanetseng, e bong molao wa kgololesego’ o tshwanetse go nna mo go rona, re tshwanetse gore re amogele lebaka la gore ga se gore digakolodi tsa Bakeresete ga di tshwane tsotlhe. (Jakobe 1:25) A re tshwanetse go kgopisega fa batho ba na le ditshwetso tsa bone ka namana fa di sa thulane le melaometheo ya Dikwalo? Nnyaa. Fa re dira jalo go tla baka dikgaogano. (1 Bakorinthe 1:10) Fa Paulo a ne a re tlhagisa malebana le go atlhola Bakeresetekarona o ne a re: “Go ema le go wa ga gagwe, e ntse ke ga morena wa gagwe. Ee, o tlaa emisiwa; gonne Morena o na le nonofo ya go mo emisa.” (Baroma 14:4) Re ipaya mo kotsing ya go kgopisa Modimo fa re bua leswe ka ba bangwe ka ntlha ya dikgang tse di tshwanetseng tsa tlogelelwa segakolodi sa motho ka namana.—Jakobe 4:10-12.

10. Ke bomang ba ba abetsweng go disa phuthego, mme re tshwanetse go ba ema nokeng jang?

10 Mma re gakologelweng gape gore bagolwane ba filwe tiro ya gore ba dise letsomane la Modimo. (Ditiro 20:28) Ba tlhomilwe gore ba thuse. Re tshwanetse go ikutlwa re gololesegile go ba kopa kgakololo, ka gonne ke baithuti ba Baebele e bile ba tlwaelane le se se ileng sa bolelwa mo dikgatisong tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Fa bagolwane ba bone boitsholo jo bo ka dirang gore melaometheo ya Dikwalo e tlolwe, ba neela kgakololo ka bopelokgale. (Bagalatia 6:1) Maloko a phuthego a latela molao wa ga Keresete ka go dirisana mmogo le badisa ba ba rategang bano, ba ba etelelang pele mo gare ga bone.—Bahebere 13:7.

Bagolwane ba Dirisa Molao wa ga Keresete

11. Bagolwane ba dirisa molao wa ga Keresete jang mo phuthegong?

11 Bagolwane ba tlhoafaletse go diragatsa molao wa ga Keresete mo phuthegong. Ba etelela pele mo go rereng mafoko a a molemo, go ruta go tswa mo Baebeleng gore ba tle ba ame dipelo le gore jaaka badisa ba ba lorato, ba ba bonolo, ba nametse “ba ba lapang pelo.” (1 Bathesalonika 5:14) Ba tila maikutlo a e seng a Bokeresete a a leng teng mo ditumelong tse dintsi tsa Labokeresete. Gone ke boammaaruri gore lefatshe leno le ntse le senyega ka bonako, mme jaaka Paulo, bagolwane ba ka ikutlwa ba tlhobaela ka letsomane; mme lefa go ntse jalo, ba nna ba le tekatekano fa ba dira sengwe ka dilo tse di ba tshwenyang tseo.—2 Bakorinthe 11:28.

12. Fa Mokeresete a kopa mogolwane thuso, mogolwane a ka mo thusa jang?

12 Ka sekai, Mokeresete mongwe a ka nna a botsa mogolwane ka kgang e e botlhokwa e go senang kaelo epe ya Dikwalo ka yone kana e go tlhokegang gore go supiwe tekatekano malebana le melaometheo e e farologaneng ya Bokeresete. Gongwe o ile a solofediwa go tlhatlosediwa maemo kwa tirong le go okelediwa madi mme go kaya maikarabelo a a oketsegileng. Kana rre yo o sa dumeleng wa Mokeresete yo mosha a ka nna a batla gore morwawe a dire dilo tse di ka nnang tsa ama bodiredi jwa gagwe. Mo dikgannyeng tse di ntseng jalo, mogolwane o tla tila go bolelela batho se ene ka namana a se akanyang. Go na le moo, gongwe o tla bula Baebele a bo a thusa motho yoo gore a akanye ka melaometheo e e botlhokwa. A ka nna a dirisa Watch Tower Publications Index, fa e le gore e teng, gore a bone gore “motlhanka yo o boikango le yo o botlhale” o ile a reng malebana le kgang eno mo makasineng wa Tora ya Tebelo le mo dikgatisong tse dingwe. (Mathaio 24:45) Go tweng fa e le gore morago ga foo Mokeresete yoo o dira tshwetso e mogolwane a bonang e se botlhale? Fa e le gore tshwetso eo ga e thulane ka tlhamalalo le melaometheo ya Baebele kana le melao ya yone, Mokeresete yo o tla fitlhela gore mogolwane o tlotla tshwanelo ya motho yoo ya go dira tshwetso e e ntseng jalo, a itse gore “motho mongwe le mongwe o tlaa ithwalela morwalo wa gagwe.” Lefa go ntse jalo, Mokeresete yoo o tshwanetse go gakologelwa gore, “se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang.”—Bagalatia 6:5, 7.

13. Go na le gore ba arabe dipotso ka tlhamalalo kana ba ba bolelela se bone ka bobone ba se akanyang, ke ka ntlha yang fa bagolwane ba thusa ba bangwe gore ba akanye ka dikgang tseo?

13 Ke eng fa mogolwane yo o nang le maitemogelo a itshwara ka tsela eno? Ka ntlha ya mabaka a le mabedi. Sa ntlha, Paulo o ne a bolelela phuthego nngwe gore o ne a se ‘morena mo tumelong ya bone.’ (2 Bakorinthe 1:24) Mogolwane yoo, ka go thusa mokaulengwe wa gagwe go akanya ka Dikwalo le go itirela tshwetso ka sengwe se a se itseng, o etsa boikutlo jo Paulo a neng a na najo. O lemoga gore taolo ya gagwe e lekanyeditswe, fela jaaka Jesu a ne a lemoga gore taolo ya gagwe e lekanyeditswe. (Luke 12:13, 14; Juta 9) Ka nako e e tshwanang, bagolwane ba rata go neela kgakololo e e mosola, tota le e e tlhamaletseng ya Dikwalo fa go tlhokegang teng. Sa bobedi, o thapisa Mokeresetekaene. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Dijo tse di loileng ke tsa banna ba ba godileng, e bong bone ba e a reng ka ba ntse ba dira, maikutlo a bone a tlwaediwe go lemoga molemo le bosula.” (Bahebere 5:14) Ka jalo, gore re gole semoyeng, re tshwanetse go dirisa dikgono tsa rona tsa go akanya, re sa ikaege ka metlha ka motho o sele go re direla ditshwetso. Fa mogolwane a bontsha Mokeresetekaene gore a akanyetse jang Dikwalo, o mo thusa go gatela pele.

14. Batho ba ba godileng semoyeng ba ka supa jang gore ba ikanya Jehofa?

14 Re ka tshepa gore ka moya wa gagwe o o boitshepo Jehofa Modimo o tla tlhotlheletsa dipelo tsa baobamedi ba ba boammaaruri. Ka jalo, Bakeresete ba ba godileng ba leka go ama dipelo tsa bakaulengwe ba bone, ba ba rapelela, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a dira. (2 Bakorinthe 8:8; 10:1; Filemone 8, 9) Paulo o ne a itse gore e ne e le batho ba ba sa siamang, e seng ba ba siameng, ba ba neng ba tlhoka molao thata gore ba itshware sentle. (1 Timotheo 1:9) O ne a sa supe fa a belaela kana a sa ikanye bakaulengwe ba gagwe, go na le moo, o ne a ba tshepa. O ne a kwalela phuthego nngwe jaana: “Re ikantse mo Moreneng ka ga lona.” (2 Bathesalonika 3:4) Tsela e Paulo a ne a ba dumela ka yone, a ba tshepa a bo a ba ikanya, tota go tshwanetse ga bo go ile ga tlhotlheletsa Bakeresete bao. Bagolwane le balebedi ba ba etang gompieno le bone ba batla go dira jalo. A bo banna ba ba ikanyegang bano ba lapolosa jang ne!—Isaia 32:1, 2; 1 Petere 5:1-3.

Go Tshela ka Molao wa ga Keresete

15. Ke dipotso dife tse re ka di ipotsang go bona gore a re dirisa molao wa ga Keresete mo dikamanong tsa rona le bakaulengwe ba rona?

15 Rotlhe re tshwanetse gore re itlhatlhobe ka metlha go bona gore a re tshela le go rotloetsa molao wa ga Keresete. (2 Bakorinthe 13:5) Eleruri, rotlhe re ka solegelwa molemo ka go ipotsa jaana: ‘A ke agelela ba bangwe kana ke ba tshwaya diphoso? A ke tekatekano kana ke feteletsa dilo? A ke akanyetsa batho ba bangwe kana ke gagamalela thata go dira se se ntshwanetseng?’ Mokeresete ga a laole gore mokaulengwe wa gagwe o tshwanetse go dira eng kana ga a tshwanela go dira eng malebana le dikgang tse di sa tlhalosiweng ka tlhamalalo mo Baebeleng.—Baroma 12:1; 1 Bakorinthe 4:6.

16. Re ka thusa jang batho ba ba iponang ba se botlhokwa, mme ka go dira jalo re diragatsa karolo e e botlhokwa ya molao wa Keresete?

16 Mo dipakeng tseno tse di tlhokofatsang, go botlhokwa gore re batle ditsela tse re ka kgothatsanang ka tsone. (Bahebere 10:24, 25; bapisa Mathaio 7:1-5.) Fa re leba bakaulengwe le bokgaitsadiarona, a dinonofo tsa bone tse di molemo ga di kaye mo gontsi thata mo go rona go na le makoa a bone? Mo go Jehofa, mongwe le mongwe o botlhokwa. Ka maswabi, ga se botlhe ba ba ikutlwang jalo, tota le bone ga ba ikutlwe ba le botlhokwa. Ba le bantsi ba ipona diphoso fela le bosaitekanelang jwa bone. Go kgothatsa batho ba ba ntseng jalo—le ba bangwe—a re ka leka go bua le motho a le mongwe kana ba le babedi kwa pokanong nngwe le nngwe, re dira gore ba itse gore re anaanela go nna gone ga bone le botlhokwa jwa seabe se ba nang le sone mo phuthegong? A bo go itumedisa jang ne go tlhofofatsa morwalo wa bone ka tsela eno mme ka go dira jalo re diragatsa molao wa ga Keresete!—Bagalatia 6:2.

Molao wa ga Keresete o a Dira!

17. Ke ka ditsela dife tse di farologaneng tse o bonang gore molao wa ga Keresete o a dira mo phuthegong ya lona?

17 Molao wa ga Keresete o a dira mo phuthegong ya Bokeresete. Re bona seo letsatsi le letsatsi—fa Basupimmogo ba bolela mafoko a a molemo ka tlhoafalo, fa ba gomotsana le go kgothatsana, fa ba leka go direla Jehofa go sa kgathalesege mathata a a boima thata, fa batsadi ba leka go godisa bana ba bone gore ba rate Jehofa ka dipelo tse di itumetseng, fa balebedi ba ruta Lefoko la Modimo ka lorato le ka boitumelo, ba tlhotlheletsa letsomane go nna le tlhoafalo e e tiileng ya go direla Jehofa ka metlha. (Mathaio 28:19, 20; 1 Bathesalonika 5:11, 14) Fa rona motho ka bongwe re dirisa molao wa ga Keresete mo matshelong a rona, a bo pelo ya ga Jehofa e tla itumela jang ne! (Diane 23:15) O batla gore botlhe ba ba ratang molao wa gagwe o o itekanetseng ba tshelele ruri. Mo Paradaiseng e e tlang, re tla bona nako e batho ba tla bong ba itekanetse, nako e go tla bong go sena batho ba ba tlolang molao, le nako ya fa dikeletso tsa dipelo tsa rona di tla bo di laolesega. A bo e le tuelo e kgolo jang ne go tshela ka molao wa ga Keresete!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Malapa a a ntseng jalo ga a tshwane le matlo a baitlami a Labokeresete. Ga go na “borara,” kana ba go ka tweng ke “borre.” (Mathaio 23:9) Bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba a tlotliwa, mme tiro ya bone e kaelwa ke yone melaometheo e e kaelang bagolwane botlhe.

O Akanya Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa Labokeresete e paletswe ke go diragatsa molao wa ga Keresete?

◻ Re ka dirisa jang molao wa ga Keresete mo lelapeng?

◻ Gore re dirise molao wa ga Keresete mo phuthegong, ke eng se re tshwanetseng go se tila, mme ke eng se re tshwanetseng go se dira?

◻ Bagolwane ba ka utlwa jang molao wa ga Keresete fa ba dirisana le phuthego?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Selo se ngwana wa gago a se tlhokang thata ke lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

A bo bagolwane ba rona ba ba rategang ba lapolosa jang ne!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela