LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 10/15 ts. 30-31
  • “Ntlo ya ga Dafite”—Boammaaruri Kana Tlhamane?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ntlo ya ga Dafite”—Boammaaruri Kana Tlhamane?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bosupi jo Bongwe Jwa Thutomarope
  • Leje la Moaba—Le Ne la Senngwa Mme la Seka la Latlhega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Buka ya Bibela ya bo 10—2 Samuele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ikaege ka Moya wa Modimo fa o Lebana le Maemo a a Fetofetogang a Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Mokwalo o e Seng Karolo ya Baebele o o Buang ka Setšhaba se se Bidiwang Iseraele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 10/15 ts. 30-31

“Ntlo ya ga Dafite”—Boammaaruri Kana Tlhamane?

DAFITE—mosimanyana wa modisa yo o neng a nna seopedi, mmoki, lesole, moporofeti le kgosi—o tlhagelela mo Baebeleng ka tlotlomalo e kgolo. Leina la gagwe le umakwa makgetlho a le 1 138; polelwana “Ntlo ya ga Dafite”—eo gantsi e kayang losika lwa ga Dafite lwa segosi—e dirisiwa ka makgetlho a le 25. (1 Samuele 20:16) A mme Kgosi Dafite le losika lwa gagwe lwa segosi e ne e le tlhamane fela? Thutomarope e supa eng? Selo se se gakgamatsang se se neng sa ribololwa fa baithutamarope ba ne ba epa kwa Tel Dan, kwa bokone jwa Galilea, go begwa fa se tshegetsa ntlha ya gore Dafite le losika lwa gagwe lwa segosi ruri ba kile ba nna teng.

Ka selemo sa 1993, setlhopha sa baithutamarope se se neng se eteletswe pele ke Porofesa Avraham Biran, se ne sa bula lefelo le le kafa ntle ga kgoro ya Dane wa bogologolo. Ba ne ba ribolola lebala le le kgaphilweng sentle. Leje le lentsho la basalt le le neng le kwetogile mo mmung le ne la tlosiwa motlhofo fela. Fa leje le menolelwa mo letsatsing la thapama, ditlhaka tse di kwadilweng mo lejeng di ne tsa bonala sentle. Porofesa Biran o ne a goa a re: “Mmalowe, re na le mokwalo!”

Porofesa Biran le modirikaene, Porofesa Joseph Naveh wa Hebrew University kwa Jerusalema, ba ne ba kwala pego ya saense kaga mokwalo ono ka bonako. Setlhogo sengwe se se neng se theilwe mo pegong eno sa makasine wa Biblical Archaeology Review wa March/April 1994, se balega jaana: “Ga se gantsi se se bonweng ke baithutamarope e nna setlhogo sa kafa ntle sa New York Times (re sa bue sepe ka makasine wa Time). Mme fela ke se se diragetseng selemo se se fetileng ka thibololo ya kwa Tel Dan, thotana e ntle kwa bokone jwa Galilea, kwa mhapheng wa Thaba ya Heremone gaufi le motswedi mongwe wa Noka ya Joretane.

“Gone koo Avraham Biran le setlhopha sa gagwe sa baithutamarope ba ne ba bona mokwalo o o gakgamatsang wa lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E. o o buang kaga ‘Ntlo ya ga Dafite’ le ‘Kgosi ya Iseraele.’ Leno ke lekgetlho la ntlha leina Dafite le bonwa mo mokwalong ope wa bogologolo kwantle ga mo Baebeleng. Se se gakgamatsang le go gaisa ke gore mokwalo ono ga o bue kaga ‘Dafite’ mongwe fela mme o bua kaga Ntlo ya ga Dafite, losika lwa segosi lwa kgosi e kgolo ya Iseraele.

“‘Kgosi ya Iseraele’ ke polelwana e e bonwang gantsi mo Baebeleng, segolobogolo mo Bukeng ya Dikgosi. Thibololo eno, lefa go ntse jalo, e ka nna ya bo e le yone kgang ya bogologolo go gaisa tsotlhe tse di umakang Iseraele mo mekwalong ya Se-Semite kwantle ga Baebele. Fa e le gore mokwalo ono o supa sengwe, o supa gore Iseraele le Juta e ne e le magosi a botlhokwa ka nako eo, go fapaana le se se builweng ke bakanoki bangwe ba ba ganetsang dintlha tse di tshegetsang Baebele.”

Fa go batliwa go bona gore ke leje la leng go sekasekiwa sebopego sa ditlhaka, go tlhatlhobiwa dilo tse di dirilweng ka letsopa tse di neng tsa bonwa gaufi le kgapetla ya leje leo, le se go buiwang ka sone mo mokwalong oo. Mekgwa eno yotlhe e meraro e supa nako e e tshwanang, lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E., dingwaga di ka nna lekgolo morago ga ga Kgosi Dafite. Bakanoki ba dumela gore mokwalo ono e ne e le karolo ya sefikantswe sa phenyo se se agilweng kwa Dane ke mmaba wa Moaramaika wa “Kgosi ya Iseraele” mmogo le “[Kgosi ya] Ntlo ya ga Dafite.” Baaramaika ba ba neng ba obamela modimo o o neng o ratega thata wa matsubutsubu e bong Hadade, ba ne ba nna kwa ntlheng ya botlhabatsatsi.

Ka selemo sa 1994, dikgapetla tse dingwe gape tse pedi tsa leje leno di ne tsa bonwa. Porofesa Biran o bega jaana: “Mo dikgapetleng tse pedi tseno go na le leina la modimo wa Baaramaika, Hadade, gape go umakiwa ntwa fa gare ga Baiseraele le Baaramaika.”

Kgapetla e kgolo e e ribolotsweng ka 1993 e ne e na le mela e le 13 e e sa bonaleng sentle e e kwadilweng ka mokwalo wa bogologolo wa Sehebera. Ka nako eo, dikhutlo di ne di dirisiwa go arola mafoko go kgaoganya mafoko mo temaneng. Lefa go ntse jalo, “Ntlo ya ga Dafite” e kwadilwe e le lefoko le le lengwe fela ka ditlhaka “bytdwd” (tse di fetoletsweng mo mafokong a seroma) go na le go re “byt” (ntlo), khutlo, le “dwd” (Dafite). Ka mo go utlwalang, go nnile le dipotso kaga go phuthololwa ga “bytdwd.”

Setswerere sa moitsedipuo Porofesa Anson Rainey o tlhalosa jaana: “Joseph Naveh le Avraham Biran ga ba a tlhalosa mokwalo ono ka botlalo, ka gongwe ba ne ba itlhoma fela gore babadi ba tla itse gore khutlo e e kgaoganyang mafoko gareng ga mafoko a mabedi a a kopantsweng jalo gantsi e a tlogelwa, segolobogolo fa lefoko le le kopantsweng e le leinatota le le itsegeng sentle. ‘Ntlo ya ga Dafite’ ruri e ne e le leinatota la sepolotiki le la thutafatshe mo bogareng jwa lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E.”

Bosupi jo Bongwe Jwa Thutomarope

Morago ga thibololo eo, setswerere kaga leje la Mesha (gape le bidiwa Leje la Moaba), Porofesa André Lemaire, o ne a bega gore gape e bua kaga “Ntlo ya ga Dafite.”a Leje la Mesha, le le bonweng ka 1868, le na le go le gontsi mo go tshwanang le ga leje la Tel Dan. Ka bobedi ke a lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E., a bopilwe ka sedirisiwa se le sengwe, a a lekana, mme a kwadilwe ka mokwalo o o batlileng o tshwana wa Se-Semite.

Porofesa Lemaire o kwadile jaana ka go kwalwa sesha ga mola o o senyegileng wa leje la Mesha: “Dingwaga di ka nna pedi pele go bonwa kgapetla ya Tel Dan, ke ne ka swetsa ka gore leje la Mesha le umaka ‘Ntlo ya ga Dafite.’ . . . Lebaka la go bo go sa ka ga lemogiwa go umakwa ga ‘Ntlo ya ga Dafite’ pele e ka nna ya bo e le ka gonne leje la Mesha ga le ise le nne le editio princeps [kgatiso ya ntlha] e e siameng. E leng yone e ke ntseng ke e baakanya, dingwaga di le 125 morago ga go ribololwa ga leje la Mesha.”

Tshedimosetso e e ntseng jalo ya thutomarope e a kgatlha ka gonne moengele mongwe, Jesu ka boene, barutwa ba gagwe, le batho ka kakaretso ba ne ba supela gore ruri Dafite o kile a nna teng. (Mathaio 1:1; 12:3; 21:9; Luke 1:32; Ditiro 2:29) Dilo tse di ribololwang ka thutomarope di dumalana ka phepafalo gore ene le losika lwa gagwe lwa segosi, “Ntlo ya ga Dafite,” ke boammaaruri, e seng tlhamane.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Babadi ba dibuka tsa Mokgatlho wa Watch Tower ba itse leje la Mesha. (Bona Tora ya Tebelo ya April 15, 1990, ditsebe 30-1.) Le beilwe gore le bonwe kwa Louvre Museum, Paris.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Kgapetla ya Tel Dan,* e ribolotswe ka 1993 kwa motseng wa Dane, kwa bokone jwa Galilea

* Setshwantsho seno se dirilwe go ya ka senepe se se tlhagang mo bukeng ya Israel Exploration Journal.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela