Kgaolo ya Borobedi
Go Gololwa mo Leganong la Ditau!
1, 2. (a) Dario wa Momeda o ne a rulaganya jang mmusomogolo wa gagwe o o neng o atologile? (b) Tlhalosa ditiro tsa dikgosana tsa kgaolo ya naga le taolo e di neng di na le yone.
BABELONA o ole! Kgalalelo ya one e e tsereng dingwaga di le lekgolo e le mmuso wa lefatshe e ile ya kgaolwa mo sebakeng sa diura di sekae fela. Go ne go simolola motlha o mosha—wa Bameda le Baperesia. Jaaka motlhatlhami wa setulo sa bogosi sa ga Beleshasare, Dario wa Momeda jaanong o ne a lebane le kgwetlho ya go rulaganya mmusomogolo wa gagwe o o neng o atologile.
2 Nngwe ya ditiro tse Dario a neng a simolola ka tsone e ne e le go tlhoma dikgosana tsa kgaolo ya naga di le 120. Go dumelwa gore ba ba neng ba direla mo maemong ano ba ne ka dinako tse dingwe ba tlhophiwa go tswa mo go ba losika lwa kgosi. Le fa boemo e ka tswa e ne e le bofe, kgosana nngwe le nngwe ya kgaolo ya naga e ne e laola kgaolo e kgolo kana karolo e nnye ya mmusomogolo. (Daniele 6:1) Ditiro tsa gagwe di ne di akaretsa go phutha makgetho le go duela sehuba sa kgotla ya segosi. Le fa kgosana ya kgaolo ya naga e ne e tlhatlhobiwa nako le nako ke moemedi yo o etileng wa kgosi, e ne e na le taolo e kgolo. Leina la yone le ne le kaya “mosireletsi wa Bogosi.” Mo kgaolong ya yone, kgosana ya kgaolo ya naga e ne e tsewa e le kgosi ya maemo a a kwa tlase, e batla e na le taolo yotlhe.
3, 4. Ke ka ntlha yang fa Dario a ne a rata Daniele, mme kgosi e ne ya mo tlhoma go nna mo maemong afe?
3 Daniele o ne a tla tsena kae mo thulaganyong eno e ntšha? A Dario wa Momeda o ne a tla tlogedisa moporofeti yono yo o tsofetseng wa Mojuda tiro, yo jaanong a neng a le mo dingwageng tsa bomasome a le robongwe? Nnyaa, le e seng! Ntle le pelaelo Dario o ne a lemoga gore Daniele o ne a boleletse pele go wa ga Babelona ka tlhomamo le gore go kgona go bonela dilo pele jaana go ne go tlhoka temogo e e fetang ya motho. Mo godimo ga moo, Daniele o ne a na le masomesome a dingwaga a dirisana le batshwarwa ba ditšhaba tse di farologaneng kwa Babelona. Dario o ne a ikaeletse go dirisana ka kagiso le babusiwa ba gagwe ba ba neng ba sa tswa go fenngwa. Ka gone, ruri o ne a tla batla motho yo o nang le botlhale le boitemogelo tsa ga Daniele gaufi le setulo sa bogosi. A direla mo boemong bofe?
4 Go ne go tla gakgamatsa tota fa Dario a ne a ka tlhoma Daniele yono yo e leng motshwarwa wa Mojuda gore a nne kgosana ya kgaolo ya naga. Mme akanya fela gore go tshwanetse ga bo go ile ga tsosa khuduego e e kana kang fa Dario a ne a itsise gore o sweditse go dira Daniele mongwe wa badiredi ba gagwe ba bagolo ba bararo ba ba neng ba tla okamela dikgosana tsa kgaolo ya naga! E seng seo fela, mme gape Daniele o ne “a nna thwadi,” a itshupa a gaisa badiredibagolokaene. Ee, go ne ga fitlhelwa go na le “moya o o sa tlwaelegang,” (NW) mo go ene. E bile Dario o ne a batla go mo naya boemo jwa go nna tonakgolo.—Daniele 6:2, 3.
5. Badiredi ba bangwe ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba tshwanetse ba bo ba ile ba tsibogela jang go tlhomiwa ga ga Daniele mo maemong a gagwe, mme ka ntlha yang?
5 Badiredi ba bangwe ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba tshwanetse ba bo ba ne ba shakgetse tota. Ebu, ba ne ba sa kgone go itshokela kgang ya gore Daniele—yo e neng e se Momeda kgotsa Moperesia, e bile e se mongwe wa ba losika lwa segosi—a bo a le mo boemong jwa go ba laola! Go tla jang gore Dario a neye motswakwa maemo a a kwa godimo jaana, a tlogela batho ba gagabo, le lone lelapa la gagwe ka bolone? Go tshwanetse ga bo go ne go bonala a sa dire dilo sentle. Mo godimo ga moo, gongwe dikgosana tseno tsa kgaolo ya naga di ne di bona bothokgami jwa ga Daniele e le sekgoreletsi mo go bone, gore ba se ka ba kgona go dira ditiro tsa bone tsa boferefere le bonweenwee. Le fa go ntse jalo, badiredi ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba se pelokgale go atamela Dario go bua le ene ka kgang eno. Mo godimo ga moo, Dario o ne a tlotla Daniele fela thata.
6. Badiredi ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba leka jang go senya Daniele leina, mme ke ka ntlha yang fa maiteko ano a ne a sa thuse sepe?
6 Ka jalo boradipolotiki bano ba ba lefufa ba ne ba loga leano. Ba ne ba leka “go bona seipato sa go baya Daniele molato ka ga bogosi.” A go ka tswa go ne go na le sengwe se se phoso ka tsela e a neng a diragatsa maikarabelo a gagwe ka yone? A o ne a sa ikanyege? Badiredi ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba sa kgone go bona boatla bope kana bonweenwee bope mo tseleng e Daniele a neng a dira ditiro tsa gagwe ka yone. Ba ne ba raana ba re: “Ga re ketla re bona seipato sepe ka ga Daniele yo, fa re sa se bone ka ga gagwe ka fa molaong wa Modimo wa gagwe.” Mme ka jalo banna bano ba ba bolotsana ba loga leano la bolotsana. Ba ne ba akanya gore le ne le tla nyeletsa Daniele gotlhelele.—Daniele 6:4, 5.
LEANO LA POLAO LE A SIMOLOLA
7. Badiredi ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba tlisa tshitshinyo efe kwa kgosing, mme ba ne ba dira seno jang?
7 Dario o ne a atamelwa ke setlhopha sa badiredi ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ba neng ba ‘phuthegile.’ Lefoko la Searamaika fano le tlhagisa mogopolo wa go tsosa mmudubudu. Go bonala banna bano ba ne ba dira gore go bonale e kete ba ne ba na le kgang nngwe e e potlakileng thata e ba tshwanetseng go e bolelela Dario. Ba ka nna ba bo ba ile ba akanya gore ga a na go belaela tshitshinyo ya bone fa ba e bua ka go tlhatswega pelo e bile ba e bua jaaka sengwe se se neng se tlhoka go tseelwa kgato ka bonako. Ka jalo ba toba ntlha mme ba re: “Ditlhogo tsotlhe tsa bogosi, le balaodisiwa, le dikgosana, le bagakolodi, le balaodi ba gakololanye mmogo go tlhoma molao wa segosi, le gore go dirwe kiletso e e thata ya go re: Le fa e le mang yo o tlaa rapelang modimo mongwe, le fa e le motho mongwe, ka malatsi a le 30, fa e se wena kgosi fela, a latlhelwe mo mongobong wa ditau.”a—Daniele 6:6, 7.
8. (a) Ke ka ntlha yang fa Dario a ne a rata molao ono o o tshitshinngwang? (b) Boikaelelobogolo jwa badiredi ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga e ne e le bofe?
8 Direkoto tsa hisitori di tlhomamisa gore go ne go tlwaelegile gore dikgosi tsa Mesopotamia di lejwe di bo di obamelwe jaaka medimo. Ka jalo ntle le pelaelo Dario o tshwanetse a bo a ile a forwa ke tshitshinyo eno. O ka tswa gape a ne a bona selo sengwe se se molemo mo go yone. Gakologelwa, mo go ba ba nnang kwa Babelona, Dario e ne e le motswakwa e bile e le setlabosheng. Molao o mosha ono o ne o tla mo tlhomamisa jaaka kgosi, e bile o ne o tla kgothaletsa matšhutitšhuti a batho ba ba nnang kwa Babelona gore ba ikane gore ba tla ikanyega mo pusong e ntšha eno le go e tshegetsa. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba tshitshinya gore go tlhongwe molao ono, badiredi ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba sa amega le e seng ka boemo jwa kgosi. Boikaelelobogolo jwa bone e ne e le go beela Daniele serai, ka gonne ba ne ba itse gore o ne a tlwaetse go rapela Modimo gararo ka letsatsi mo pele ga difensetere tse di bulegileng tsa ntlwana ya gagwe e e kwa borulelong.
9. Ke ka ntlha yang fa molao o mosha ono o ne o ka se bakele batho ba e seng Bajuda bothata?
9 A thibelo eno ya go rapela e ne e tla bakela batho ba ditumelo tsotlhe tse di kwa Babelona mathata? Nnyaa, bogolo jang ka gonne thibelo eno e ne e tlile go tsaya kgwedi fela. Mo godimo ga moo, ke ba sekae fela ba batho ba e seng Bajuda ba ba neng ba tla leba go obamela motho ka nakwana e le go ineela. Mokanoki mongwe wa Baebele o bolela jaana: “Mo ditšhabeng tse di obamelang medingwana, go obamela kgosi go ne go sa ba tlhoke sepe se se sa tlwaelegang; ka gone fa Mobabelona a laelwa gore a neye mmusi—Dario wa Momeda—tlotla e e tshwanetseng go newa modimo, o ne a dira jaaka a laelwa a sa okaoke. E ne e le Mojuda fela yo o neng a gana go dira jalo.”
10. Bameda le Baperesia ba ne ba leba jang molao o o neng o tlhongwa ke kgosi ya bone?
10 Le fa go ntse jalo, baeti ba ga Dario ba ne ba mo emelela gore a “tlhomamis[e] kiletso, mme [a] kwale leina la gag[we] mo lokwalong lo, gore lo se ka lwa fetolwa ka fa molaong wa Bamete le Baperesia, o o sa fetogeng.” (Daniele 6:8) Mo dinageng tsa bogologolo tsa Botlhaba, gantsi thato ya kgosi e ne e tsewa e le e e ka se fetolweng. Seno se ne se gatelela kgopolo ya gore e ne e ka se dire phoso. Tota le molao o o neng o ka dira gore batho ba ba se nang molato ba bolawe o ne o tshwanetse wa ema fela jalo!
11. Daniele o ne a tlile go angwa jang ke taolo ya ga Dario?
11 Dario o ne a saena molao ono, a sa akanye sepe ka Daniele. (Daniele 6:9) Ka go dira jalo, a sa itse, o ne a saena lekwalo le le neng le laola gore modiredi yo a mo ratang thata a bolawe. Ee, eleruri Daniele o ne a tlile go angwa ke taolo eno.
DARIO O PATELESEGA GO NTSHA KATLHOLO E E BOTLHOKO
12. (a) Daniele o ne a dirang ka bonako fela fa a sena go utlwa ka molao o mosha? (b) Ke bomang ba ba neng ba lebeletse Daniele, mme ka ntlha yang?
12 Go ise go ye kae Daniele o ne a utlwa ka molao ono o o mo thibelang go rapela. Ka yone nako eo, a tsena mo ntlong ya gagwe mme a ya kwa ntlwaneng ya gagwe e e kwa borulelong, koo difensetere di neng di bulegetse kwa Jerusalema gone.b Koo, Daniele a simolola go rapela Modimo “jaaka a ne a tle a dire gale.” Daniele a ka tswa a ne a ithaya a re o mongwe fela, mme balogamaano bano ba ne ba mo lebeletse. Go ise go ye kae ba “phuthega,” ntle le pelaelo e le ka one mokgwa o o tshwanang wa go tsosa mmudubudu jaaka wa fa ba ne ba ya kwa go Dario. Jaanong ba ne ba go iponela ka matlho—Daniele o ne “a dira morapelo le mokokotlelo fa pele ga Modimo wa gagwe.” (Daniele 6:10, 11) Badiredi ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba na le bosupi jotlhe jo ba neng ba bo tlhoka jwa go latofatsa Daniele fa pele ga kgosi.
13. Baba ba ga Daniele ba ne ba begela kgosi eng?
13 Baba ba ga Daniele ba botsa Dario jaana ka boferefere: “A ga o a kwala leina la gago mo kiletsong, gore mongwe le mongwe yo o tlaa rapelang modimo mongwe kgotsa motho, go ise go fete malatsi a le masome mararo, fa e se wena kgosi, a latlhelwe mo mongobong wa ditau?” Dario a araba jaana: “Ke boammaaruri fela ka fa molaong wa Bamete le Baperesia, o o sa fetogeng.” Jaanong balogamaano bano ba toba ntlha ya bone ka bonako. “Daniele yo, yo e leng wa bana ba botshwaro jwa Juta, ga a go tlhokomele, kgosi, le fa e le kiletso e o e beileng leina la gago, mme o dira morapelo wa gagwe gararo ka letsatsi.”—Daniele 6:12, 13.
14. Ka fa go bonalang ka gone, ke ka ntlha yang fa badiredi ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba bua ka Daniele ba re ke “wa bana ba botshwaro jwa Juta”?
14 Ela tlhoko gore badiredi bano ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba bua ka Daniele ba re ke “wa bana ba botshwaro jwa Juta.” Go bonala ba ne ba batla go gatelela ntlha ya gore Daniele yono, yo Dario a mo tlhatlhoseditseng kwa maemong a a kwa godimo, totatota e ne e le motlhanka fela wa Mojuda. Ba ne ba dumela gore ka ntlha ya moo, tota o ne a tshwanetse go utlwa molao—go sa kgathalesege gore kgosi e ne e ikutlwa jang ka ene!
15. (a) Dario o ne a tsibogela jang dikgang tse badiredi ba gagwe ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba mo lereditseng tsone? (b) Badiredi ba bagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba bontsha jang gape gore ga ba rate Daniele?
15 Gongwe badiredi ba bagolo bano le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba lebeletse gore kgosi e tla ba duela ka ntlha ya tiro ya bone ya botseka e ba e dirileng ka botswerere jaana. Fa e le gore ba ne ba akanya jalo, ba ne ba tlile go gakgamala. Dario o ne a tshwenngwa thata ke dikgang tse ba mo lereditseng tsone. Go na le gore a galefele Daniele kana gore a mo latlhele mo mongobong wa ditau ka yone nako eo, Dario a fetsa letsatsi lotlhe a leka go mo golola. Mme maiteko a gagwe a itaya sefololetse. Go ise go ye kae, balogamaano bano ba boa, mme ba se na ditlhong, ba gatelela gore Daniele a bolawe.—Daniele 6:14, 15.
16. (a) Ke ka ntlha yang fa Dario a ne a tlotla Modimo wa ga Daniele? (b) Dario o ne a na le tsholofelo efe ka Daniele?
16 Dario o ne a bona gore ga a na se a ka se dirang ka kgang eno. Molao o ne o ka se dirololwe, le “tlolo” ya ga Daniele e ne e ka se itshwarelwe. Sotlhe se Dario a neng a ka se bua le Daniele e ne e le “Modimo wa gago o o ntseng o o direla ka metlha yotlhe, o tlaa go golola.” Go bonala Dario a ne a tlotla Modimo wa ga Daniele. Jehofa ke ene a neng a dirile gore Daniele a kgone go bolelela pele go wa ga Babelona. Modimo gape o ne a neile Daniele “moya o o [sa tlwaelegang]” o o neng o mo tlhomolola mo badiredibagolong ba bangwe. Gongwe Dario o ne a itse gore masome a dingwaga pelenyana ene Modimo yono o ne a ile a golola Bahebera ba bararo ba babotlana mo leubelong la molelo. Gongwe kgosi e ne e solofetse gore Jehofa jaanong o ne a tla golola Daniele, ka gonne Dario o ne a sa kgone go dirolola molao o a o saenileng. Ka gone, Daniele o ne a latlhelwa mo mongobong wa ditau.c Morago ga moo, “ga leriwa letlapa, la bewa mo molomong wa mongobo; mme kgosi ya le kanela ka sekanelo sa yone, le ka sekanelo sa bagolwane ba yone; gore go se ka ga fetolwa sepe ka ga Daniele.”—Daniele 6:16, 17.
DILO DI DIREGA KA TSELA E E SA LEBELELWANG
17, 18. (a) Ke eng se se bontshang gore Dario o ne a tshwentswe thata ke boemo jo Daniele a neng a le mo go jone? (b) Go ne ga diregang fa kgosi e boela kwa mongobong wa ditau moso o o latelang?
17 Dario yo o neng a sulafaletswe o ne a boela kwa ntlong ya gagwe ya segosi. Go ne ga se ka ga tlisiwa baopedi bape mo pele ga gagwe, gonne a sa ikutlwe go ntshiwa bodutu. Go na le moo, Dario o tlhorega boroko bosigo jotlhe, a itima dijo. “Mme boroko jwa tloga mo go yone.” Fa bo sa, Dario a itlhaganelela kwa mongobong wa ditau. A goa jaana ka lentswe le le utlwileng botlhoko: “Daniele we, motlhanka wa Modimo o o tshedileng, a Modimo wa gago o o ntseng o o direla ka metlha yotlhe, a o nonofile go go golola mo ditaung?” (Daniele 6:18-20) Se se neng sa mo gakgamatsa—sa ba sa dira gore a wele makgwafo—ke gore go ne go na le karabo!
18 “Kgosi, tshela ka bosakhutleng.” Ka go mo dumedisa jaana ka tlotlo, Daniele o ne a bontsha gore o ne a sa boloka sekgopi sepe mo kgosing. O ne a lemogile gore tota pogiso ya gagwe e ne e sa tswe mo go Dario mme e ne e tswa mo badiredibagolong le dikgosana tsa kgaolo ya naga tse di lefufa. (Bapisa Mathaio 5:44; Ditiro 7:60.) Daniele o ne a tswelela jaana: “Modimo wa me o romile moengele wa one, mme o momisitse ditau melomo, ga di a ntshenya gope; gonne fa pele ga one ga fitlhelwa bosenangmolato mo go nna; le gone fa pele ga gago, kgosi, ga ke a senya sepe.”—Daniele 6:21, 22.
19. Dario o ne a tsiediwa jang le go dirisiwa ke badiredibagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga?
19 A bo mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a tlhaba Dario mo pelong jang ne! Nako e yotlhe o ne a ntse a itse gore Daniele ga a dira sepe se se dirang gore a tshwanelwe ke go latlhelwa mo mongobong wa ditau. Dario o ne a itse sentle gore badiredibagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba logile leano la go bolaya Daniele le gore ba ne ba ile ba dirisa kgosi gore ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone a bopelotshetlha. Fa ba ne ba gatelela gore “ditlhogo tsotlhe tsa bogosi” di ne di akantshitse gore go tlhomiwe molao ono, ba ne ba bolela gore le Daniele ba buile le ene ka kgang eno. Dario o ne a tlile go tseela banna ba ba bolotsana bano kgato moragonyana. Le fa go ntse jalo, sa ntlha o ne a ntsha taelo ya gore Daniele a ntshiwe mo mongobong wa ditau. Se se gakgamatsang ke gore Daniele o ne a se na le fa e le mongaponyana!—Daniele 6:23.
20. Go ne ga diregang ka baba ba ga Daniele ba ba peloemaswe?
20 Jaanong e re ka Daniele a ne a a sa direga sepe, Dario o ne a na le tiro nngwe e e botlhokwa e a neng a tshwanetse go e dira. “Kgosi ya laola, mme ba lere banna bale ba ba beileng Daniele molato, ba ba latlhela mo mongobong wa ditau, bone le bana ba bone, le basadi ba bone; mme ditau tsa ba fenya, tsa ba robaka marapo, ba ise bo ba fitlhe kwa tlase ga mongobo.”d—Daniele 6:24.
21. Malebana le tsela e go neng go dirisanwa ka yone le ba losika lwa badiraphoso, Molao wa ga Moshe o ne o farologana jang le melao ya ditso dingwe tsa bogologolo?
21 Go bolaya e seng balogamaano bano fela mme gape le basadi ba bone le bana ba bone go ka bonala e le go nna setlhogo ka tsela e e feteletseng. Go farologana le seo, Molao o Modimo a o neileng ka moporofeti Moshe o ne o bolela jaana: “A borra bana ba se bolawe ka molato wa bana, le bana ba se bolawe ka molato wa borraabo; a motho mongwe le mongwe a bolaelwe boleo lwa gagwe.” (Duteronome 24:16) Le fa go ntse jalo, mo ditsong dingwe tsa bogologolo, e ne e le selo se se tlwaelegileng gore ba losika ba bolawe mmogo le modiraphoso, fa a dirile tlolomolao nngwe e e masisi. Gongwe seno se ne se dirwa gore ba losika ba se ka ba batla go ipusolosetsa moragonyana. Le fa go ntse jalo, eleruri Daniele ga se ene a dirileng gore ba lelapa la badiredibagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba bolawe. Go ka direga gore o ne a utlwisitswe botlhoko ke matlhotlhapelo a banna ba ba boikepo bano ba a lereditseng ba malapa a bone.
22. Dario o ne a ntsha taelo efe e ntšha?
22 Badiredibagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ba neng ba logile maano a boferefere ba ne ba sa tlhole ba le teng. Dario o ne a ntsha taelo, e e neng e re: “Ke dira taolo, gore mo pusong yotlhe ya bogosi jwa me batho ba rorome ba boife fa pele ga Modimo wa ga Daniele; gonne ke one Modimo o o tshedileng, o o tlhomameng ka bosakhutleng, le bogosi jwa one ke jo bo se ketlang bo senngwa, le puso ya one e tlaa nna fela le go ya kwa bokhutlong. O a golola, o falodise, o dire ditshupo le dikgakgamatso kwa legodimong le mo lefatsheng; ke one o o golotseng Daniele mo thateng ya ditau.”—Daniele 6:25-27.
DIRELA MODIMO KA METLHA YOTLHE
23. Daniele o ne a tlhoma sekao sefe malebana le tiro ya gagwe ya boitshediso, mme re ka tshwana le ene jang?
23 Daniele o tlhometse batlhanka botlhe ba Modimo ba gompieno sekao se se molemo thata. Boitsholo jwa gagwe ka metlha bo ne bo se na sekgobo. Kwa tirong ya gagwe ya boitshediso, Daniele o “ne a le boikanngo, mme go ne go sa fitlhelwe [boatla] le fa e le molato mo go ene.” (Daniele 6:4) Ka tsela e e tshwanang, Mokeresete o tshwanetse go dira ka natla fa a le kwa tirong. Seno ga se reye gore a nne modiri yo o sa akanyetseng, yo o gwalalelang dikhumo kana maemo a a kwa godimo mo setlamong a sa kgathale gore seno se ama ba bangwe jang. (1 Timotheo 6:10) Dikwalo di laela gore Mokeresete a diragatse maikarabelo a gagwe malebana le dilo tsa lefatshe ka boikanyegi le ka moya otlhe, ‘jaaka a direla Jehofa.’—Bakolosa 3:22, 23; Tito 2:7, 8; Bahebera 13:18.
24. Daniele o ne a bontsha jang gore ga a ineele fa go tsenwa mo kgannyeng ya go obamela?
24 Fa go tsenwa mo kobamelong ya gagwe, Daniele o ne a sa ineele. Tlwaelo ya gagwe ya go rapela e ne e le selo se se itsiweng ke botlhe. Mo godimo ga moo, badiredibagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba itse sentle gore Daniele o ne a leba kobamelo ya gagwe ka tsela e e masisi. Ee, ba ne ba itse sentle gore o ne a tla tswelela ka yone thulaganyo eno ya gagwe tota le fa molao o ne o e thibela. A bo seno e le sekao se se molemo jang ne mo Bakereseteng ba gompieno! Le bone ba itsiwe e le batho ba ba bayang go obamela Modimo kwa pele. (Mathaio 6:33) Batho ba ba ba lebileng ba tshwanetse ba kgona go bona seno kwantle ga bothata, ka gonne Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemomogolo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.”—Mathaio 5:16.
25, 26. (a) Bangwe ba ka nna ba fetsa ka goreng malebana le se Daniele a se dirileng? (b) Ke ka ntlha yang fa Daniele a ne a bona go fetola thulaganyo ya gagwe go tla bo go tshwana le go ineela?
25 Bangwe ba ka nna ba re Daniele o ka bo a ile a tila pogiso eno ka go rapela Jehofa mo sephiring mo lobakeng lono lwa malatsi a le 30. Mo godimo ga moo, ga go tlhokege gore motho a bo a eme ka tsela nngwe e e rileng kana a le mo lefelong lengwe le le rileng gore Modimo a kgone go mo utlwa. O kgona go lemoga le e leng go tlhatlhanya ga pelo. (Pesalema 19:14) Le fa go ntse jalo, Daniele o ne a bona go fetola thulaganyo ya gagwe ka tsela le fa e le efe fela go tshwana le go ineela. Ka ntlha yang?
26 E re ka batho botlhe ba ne ba itse ka tlwaelo eno ya ga Daniele ya go rapela, fa a ne a ka emisa ka tshoganyetso fela seno se ne se tla naya ba bangwe molaetsa ofe? Ba ba mo lebileng ba ne ba tla fetsa ka gore Daniele o ne a boifa batho le gore molao wa kgosi o ne o feta molao wa ga Jehofa. (Pesalema 118:6) Mme Daniele o ne a bontsha ka ditiro tsa gagwe gore o ne a ineetse mo go Jehofa fela. (Duteronome 6:14, 15; Isaia 42:8) Gone ke boammaaruri gore ka go dira jalo, Daniele o ne a sa itlhokomolose molao wa kgosi ka lonyatso. Mme gape ga a ka a bontsha bogatlapa ka go ineela. Daniele o ne a tswelela fela a rapela mo ntlwaneng ya gagwe e e kwa borulelong “jaaka a ne a tle a dire” pele ga taelo eno ya kgosi.
27. Batlhanka ba Modimo gompieno ba ka tshwana jang le Daniele mo go (a) nneng mo taolong ya balaodibagolo? (b) utlweng Modimo jaaka mmusi bogolo go batho? (c) lekeng go tshela ka kagiso le batho botlhe?
27 Batlhanka ba Modimo gompieno ba ka ithuta sengwe mo sekaong sa ga Daniele. Ba nna ‘mo taolong ya balaodi ba bagolo,’ ba utlwa melao ya naga e ba nnang mo go yone. (Baroma 13:1) Le fa go ntse jalo, fa melao ya batho e thulana le melao ya Modimo, batho ba ga Jehofa ba ipaya mo boemong jwa baaposetoloi ba ga Jesu, ba ba neng ba bolela jaana ka bopelokgale: “Re tshwanetse go utlwa Modimo jaaka mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Ka go dira jalo, Bakeresete ga ba kgothaletse botlhanogela puso kana botsuolodi. Go na le moo, boikaelelo jwa bone fela ke go tshela ka kagiso le batho botlhe, gore ‘ba tswelele ba tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng ka boineelo jo bo tletseng jwa bomodimo.’—1 Timotheo 2:1, 2; Baroma 12:18.
28. Daniele o ne a direla Jehofa jang “ka metlha yotlhe”?
28 Dario o umakile makgetlo a le mabedi gore Daniele o ne a direla Modimo “ka metlha yotlhe.” (Daniele 6:16, 20) Modi wa lefoko la Searamaika le le ranotsweng ka gore “ka metlha yotlhe” o bolela “go dikologa.” O ntsha mogopolo wa modikologo o o sa feleng, kana sengwe se se sa kgaotseng. Bothokgami jwa ga Daniele bo ne bo ntse fela jalo. O ne a dira dilo ka thulaganyo e e beilweng. Fa Daniele a lebane le teko, e kgolo kana e nnye, go ne go se na pelaelo gore o ne a tlile go dirang. O ne a tlile go tswelela ka thulaganyo e a neng a e tlhomile masomesome a dingwaga pelenyana—ya go ikanyega ka nitamo mo go Jehofa.
29. Batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba ka solegelwa molemo jang ke tsela ya ga Daniele ya go ikanyega?
29 Batlhanka ba Modimo ba gompieno ba batla go latela tsela ya ga Daniele. Eleruri, moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete botlhe gore ba akanyetse sekao sa banna ba bogologolo ba ba neng ba boifa Modimo. Ka tumelo, ba ne “ba diragatsa tshiamo, ba amogela ditsholofetso,” ba bo ba—go bonala a ne a bua ka Daniele—“thiba melomo ya ditau.” Jaaka batlhanka ba ga Jehofa gompieno, a re bontsheng tumelo le go dira ka tlhomamo jaaka Daniele mme re “sianeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.”—Bahebera 11:32, 33; 12:1.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go nna teng ga ‘mongobo wa ditau’ kwa Babelona go tshegediwa ke bosupi jwa dikwalo tsa bogologolo tse di bontshang gore babusi ba Botlhaba gantsi ba ne ba nna le mafelo a ba tlhokomelang diphologolo tse di tlhaga mo go one.
b Ntlwana e e kwa borulelong e ne e le phaposana e motho a neng a ka ikhutsa mo go yone fa a sa batle go tshwenngwa.
c Mongobo ono wa ditau e ka tswa e ne e le sekaphaposi e e kafa tlase ga lefatshe e e bulegileng mo godimo. Gongwe gape e ne e na le ditswalo kana ditlatla tse di neng di kgona go tsholediwa go dira gore diphologolo di kgone go tsena.
d Lefoko ‘baya molato’ ke thanolo ya polelo ya Searamaika e gape e ka ranolwang ka go re “go senya leina.” Seno se bontsha fela ka tsela e baba ba ga Daniele ba neng ba le peloemaswe ka teng.
O LEMOGILENG?
• Ke ka ntlha yang fa Dario wa Momeda a ne a swetsa gore a dirise Daniele mo maemong a a kwa godimo?
• Badiredibagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga ba ne ba loga leano lefe la boferefere? Jehofa o ne a golola Daniele jang?
• O ithutileng ka go ela tlhoko sekao sa ga Daniele sa go ikanyega?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 114]
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 121]
[Setshwantsho mo go tsebe 127]
Daniele o ne a direla Jehofa ka “metlha yotlhe.” A wena o dira jalo?