Ba ne ba Dira go Rata ga ga Jehofa
Daniele O ne A Direla Modimo ka Metlha Yotlhe
GA SE gantsi ditiragalo tsa hisitori di ka fetogang ka bonako fela. Lefa go ntse jalo, seo se ne sa diragala ka 539 B.C.E., fa Mmusomogolo wa Babilone o ne o fenngwa ke Bamete le Baperesia mo diureng di sekae fela. Ka one ngwaga oo, moporofeti wa ga Jehofa e bong Daniele o ne a ntse a le motshwariwa wa Mojuta kwa Babilone mo e ka nnang dingwaga tse 80. Gongwe fa Daniele a ne a le mo dingwageng tsa bo90, o ne a tla tloga a lebana le e nngwe ya diteko tse dikgolo tsa bothokgami jwa gagwe mo Modimong.
Morago ga go wa ga Babilone, dilo kwa tshimologong di ne di lebega di tsamaela Daniele sentle. Kgosi e ntšha e ne e le Dario wa Momete, monna yo o neng a na le dingwaga di le 62 yo o neng a rata Daniele fela thata. Nngwe ya ditiro tsa ga Dario tsa ntlha e le kgosi e ne e le go tlhoma di-satrap (dikgosana) di le 120 le go baya banna ba bararo e le badiredi ba ba mo maemong a a kwa godimo.a Daniele e ne e le mongwe wa banna bao ba ba neng ba tlhophiwa. Fa Dario a ne a lemoga gore Daniele o na le bokgoni bongwe jo bo rileng, o ne a ba a ikaelela go mo neela maemo a go nna modiredimogolo! Lefa go ntse jalo, moragonyana fela ga moo, go ne ga diragala sengwe se se neng sa fetola dithulaganyo tsa kgosi ka bonako.
Leano le le Boferefere
Badiredi ba bagolo ba ba neng ba direla le Daniele, mmogo le setlhopha se segolo sa di-satrap, ba ne ba ya kwa kgosing ka leano le ba neng ba le logile. Ba ne ba rotloetsa Dario gore a tlhome molao o o tlhomamisang jaana: “Le fa e le mang yo o tlaa rapelang modimo mongwe, le fa e le motho mongwe, ka malatsi a le 30, fa e se wena kgosi fela, a latlhelwe mo mongobong wa ditau.” (Daniele 6:7) Go ka tswa go ne go bonala mo go Dario gore banna bano ba ne ba tlhomamisa gore ba ikanyega ka mo go nitameng mo go ene. Gape o ka tswa a ne a akanya gore molao ono o ne o tla mo thusa, jaaka motho wa seeng, gore a nonotshe boemo jwa gagwe jaaka tlhogo ya naga eo.
Lefa go ntse jalo, badiredi ba bagolo le di-satrap ba ne ba sa ntshe molao ono gore o solegele kgosi molemo. Ba ne ba “leka go bona seipato sa go baya Daniele molato ka ga bogosi; mme ba se ka ba bona seipato le fa e le molato; gonne o ne a le boikanngo, mme go ne go sa fitlhelwe timelo le fa e le molato mo go ene.” Ka jalo banna bano ba ba boferefere ba ne ba akanya jaana: “Ga re ketla re bona seipato sepe ka ga Daniele yo, fa re sa se bone ka ga gagwe ka fa molaong wa Modimo wa gagwe.” (Daniele 6:4, 5) E re ka ba ne ba lemoga gore Daniele o ne a rapela Jehofa ka malatsi otlhe, ba ne ba batla go dira seno gore a otlhaelwe loso.
Gongwe badiredi ba bagolo le dikgosana ba ne ba tlhoile Daniele ka gonne “go ne go le mowa o o dimang mo go [bone]; mme kgosi ya bo e gopotse go mo naya taolo mo bogosing jotlhe fela.” (Daniele 6:3) Go ikanyega ga ga Daniele go ka tswa go ne ga thibela ditiro tse di seng kafa molaong le go utswa ka tsela e e sa itumelelweng. Go sa kgathalesege boemo, banna bano ba ne ba tlhotlheletsa kgosi gore e saene molao ono, gore e o dire karolo e e kafa “molaong wa Bamete le Baperesia, o o sa fetogeng.”—Daniele 6:8, 9.
Daniele o Nna a Nitame
Fa Daniele a sena go utlwa ka molao o mosha, a o ne a tlogela go rapela Jehofa? Le e seng! Ka go khubama mo ntlwaneng ya gagwe, o ne a rapela Modimo gararo ka letsatsi, “jaaka a ne a tle a dire gale.” (Daniele 6:10) Fa a ntse a rapela, baba ba gagwe ba ne ba “phuthega, ba fitlhela Daniele a dira morapelo le mokokotlelo fa pele ga Modimo wa gagwe.” (Daniele 6:11) Fa ba tlisa kgang eno kwa go kgosi, Dario o ne a tshwenyegile ka gore molao o a neng a o saenetse o ne o tla raraanyetsa Daniele dilo. Pego eno e re bolelela jaana: “Ya leka ka thata go mo golola letsatsi la ba la tla la phirima.” Mme tota le yone kgosi e ne e ka se ka ya tlosa molao e e o tlhomileng. Ka gone Daniele o ne a isiwa kwa mongobong wa ditau, kwantle ga pelaelo e ne e le lefelo le le boteng kana le le kafa tlase ga lefatshe. Kgosi e ne ya tlhomamisetsa Daniele jaana: “Modimo wa gago o o ntseng o o direla ka metlha yotlhe, o tlaa go golola.”—Daniele 6:12-16.
Morago ga bosigo jotlhe a sa robala e bile a itimile dijo, Dario o ne a itlhaganela kwa mongobong. Daniele o ne a tshela e bile a sa utlwisiwa botlhoko ke sepe! Kgosi e ne ya tsaya kgato ka bonako. O ne a dira gore baba ba ga Daniele le ba malapa a bone ba latlhelwe mo mongobong wa ditau e le go ipusolosetsa. Gape Dario o ne a itsise batho mo nageng yotlhe gore “mo pusong yotlhe ya bogosi jwa me batho ba rorome ba boife fa pele ga Modimo wa ga Daniele.”—Daniele 6:17-27.
Thuto mo go Rona
Daniele e ne e le sekao se se molemo sa boikanyegi. Tota le kgosi, e e neng e sa obamele Jehofa, e ne ya lemoga gore Daniele o ne a Mo direla “ka metlha yotlhe.” (Daniele 6:16, 20) Modi wa lefoko la Searamaika le le ranotsweng ka gore “metlha yotlhe” totatota le kaya “go dikologa.” Le akantsha ka go tswelela pele. A bo seno se tlhalosa sentle jang ne bothokgami jo bo tlhomameng jwa ga Daniele mo go Jehofa!
Daniele o ne a ntse a tlhoma sekao ka metlha yotlhe le pele a latlhelwa mo mongobong wa ditau. Jaaka mosha yo o neng a isitswe botshwarwa kwa Babilone, o ne a gana go ja dijo le go nwa dilo tse di neng di ilediwa ke Molao wa ga Moshe kana tse di neng di leswefaditswe ke ngwaokobamelo ya seheitane. (Daniele 1:8) Morago ga moo, o ne a bolelela kgosi Nebukatenesare wa Babilone molaetsa wa Modimo ka bopelokgale. (Daniele 4:19-25) Diura di sekae fela pele ga go wa ga Babilone, Daniele o ne a bolelela Kgosi Beleshasare katlholo ya Modimo ka bopelokgale. (Daniele 5:22-28) Ka jalo lefa Daniele a ne a lebane le mongobo wa ditau, o ne a tswelela pele mo tseleng e e ikanyegang e a neng a sa bolo go e simolola.
Le wena o ka kgona go direla Jehofa ka metlha yotlhe. A o mosha? Ka jalo tsaya kgato gone jaanong gore o simolole go dira ka metlha yotlhe ka gore o gane ditsala tse di bosula tsa lefatshe leno le tse di nang le boitshwaro jo bo bosula. Fa e le gore o ne o ntse o direla Modimo ka nako e teletsana, boloka tekanyetso ya go itshoka ka boikanyegi. O se ka wa tlogela, ka gonne teko nngwe le nngwe e re tla kopanang le yone e re neela sebaka sa go bontsha Jehofa gore re ititeile sehuba go mo direla ka metlha yotlhe.—Bafilipi 4:11-13.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lefoko le le reng “satrap” (le totatota le kayang “mosireletsi wa Bogosi”) le kaya molaodi yo o tlhophilweng ke kgosi ya Peresia gore a direle e le mmusimogolo mo kgaolong nngwe. Jaaka modiredi yo o emetseng kgosi, o ne a dira tiro ya go tsaya makgetho le go ntshetsa lelwapa la segosi lekgetho.