Dario—Kgosi e e Ratang Tshiamiso
KGOSI nngwe e e tumileng e kile ya ipelafatsa jaana ka dikago tse e neng e di agile: “Go dikologa Babilone ke agile lerako le le nonofileng kafa botlhaba. Ke epile mosele . . . Ke agile lerako le le boitshegang ka bitumena le ditena, le jaaka thaba le se kitlang le tsikinngwa.” Ee, Kgosi Nebukadenesare wa Babilone o ile a tswa letsholo le legolo la go aga le go dira ka natla go nonotsha moshate wa pusokgolo ya gagwe. Mme gone, motse wa Babilone o ne wa se ka wa nonofa thata ka tsela e a neng a solofetse ka yone.
Seno se ne sa bonala ka October 5, 539 B.C.E. Ka nako eo, mmusi wa Peresia e bong Kurose II, o ne a gapa Babilone a ba a bolaya mmusi wa teng wa Mokalatea e bong Beleshasare, a patilwe ke masole a Media. Jaanong ke mang yo e neng e tla nna mmusi wa ntlha wa motse ono o o neng o sa tswa go gapiwa? Moporofeti wa Modimo e bong Daniele, yo o neng a le mo motseng ono fa o phutlhama, o ne a kwala jaana: “Dario wa Momete a tsaya bogosi, a le dinyaga e ka ne e le 62.”—Daniele 5:30, 31.
Dario e ne e le mang? E ne e le mmusi yo o ntseng jang? O ne a tshwara moporofeti Daniele jang, yo o neng a feditse dingwaga di le 70 a le kwa botshwarong kwa Babilone?
KGOSI E E NANG LE HISITORI E E LOTOBO
Go na le tshedimosetso e sekae fela ya hisitori ya ga Dario wa Momete. Bamete ga ba a tlogela dipego tse dintsi tse di buang ka bone. Mo godimo ga moo, matlapa a le dikete di le makgolokgolo a a kgwarintsweng a a ribolotsweng kwa Botlhabagare a na le hisitori e e sa felelang e e tlang e tlogela dintlha tse dingwe. Dibuka tse dingwe tsa bogologolo tse di sa ntseng di le gone, di mmalwa fela mme di bua ka dilo tse di diragetseng dingwaga di le lekgolo kana go feta morago ga Dario.
Le fa go ntse jalo, bosupi bo bontsha gore fa Kurose II mmusi wa Peresia a sena go gapa Ekemetha, moshate wa Media, Bamete ba ne ba simolola go mo ikobela. Morago ga foo o ne a etelela Bamete le Baperesia mo go lweng ba le seoposengwe. Fa Robert Collins wa mokwadi a bua ka botsala jono jwa bone, o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya The Medes and Persians: “Bamete le Baperesia ba ne ba tshedisana ka kagiso e bile ba lekana ka maemo. Gangwe le gape ba ne ba bewa mo maemong a a kwa godimo mo pusong e bile ba newa maemo a boeteledipele mo sesoleng sa Peresia. Batswakwa ba ne ba tle ba bue ka Bamete le Baperesia, ba sa supe pharologano gareng ga bagapi le bagapiwa.” Ka jalo Media e ne ya tswakana le Peresia go nna Pusokgolo ya Bamete le Baperesia.—Daniele 5:28; 8:3, 4, 20.
Ga go pelaelo gore Bamete ba ile ba nna le seabe se segolo mo go menoleng puso ya Babilone. Dikwalo di tlhalosa “Dario morwa Ahasuero, wa losika lwa Bamete” e le kgosi ya ntlha ya Pusokgolo ya Bamete le Baperesia go busa Babilone. (Daniele 9:1) Taolo ya gagwe ya puso e ne e akaretsa go tlhoma melao “ka fa molaong wa Bamete le Baperesia, o o sa fetogeng.” (Daniele 6:8) Se Baebele e se bolelang ka Dario gape se re naya lesedinyana malebana le botho jwa gagwe le lebaka le le utlwalang la go bo go se na tshedimosetso e ntsi ka ga gagwe.
DANIELE O A RATWA
Baebele e bolela gore ka bonako fela fa Dario a sena go gapa Babilone, o ne a naya “dikgosana di le lekgolo le masome mabedi taolo mo bogosing, e le ba ba tlaa nnang le taolo go ya le bogosi jotlhe fela. Mo godimo ga bone ga bewa balaodi ba le bararo, ba Daniele e neng e le mongwe wa bone.” (Daniele 6:1, 2) Le fa go ntse jalo, bagolwane ba bangwe ba ne ba se ka ba rata maemo ano a a kwa godimo a ga Daniele. Ga go pelaelo gore go ikanyega ga gagwe go ne go ba thibela go tsietsa, e leng se se neng sa dira gore ba se ka ba mo baya sebete. Go nna lefufa le gone go tshwanetse ga bo go ile ga tlhotlheletsa bagolwane bano ba puso, ka gonne kgosi e ne e rata Daniele e bile e ikaeletse go mo dira tonakgolo.
Bagolwane ba bangwe ba babedi le dikgosana ba ne ba mo logela lemena, ka maikaelelo a go thibela seno. Ba ne ba ya kwa kgosing ba e kopa gore e saene molao o o neng o tla iletsa ope go ‘rapela modimo le fa e le motho mongwe’ kwantle ga Dario, ka malatsi a le 30. Ba ne ba akantsha gore motho ope yo o tla tlolang molao ono a latlhelwe mo mongobong wa ditau. Ba ne ba dira gore Dario a dumele gore bagolwane botlhe ba puso ba ne ba tla dumalana le molao oo mme seo se ne se lebega e le tsela e ba supang go ikanyega mo kgosing ka yone.—Daniele 6:1-3, 6-8.
Dario o ne a saena molao oo mme go ise go ye kae ke fa a lebane le matswela a gone. Daniele e ne ya nna ene motho wa ntlha go tlola molao oo, e re ka a ile a nna a rapela Jehofa Modimo. (Bapisa Ditiro 5:29.) Daniele yo o ikanyegang o ne a latlhelwa mo mongobong wa ditau le mororo kgosi e ile ya dira maiteko a magolo a go tila taolo eo e e sa fetogeng. Dario o ne a bontsha go nna le tshepo ya gore Modimo wa ga Daniele o na le maatla a go namola moporofeti yono.—Daniele 6:9-17.
Fa Dario a sena go fetsa bosigo a tlhorega e bile a itima dijo, o ne a itlhaganelela kwa mongobong wa ditau. A bo a ile a itumela jang ne fa a fitlhela Daniele a sa ntse a tshela a sa direga sepe! Kgosi e ne ya dira dilo ka tshiamiso ka go dira gore balatofatsi ba ga Daniele le ba malapa a bone ba latlhelwe mo mongobong wa ditau. Gape e ne ya ntsha taelo ya gore ‘mo pusong yotlhe ya bogosi jwa yone batho ba rorome ba boife fa pele ga Modimo wa ga Daniele.’—Daniele 6:18-27.
Ga go pelaelo gore Dario o ne a tlotla Modimo wa ga Daniele le bodumedi jwa gagwe e bile o ne a batla go dira dilo ka tshiamiso. Mme gone, go otlhaya balatofatsi ba ga Daniele go tshwanetse ga bo go ile ga dira gore bagolwane ba bangwe ba puso ba mo ile. Mo godimo ga moo, taelo ya ga Dario ya gore batho botlhe mo bogosing jwa gagwe ba “boife fa pele ga Modimo wa ga Daniele” e tshwanetse ya bo e ile ya galefisa baruti ba Bababilone ba ba neng ba na le tlhotlheletso e kgolo. E re ka go bonala fa bakwadi ba ile ba tlhotlhelediwa ke dilo tseno, go ne go ka se gakgamatse go bo dipego tsa tiragalo eno di ile tsa fetolwa go nyeletsa tshedimosetso e e kaga Dario. Le fa go ntse jalo, pego e khutshwane e e mo bukeng ya Daniele e senola fa Dario e ne e le mmusi yo o neng a sa gobelele e bile a rata tshiamiso.