LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 4/15 ts. 30-31
  • Leje la Moaba—Le Ne la Senngwa Mme la Seka la Latlhega

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leje la Moaba—Le Ne la Senngwa Mme la Seka la Latlhega
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maano le go sa Ikanyegeng
  • Hisitori ya Bibela e a Tsosiwa
  • “Ntlo ya ga Dafite”—Boammaaruri Kana Tlhamane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Thuto ya bo 9—Thutamarope le Rekoto E E Tlhotlheleditsweng
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Leina la Modimo Mo Tsamaong ya Dingwaga
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 4/15 ts. 30-31

Leje la Moaba—Le Ne la Senngwa Mme la Seka la Latlhega

LEJE la Moaba, kana la Mesha le ne la thubiwa fela ka bomo ka 1868 le na le ngwaga fela le bonwe. Le ne le le dingwaga di ka nna 3 000. Ke karolwana ya leje la basalt le lentsho mme le kgolokwe kwa godimo, mme le ka nna boleele jwa disentimetara dile 112 mme le bophara jwa disentimitara di le 71 le le bokima jwa disentimitara di le 36. Nakonyana morago ga gore le thubiwe, go ne ga bonwa dikarolo tse pedi tse dikgolo le tse dinnye tse 18 mme nngwe tharong ya leje leno e ne ya latlhega.

Go tla jang gore selo seno se se tlhomologileng se se takilweng ka botswerere seno se batle go latlhegela ruri? Mme se botlhokwa go le kana kang mo baithuting ba Bibela?

Maano le go sa Ikanyegeng

F. A. Klein e ne e le motho wa ntlha le wa bofelo wa Yuropa yo o boneng leje leno le ise le thubege. Le ne le le mo matlotleng a Dibon kafa bokone botlhaba jwa Lewatle le le Suleng. O ne a dira ditshwantsho tse dikhutshwane tsa dikarolo tsa mokwalo wa mela e e 34 fa karolong ya lone e e tsholetsegileng, mme morago ga go boela kwa Jerusalema, o ne a bega seo a se boneng kwa mookameding wa gagwe wa kwa Prussia. Mokwalo oo o ne wa lemogiwa fela ka bonako gore e ne e le wa Bafonekia me go ne ga lemogiwa fa o le botlhokwa. Royal Museum ya kwa Berlin e ne ya kgobokanya madi go reka leje leno, mme go ise go e kae batho bangwe bao ba neng ba le kgatlhegela ba ne ba le lwela. Fa ba lemoga tlhotlhwa ya selo se ba se setseng, dikgosi tsa Baarabia tsa mo lefelong leo di ne tsa le fitlha mme tsa isa tlhotlhwa ya lone kwa godimo thata.

Moithutamarope mongwe wa Mofora o ne a kgona go bona mokwalo wa lone o le mo pampiring, mme pampiri eno e ne ya tshwanela go tlosiwa foo pele e oma, ka gone e ne e sa bonale sentle. Ka nako eo, go ne ga tswa molao kwa Damaseko wa gore morafe oo wa Bedouin o neye baokamedi ba puso leje leo. Go na le go dumalana le seo, morafe oo wa Bedouin o ne wa ikaelela go le senya. Ka jalo ba ne ba gotsa molelo go dikologa leje le le tlhotlhwakgolo leno mme ba nna ba le tshela ka metsi. Fa leje le phatloga, dikarolo tsa lone di ne tsa fiwa malapa mangwe a a mo lefelong leo ka bonako gore a le boloke mo difalaneng tsa bone, e le gore ba tle ba bonele dijalo tsa bone masego. Gape e ne e le tsela e e molemo ya gore batho ka bongwe ba tle ba ithekisetse dikarolwana dingwe tseo di phatlogileng.

Hisitori ya Bibela e a Tsosiwa

Go dirisiwa seretse le dilo tse di gatisang ditlhaka tsa pampiri go godisa dikarolo tseno tse di rekilweng, mokwalo o o mo lejeng o ne la bofelo wa bonala. Fa temana yotlhe e ne e senolwa, bakanoki ba ne ba gakgamala. Leje leo le le kwadilweng bogologolo le ne la tlhalosiwa jaaka “leje le legolo le le gakgamatsang leo le kileng la ribololwa.”

Kgosi Mesha wa Moaba o ne a direla modimo wa gagwe Kemoshe Leje la Moaba go gakologelwa go intsha ga ga Mesha mo go busiweng ke Iseraele, goo a bolelang gore go ne go gogile dingwaga di le 40 mme go ne go letlilwe ke Kemoshe ka gonne a ne a “galefetse naga ya gagwe.” Go tsuologa gono ga Moaba gantsi go lejwa go amana le ditiragalo tse di kwadilweng mo kgaolong ya boraro ya 2 Dikgosi. Mo lejeng leno la segopotso, Mesha o ipelafatsa ka gore ke motho wa bodumedi, ka go aga metse e megolo le tsela e kgolo, le ka go fenya Iseraele. O tlotlomatsa modimo wa gagwe Kemoshe ka seno. Go fenngwa ga ga Mesha le go isa ga gagwe morwawe setlhabelo—go begwa mo Bibeleng—jaaka go ne go ka lebelelwa, ga go a kwalwa mo lokwalong lono lo a itlotlomatsang mo go lone.

Mafelo a le mantsi a a mo lenaneng la mafelo ao a neng a a thopa a umakiwa mo Bibeleng, gareng ga one ke Medeba, Atarotha, Nebo, le Jahasa. Ka gone, leje leno le tshegetsa go tlhomama ga dipego tsa Bibela. Lefa go ntse jalo, se se tlhomologileng, ke go dirisa ga ga Mesha Tetragrammaton, YHWH, leina la Modimo wa Baiseraele, mo moleng wa bo-18 wa rekoto eno. Koo Mesha o ikgantsha a re: “Ke ne ka tsaya [dijana] tsa Yahweh kwa [Nebo], ke di goga fa pele ga ga Kemoshe.” Kwantle ga Bibela, seno ke yone rekoto ya pele eo e dirisang leina la Modimo.

Leje la Moaba le ne la bonwa gape ka 1873, ditemana tseo di neng di seo di bopeletswe ka seretse, mme di beilwe kwa mosiamong wa Louvre, kwa Paris, koo le neng la sala gone. Sekaelo sa lone se ka bonwa kwa British Museum, kwa Lontone.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

(Kwa godimo) Naga ya Moaba

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

(Kafa Molemeng) Leje le le agilweng gape la Moaba

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musée du Louvre, Paris

(Kafa Mojeng) Tetragrammaton jaaka e tlhaga mo lejeng leno la botaki

[Motswedi wa Setshwantsho]

The Bible in the British Museum

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela